Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Meleteng e e Lefifi ya Kgolegelo Go ya Kwa Swiss Alps

Go Tswa mo Meleteng e e Lefifi ya Kgolegelo Go ya Kwa Swiss Alps

Kgang ya Botshelo

Go Tswa mo Meleteng e e Lefifi ya Kgolegelo Go ya Kwa Swiss Alps

JAAKA GO BOLETSE LOTHAR WALTHER

Morago ga go nna dingwaga di le tharo mo meleteng e e lefifi ya kgolegelo ya Bakomonisi ya kwa Jeremane Botlhaba, ke ne ke tlhologeletswe thata go bona boitumelo jwa go gololesega le go ipelela kamano e e lorato le ba lelapa la me.

LE FA go ntse jalo, ke ne ke sa lebelela go bona sefatlhego se se akabetseng sa morwaake wa dingwaga di le thataro, e bong Johannes. Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, o ne a ise a ko a bone rraagwe. Ke ne ke le motswakwa fela mo go ene.

Go farologana le morwaake, nna ke ne ka nna le kamano e e lorato le batsadi ba me. Go ne go na le lorato mo lelapeng la gaetsho kwa Chemnitz, kwa Jeremane, kwa ke tsholetsweng gone ka 1928. Rre o ne a sa tshabe go tlhalosa kafa a sa rateng bodumedi ka teng. O ne a gakologelwa gore ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, masole a “Bakeresete” mo letlhakoreng lengwe le lengwe a ne a eleletsa ba ba ka kwa letlhakoreng le lengwe “Keresemose e e Monate” ka December 25, mme ba bo ba boa ba bolaana gape letsatsi le le latelang. Mo go ene, bodumedi e ne e le boitimokanyi jo bo maswe go gaisa.

Go Swabisiwa go Emisediwa ke Tumelo

Se se itumedisang ke gore nna ga ke a ka ka swabisiwa ka tsela e e ntseng jalo. Fa Ntwa ya Lefatshe II e fela, ke ne ke na le dingwaga di le 17, mme ka tswa ka tshoba la mogodu mo kgannyeng ya go kwadisediwa bosole ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tshwenngwa ke dipotso tse di jaaka gore, ‘Ke eng fa go bolaanwa jaana? Nka ikanya mang? Nka bona kae pabalesego ya mmatota?’ Jeremane Botlhaba, kwa re neng re nna gone, e ne ya laolwa ke Soviet. Batho ba ba neng ba lapisitswe ke tshenyo e e bakilweng ke ntwa ba ne ba kgatlhwa ke kgopolo ya Bokomonisi malebana le tshiamiso, tekatekano, kutlwano le kagisano. Go ise go ye kae, bontsi jwa batho ba ba peloephepa bano ba ne ba tlile go swabisiwa thata—mo lekgetlhong leno, ba sa swabisiwe ke bodumedi mme ke dipolotiki.

E ne e le ka nako ya fa ke ntse ke batla dikarabo tse di utlwalang fa mongwe wa bommamogolo ba me yo e leng Mosupi wa ga Jehofa a ne a bua le nna ka tumelo ya gagwe. O ne a nnaya kgatiso nngwe e e theilweng mo Baebeleng e e neng ya ntlhotlheletsa gore ke bale—e le lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me—kgaolo yotlhe ya Mathaio 24. Ke ne ka kgatlhwa ke ditlhaloso tse di utlwalang le tse di tlhatswang pelo tse di neng di le mo bukeng eo, e e neng e tlhalosa gore re mo metlheng ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e bo e tlhalosa selo sa konokono se se bakang mathata a batho.—Mathaio 24:3; Tshenolo 12:9.

Go ise go ye kae, ke ne ka amogela dikgatiso tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa, mme fa ke ntse ke di bala ka tlhoafalo, ke ne ka lemoga gore ke bone boammaaruri jo ke sa bolong go bo batla ka tlhoafalo. Go ne go itumedisa tota go utlwa gore Jesu Keresete o tlhomilwe jaaka kgosi kwa legodimong ka 1914 le gore go ise go ye kae o tla fedisa bosula jotlhe gore a tlisetse batho ba ba kutlo masego. Selo se sengwe se se neng sa nkgatlha thata e ne e le go tlhaloganya kgang ya thekololo sentle. Go ne ga nthusa gore ke atamele Jehofa Modimo le go mo rapela go tswa pelong gore a intshwarele. Ke ne ka amiwa thata ke taletso e e lorato e e mo go Jakobe 4:8: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”

Le fa ke ne ke na le tlhoafalo e kgolo ka tumelo ya me e ntšha, mo tshimologong batsadi ba me le kgaitsadiake ba ne ba etsaetsega go dumela se ke neng ke se ba bolelela. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa fokotsa keletso ya me ya go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete tse di neng di tshwarwa ke setlhopha se senye sa Basupi gaufi le Chemnitz. Ke ne ka gakgamala fa batsadi ba me le kgaitsadiake ba tsamaya le nna go ya kwa pokanong ya me ya ntlha! E ne e le ka nako ya mariga a ngwaga wa 1945/46. Moragonyana, fa go ne go tlhomiwa setlhopha se se ithutang Baebele kwa Harthau kwa re neng re nna gone, ba lelapa la gaetsho ba ne ba simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong.

“Ke Mosimanyana Fela”

Go ithuta dithuto tse di botlhokwa tsa Baebele le go kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa go ne ga nthusa gore ke ineele mo go Jehofa mme ka kolobediwa ka May 25, 1946. Ke ne ka itumela thata fa ba lelapa la gaetsho ba ne ba gatela pele semoyeng, mme fa nako e ntse e tsamaya ka boraro jwa bone ba ne ba nna Basupi ba ba ikanyegang. Kgaitsadiake e sa ntse e le leloko le le tlhoafetseng la nngwe ya diphuthego tsa kwa Chemnitz. Mmè le rre ba ne ba nna ba ikanyega go fitlha yo mongwe a tlhokafala ka 1965 mme yo mongwe ka 1986.

Dikgwedi tse thataro morago ga gore ke kolobediwe, ke ne ka simolola go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Eno e ne e le tshimologo ya tirelo ya botshelo jotlhe e ke neng ka e dira “ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” (2 Timotheo 4:2) Go ise go ye kae, ke ne ka bulegelwa ke ditshono tse disha tsa tirelo. Go ne go tlhokega baboledi ba nako e e tletseng kwa lefelong lengwe le le kgakala kwa botlhaba jwa Jeremane. Nna le mokaulengwe mongwe re ne ra tsenya kopo ya go ya teng, mme ke ne ke akanya gore ga ke na maitemogelo e bile ga ke a gola sentle semoyeng go ka rwala maikarabelo a a ntseng jalo. E re ka ke ne ke le dingwaga di le 18 fela, ke ne ke na le boikutlo jono jo bo tshwanang le jwa ga Jeremia: “Ijoo, . . . Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” (Jeremia 1:6) Le fa ke ne ke na le dipelaelo tse di ntseng jalo, bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba swetsa ka bopelonomi gore ba re neye tshono ya gore re leke kabelo eno. Ka jalo, re ne ra abelwa go ya kwa Belzig, torotswana nngwe kwa nageng ya Brandenburg.

Go ne go le thata go rera kwa tshimong eo, mme le fa go ntse jalo e ne ya nthapisa ka tsela e e molemo. Fa nako e ntse e tsamaya, basadi bangwe ba le mmalwa ba kgwebo ba maemo a a kwa godimo ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi mme ya nna Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go nna ga bone Basupi go ne go thulana le dingwao tse di nweleletseng tsa setšhaba se sennye sa mo metseselegaeng eo. Baruti ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba ne ba re ganetsa thata e bile ba re latofatsa ka maaka ka ntlha ya tiro ya rona ya go rera. E re ka re ne re ikanya Jehofa gore a re kaele le gore a re sireletse, re ne ra kgona go thusa batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang go amogela boammaaruri.

Boikutlo Jwa go sa Batle go re Amogela bo a Gola

Ngwaga wa 1948 o ne wa re tlela ka masego le mathata a re neng re sa a lebelela. Sa ntlha, ke ne ka amogela kabelo ya bobulatsela kwa Rudolstadt, Thuringia. Fa ke le koo, ke ne ka tlwaela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba ikanyegang, mme ke ne ke itumelela botsala jwa bone. Tshegofatso e nngwe e e botlhokwa e ne ya tla ka July wa one ngwaga oo. Ke ne ka nyala Erika Ullmann, mosadi mongwe yo mosha wa Mokeresete yo o ikanyegang e bile a tlhoafetse yo ke sa leng ke mo itsile go tloga ka nako e ke simolotseng go ya dipokanong kwa Phuthegong ya Chemnitz ka yone. Re ne ra tsenela tirelo ya bobulatsela mmogo kwa Harthau, kwa nagagaeng ya rona. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Erika o ne a sa tlhole a kgona go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng ka ntlha ya mathata a botsogo le ka ntlha ya mabaka a mangwe.

Dinako tseo di ne di le thata mo bathong ba ga Jehofa. Lephata la Tiro la kwa Chemnitz le ne la senya karata ya me e ke amogelang dijo ka yone, ba leka go mpateletsa gore ke tlogele tiro ya me ya go rera mme ke batle tiro ya go itshedisa. Bakaulengwe ba ba etelelang pele ba ne ba dirisa kgang ya me go kopa Puso gore e re amogele semolao. Seno se ne sa ganwa mme ka June 23, 1950, ke ne ka atlholelwa go duela molato kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong malatsi a le 30. Re ne ra dira boikuelo malebana le tshwetso eno, mme kgotlatshekelokgolo e ne ya gana boikuelo jwa rona, mme ke ne ka romelwa kwa kgolegelong.

Seo e ne e le bonnye fela jo bo neng bo bontsha gore dikganetso tse dikgolo le mathata a a neng a sa ntse a tla latela a ne a tla nna jang. Go ise go fete le kgwedi, ka September 1950, fa puso ya Bokomonisi e sena go simolola letsholo la go re senya leina mo motsweding wa tshedimosetso, tiro ya rona e ne ya thibelwa. E re ka re ne re oketsega ka bonako e bile re nna re itlhaotse, re ne ra tsewa re le mokgatlho mongwe wa ditlhodi tse di kotsi wa kwa Bophirima, o o dirang “ditiro tse di belaetsang” o o itirang mokgatlho wa bodumedi. Ka lone letsatsi le tiro ya rona e neng ya thibelwa ka lone, mosadi wa me o ne a tshola morwaarona e bong Johannes kwa gae fa nna ke ne ke le kwa kgolegelong. Le fa mmelegisi a ne a gana gore ba tsene, batlhankedi ba Pabalesego ya Puso ba ne tsena ka dikgoka mo foleteng ya rona mme ba batla bosupi jwa ditatofatso tsa bone. Gone mme, ga ba a ka ba bona sepe. Le fa go ntse jalo, moragonyana ba ne ba atlega go tlhoma mongwe mo phuthegong yo e tla nnang setlhodi. Seo se ne sa dira gore bakaulengwe botlhe ba ba nang le maikarabelo ba tshwarwe, go akaretsa le nna, ka October 1953.

Mo Meleteng e e Lefifi ya Kgolegelo

Fa re sena go bonwa molato le go atlholelwa dingwaga go simolola ka di le tharo go ya go di le thataro, re ne ra ya kwa meleteng ya kgolegelo e bakaulengwe ba rona ba bangwe ba neng ba le kwa go yone kwa Kagong ya Phemelo ya Osterstein, kwa Zwickau. Le fa maemo a ne a le maswe jalo koo, go ne go itumedisa tota go tsalana le bakaulengwe ba ba godileng semoyeng. Go bo re sa gololesega go ne go sa reye gore re tlhoka dijo tsa semoya. Le fa puso e ne e sa rate e bile e thibetse makasine wa Tora ya Tebelo, makasine ono o ne wa kgona go tsena mo kgolegelong tota le mo diseleng tsa rona! Jang?

Bakaulengwe bangwe ba ne ba abelwa go ya go dira kwa meepong ya magala, koo ba neng ba kopana le Basupi ba ba ka kwa ntle ba ba neng ba ba naya dimakasine. Go tswa foo bakaulengwe ba ne ba tlisa dimakasine ka sephiri mo kgolegelong mme ka go dirisa botlhale jo bo seng kana ka sepe, ba ne ba kgona go fetisetsa dijo tsa semoya tse re neng re di tlhoka thata mo go rona rotlhe. Ke ne ka itumela le go kgothatsega thata go bo Jehofa a ile a ntlhokomela le go nkaela ka tsela eno!

Go ela kwa bofelong jwa 1954, re ne ra fudusediwa kwa kgolegelong e e itsegeng e le bosula thata kwa Torgau. Basupi ba ba neng ba le koo ba ne ba itumelela go re bona. Go fitlha ka nako eo, ba ne ba dira gore ba nne ba nonofile semoyeng ka go boeletsa se ba ka se gakologelwang go tswa mo dimakasineng tsa bogologolo tsa Tora ya Tebelo tse ba di badileng. A bo ba ne ba eletsa jang ne go nna le dikgatiso tse disha tsa dijo tsa semoya! Ka jalo, re ne re ikutlwa re tlhotlheletsega go ba bolelela ka dintlha tse re di ithutileng kwa Zwickau. Mme re ne re ka dira jalo jang ka go bo re ne re ileditswe go buisana fa re ntse re iphokisa phefo letsatsi le letsatsi? Bakaulengwe ba ne ba re file dikakantsho tse di molemo tsa gore re dire seo jang mme letsogo la ga Jehofa le le maatla le le sireletsang le ne le re kaela. Seno se ne sa re ruta botlhokwa jwa go ithuta Baebele ka tlhoafalo le go tlhatlhanya ka se re se ithutileng fa re sa ntse re gololesegile e bile re na le tshono ya go dira jalo.

Nako ya go Dira Ditshwetso Tse di Botlhokwa

Ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra kgona go nna re nitame. Re ne ra gakgamala thata fa ka 1956 bontsi jwa rona bo ne bo itshwarelwa. Go thata go tlhalosa kafa re neng ra itumela ka gone fa dikgoro tsa kgolegelo di ne di bulwa! Ka nako eo, morwaake o ne a le dingwaga di le thataro, mme ke ne ke itumetse thata go boa ke kopana le mosadi wa me le go mo thusa go godisa ngwana wa rona. Johannes o ne a fetsa nakonyana a ntshwara jaaka motswakwa, mme go ise go ye kae, re ne ra simolola go ratana thata.

Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba lebana le dinako tse di thata. Go oketsega ga letlhoo mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete le lebaka la go bo re nna re itlhaotse go ne ga dira gore re nne re tshogile—botshelo jwa rona bo farafarilwe ke kotsi, tlhobaelo le go lapa. Ka jalo, nna le Erika re ne ra tshwanelwa ke go tlhatlhoba boemo jwa rona ka kelotlhoko le ka thapelo, mme re ne ra bona go le botlhokwa gore re fuduge gore re tle re kgone go tshela mo maemong a a siameng gore re se ka ra fekeediwa ke go tshwenyega ga rona. Re ne re batla go nna le kgololesego ya go direla Jehofa le go tswelela pele ka mekgele ya semoya.

Ka dikgakologo tsa 1957, re ne ra nna le tshono ya go fudugela kwa Stuttgart, kwa Jeremane Bophirima. Tiro ya go rera e ne e sa thibelwa koo, mme re ne re kgona go kopanela ka kgololesego le bakaulengwe ba rona. Ba ne ba re ema nokeng ka lorato ka tsela e e gakgamatsang thata. Re ne ra nna dingwaga di le supa re kopanela le phuthego ya kwa Hedelfingen. Mo dingwageng tseo, morwaarona o ne a simolola sekolo le go gatela pele sentle mo boammaaruring. Ka September 1962, ke ne ka nna le tshiamelo ya go ya kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa Wiesbaden. Fa ke le koo, ke ne ka kgothalediwa go fuduga le lelapa la me go ya go direla kwa go tlhokegang barutisi ba Baebele ba ba buang Sejeremane gone. Seno se ne se akaretsa mafelo mangwe a kwa Jeremane le Switzerland.

Go Fudugela Kwa Dinageng Tsa Swiss Alps

Ka jalo, ka 1963 re ne ra fudugela kwa Switzerland. Re ne ra abelwa tiro ya go bereka le phuthego e nnye kwa Brunnen, mo Letsheng le lentle la Lucerne, mo karolong e e fa gare ya Swiss Alps. Mo go rona, go ne go ntse jaaka e kete re mo paradaiseng. Re ne ra tshwanelwa ke go tlwaelana le loleme la Sejeremane le le neng le buiwa koo, tsela e go tshelwang ka yone le mokgwa o batho ba koo ba neng ba itshwara ka one. Le fa go ntse jalo, re ne ra itumelela go bereka le go rerela batho ba ba ratang kagiso. Re ne ra nna dingwaga di le 14 kwa Brunnen. Morwaarona o goletse koo.

Ka 1977, fa ke ne ke tloga ke tshwara dingwaga di le 50, re ne ra amogela taletso ya go ya go direla kwa legaeng la Bethele la kwa Switzerland kwa Thun. Re ne ra tsaya kabelo eno e le tshiamelo e e kgethegileng mme ra e amogela ka kanaanelo e kgolo. Nna le mosadi wa me re ne ra nna dingwaga di le robongwe mo tirelong ya Bethele, tse re di gakologelwang e le tse di botlhokwa mo botshelong jwa rona jwa Bokeresete le mo kgolong ya rona ya semoya. Mme gape re ne ra itumelela go rera le baboledi ba kwa Thun le mo mafelong a a gaufi le yone, ka metlha re bona tikologo e ntle ya ‘ditiro tse di gakgamatsang’ tsa ga Jehofa, dithaba tse dikgolo tse di apesitsweng ke kapoko tsa Bernese Alps.— Pesalema 9:1.

Go Fuduga Gape

Re ne ra fuduga gape mo masimologong a 1986. Re ne ra kopiwa gore re nne babulatsela ba ba kgethegileng kwa tshimong e kgolo e e neng e abetswe Phuthego ya Buchs kwa karolong e e kwa botlhaba jwa Switzerland. Re ne ra tshwanela gape ke gore re tlwaele tsela e nngwe ya go tshela. Le fa go ntse jalo, e re ka re ne re tlhotlheletsega go direla Jehofa gongwe le gongwe kwa re ka dirisiwang botoka gone, re ne ra amogela kabelo e ntšha eno, mme Jehofa a re segofatsa. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke thusa balebedi ba ba etang, ke etela diphuthego le go di nonotsha. Go fetile dingwaga di le 18 jaanong, mme re nnile le maitemogelo a mantsi a a itumedisang a go rera mo lefelong leno. Phuthego ya kwa Buchs e godile, mme re itumelela go kopanela mo Holong ya Bogosi e ntle e e neng ya neelwa dingwaga tse tlhano tse di fetileng.

Jehofa o ile a re tlhokomela ka bopelotshweu jo bogolo. Re dirisitse bontsi jwa dingwaga tsa botshelo jwa rona re le mo bodireding jwa nako e e tletseng, le fa go ntse jalo, ga re ise re ko re tlhoke sepe. Re itumelela go bona morwaarona, mosadi wa gagwe le bana ba bone mmogo le malapa a ditlogolwana a tsamaya ka boikanyegi mo tseleng ya ga Jehofa.

Fa ke leba kwa re tswang teng, ke akanya gore ruri re ile ra direla Jehofa “ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” Go tswelela pele mo bodireding jwa Bokeresete go dirile gore ke tswe mo meleteng e e lefifi ya kgolegelo ya Bokomonisi mme ke ye kwa dithabeng tse dintle tsa Swiss Alps. Nna le lelapa la me ga re ikwatlhaele sepe.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

“Batho ba ba Tlhasetsweng ka Ditsela tse Pedi” ba Ema ba Nitame fa ba Lebane le Pogiso

Kwa German Democratic Republic (GDR), e gape e neng e itsege e le Jeremane Botlhaba, e ne e le Basupi ba ga Jehofa fela ba ba neng ba gatelelwa setlhogo. Dipego di bontsha gore Basupi ba ba fetang 5 000 ba ne ba romelwa kwa dikampeng tse ba neng ba patelediwa go dira ditiro dingwe tse di boima mo go tsone le kwa mafelong a mangwe a ba neng ba tswalelwa mo go one ka ntlha ya bodiredi jwa bone jwa Bokeresete le ka ntlha ya go nna ga bone ba bolokile boitlhaodi.—Isaia 2:4.

Bangwe ba bone ba ile ba tewa go twe ke “batho ba ba tlhaselwang ka ditsela tse pedi.” Ba ba ka nnang 325 mo go bone ba ne ba tswalelwa kwa dikampeng tsa kgolegelo tsa Banasi le kwa dikgolegelong tse dingwe. Mme ka bo1950, ba ne ba batliwa ba bo ba tsenngwa mo kgolegelong ke Ba-Stasi, Lephata la Puso la Tshireletso la GDR. Tota le dikgolegelo di ne di dirisediwa dilo tse pedi—sa ntlha, e ne e le dikgolegelo tsa Banasi mme morago ya nna dikgolegelo tsa Ba-Stasi.

Mo dingwageng tsa ntlha tse di lesome tsa fa pogiso e ne e le kwa setlhoeng sa yone, go tloga ka 1950 go ya go 1961, palogotlhe ya Basupi ba le 60—banna le basadi—ba ne ba swela mo kgolegelong ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa, phepelotlase, bolwetse le ka ntlha ya botsofe. Basupi ba le 12 ba ne ba atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong mme moragonyana dingwaga tseo tsa fokodiwa go nna dingwaga di le 15 tse di setlhogo mo kgolegelong.

Gompieno, mo lefelong le pele e neng e le ntlokgolo ya Ba-Stasi kwa Berlin, go na le lefelo la dipontsho le le nnetseng ruri foo le le bontshang pogiso ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa ya dingwaga di le 40 kwa Jeremane Botlhaba. Ditshwantsho le dipego tse batho ba di kwadileng tse di leng mo lefelong leno di neela bosupi jwa kafa Basupi bano ba neng ba le pelokgale e bile ba nonofile semoyeng ka gone, le go ikanyega ga bone fa ba ne ba bogisiwa setlhogo jalo.

[Mmapa mo go tsebe 24, 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

JEREMANE BOTLHABA

Rudolstadt

Belzig

Torgau

Chemnitz

Zwickau

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kago ya Phemelo ya Osterstein, kwa Zwickau

[Motswedi wa Setshwantsho]

Fotosammlung des Stadtarchiv Zwickau, Deutschland

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le mosadi wa me e bong Erika