Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dithapelo Tsa Gago di ka Fetola Maemo a o Leng mo go One?

A Dithapelo Tsa Gago di ka Fetola Maemo a o Leng mo go One?

A Dithapelo Tsa Gago di ka Fetola Maemo a o Leng mo go One?

KE MANG mo go rona yo a iseng a ko a lebane le boemo jo bo maswe jo a neng a sa kgone go bo laola? Baebele e bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a itse gore thapelo e ne e ka ama tsela e maemo a a ntseng jalo a ka felelang ka yone.

Fa Paulo a ne a tsentswe mo kgolegelong go sa tshwanela kwa Roma, o ne a kopa badumedi ka ene gore ba mo rapelele, mme a oketsa jaana: “Ke lo rotloetsa segolobogolo gore lo dire seno, gore ke tle ke busediwe ka bonako kwa go lona.” (Bahebera 13:18, 19) Mo lekgetlhong le lengwe, Paulo o ne a bontsha fa a na le tshepo ya gore Modimo o tla arabela dithapelo tsa gagwe tsa gore a gololwe ka bonako. (Filemone 22) Ka bonakonyana fela Paulo o ne a gololwa mme a tswelela ka tiro ya gagwe ya borongwa.

A mme gone thapelo e ka fetola tsela e mathata a gago a felelang ka yone? Gongwe. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore thapelo ga se tlwaelo fela ya seomodiro ya bodumedi. Ke puisano ya mmatota le Rraarona yo o lorato le yo o maatla yo o kwa legodimong. Ga re a tshwanela go okaoka go bua fela ka tlhamalalo se re se rapelelang mme re bo re leta ka bopelotelele go bona gore Jehofa o re araba jang.

Go ka direga gore Modimo a se ka a arabela thapelo nngwe le nngwe ka tlhamalalo, mme go ka direga gape gore a se ka a re araba ka tsela kana ka nako e rona re lebeletseng ka yone ka dinako tsotlhe. Ka sekai, Paulo o ne a rapela nako le nako kaga “mutlwa mo nameng” ya gagwe. Le fa bothata jwa ga Paulo e ka tswa e ne e le eng, Modimo ga a ka a bo tlosa, mme o ne a gomotsa Paulo ka mafoko ano a a nonotshang: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.”—2 Bakorintha 12:7-9.

Le rona re ka tshepa gore le fa Modimo a sa tlose bothata jo bo rileng jwa rona, a ka ‘re direla tsela ya go tswa gore re kgone go bo itshokela.’ (1 Bakorintha 10:13) Go ise go ye kae, Modimo o tla tlosa pogo yotlhe ya batho. Mme gone jaanong, go rapela “Moutlwi wa thapelo” go ka tokafatsa maemo a rona.—Pesalema 65:2.