Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa go Nna Leloko la Kereke Nngwe?

A go Botlhokwa go Nna Leloko la Kereke Nngwe?

A go Botlhokwa go Nna Leloko la Kereke Nngwe?

‘GA KE tlhoke go nna leloko la kereke nngwe kgotsa go ya kerekeng ka metlha gore ke kgone go dumela mo Modimong!’ Eo ke tsela e batho ba le bantsi ba ikutlwang ka yone malebana le go nna leloko la kereke kgotsa la mokgatlho mongwe fela wa bodumedi. Totatota bangwe ba re ba ikutlwa ba atamalane thata le Modimo fa ba le kwa nageng ba lebile dilo tsa tlholego go na le fa ba le kwa ditirelong tsa bodumedi. Kgopolo ya gore ga go tlhokege gore motho a nne mo setlhopheng kgotsa mo mokgatlhong o o rileng wa bodumedi gore a dumele mo Modimong e tlwaelegile thata gompieno.

Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba na le maikutlo a a farologaneng ka kgang eno. Ba buelela kgang ya gore go botlhokwa gore motho a nne leloko la kereke a bo a nne teng ka metlha mo kerekeng fa a batla go amogelwa ke Modimo. Ka jalo kgang ya go tsena kereke ke ya botlhokwa mo mothong mongwe le mongwe, e seng fela mo go ba ba ithutang ka madumedi ba batla go itse ka dipalopalo kgotsa dintlha dingwe ka one. Mme gone e re ka kgang eno e ama kamano ya rona le Modimo, a ga go botlhokwa gore re e sekaseke gore re bone gore Modimo ene o ikutlwa jang ka yone? Mme re ka ithuta eng mo Lefokong la gagwe e leng Baebele ka kgang eno?

Kafa Modimo a Neng a Dirisana le Batho ka Gone mo Nakong e e Fetileng

Mo e ka nnang dingwaga di le 4 400 tse di fetileng, morwalela o mogolo o ne wa tlhasela lefatshe lotlhe. Tiragalo e e ntseng jalo ga e lebalege motlhofo, mme batho lefatshe ka bophara ba bua ditlhamane ka yone fa ba bua ka hisitori ya bone ya bogologolo. Le fa dipego tsa bone di farologana, mme gone ditlhamane tseno di na le dintlha di le dintsi tse di tshwanang ka tsone, tse di akaretsang ntlha ya gore ke batho ba le mmalwa fela le diphologolo ba ba neng ba falola.

A bafalodi bano ba Morwalela e ne e le batho fela ba ka lesego go neng ga itiragalela fela gore ba falole tshenyego eno? Pego ya Baebele e re bontsha gore eno ga se tsela e go diregileng ka yone. Ntlha e go leng botlhokwa go e ela tlhoko ke gore Modimo ga a ka a itsise motho mongwe le mongwe ka go tla ga Morwalela. Go na le moo, o ne a bolelela Noa, mme ene a bolelela batho ba motlha wa gagwe ka Morwalela o o tlang.—Genesise 6:13-16; 2 Petere 2:5.

Go falola go ne go ikaegile ka gore motho a nne mo setlhopheng seno sa batho ba ba kitlaneng mme a iketleeletse go amogela dikaelo tse Modimo a neng a di neile Noa. Tota le diphologolo tse di neng tsa falola Morwalela di falotse ka gonne di ne di le mo setlhopheng seno. Noa o ne a neilwe ditaelo tse di tlhamaletseng tsa gore a dire dithulaganyo tse di tshwanetseng gore a boloke matshelo a diphologolo.—Genesise 6:17–7:8.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, ditlogolwana tsa ga Noa ka morwa wa gagwe e bong Sheme di ne tsa ya botshwarwa kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ikaeletse go ba golola le go ba isa kwa lefatsheng le a neng a le solofeditse rraabonemogologolwane e bong Aborahame. Mme le mo lekgetlhong leno kgang eno e ne e sa senolelwa motho mongwe le mongwe, mme e ne ya senolelwa pele batho ba ba neng ba tlhophilwe gore ba etelele setšhaba seno pele—Moshe le mogolowe e bong Arone. (Ekesodo 3:7-10; 4:27-31) Fa batho bano ba e neng e le makgoba ba sena go gololwa e le setlhopha kwa Egepeto, ba ne ba newa Molao wa Modimo kwa Thabeng ya Sinai mme ba dirwa setšhaba sa Iseraele.—Ekesodo 19:1-6.

Batho bano ba ne ba kgona go gololwa fela ka gonne ba ne ba le mo setlhopheng se se tlhomilweng ke Modimo mme ba ne ba latela ditaelo tsa baeteledipele ba ba neng ba tlhomilwe mo setlhopheng seno. Gape Baegepeto bangwe ba ne ba letlwa gore e nne karolo ya setlhopha seno se go neng go bonala sentle gore se ne se amogelwa ke Modimo. Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto, Baegepeto bano ba ne ba tsamaya le bone mme seno se ne sa dira gore ba amogele masego a a tswang kwa Modimong.—Ekesodo 12:37, 38.

Mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a simolola tiro ya gagwe ya go rera, a kokoanya batho gore e nne barutwa ba gagwe. O ne a dirisana le bone e le setlhopha, mme gone a ntse a neela mongwe le mongwe wa bone tlhokomelo e e lorato go ya ka fa a e tlhokang ka gone. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:28, 29) Moragonyana moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa tshololelwa barutwa bano fa ba ne ba le mmogo e le setlhopha.—Ditiro 2:1-4.

Dikai tseno di bontsha ka phepafalo gore mo nakong e e fetileng, ka dinako tsotlhe Modimo o ne a dirisana le batho ba gagwe e le setlhopha se se rulagantsweng. Batho ba le mmalwa ba Modimo a neng a dirisana le bone e se setlhopha—Noa, Moshe, Jesu le ba bangwe—tota o ne a ba dirisetsa go buisana le setlhopha se se neng se dirisanammogo. Ga go na lebaka la gore re dumele gore Modimo o dirisana le batlhanka ba gagwe ka tsela e e farologaneng le eo gompieno. Mme seno se tsosa potso e nngwe gape: A go siame gore motho a ikamanye le setlhopha le fa e ka nna sefe sa bodumedi? Re tla sekaseka potso eno e e botlhokwa mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Modimo ga a bolo go dirisana le batho ba gagwe e le setlhopha se se rulagantsweng