Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira se se Molemo mo Dinakong Tsa Mathata

Go Dira se se Molemo mo Dinakong Tsa Mathata

Go Dira se se Molemo mo Dinakong Tsa Mathata

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a rotloetsa jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Lefatshe ka bophara Basupi ba ga Jehofa ba leka go dirisa molaomotheo oo mo matshelong a bone, ba direla mongwe le mongwe se se molemo, segolobogolo badumedi mmogo le bone. Seno se bonala gangwe le gape mo dinakong tsa mathata. A re sekasekeng dikai dingwe tsa bosheng go tswa dinageng tse tharo.

Ka December 2002, kgwanyape e e maatla e ne ya tlhasela Guam, ka diphefo tse di tsamayang ka lobelo lwa dikilometara tse di fetang 300 ka ura. E ne ya rutlolola matlo a le mantsi, a mangwe a senyegile gotlhelele. Diphuthego tsa lefelo leo di ne tsa rulaganya ka bonako ditlhopha tsa baithaopi go thusa malapa a Basupi ba ba neng ba senyegetswe thata. Lekala la Guam le ne la romela dilwana le babereki go baakanya matlo a a senyegileng, mme lekala la Hawaii le lone le ne la thusa. Mo dibekeng di sekae fela, setlhopha sa babetli se ne sa goroga go tswa kwa Hawaii go thusa ka tiro ya go aga sesha, mme bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba tsaya malatsi a boikhutso kwa ditirong tsa bone go ba thusa. Tsela e ba neng ba bereka mmogo ka yone ba itumetse e ne ya neela batho botlhe ba lefelo leo bosupi jo bontle.

Mo kgaolong nngwe ya toropo ya Mandalay, kwa Myanmar, go ne ga runya molelo gaufi le Holo ya Bogosi. Gaufinyana le holo go ne go na le ntlo ya kgaitsadi mongwe yo o neng a sa tlhole a kopanela. Kgaitsadi yono o ne a nna le lelapa la gagwe mo ntlong eno. Phefo e ne e fokela go ya ntlheng ya ntlo ya gagwe, ka jalo o ne a tabogela kwa holong go ya go kopa thuso. Ka nako eo, holo e ne e ntšhafadiwa ka jalo go ne go na le bakaulengwe ba le bantsi koo. Ba ne ba gakgamala go kopana le kgaitsadi yono ka gonne ba ne ba sa itse gore o ne a nna mo lefelong leo. Ka bonako, bakaulengwe ba ne ba thusa go fudusa dithoto tsa lelapa leno ba di isa kwa lefelong le le babalesegileng. Fa monna wa gagwe, yo e neng e se Mosupi a utlwalela ka molelo, o ne a itlhaganelela kwa gae mme a fitlhela bakaulengwe ba thusa lelapa la gagwe. O ne a kgatlhegile e bile a itumetse ka gonne gantsi magodu a utswa dilo tsa batho fa ba tlogela magae a bone. Bopelonomi jono jwa bakaulengwe bo ne jwa tlhotlheletsa kgaitsadi yono le morwawe go kopanela gape le phuthego ya Bokeresete, mme gone jaanong ba nna gone kwa dipokanong tsotlhe.

Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, batho ba le bantsi kwa Mozambique ba ne ba lebane le leuba ka ntlha ya komelelo le go se mele ga dijalo. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya lefelo leo e ne ya arabela ka bonako ka go abela ba ba tlhokang dijo. Dijo di ne di abiwa kwa Diholong Tsa Bogosi, ka dinako tse dingwe e le morago ga dipokano tsa phuthego. Kgaitsadi mongwe yo e leng motsadi a le mongwe o ne a re: “Ke tlile dipokanong ke ngomogile pelo, ke sa itse gore bana ba me ba tla ja eng fa re boela gae.” Thuso e e lorato e a neng a e newa ke bakaulengwe e ne ya mo kgothatsa ka bonako. O ne a re: “Go ne go ntse jaaka e kete ke tsogile mo baswing.”

Gape Basupi ba ‘dira se se molemo’ ka tsela ya semoya ka go abalana molaetsa wa Baebele wa kgomotso le tsholofelo le batho ba bangwe. Ba na le tumelo e e tshwanang le ya monna yo o botlhale wa bogologolo yo o neng a re: ‘Fa e le yo o reetsang botlhale jwa bomodimo, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.’—Diane 1:33.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

1, 2. Go abelwa ba ba tlhokang dijo kwa Mozambique

3, 4. Kgwanyape ya kwa Guam e ne ya senya matlo a le mantsi

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Child, left: Andrea Booher/FEMA News Photo; woman, above: AP Photo/Pacific Daily News, Masako Watanabe