Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Dafide, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa, a ne a letla mosadi wa gagwe Mikale go nna le setshwantsho, kana modingwana wa terafime, jaaka go bontshiwa ke 1 Samuele 19:12, 13?

Sa ntlha, a re sekasekeng ka bokhutshwane kgang e go buiwang ka yone mo kgaolong eno. Fa mosadi wa ga Dafide a utlwa ka leano la ga Kgosi Saulo la go bolaya Dafide, o ne a tsaya kgato ka bonako. Baebele ya re: “Mikale a dira gore Dafide a fologe ka fensetere, gore a tsamaye a tshabe mme a falole. Go tswa foo Mikale a tsaya setshwantsho sa modingwana wa terafime [se se ka tswang se ne se lekana e bile se na le sebopego sa motho] a se baya mo sekanamelong, le letlowa la maodi a dipodi a le baya fa go nnang tlhogo ya gagwe gone, mme morago ga moo a se bipa ka seaparo.” Fa barongwa ba ga Saulo ba tla go tshwara Dafide, Mikale o ne a ba raya a re: “O a bobola.” Leano leno le ne la naya Dafide nako ya gore a tshabe.—1 Samuele 19:11-16.

Dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di dira gore re dumele gore mo dinakong tsa bogologolo, ditshwantsho tsa terafime di ne di sa dirisiwe fela mo dilong tsa bodumedi mme gape le mo dilong tsa semolao. Fela jaaka setlankana se se supang gore o mong wa setsha le diwili gompieno di neela motho tshwanelo ya boswa, ditshwantsho tsa terafime le tsone di ne di dira tiro e e tshwanang mo nakong e e fetileng. Go bonala gore mo mabakeng mangwe, setshwantsho sa terafime se ne se ka naya mogwe tshwanelo ya go nna moruaboswa wa dithoto tsa ga mogogwadie fa a sule. Seno se ka tlhalosa lebaka la go bo pelenyana ga moo, Ragele a ne a tsaya ditshwantsho tsa ga rraagwe tsa terafime le gore ke ka ntlha yang fa rraagwe a ne a gakaletse go boa a di bona gape. Mo tiragalong eo, monna wa ga Ragele e bong Jakobe, o ne a sa itse se mosadi wa gagwe a se dirileng.—Genesise 31:14-34.

Fa Baiseraele ba ne ba nna setšhaba, ba ne ba amogela Melao e e Lesome, e mo go yone molao wa bobedi o neng o ba iletsa ka tlhamalalo go itirela medingwana. (Ekesodo 20:4, 5) Moragonyana, moporofeti Samuele o ne a bua ka one molao ono mme e seng ka tlhamalalo fa a ne a bua le Kgosi Saulo. O ne a re: “Botsuolodi bo tshwana le boleo jwa boitseanape, mme go iketeletsa kwa pele ka boikgodiso go tshwana le go dirisa maatla a masaitseweng le modingwana wa terafime.” (1 Samuele 15:23) Ka ntlha ya seno, ga go bonale fa terafime e ne e dirisiwa mo dikgannyeng tse di amanang le boswa mo Iseraele. Le fa go ntse jalo, go bonala fa tumelo eno ya botlhodi ya bogologolo ya Sejuda e ile ya tswelela mo malapeng mangwe a Baiseraele. (Baatlhodi 17:5, 6; 2 Dikgosi 23:24) Go bo Mikale a ile a boloka setshwantsho sa terafime mo gare ga dithoto tsa gagwe go akantsha gore o ne a sa direle Jehofa ka pelo e e feletseng. Dafide a ka tswa a ne a sa itse ka setshwantsho seo sa terafime kana o ne a letlelela Mikale gore a nne le sone ka gonne e ne e le morwadia Kgosi Saulo.

Tsela e Dafide a neng a leba boineelo jo bo feletseng mo go Jehofa ka yone e bonala mo mafokong ano: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa, e bile o tshwanetse go boifiwa go feta medimo e mengwe yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke medimo e e se nang mosola. Fa e le Jehofa ene, o dirile magodimo.”—1 Ditiragalo 16:25, 26.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Molao wa bobedi mo Melaong e e Lesome o ne o iletsa go dirwa ga medingwana e e tshwanang le terafime e e bontshitsweng fano

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book The Holy Land, Vol. II, 1859