Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tshwanetse go Tlhopha Bodumedi Bofe?

O Tshwanetse go Tlhopha Bodumedi Bofe?

O Tshwanetse go Tlhopha Bodumedi Bofe?

‘MADUMEDI a a farologaneng ke ditsela fela tse di farologaneng mme di isa kwa lefelong le le lengwe. Ka gonne tota e bile Modimo o mongwe fela, a ga go jalo?’ Ao ke maikutlo a batho ba le bantsi ba ba reng ga go kgathalesege gore o tlhopha go latela bodumedi bofe, selo sa botlhokwa ke go nna leloko la bodumedi jo bo rileng.

Gone kgang eno e ka nna ya lebega e kete e a utlwala, e re ka go le boammaaruri gore go na le Modimo a le mongwe fela e leng Mothatayotlhe. (Isaia 44:6; Johane 17:3; 1 Bakorintha 8:5, 6) Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra itlhokomolosa go sa tshwane go go leng teng—tota le go ganetsana—mo ditlhopheng di le dintsi tsa madumedi a a ipolelang gore a direla Modimo wa boammaaruri. A farologana thata mo tseleng e ba dirang dilo ka yone, ditumelo tsa bone, dithuto tsa bone le dilo tse di batlegang mo bodumeding jwa bone. Madumedi ano a farologana thata jaana mo eleng gore batho ba ba leng mo bodumeding jo bongwe kgotsa setlhopha, ba go fitlhela go le thata go tlhaloganya kgotsa go amogela se ba bangwe ba se rutang kgotsa ba se dumelang.

Ka fa letlhakoreng le lengwe Jesu o ne a re: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) A go obamela Modimo ka boammaaruri go tla dira gore re amogele dikgopolo tse dintsi tse di ganetsanang ka se Modimo a leng sone, maikaelelo a gagwe le tsela e a batlang go obamelwa ka yone? A go a utlwala go dumela gore Modimo Mothatayotlhe ga a kgathale gore re mo obamela jang?

Bakeresete ba Boammaaruri mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno

Ka dinako dingwe Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le dikgopolo tse di farologaneng mo dikgannyeng dingwe. Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka batho ba kwa Korintha o ne a re: “Ba ntlo ya ga Keloe ba ne ba mpolelela ka ga lona, bakaulengwe ba me, gore go na le go tlhoka go utlwana mo gare ga lona. Se ke se rayang ke gore, mongwe le mongwe wa lona a re: ‘Ke wa ga Paulo,’ ‘Nna ke wa ga Apolose,’ ‘Nna ke wa ga Kefase,’ ‘Nna ke wa ga Keresete.’”—1 Bakorintha 1:11, 12.

A Paulo o ne a leba dikgopolo tseo tse di farologaneng di sa re sepe? A mongwe le mongwe o ne a latela fela tsela ya gagwe ya poloko? Legoka! Paulo o ne a gakolola jaana: “Ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.”—1 Bakorintha 1:10.

Gone ke boammaaruri gore go nna seoposengwe mo tumelong go ka se ka ga fitlhelelwa ka go patelediwa. Go fitlhelelwa fela fa batho ba sekaseka dikgang tse di rileng ba bo ba fitlhelela ditshwetso tse di tshwanang. Ka jalo go ithuta Lefoko la Modimo le go nna le keletso ya go dirisa se motho a ithutileng sone go botlhokwa gore motho a itumelele mofuta wa boseoposengwe o Paulo a buileng ka one. A go ka kgonega go nna seoposengwe jalo? Jaaka re bone, ka dinako tsotlhe Modimo o ne a dirisana le batho ba gagwe e le setlhopha. A re ka kgona go lemoga setlhopha seo gompieno?

Melemo ya go Ikamanya le Setlhopha se Modimo a se Amogelang

Mopesalema Dafide o kile a botsa jaana: “Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago? Ke mang yo o tla agang mo thabeng ya gago e e boitshepo?” Ruri eo ke potso e e dirang gore motho a akanye. Dafide o ne a e araba jaana: “Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.” (Pesalema 15:1, 2) Go tlhaloganya Baebele sentle go tla thusa motho gore a kgone go lemoga bodumedi jo bo dirang dilo tseo tse Modimo a di batlang. Mme fa motho a ikamanya le setlhopha seo, o tla itumelela bolekane jo bo agang le batho ba ba obamelang Modimo ba le seoposengwe “ka moya le ka boammaaruri.”

Basupi ba ga Jehofa ba bontshitse gore tota le mo lefatsheng leno le le se nang kutlwano, go ka kgonega go nna seoposengwe mo tumelong le mo ditirong. Mo go bone go na le makgolokgolo a batho ba e neng e le maloko a madumedi le ditso tse di farologaneng. Basupi bangwe e ne e le batho ba ba dumelang gore Modimo ga a ka ke a itsiwe kgotsa ba re ga ba dumele mo Modimong. Ba bangwe bone ke ba ba neng ba sa kgatlhegele bodumedi. Mo madumeding ano a a farologaneng, ditso le difilosofi go dule batho ba jaanong ba itumelelang go nna seoposengwe mo bodumeding e leng selo se se sa fitlhelweng mo setlhopheng sepe se sengwe mo lefatsheng gompieno.

Selo se se thusang gore ba nne seoposengwe jalo ke Lefoko la Modimo e leng Baebele. Mme gone Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore ga ba ka ke ba laela batho ba bangwe gore ba direng. Mme ba itumelela tshiamelo ya go kgothaletsa ba bangwe gore ba ithute go tswa mo Baebeleng gore fa ba dira tshwetso ka kgang ya kobamelo e bo e le e e theilweng mo motheong o o tlhomameng. Ka tsela eno, batho ba bangwe ba le bantsi ba ka solegelwa molemo ke go obamela Modimo “ka moya le ka boammaaruri.”

Gompieno go na le kotsi e kgolo ya go wela mo ditlhotlheletsong le mo dithaelong tse di kotsi. Go botlhokwa gore motho a ikamanye le batho ba ba tshwanetseng. Baebele e bolela gore “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale” le gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Go kopanela le baobamedi ba mmatota ba Modimo go a sireletsa. Ka jalo Baebele e re gakolola jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Ruri ke tshegofatso fa ditsala tsa boammaaruri, bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya ba thusana ka lorato go diragatsa maikarabelo a bone mo Modimong!

Ottmar o dumalana le seno. O ne a godiseditswe mo lelapeng la Bakatoliki kwa Jeremane, mme a tlogela go ya kerekeng. O tlhalosa jaana: “Ka dinako tsotlhe fa ke ne ke ya kerekeng, ke ne ke boa ke sa ithuta sepe.” Le fa go ntse jalo, o ne a nna a ntse a dumela mo Modimong. O ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a tlhomamisega gore ke batlhanka ba boammaaruri ba Modimo. O ne a bona go tlhokega gore a kopanele le bone. Gone jaanong o bolela jaana: “Ke itumelela kagiso ya mogopolo le ya pelo ka gonne ke tlhagafetse mo phuthegong ya lefatshe lotlhe. Ke ntse ke thusiwa go nna le kitso e e oketsegileng le e e tlhomameng ya Baebele. Seno ke selo sa botlhokwa thata mo go nna.”

Go Laletsa Ba ba Sa Ntseng ba Batla

Batho ba ba dirisanang mmogo e le setlhopha ba ka fitlhelela tiro ka tsela e e nang le matswela thata go feta batho ba mongwe le mongwe wa bone a berekang a le esi. Ka sekai, ditaelo tse Jesu a neng di naya balatedi ba gagwe fa a kgaogana le bone di ne di re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Tiro eo e ne e tla fitlhelelwa jang sentle fa go ka bo go se na kaelo kgotsa phuthego? Motho o ne a tla kgona jang go ikobela taelo eno ya Dikwalo fa a ne a leka go direla Modimo a le esi a sa dirisane mmogo le ba bangwe?

Mo ngwageng o o fetileng, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tsamaisitse dibuka, dibukana, le diboroutšhara tse di theilweng mo Baebeleng di le 91 933 280, le dimakasine di le 697 603 247 mme ba kgona go fitlhelela dimilionemilione tsa batho mo dinageng di le 235 ka molaetsa wa Lefoko la Modimo. Ruri jono ke bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore setlhopha sa batho ba ba seoposengwe ba ba rulagantsweng sentle ba kgona go fitlhelela tiro e kgolo go feta e e ka fitlhelelwang ke ba ba itirelang mongwe le mongwe ka boene!

Mo godimo ga dibuka tsa Baebele tse ba di tsamaisitseng, Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dithuto tsa mahala tsa Baebele go thusa batho go nna le kitso e e tseneletseng ka se Modimo a se batlang. Mo ngwageng o o fetileng, ka kakaretso, mo bekeng go ne go tshwarwa palogare ya dithuto tseo tsa Baebele di le 5 726 509 le batho kgotsa ditlhopha. Thuto eno ya Baebele e thusitse dimilione tsa batho gore ba fitlhelele motheo o o tlhomameng o o tla ba thusang go tlhopha mofuta wa kobamelo o o tshwanetseng. O lalediwa gore o ithute ka dilo tse Modimo a di tlhokang jaaka di bontshitswe mo Baebeleng. Mme morago ga moo o ka kgona go itlhophela.—Baefeso 4:13; Bafilipi 1:9; 1 Timotheo 6:20; 2 Petere 3:18.

Fa e le gore o batla go itumedisa Modimo, go botlhokwa gore o nne mo bodumeding bongwe—mme e seng setlhopha sengwe le sengwe fela kgotsa bodumedi bongwe le bongwe fela. O tshwanetse go tlhopha bodumedi o ikaegile ka kitso e e tlhomameng ya Baebele, e seng ka dithuto kgotsa dilo tse di sa tlhomamang tse o di bolelelwang ke batho ba bangwe. (Diane 16:25) Ithute dilo tse di tlhokegang mo bodumeding jwa boammaaruri. Di bapise le tse wena o di dumelang. Mme o tlhophe bodumedi jo bo tshwanetseng.—Duteronome 30:19.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go nna seoposengwe mo lefatsheng leno le le kgaoganeng