Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!

Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!

Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!

“Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.”—PESALEMA 19:1.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba sa kgone go bona kgalalelo ya Modimo ka tlhamalalo? (b) Bagolwane ba ba 24 ba galaletsa Modimo jang?

“GA O kgone go bona sefatlhego sa me, ka gonne ga go na motho yo o ka mponang a bo a sala a tshela.” (Ekesodo 33:20) Jehofa o ne a tlhagisa Moshe jalo. E re ka batho ba na le nama e e bokoa, ba ka se kgone go leba kgalalelo ya Modimo ka tlhamalalo ba bo ba tshela. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo e e gakgamatsang ya ga Jehofa a le mo setulong sa gagwe se se galalelang sa bogosi.—Tshenolo 4:1-3.

2 Dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya di farologane le batho ka gonne tsone di kgona go leba sefatlhego sa ga Jehofa. Gareng ga tsone go na le “bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè” ba go buiwang ka bone mo ponatshegelong ya ga Johane ya legodimo, ba ba emelang setlhopha sa ba ba 144 000. (Tshenolo 4:4; 14:1-3) Ba itshwara jang fa ba bona kgalalelo ya Modimo? Go ya ka Tshenolo 4:11, ba bolela jaana: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”

Lebaka La go Bo ba ‘Se na Seipato’

3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa go dumela mo Modimong go sa thulane le saense? (b) Ka dinako tse dingwe, ke eng se se dirang gore batho ba se ka ba dumela mo Modimong?

3 A o tlhotlheletsega go galaletsa Modimo? Bontsi jwa batho ga ba tlhotlheletsege go dira jalo, bangwe e bile ba a ganetsa fa go twe Modimo o teng. Ka sekai, moithutadinaledi mongwe o ne a kwala jaana: “A Modimo ke ene yo o neng a tsenelela mme ka lesego a re direla lobopo lono? . . . Eo ke ntlha e e kgatlhang. Maswabi ke gore ke dumela gore seo ke go re baya bobi mo matlhong. . . . Modimo ga se ene a lo dirileng.”

4 Patlisiso ya saense e tlhaela fela thata—e ka dirwa fela mo go se batho ba ka se bonang kgotsa ba se ithuta. E seng jalo ke go ikakanyetsa dilo fela. Ga go na jaaka Modimo a ka sekasekwa ka tsa saense ka gonne “Modimo ke moya.” (Johane 4:24) Ka jalo, ke lenyatso go bolela gore go dumela mo Modimong ga go tsamaisane le saense. Rasaense Vincent Wigglesworth wa Yunibesithi ya Cambridge o ne a bolela gore mokgwa wa saense ka boone tota ke “bodumedi.” Jang? “Mokgwa ono o tlhoka tumelo e e nonofileng ya gore ditiragalo tsa tlholego di laolwa ke ‘melao ya tlholego.’” Ka jalo, fa motho a sa dumele mo Modimong, a ga se fela gore o tlhopha mofuta mongwe wa tumelo mo boemong jwa o mongwe? Ka dinako tse dingwe, go se dumele go lebega e le go gana go amogela boammaaruri ka boomo fela. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Moikepi ka mabela a gagwe ga a tlhotlhomise; dikgopolo tsa gagwe tsotlhe ke: ‘Ga go na Modimo.’”—Pesalema 10:4.

5. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ba se na seipato?

5 Le fa go ntse jalo, go dumela mo Modimong ga se tumelo fela e e sa thewang gope, ka gonne go na le bosupi jo bontsi jwa gore Modimo o teng. (Bahebera 11:1) Moithutadinaledi e bong Allan Sandage o ne a re: “Ke bona go sa utlwale tota gore thulaganyo e e kana [ya lobopo] e bo e simologile mo tlhakatlhakanong. Go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se tlisang thulaganyo. Ke tsaya gore Modimo ke masaitseweng mme ke dumela gore ke ene a dirileng gore go nne le botshelo, e seng jalo go ka bo go se na sepe.” Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Roma gore “dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore [ba ba sa dumeleng] ga ba na seipato.” (Baroma 1:20) Fa e sa le ka ‘popo ya lefatshe’—bogolo jang fa e sale go bopiwa batho ba ba botlhale, ba ba ka lemogang gore Modimo o teng—go ntse go bonala sentle gore go na le Mmopi yo o nang le maatla a magolo, Modimo yo o tshwanelwang ke go obamelwa. Ka jalo, ba ba ganang go dumela gore Modimo o na le kgalalelo ga ba na seipato. Le fa go ntse jalo, popo e naya bosupi bofe?

Lobopo lo Bolela Kgalalelo ya Modimo

6, 7. (a) Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo jang? (b) Magodimo a beile ‘dithapo tse di lekanyang’ ka boikaelelo bofe?

6 Pesalema 19:1 e araba ka go re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.” Dafide o ne a lemoga gore dinaledi le dipolanete tse di neng di phatsima mo ‘phuthologong’ di ne di naya bosupi jo bo phepafetseng jwa gore go na le Modimo o o galalelang. O tswelela pele jaana: “Letsatsi morago ga le lengwe le dira gore go buiwe thata, le bosigo morago ga jo bongwe bo supa kitso.” (Pesalema 19:2) Letsatsi lengwe le lengwe le bosigo bongwe le bongwe, magodimo a bontsha botlhale jwa Modimo le maatla a gagwe a go bopa. Go ntse jaaka e kete mantswe go tswa kwa magodimong a ‘bua thata’ a baka Modimo.

7 Le fa go ntse jalo, go tlhokega gore motho a bo a na le temogo gore a lemoge bosupi jono. “Ga go na puo, e bile ga go na mafoko; ga go na lentswe lepe la one le le utlwiwang.” Le fa go ntse jalo, magodimo a neela bosupi jo bo maatla a ntse a sa bue sepe. “Thapo ya one e e lekanyang e tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a one go ya kwa ntlheng ya lefatshe le le ungwang.” (Pesalema 19:3, 4) Go ntse jaaka e kete magodimo a beile ‘dithapo tse di lekanyang’ go tlhomamisa gore bosupi jo bo a bontshang ka tidimalo bo fitlha mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.

8, 9. Dintlha dingwe tse di tlhomologileng ka letsatsi ke dife?

8 Go tswa foo Dafide o tlhalosa selo se sengwe se se gakgamatsang sa popo ya ga Jehofa: “O tlhometse letsatsi mogope mo go one [magodimo a a sa bonaleng], e bile le tshwana le monyadi fa a tswa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo; le itumela jaaka monna yo o thata fa a siana mo tselaneng. Le tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo, mme potologo ya lone e e feletseng e kwa dintlheng tse dingwe tsa one; mme ga go na sepe se se fitlhegetseng mogote wa lone.”—Pesalema 19:4-6.

9 Letsatsi, fa le bapisiwa le dinaledi tse dingwe, ga le legolo go le kalo. Le fa go ntse jalo, ke naledi e kgolo thata, e e dirang gore dipolanete tse di dikologang gaufi le yone di lebege di le dinnye tota. Buka nngwe ya re le boima jwa “ditone di le dibilione tsa dibilione tsa dibilione di le 2”—diperesente di le 99,9 tsa boima jwa thulaganyo ya masedi a a dikologang letsatsi! Maatlakgogedi a lone a dira gore lefatshe le kgone go dikologa letsatsi le le katogile ka dikilometara di le dimilione di le 150 mme le sa katogele kgakala e bile le sa atamele thata. Go fitlha karolo e nnye fela thata ya mogote wa letsatsi mo lefatsheng, mme e lekane go dira gore re kgone go tswelela re tshela.

10. (a) Letsatsi le tswa jang le bo le boela mo ‘mogopeng’ wa lone? (b) Le taboga jang jaaka “monna yo o thata”?

10 Mopesalema o bua ka letsatsi ka tsela ya tshwantshetso, a le tshwantsha le “monna yo o thata” yo o tabogang go tloga kwa kgaleng e nngwe go ya go e nngwe motshegare mme bosigo a bo a itapolosa mo ‘mogopeng.’ Fa naledi eno e e maatla e dikela, go lebega e kete e tsena mo ‘mogopeng,’ jaaka e kete e ya go ikhutsa. Mo mosong, go lebega e kete e a runya, e phatsima thata jaaka “monyadi fa a tswa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo.” E re ka Dafide e ne e le modisa, o ne a itse kafa go a tleng go nne tsididi thata ka teng bosigo. (Genesise 31:40) O ne a gopola kafa marang a letsatsi a neng a tle a mo thuthafatse ka bonako ka teng, ene le naga e e mo dikologileng. Go bonala sentle gore le ne le sa lapisiwa ke “mosepele” wa lone wa go tloga kwa botlhaba go ya kwa bophirima mme le ne le tshwana fela le “monna yo o thata,” le iketleeleditse go tsaya mosepele oo gape.

Dinaledi le Masagaripa a Dinaledi a a Boitshegang

11, 12. (a) Lebaka la go bo Baebele e bapisa dinaledi le moshawa wa lewatle le re bontsha eng? (b) Tota lobopo lo ka tswa lo le bogolo bo kae?

11 Dafide, a ntse a se na thelesekoupo, o ne a kgona go bona dinaledi di le dikete di se kae fela. Le fa go ntse jalo, go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng, palo ya dinaledi tse di ka bonwang ka dithelesekoupo tsa segompieno ke di-sextillion di le 70—7 a latelwa ke bonnoto ba le 22! Jehofa o ne a bontsha gore palo ya dinaledi e kgolo thata fa a ne a e bapisa le “moshawa o o fa losing lwa lewatle.”—Genesise 22:17.

12 Go ne ga tsaya dingwaga tse dintsi baithutadinaledi ba bona se se neng se tlhalosiwa e le “dikarolwana tse di ntshang lesedi tse di sa bonaleng sentle, tse di letobo.” Borasaense ba ne ba dumela gore “dikarolwana tseno tse di itsoketsang tse di sa bonaleng sentle” e ne e le karolo ya losagaripa lwa rona lwa Molala wa Tladi. Ka 1924, go ne ga lemogwa gore lesedi le le neng le le gaufi thata la Andromeda, tota e ne e le losagaripa ka bolone, lo le bokgakala jwa sekgala se lesedi le ka se tsamayang dingwaga di le dimilione di le pedi! * Jaanong borasaense ba fopholetsa gore go na le masagaripa a dinaledi a feta dibilionebilione, longwe le longwe lo na le dinaledi di le diketekete—ka dinako tse dingwe di le dimilione di le diketekete. Le fa go ntse jalo, Jehofa “o bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.”—Pesalema 147:4.

13. (a) Ke eng se se gakgamatsang ka masomo a dinaledi? (b) Ke eng se se bontshang gore borasaense ga ba itse “melao ya magodimo”?

13 Jehofa o ne a botsa Jobe a re: “A o ka bofa dikgole tsa lesomo la dinaledi la Khima thata, kgotsa a o ka bofolola megala ya lesomo la dinaledi la Kesile?” (Jobe 38:31) Lesomo la dinaledi ke setlhopha sa dinaledi se go lebegang se bopa popego e e rileng. Le fa dinaledi tseno di ka tswa di katologane ka sekgala se segolo, fa di lejwa go tswa mo lefatsheng, di lebega di le mo maemong a le mangwe fela. E re ka maemo a dinaledi a tlhomame jaana, “di thusa thata mo go kaeleng tsela, fa basutlhalefaufau ba ithuta go tsamaisa difofane tsa bone, e bile di thusa batho go lemoga dinaledi tse dingwe.” (The Encyclopedia Americana) Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o tlhaloganyang sentle “dikgole” tse di tshwaragantseng masomo a dinaledi. Ee, borasaense ba sa ntse ba sa kgone go araba potso eno e e mo go Jobe 38:33: “A o itse melao ya magodimo?”

14. Go anamisiwa ga lesedi go gaka batho jang?

14 Borasaense ga ba kgone go araba potso e nngwe e e neng ya bodiwa Jobe: “E kae jaanong tsela e lesedi le ikanamisang ka yone?” (Jobe 38:24) Mokwadi mongwe o ne a re potso eno kaga lesedi “tota ke potso ya segompieno ya saense.” Mme borafilosofi bangwe ba Bagerika bone ba ne ba dumela gore lesedi le tswa mo leitlhong la motho. Mo metlheng ya bosheng jaana, borasaense ba ntse ba akanya gore lesedi le bopilwe ka dikarolwana tse dinnye thata. Ba bangwe bone ba re le tsamaya jaaka makhubu. Gompieno, borasaense ba dumela gore lesedi le tsamaya jaaka lekhubu e bile le tsamaya jaaka dikarolwana. Le fa go ntse jalo, tsela e lesedi le tsamayang ka yone le tsela e le “ikanamisang” ka yone tota ga e ise e tlhaloganngwe ka botlalo.

15. Fela jaaka Dafide, re tshwanetse ra ikutlwa jang fa re akanya ka magodimo?

15 Fa motho a akanya ka dilo tseno tsotlhe, o ikutlwa fela jaaka mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?”—Pesalema 8:3, 4.

Lefatshe le Dibopiwa Tse Di mo Go Lone di Galaletsa Jehofa

16, 17. Dibopiwa tse di mo ‘madibeng a a boteng a metsi’ di baka Jehofa jang?

16 Pesalema 148 e balolola ditsela tse dingwe tse popo e galaletsang Modimo ka tsone. Temana 7 ya re: “Bakang Jehofa go tswa mo lefatsheng, lona ditshedi tse ditonatona tsa lewatle le lona lotlhe madiba a a boteng a metsi.” Ee, “madiba a a boteng a metsi” a tletse ka dilo tse di molemo tse di bontshang botlhale le maatla a Modimo. Gantsi leruarua le le pududu le nna bokete jwa ditone di le 120—go lekana le ditlou di le 30! Pelo ya lone fela e boima jo bo fetang dikilogerama di le 450 mme e kgona go tsamaisa madi a boima jwa dikilogerama di le 6 400 mo mmeleng otlhe wa lone! A ditshedi tseno tse di boitshegang tsa lewatle di bonya e bile di palelwa ke go tsamaya mo metsing? Le eseng. Pego nngwe ya Letsholo la European Cetacean Bycatch ya re di “lelesela mo mawatleng” ka lobelo lo logolo thata. Patlisiso nngwe ya sathalaete e ne ya bontsha gore “nngwe ya diphologolo tseno e ne ya tsamaya sekgala se se fetang dikilometara di le 16 000 ka dikgwedi di le 10.”

17 Dolofine e e molomo o motsu gantsi e thabuela go fitlha kwa botennyeng jwa dimetara di le 45, mme boteng jo bogolo jo e kileng ya thabuela mo go jone ke dimetara di le 547! Phologolo eno e kgona jang go thabuela kwa teng jaana? Pelo ya yone e itaya ka iketlo fa e thabuela mo metsing, mme madi a ya kwa pelong, kwa makgwafong le kwa bobokong. Gape mesifa ya yone e na le khemikale e e bolokang okosejene. Manyebi a magolo le maruarua a a bidiwang sperm whale a kgona go thabuela kwa botennyeng jo bogolo le go feta. Makasine wa Discover wa re: “Mo boemong jwa go lwantsha bokete jwa metsi, a letla gore bo tswale makgwafo a one gotlhelele.” A boloka bontsi jwa okosejene e a e tlhokang mo mesifeng ya one. Go phepafetse gore dibopiwa tseno ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa botlhale jwa Modimo yo o maatlaotlhe!

18. Metsi a lewatle a bontsha botlhale jwa ga Jehofa jang?

18 Tota le one metsi a lewatle a bontsha botlhale jwa ga Jehofa. Scientific American ya re: “Lerothodi lengwe le lengwe la metsi a a mo dimetareng tsa ntlha tse 100 tsa metsi a lewatle le na le diketekete tsa dimela tse dinnye thata tse di kokobalang tse di bidiwang phytoplankton.” “Sekgwa seno se se sa bonaleng” se phepafatsa mowa ka go gopa dibilione tsa ditone tsa khabonetaeokosaete. Di-phytoplankton di tlhagisa okosejene e e fetang halofo ya e re e hemang.

19. Molelo le kapoko di diragatsa thato ya ga Jehofa jang?

19 Pesalema 148:8 ya re: “Lona molelo le sefako, kapoko le mosi o o kwenneng, wena phefo ya setsuatsue, e e diragatsang lefoko la gagwe.” Ee, gape Jehofa o dirisa maatla a a sa tsheleng a tlholego go diragatsa thato ya gagwe. Akanya ka molelo. Mo masomeng a a fetileng a dingwaga, go ne go tsewa gore se melelo ya naga e se dirang ke go senya fela. Jaanong babatlisisi ba dumela gore molelo o na le seabe sa botlhokwa mo nageng, o fedisa ditlhare tse di tsofetseng kgotsa tse di swang, o thusa gore peo e ntsi e kgone go tlhoga, o tsosolosa menontshane, e bile o thibela gore go se ka ga nna le molelo o o kotsi thata wa naga. Kapoko le yone e botlhokwa, e nosetsa mmu le go o tsenya menontshane, e busetsa metsi mo dinokeng, e sireletsa dijalo le diphologolo gore di se ka tsa bolawa ke serame se se feteletseng.

20. Dithaba le ditlhare di solegela batho molemo jang?

20 Pesalema 148:9 ya re: “Lona dithaba le lona lotlhe dithota, lona ditlhare tsa maungo le lona lotlhe masedara.” Dithaba tse dikgolo ke bosupi jwa maatla a magolo a ga Jehofa. (Pesalema 65:6) Mme gape di na le mosola mongwe wa botlhokwa. Pego e e tswang mo Setheong sa Thutofatshe kwa Berne, Switzerland, ya re: “Dinoka tsotlhe tse dikgolo di tsaya metsi a tsone mo dithabeng. Palo e e fetang sephatlo sa batho ba ba mo lefatsheng e nwa metsi a a phepa a a kokotlegelang mo dithabeng . . . Metswedi eno ya metsi e botlhokwa thata mo botshelong jwa batho.” Tota le setlhare se se tlwaelegileng se tlisetsa Mmopi wa sone kgalalelo. Pego nngwe ya United Nations Environment Programme e bolela gore ditlhare “di solegela batho ba ba mo dinageng tsotlhe molemo . . . Mefuta e mentsi ya ditlhare e thusa thata mo ikonoming ka go tlhagisa dilo tse di jaaka logong, maungo, manoko le boroku. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba le dibilione tse 2 ba dirisa dikgong fela go apaya le go gotsa.”

21. Tlhalosa gore letlhare le le tlwaelegileng le bontsha jang gore le tlhamilwe.

21 Tsela e setlhare se dirilweng ka yone e supa gore go na le mmopi yo o botlhale. Akanya fela ka letlhare. Kafa ntle le na le bonotanyana jo bo thusang gore le se ka la omelela. Kafa tlase ga bonota jo bo fa godimo ga letlhare go na le disele tse di bidiwang di-chloroplast. Tsone di na le khemikale e e bidiwang tlelorofole, e e gopang mogote wa lesedi. Matlhare a dirisa se go tweng ke fotosentesese go itirela dijo ka boone. Metsi a gopiwa ka medi ya setlhare a isiwe kwa matlhareng ka tsamaiso e e raraaneng ya go tsamaisa metsi. Diphatlhanyana tse dinnye di le diketekete tse di mo letlhareng kafa tlase ga letlhare (tse di bidiwang stomata) di nna di bulega di bo di tswalega di gopa khabonetaeokosaete. Lesedi le naya maatla a a tlhokegang go kopanya metsi le khabonetaeokosaete gore di tlhagise dikhabohaetereite. Jaanong semela se kgona go ja dijo tse se di itiretseng. Mme seno se direga ka tidimalo le ka matsetseleko. Mo boemong jwa gore ditlhare di kgotlele mowa, di tlhagisa okosejene!

22, 23. (a) Dinonyane dingwe le diphologolo tsa mo nageng di na le bokgoni bofe jo bo gakgamatsang? (b) Ke dipotso dife tse dingwe tse re sa ntseng re tlhoka go tlotla ka tsone?

22 Pesalema 148:10 ya re: “Lona diphologolo tsa naga le lona lotlhe diruiwa, lona digagabi le dinonyane tse di diphuka.” Diphologolo di le dintsi tse di tsamayang mo nageng le dibopiwa tse di fofang di na le bokgoni jo bo gakgamatsang. Nonyane e e bidiwang albatross ya kwa Laysan e kgona go fofa sekgala se segolo thata (nako nngwe e kile ya fofa dikilometara di le 40 000 ka malatsi a le 90 fela). Nonyane ya blackpoll warbler e tsaya mosepele go tswa kwa Amerika Bokone e ya Amerika Borwa, mme e nna e fofa diura di feta 80 e sa eme gope. Kamela e boloka metsi mo maleng, e seng mo seroteng jaaka batho ba bantsi ba akanya, mme seno se dira gore e kgone go tsamaya lobaka lo loleele e sa tshwarwe ke lenyora. Ga go gakgamatse he go bo baenjenere ba sekaseka diphologolo ka tlhoafalo fa ba tlhama metšhine le dilwana tse disha. Mokwadi Gail Cleere a re: “Fa o batla go tlhama sengwe se se tla dirang sentle . . . se se se nang go senya tikologo ka gope, go ka direga gore o tla bona sekao se se molemo thata felo gongwe mo dilong tsa tlhago.”

23 Ee, ruri popo e bolela kgalalelo ya Modimo! Go simolola ka magodimo a a tletseng dinaledi go ya go dimela le diphologolo, nngwe le nngwe e tlisetsa Mmopi wa yone pako ka tsela ya yone. Mme go tweng ka rona batho? Re ka kopanela jang le dilo tsa tlholego mo go opeleleng Modimo dipako?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Lesedi le tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 300 000 ka motsotswana.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa batho ba ba ganetsang gore Modimo o teng ba se na seipato?

• Dinaledi le dipolanete di galaletsa Modimo jang?

• Diphologolo tsa lewatle le tsa naga di supa jang gore go na le Mmopi yo o lorato?

• Maatla a a sa tsheleng a tlholego a diragatsa thato ya ga Jehofa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Borasaense ba akanyetsa gore palo ya dinaledi tse di ka bonwang ke 70 000 000 000 000 000 000 000!

[Motswedi wa Setshwantsho]

Frank Zullo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dolofine e e molomo o motsu

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kgapetlana ya kapoko

[Motswedi wa Setshwantsho]

snowcrystals.net

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lemphorwana la “albatross” ya kwa Laysan