Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sego ba ba Nayang Modimo Kgalalelo

Go Sego ba ba Nayang Modimo Kgalalelo

Go Sego ba ba Nayang Modimo Kgalalelo

“Di tla go ikoba fa pele ga gago, wena Jehofa, di bo di galaletse leina la gago.”—PESALEMA 86:9.

1. Ke ka ntlha yang fa re kgona go galaletsa Modimo ka ditsela tse di fetang tse dibopiwa tse di sa tsheleng di ka mo galaletsang ka tsone?

JEHOFA o tshwanelwa ke go bakwa ke dilo tsotlhe tse a di bopileng. Dibopiwa tsa gagwe tse di sa tsheleng di mo galaletsa ka tidimalo, mme rona batho re kgona go akanya, go tlhaloganya, go anaanela le go obamela. Ka jalo mopesalema o bua le rona fa a re: “Goelang kwa Modimong ka phenyo, lona batho botlhe ba lefatshe. Leletsang kgalalelo ya leina la gagwe pina. Dirang gore pako ya gagwe e galalele.”—Pesalema 66:1, 2.

2. Ke bomang ba ba tsibogetseng taelo ya gore go newe leina la Modimo kgalalelo, mme ka ntlha yang?

2 Bontsi jwa batho ga ba batle go dumela gore Modimo o teng kgotsa go mo naya kgalalelo. Le fa go ntse jalo, mo dinageng di le 235, Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione tse thataro ba bontsha gore ba bona “dinonofo tse di sa bonaleng” tsa Modimo ka dilo tse a di dirileng le gore ba ‘utlwile’ bosupi jo bo dirwang ka tidimalo jwa popo. (Baroma 1:20; Pesalema 19:2, 3) Ka go ithuta Baebele, jaanong le bone ba itse Jehofa e bile ba a mo rata. Pesalema 86:9, 10 e ne ya bolelela pele jaana: “Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, mme di tla go ikoba fa pele ga gago, wena Jehofa, di bo di galaletse leina la gago. Gonne o mogolo e bile o dira dilo tse di gakgamatsang; o Modimo, wena o le esi.”

3. “Boidiidi jo bogolo” bo ‘dira tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo’ jang?

3 Tshenolo 7:9, 15 le yone e tlhalosa “boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi e re ba “direla [Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.” Ga se gore Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba tlhole ba mmaketse ruri ka tsela ya mmatota, mme baobamedi ba gagwe ke mokgatlho wa lefatshe lotlhe. Ka jalo fa go le bosigo mo dinageng dingwe, batlhanka ba Modimo kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe ba a rera. Ka gone go ka bolelwa gore bosigo le motshegare go a bo go ntse go na le ba ba galaletsang Jehofa. Mo bogautshwaneng “sengwe le sengwe se se hemang” se tla tsholetsa lentswe se baka Jehofa. (Pesalema 150:6) Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go galaletsa Modimo? Ke mathata afe a re ka nnang ra kopana le one? Mme ke masego afe a a tla tlelang ba ba galaletsang Modimo? A re arabeng potso eno ka go tlhatlhoba pego ya Baebele ka se se diragaletseng lotso lwa kwa Iseraele lwa Bagada.

Kgwetlho ya Metlha ya Bogologolo

4. Lotso lwa Bagada lo ne lwa lebana le bothata bofe?

4 Pele ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, ba lotso lwa Iseraele lwa Bagada ba ile ba kopa go thibelela mo nageng ya mafulo e e kwa botlhaba jwa Joredane. (Dipalo 32:1-5) Fa ba nna koo ba ne ba tla lebana le mathata a magolo. Ditso tse di kafa bophirima di ne di tla sirelediwa ke Mokgatšha wa Joredane—thibedi ya tlholego e e neng e ba sireletsa mo ditlhaselong tsa masole. (Joshua 3:13-17) Le fa go ntse jalo, The Historical Geography of the Holy Land, e e kwadilweng ke George Adam Smith, e bolela jaana ka dinaga tse di kwa botlhaba jwa Joredane: “[Mafatshe a teng] otlhe ke naga fela e e sebatla e e batlang e se na sepe se se dirang jaaka thibedi mo setlhabeng se segolo sa Arabea. Ka gone ka metlha a nna a ntse a le mo kotsing ya go tlhaselwa ke bakgarakgatshegi ba ba tshwerweng ke tlala, mme bangwe ba bone ba tla mo go one ka bontsi ngwaga le ngwaga ba batla mafulo.”

5. Jakobe o ne a kgothaletsa ditlogolwana tsa ga Gada gore di dire jang fa di tlhaselwa?

5 Lotso lwa Bagada lo ne lo tla itshokela jang kgatelelo e kana kana? Makgolo a dingwaga pele ga foo, rraabonemogologolwane e bong Jakobe o ne a ile a bolelela pele jaana a le gaufi le go swa: “Fa e le Gada ene, o tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukhutlhi, mme o tla tlhasela karolo e e kwa morago thata.” (Genesise 49:19) Mafoko ano a ka lebega a kgoba marapo fa o sa a akanyetse kwa teng. Mme tota e ne e le taelo ya gore Bagada ba itwele fa ba tlhaselwa. Jakobe o ne a ba tlhomamisetsa gore fa ba dira jalo, batlhasedi ba ne ba tla sia ka tsela e e tlhabisang ditlhong ba lelekilwe ke Bagada.

Dikgwetlho Tse re Kopanang le Tsone mo Kobamelong ya Rona Gompieno

6, 7. Seemo sa Bakeresete gompieno se tshwana jang le sa lotso lwa Bagada?

6 Fela jaaka lotso lwa Bagada, Bakeresete gompieno ba lebana le dikgatelelo le mathata a tsamaiso ya ga Satane; mme ga go na sepe se se re sireletsang ka tsela ya kgakgamatso gore re se ka ra mekamekana le one. (Jobe 1:10-12) Bontsi jwa rona re tshwanetse ra lebana le mathata a a tsamaisanang le go tsena sekolo, go itshedisa le go godisa bana. Mme ga re a tshwanela go lebala mathata a a lebanang motho ka boene. Ba bangwe ba tshwanetse ba itshokela “mutlwa mo nameng” o e ka tswang e le bokoa kgotsa bolwetse bongwe jo bo masisi. (2 Bakorintha 12:7-10) Ba bangwe ba tshwenngwa ke maikutlo a go ipona ba se na mosola. “Malatsi a masetlapelo” a botsofe a ka kgoreletsa Bakeresete ba ba godileng gore ba se ka ba direla Jehofa ka tlhoafalo e ba neng ba mo direla ka yone pele.—Moreri 12:1.

7 Moaposetoloi Paulo o re gakolola gape gore “re lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Ka metlha re lebana le “moya wa lefatshe,” moya wa botsuolodi le boitsholo jo bo sa siamang o o tlhotlhelediwang ke Satane le badimona ba gagwe. (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2, 3) Fela jaaka Lote yo o boifang Modimo, le rona gompieno re ka utlwisiwa botlhoko ke dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang tse batho ba ba re dikologileng ba di buang kgotsa ba di dirang. (2 Petere 2:7) Gape Satane o kgona go re tlhasela ka tlhamalalo. Satane o lwa le masalela a batlodiwa, ao a “bolokang ditaolo tsa Modimo e bile [a] na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:17) “Dinku tse dingwe” tsa ga Jesu le tsone di tlhaselwa ke Satane ka go thibelwa le go bogisiwa.—Johane 10:16.

A o Tla Ineela Kgotsa o Tla Itwela?

8. Re tshwanetse ra itshwara jang fa Satane a re tlhasela, mme ka ntlha yang?

8 Re tshwanetse ra itshwara jang fa Satane a re tlhasela? Fela jaaka lotso lwa Bagada bogologolo, re tshwanetse go nonofa semoyeng le go itwela, go ya ka ditaelo tsa Modimo. Ka maswabi, bangwe ba simolotse go ineela mo dikgatelelong tsa botshelo, ba tlhokomologa maikarabelo a bone a semoya. (Mathaio 13:20-22) Mosupi mongwe o ne a bolela jaana fa a tlhalosa lebaka la go bo batho ba phuthego ya gagwe ba sa tle thutong ka bontsi: “Bakaulengwe ba a lapa tota. Ba tshwenyegile thata mo maikutlong.” Gone ke boammaaruri, batho gompieno ba na le mabaka a mantsi a gore ba lape. Ka jalo, go motlhofo go tsaya kobamelo ya Modimo e le selo se sengwe se se tlisang kgatelelo, sengwe se se boima se re tshwanetseng go se dira. A mme eo ke tsela e e siameng, kgotsa e e tshwanetseng, ya go leba dilo?

9. Go sikara jokwe ya ga Keresete go lapolosa ka tsela efe?

9 Akanya ka se Jesu a neng a se raya boidiidi jwa batho ba motlha wa gagwe ba le bone ba neng ba lapisitswe ke dikgatelelo tsa botshelo: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” A Jesu o ne a raya gore motho o ne a ka lapolosiwa ke go tlogela go direla Modimo? Nnyaa, ka gonne Jesu o ne a re: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” Jokwe ke dikgong kgotsa ditshipi tse di thusang motho kgotsa phologolo go rwala morwalo o o bokete. Mme jaanong ke ka ntlha yang fa motho ope a ka dumela go rwala jokwe e e ntseng jalo? Gakere re setse re ‘imelwa’? Ee, mme gape mafoko a Segerika a kgona go balega ka go re: “Tsenang le nna mo jokweng ya me.” Akanya fela: Jesu o ithaopa go re thusa go rwala morwalo wa rona! Ga re tlhoke go dira seo ka maatla a rona.—Mathaio 9:36; 11:28, 29, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW; 2 Bakorintha 4:7.

10. Go nna le diphelelo dife fa re dira maiteko a go naya Modimo kgalalelo?

10 Fa re sikara jokwe ya go nna morutwa, re lwa le Satane. Jakobe 4:7 e solofetsa jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” Seno ga se bolele gore go motlhofo go dira jalo. Go direla Modimo go tlhoka maiteko a magolo. (Luke 13:24) Mme Baebele e solofetsa jaana mo go Pesalema 126:5: “Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boipelo.” Ee, ga re obamele Modimo yo o sa lebogeng. Ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo,” mme o segofatsa ba ba mo nayang kgalalelo.—Bahebera 11:6.

Go Galaletsa Modimo ka go Nna Bareri ba Bogosi

11. Bodiredi jwa tshimo bo direla jang jaaka sengwe se re ka itshireletsang ka sone mo ditlhaselong tsa ga Satane?

11 Jesu o ne a laela jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Tiro ya go rera ke yone tsela ya konokono ya go naya Modimo ‘setlhabelo sa pako.’ (Mathaio 28:19; Bahebera 13:15) Gore ‘dinao tsa rona di rwale iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso’ ke karolo ya botlhokwa thata ya “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano”—tse re itshireletsang ka tsone mo ditlhaselong tsa ga Satane. (Baefeso 6:11-15) Go baka Modimo mo bodireding jwa tshimo ke tsela e e molemolemo ya go nonotsha tumelo ya rona. (2 Bakorintha 4:13) Go re thusa go boloka megopolo ya rona e le kgakala le dikakanyo tse di bosula. (Bafilipi 4:8) Go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo go re thusa go ipelela botsalano jo bo agang le baobamedi ka rona.

12, 13. Go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo go ka solegela malapa molemo jang? Tshwantsha.

12 Gape tiro ya go rera e ka nna tiro e e agang e e dirwang ke lelapa lotlhe. Ke boammaaruri gore basha ba tlhoka go tla ba itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, nako e lo e dirisang jaaka lelapa mo bodireding jwa tshimo ga e a tshwanela go nna e e lapisang pelo. Batsadi ba ka dira gore bana ba bone ba e itumelele ka go ba thapisa gore ba kgone go rera. Gantsi basha ba itumelela go dira dilo tse ba kgonang go di dira sentle, a ga go jalo? Fa batsadi ba dira dilo ka tekatekano, ba sa pateletse bana go dira se ba ka se kang ba se kgona, ba ka thusa bana ba bone go ipelela bodiredi.—Genesise 33:13, 14.

13 Mo godimo ga moo, lelapa le le bakang Modimo mmogo le atamalana thata. Akanya ka kgaitsadi mongwe yo o neng a tlogelwa ke monna wa gagwe yo o sa dumeleng, a mo tlogela ka bana ba le batlhano. Jaanong o ne a na le kgwetlho ya go simolola go bereka le go tlhokomela bana ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. A o ne a lapa thata mo a neng a tlhokomologa dilo tse bana ba gagwe ba di tlhokang semoyeng? O gakologelwa jaana: “Ke ne ka ithuta Baebele le dikgatiso tsa Baebele ka tlhoafalo e bile ke leka go dirisa se ke se balang. Ke ne ke isa bana dipokanong le mo bodireding jwa ntlo le ntlo ka metlha. Maiteko a me a ne a felela jang? Bana botlhe ba batlhano ba kolobeditswe.” Le wena o ka thusiwa ke go nna le seabe mo bodireding ka metlha gore o godisetse bana ba gago “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

14. (a) Basha ba ka galaletsa Modimo jang kwa sekolong? (b) Ke eng se se ka thusang basha gore ba se ka ba ‘tlhabisiwa ditlhong ke dikgang tse di molemo’?

14 Basha, fa lo nna mo nageng e molao o go letlelelang, a lo naya Modimo kgalalelo ka go rera kwa sekolong, kgotsa lo itlogelela gore lo kgorelediwe ke go boifa batho? (Diane 29:25) Mosupi mongwe wa dingwaga tse 13 kwa Puerto Rico o kwala jaana: “Ga ke ise nke ke tlhabisiwe ditlhong ke go rera kwa sekolong ka gonne ke a itse gore seno ke boammaaruri. Fa ke le mo tlelaseng, ka metlha ke tsholetsa seatla ke bo ke bolela se ke se ithutileng mo Baebeleng. Fa e le nako e re sa rutiweng sepe ka yone, ke ya kwa laeboraring ke bo ke bala buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang.” * A Jehofa o segofaditse maiteko a gagwe? O bega jaana: “Ba ke tsenang le bone sekolo ba tle ba mpotse dipotso ba bo ba kope gore ke ba fe khopi ya buka eno.” Fa e le gore o ntse o ikgogona mo kgannyeng eno, gongwe o tlhoka gore o iponele se “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng” e leng sone ka go ithuta ka tlhoafalo o le esi. (Baroma 12:2) Fa o tlhatswegile pelo gore se o se ithutileng ke boammaaruri, le ka motlha o ka se “tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo.”—Baroma 1:16.

‘Kgoro e e Bulegileng’ ya Tirelo

15, 16. Ke ‘kgoro efe e kgolo e e isang kwa tirong’ e Bakeresete bangwe ba ileng ba tsena mo go yone, mme ba nnile le masego afe?

15 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore o ne a buletswe “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” (1 Bakorintha 16:9) A maemo a gago a ka go letla go oketsa tirelo ya gago? Ka sekai, go nna le seabe mo bodireding jwa bobulatsela jwa ka metlha kgotsa jo bo thusang go tlhoka gore kgwedi le kgwedi o dirise diura di le 70 kgotsa di le 50 mo tirong ya go rera. Ke boammaaruri gore babulatsela ba anaanelwa ke Bakeresete ka bone ka ntlha ya tirelo ya bone e ba e dirang ka boikanyegi. Mme lebaka la go bo ba dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding ga le dire gore ba ikutlwe ba le botoka mo bakaulengweng kgotsa mo go bokgaitsadi ba bone. Go na le moo, ba nna le boikutlo jo Jesu a neng a bo kgothaletsa fa a re: “Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.”—Luke 17:10.

16 Go nna mmulatsela go tlhoka go ikgalemela, go rulaganya dilo tsa gago sentle le go iketleeletsa go itima dilo dingwe. Maiteko ano otlhe a mosola fa o akanya ka masego a o tla a bonang. Mosha mongwe wa mmulatsela e bong Tamika o ne a re: “Go kgona go tshwara lefoko la Modimo sentle ke lesego tota. Fa o le mmulatsela, o dirisa Baebele thata. Jaanong fa ke ya ka ntlo le ntlo, ke kgona go gopola ditemana tse di tshwanelang mong wa ntlo mongwe le mongwe.” (2 Timotheo 2:15) Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Mica a re: “Go bona kafa boammaaruri bo amang matshelo a batho ka teng le gone ke lesego le le gakgamatsang.” Mosha mongwe yo o bidiwang Matthew le ene a re o itumelela “go bona motho a tla mo boammaaruring. Jono ke boitumelo jo bo ka se emisediweng ke bope.”

17. Mokeresete mongwe o ne a fenya jang maikutlo a a sa siamang a a neng a na le one ka go bula tsela?

17 A o ka akanyetsa tiro ya go nna mmulatsela? Gongwe o ka rata go dira jalo mme o ikutlwa o sa tshwanelege. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana e bong Kenyatte a re: “Ke ne ke tshaba go nna mmulatsela. Ke ne ke sa dumele gore nka kgona. Ke ne ke sa itse go baakanyetsa ditsenyeletso kgotsa go fetolana le batho ka Dikwalo.” Le fa go ntse jalo, bagolwane ba ne ba abela kgaitsadi mongwe yo o godileng wa mmulatsela gore a dire le ene. Kenyatte o gakologelwa jaana: “Go ne go le monate go bereka le mmulatsela yono. Seo se ne sa dira gore ke eletse go nna mmulatsela.” Fa o ka kgothadiwa le go thapisiwa, gongwe le wena o tla eletsa go nna mmulatsela.

18. Ke masego afe a a ka nnang a tlela ba ba tsenelang tirelo ya borongwa?

18 Go nna mmulatsela go ka go thusa gore o bone ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo. Ka sekai, banyalani bangwe ba ka nna ba tshwanelega gore ba ka thapisediwa borongwa ba bo ba romelwa go ya go rera kwa nageng e sele. Barongwa ba tshwanetse ba tlwaela naga e sele, gongwe le puo e sele, setso se sele le dijo di sele. Mme masego a ba a bonang a dira gore mathatanyana ao e nne a e seng a sepe. Mildred, yo o nang le lobaka lo loleele e le morongwa kwa Mexico, a re: “Ga ke ise nke ke ikwatlhaele tshwetso ya me ya go nna morongwa. Ga ke bolo go go eletsa ke sa le mosetsanyana.” O itumeletse masego afe? “Kwa gae, go ne go le thata go bona mongwe yo nka ithutang le ene Baebele. Kwano, nkile ka nna le baithuti ba le banè ba ba neng ba simolola go ya tirelong ya tshimo ka nako e le nngwe fela!”

19, 20. Ba le bantsi ba ba mo tirelong ya Bethele, ba ba direlang kwa dinageng di sele, le ba ba tswang Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi ba ile ba segofadiwa jang?

19 Batho ba bangwe ba ba bonang masego a magolo ke ba ba leng mo tirelong ya Bethele kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. Sven, lekawana le le direlang kwa Jeremane, o bolela jaana ka tiro ya gagwe kwa Bethele: “Ke dumela gore ke direla batho sengwe se se tla ba solegelang molemo ka lobaka lo loleele. Ke ne nka nna ka dirisa bokgoni jwa me kwa lefatsheng. Mme go ne go tla tshwana le go baya madi mo bankeng e e tlogang e wa.” Ke boammaaruri, go nna moithaopi yo o sa duelweng go tlhoka gore motho a itime dilo dingwe. Mme Sven a re: “Fa o ya gae, o itse gore sengwe le sengwe se o se dirileng letsatsi leo o ne o se direla Jehofa. Mme seo se dira gore o ikutlwe o itumetse thata.”

20 Bakaulengwe bangwe ba ile ba itumelela masego a go direla kwa dinageng di sele, ba bereka mo dikagong tsa makala kwa dinageng tseo. Banyalani bangwe ba ba diretseng mo dikabelong di le robedi tsa dinaga di sele ba ne ba kwala jaana: “Bakaulengwe ba mono ba molemo tota. Go tla re utlwisa botlhoko thata fa re ka tsamaya—e tla bo e le lekgetlho la borobedi jaanong. Re itumeletse go direla mono fela thata!” Gape go na le Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Se naya bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ba sa nyalang thapiso mo dilong tsa semoya. Sealogane sengwe se ne sa kwala jaana: “Ga ke kgone le go bona mafoko a go lo leboga ka sekolo se se molemo jaana. Ke phuthego efe e nngwe e e neng e ka tsaya matsapa a a kana kana go thapisa batho?”

21. Ke kgwetlho efe e Bakeresete botlhe ba lebanang le yone fa ba ntse ba direla Modimo?

21 Ee, go na le dilo tse dintsi tse re ka di dirang. Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona ga re kgone go direla kwa Bethele kgotsa kwa nageng e sele. Jesu ka boene o ne a bolela gore Bakeresete ba ne ba tla tlhagisa selekanyo se se farologaneng sa “maungo” ka gonne maemo a batho ga a tshwane. (Mathaio 13:23) Ka jalo, kgwetlho e re nang le yone rona Bakeresete, ke go dirisa seemo sa rona ka botlalo, go nna le seabe mo tirelong ya ga Jehofa go ya kafa maemo a rona a re letlang ka teng. Fa re dira jalo, re naya Jehofa kgalalelo, mme re ka tlhomamisega gore o itumela thata. Akanya ka Ethel, kgaitsadi yo o godileng yo o nnang mo legaeng le batsofe ba tlhokomelwang mo go lone. Ka metlha o rerela batho ba a nnang le bone mo legaeng leno e bile o neela bosupi ka thelefouno. Le fa a na le makoa, o dira tirelo ya gagwe ka moya otlhe.—Mathaio 22:37.

22. (a) Ditsela tse dingwe tse re ka nayang Modimo kgalalelo ka tsone ke dife? (b) Re letetswe ke nako efe e e itumedisang thata?

22 Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore go rera ke nngwe fela ya ditsela tse re ka tlisetsang Jehofa kgalalelo ka tsone. Fa re tlhoma sekao ka tsela e re itshwarang ka yone le e re lebegang ka yone fa re le kwa tirong, kwa sekolong le kwa gae, re ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Diane 28:20 e solofetsa jaana: “Motho wa ditiro tse di ikanyegang o tla nna le masego a mantsi.” Ka jalo re tshwanetse ra ‘jala ka bogolo’ fa re direla Modimo, re itse gore re tla roba masego a mantsi. (2 Bakorintha 9:6) Fa re dira jalo, re tla nna le tshiamelo ya gore re bo re tshela ka nako eo e e molemo fa “sengwe le sengwe se se hemang” se tla bo se naya Jehofa kgalalelo e e mo tshwanelang thata!—Pesalema 150:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Batho ba Modimo ba direla Jehofa “motshegare le bosigo” jang?

• Lotso lwa Bagada lo ne lwa lebana le kgwetlho efe, mme seo se ruta Bakeresete eng gompieno?

• Bodiredi jwa tshimo bo re sireletsa jang fa re tlhaselwa ke Satane?

• Bangwe ba ile ba tsena ka ‘dikgoro dife tse di bulegileng’ mme ba bona masego afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fela jaaka Bagada ba ne ba lwantsha masole a a tlhaselang, Bakeresete le bone ba tshwanetse go itwela fa ba tlhaselwa ke Satane

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Re itumelela botsalano jo bo agang fa re le mo bodireding jwa tshimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Bobulatsela bo ka re bulela dikgoro tsa ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo, tse di akaretsang:

1. Go direla kwa dinageng di sele

2. Tirelo ya Bethele

3. Tirelo ya Borongwa