Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tlang Kwano lo re Thuse’

‘Tlang Kwano lo re Thuse’

Pego ya Baboledi ba Bogosi

‘Tlang Kwano lo re Thuse’

KA JULY 2000, go ne ga kopiwa bangwe ba Basupi ba ba buang Sejeramane ba kwa Austria, Jeremane, le kwa Switzerland gore ba fudugele kwa Bolivia. Ka ntlha yang? Ka gonne kwa dikoloneng tse di bokgakala jwa dikilometara di le 300 go tswa kwa Santa Cruz, kwa Bolivia, go ne go na le Ba-Menno ba ba buang Sejeremane ba ba neng ba kgatlhegela Baebele thata.

Basupi ba ka nna 140 ba ne ba tsibogela taletso eo. Bangwe ba ne ba ya go nna dibeke di se kae, mme ba bangwe bone ngwaga kgotsa go feta. Ka go dira jalo, ba ne ba bontsha moya o o tshwanang le o barongwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba arabela ka one: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.”—Ditiro 16:9, 10.

Go bereka mo tshimong eo go ntse jang? Mogolwane mongwe wa phuthego eo o tlhalosa jaana: “Go ya kwa go nngwe ya dikolone di le 43 tsa Ba-Menno go ka tsaya diura di le robedi mo tselaneng ya mmu ka koloi e e gogang ka maotwana a manè. Gantsi fa re ne re etela dikarolo tse di kgakajana go ne go re tsaya malatsi a le manè mme masigo a mangwe re tshwanelwa ke go robala mo ditenteng. Mme seo e ne e se matsapa a bophiri ka gonne go ne go se na ope wa batho bano yo o neng a kile a utlwa dikgang tse di molemo.”

Mo tshimologong, Ba-Menno ba le bantsi ba ne ba sa itumele fa re ba etela. Mme go nna re boela kwa go bone go ile ga ba thusa gore ba lemoge se Basupi ba ba tshwaretseng sone. Ka sekai, molemirui mongwe o ne a bolela gore o na le ngwaga a ntse a bala makasine wa Tsogang! Morago ga moo o ne a oketsa ka go re: “Ke a itse gore batho ba le bantsi fano ga ba dumalane le se lo se bolelang, mme nna ke dumela gore lo bua boammaaruri.” Mo koloneng e nngwe, monna mongwe o ne a re: “Bangwe ba baagelani ba me ba re lo baporofeti ba maaka, ba bangwe bone ba re lo tshwere boammaaruri. Nna ke batla go iponela.”

Gone jaanong go na le phuthego e go buiwang Sejeremane kwa go yone kwa Bolivia, e e nang le baboledi ba le 35 go akaretsa le bareri ba nako e e tletseng ba le 14. Go fitlha jaanong, batho ba le 14 ba pele e neng e le ba bodumedi jwa Ba-Menno ke baboledi ba Bogosi, mme ba le 9 ba bangwe ba nna teng ka metlha mo dipokanong. Monna mongwe yo o godileng yo o sa tswang go kolobediwa o ne a re: “Re bona kaelo ya ga Jehofa sentle. O romile bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba buang Sejeremane ba ba nang le maitemogelo gore ba tle go re thusa. Re anaanela seo thata.” Morwadia monna yono wa dingwaga di le 17, yo le ene a kolobeditsweng o ne a oketsa jaana: “Tlhoafalo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba ba tlileng kwano e a re tshwaetsa. Bontsi jwa bone ke babulatsela ba ba dirisang nako le madi a bone go thusa ba bangwe. Go dira gore le nna ke batle go dira se se tshwanang.”

Ee ruri, batho ba ba ileng ba dira maiteko a go “tla ka kwano” go tla go thusa ba bona boipelo jo bogolo le kgotsofalo.