Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amogela Kaelo ya Modimo yo o Tshelang

Amogela Kaelo ya Modimo yo o Tshelang

Amogela Kaelo ya Modimo yo o Tshelang

“Lo ye mo Modimong yo o tshelang, yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.”—DITIRO 14:15.

1, 2. Ke eng fa go tshwanela go leba Jehofa e le ‘Modimo yo o tshelang’?

MORAGO ga fa moaposetoloi Paulo le Barenabase ba sena go fodisa monna mongwe, Paulo o ne a tlhomamisetsa batho ba Lisetera ba ba neng ba lebile jaana: “Le rona re batho ba ba nang le makoa a a tshwanang le a lo nang le one, mme re lo bolelela dikgang tse di molemo, gore lo tlogele dilo tseno tsa lefela lo ye mo Modimong yo o tshelang, yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.”—Ditiro 14:15.

2 Ruri Jehofa ke ‘Modimo yo o tshelang,’ ga se modingwana yo o sa tsheleng! (Jeremia 10:10; 1 Bathesalonika 1:9, 10) Kwantle ga gore Jehofa o a tshela, gape ke Motswedi wa botshelo jwa rona. “Ene ka boene o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:25) O batla gore re itumelele botshelo, gone jaanong le mo isagweng. Paulo o ile a oketsa ka go re Modimo o ne “a se ka a itlogela a se na bosupi ka gore a ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.”—Ditiro 14:17.

3. Ke eng fa re ka ikanya kaelo ya Modimo?

3 Kgang ya gore Modimo o kgatlhegela botshelo jwa rona e re naya lebaka la gore re ikanye kaelo ya gagwe. (Pesalema 147:8; Mathaio 5:45) Batho bangwe ba ka nna ba se ka ba bontsha go mo ikanya fa ba kopana le kaelo nngwe ya Baebele e ba sa e tlhaloganyeng kana e go bonalang e ba thibela go dira sengwe. Le fa go ntse jalo, go ikanya kaelo ya ga Jehofa go itshupile go le molemo. Ka sekai: Tota le fa Moiseraele a ne a sa itse lebaka la go bo go ne go tlhomilwe molao o o thibelang motho go tshwara setopo, o ne a solegelwa molemo ke go o ikobela. Sa ntlha, go ikobela molao oo go ne go tla dira gore a atamalane le Modimo o o tshelang; sa bobedi, go ne go tla mo thusa gore a se ka a tsenwa ke malwetse.—Lefitiko 5:2; 11:24.

4, 5. (a) Jehofa o ne a ntsha taelo efe kaga madi pele ga motlha wa Bokeresete? (b) Re itse jang gore taelo ya Modimo kaga madi e ama le Bakeresete?

4 Go ntse jalo le ka kaelo ya Modimo e e ka ga madi. O ne a laela Noa gore batho ga ba a tshwanela go ja madi. Morago ga moo, mo Molaong, Modimo o ne a senola gore tsela e le nosi fela e a neng a dumelela gore madi a dirisiwe ka yone e ne e le fa go ntshiwa ditlhabelo—tsa go itshwarelwa maleo. Ka ditaelo tseno, Modimo o ne a thaya motheo wa tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e madi a neng a tshwanetse go dirisiwa ka yone—go boloka matshelo a batho ka setlhabelo sa ga Jesu. (Bahebera 9:14) Ee, Modimo o ne a tlhoma taelo eo ka gonne a amega ka rona le ka botshelo jwa rona. Fa Adam Clarke, yo e leng mokanoki wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga, a ne a tlhalosa Genesise 9:4 o ne a re: “Taelo eno [e e neng ya newa Noa] e sa ntse e ikobelwa thata ke Bakeresete ba kwa botlhaba . . . Molao o ne o sa letle motho go ja madi ka gonne o ne o lebisa batho kwa mading a a neng a tlile go tshololelwa maleo a lefatshe; mme mo thulaganyong ya Efangele madi ga a tshwanela go jewa ka gonne ka metlha a tshwanetse go tsewa a emela madi a a neng a tshololwa gore re itshwarelwe maleo.”

5 Mokanoki yono a ka tswa a ne a bua ka efangele kana dikgang tse di molemo tsa motheo tse di amanang le Jesu. Seo se akaretsa go bo Modimo a ile a romela Morwawe go tla go re swela, go tsholola madi a gagwe gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; Baroma 5:8, 9) Kakgelo ya mokanoki yono gape e akaretsa taelo e e neng ya ntshiwa moragonyana ya gore balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go ithiba mo mading.

6. Bakeresete ba ne ba newa ditaelo dife ka madi, mme ka ntlha yang?

6 O ka tswa o itse gore Modimo o ne a naya Baiseraele ditaelo di le makgolokgolo. Morago ga loso lwa ga Jesu, balatedi ba gagwe ba ne ba sa tlhole ba patelesega go ikobela melao eo yotlhe. (Baroma 7:4, 6; Bakolosa 2:13, 14, 17; Bahebera 8:6, 13) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go ne ga tsoga potso kaga sengwe sa dilo tsa konokono tse di neng di tshwanetse go dirwa—go rupisiwa ga banna. A batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba batla go solegelwa molemo ke madi a ga Keresete ba ne ba tshwanetse go rupisiwa, e leng se se neng se tla bontsha gore ba sa ntse ba le kafa tlase ga Molao? Ka 49 C.E., setlhopha se se laolang sa Bakeresete se ne sa sekaseka kgang eo. (Ditiro kgaolo 15) Baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ne ba thusiwa ke moya wa Modimo go dira tshwetso ya gore kgang ya go patelesega go rupa e ne ya fela fa Molao o ne o khutla. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ne ba sa ntse ba tshwanelwa ke go ikobela ditaelo dingwe tsa Modimo. Setlhopha se se laolang se ne sa kwala jaana mo lekwalong le le yang kwa diphuthegong: “Moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong. Fa lo ithiba mo dilong tseno ka kelotlhoko, lo tla tlhogonolofala.”—Ditiro 15:28, 29.

7. Go botlhokwa go le kana kang gore Bakeresete ba ‘ithibe mo mading’?

7 Ga go pelaelo gore setlhopha se se laolang se ne se tsaya ‘go ithiba mo mading’ e le selo se se botlhokwa fela jaaka go ithiba mo boitsholong jo bo maswe kana mo kobamelong ya medingwana. Seno se bontsha gore taelo e e iletsang madi e masisi. Bakeresete ba ba obamelang medingwana kana ba ba dirang boitsholo jo bo maswe mme ba sa ikwatlhaye ga ba na go “rua bogosi jwa Modimo”; “kabelo ya bone e tla nna . . . loso lwa bobedi.” (1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8; 22:15) Ela tlhoko pharologano eno: Go tlola molao wa Modimo o o malebana le boitshepo jwa madi go ka dira gore motho a lebane le loso lo lo nnelang ruri. Go tlotla setlhabelo sa ga Jesu go ka dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng.

8. Ke eng se se bontshang gore Bakeresete ba ne ba tsaya taelo ya Modimo kaga madi e le masisi?

8 Bakeresete ba pele ba ne ba tlhaloganya jang taelo ya Modimo e e malebana le madi mme gone ba ne ba e ikobela jang? Gopola mafoko a ga Clarke: “Mo thulaganyong ya Efangele madi ga a tshwanela go jewa ka gonne ka metlha a tshwanetse go tsewa a emela madi a a neng a tshololwa gore re itshwarelwe maleo.” Hisitori e bontsha gore Bakeresete ba pele ba ne ba tsaya kgang eno masisi. Tertullian o ile a kwala jaana: “Akanya ka batho ba ka ntlha ya bopelotshetlha ba tsayang madi a a sa tswang go tshololwa a dikebekwa kwa mafelong a bobogelo . . . mme ba ya ka one gae go ya go ikalafa bolwetse jwa bone jwa seebana.” Le fa baheitane ba ne ba ja madi, Tertullian o ne a bolela gore Bakeresete “ga ba je le madi a diphologolo tota . . . Kwa ditshekong tsa Bakeresete lo ba abela dinama tse di tswakantsweng le madi. Mme gone lo a itse gore ba tsaya seo se le kgatlhanong le molao.” Ee, Bakeresete ba ne ba gana go ja madi le fa ba ne ba tshosediwa ka go bolawa. Ba ne ba tsaya taelo eo ya Modimo e le botlhokwa thata.

9. Go ithiba mo mading go ne go akaretsa eng mo godimo ga go se a je ka tlhamalalo?

9 Bangwe ba ka akanya gore setlhopha se se laolang se ne se kaya fela gore Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go ja kana go nwa madi ka tlhamalalo kana go ja nama e e sa tshololwang madi kana dijo tse di tswakantsweng le madi. Ke boammaaruri gore, seo ke bokao jwa pele jwa taelo e Modimo a neng a e naya Noa. Mme taelo ya baaposetoloi e ne e bolela gore Bakeresete ba ‘ipoloke mo dilong tse di kgamilweng,’ ke gore, nama e e sa ntseng e tswakane le madi. (Genesise 9:3, 4; Ditiro 21:25) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba itse gore taelo eo e ne e sa akaretse seo fela. Ka dinako tse dingwe madi a ne a dirisiwa mo go alafeng malwetse. Tertullian o ne a bolela gore baheitane bangwe ba ne ba ja madi a a sa tswang go tshololwa ka boikaelelo jwa go alafa bolwetse jwa seebana. Mme go ka direga gore go ne go na le ditsela tse dingwe tse ba neng ba dirisa madi ka tsone go alafa malwetse mangwe kana go leka go tokafatsa botsogo jwa bone. Ka gone, mo Bakereseteng go gana go dirisa madi go ne go akaretsa le go gana go a dirisetsa dilo tsa ‘kalafi.’ Ba ne ba ikobela taelo eno tota le fa go dira jalo go ne go baya botshelo jwa bone mo kotsing.

Go Dirisa Madi mo Kalafing

10. Ke ditsela dife tse madi a dirisiwang ka tsone mo go tsa kalafi, mme seno se tsosa potso efe?

10 Go dirisa madi mo go tsa kalafi jaanong go tlwaelegile. Pele mo ditshelong tsa madi go ne go dirisiwa madi ka boone—a a neng a tswa mo bathong ba ba a abileng, a bo a bolokiwa mme a bo a newa molwetse, gongwe yo o gobetseng mo ntweng. Moragonyana ba tsa kalafi ba ile ba ithuta go kgaoganya madi ka dikarolo tsa one tse dikgolo. Ka go dirisa dikarolo tsa madi tse dikgolo, dingaka di ne di ka dirisa madi a a abilweng mo balwetseng ba bantsinyana, gongwe ba dirisa polasema mo mothong mongwe yo o gobetseng mme disele tse dikhibidu tsone ba di dirisa mo go yo mongwe. Fa ba ntse ba tsweletse ka dipatlisiso ba ne ba lemoga gore dikarolo tseno tse dikgolo tsa madi, tse di jaaka polasema, di ka tlhaolosiwa gore go ntshiwe dikarolwana tse dingwe tse dintsi mo go tsone, tse le tsone di ka abelwang balwetse ba bantsi ba ba farologaneng. Go sa ntse go dirwa maiteko a mangwe gape mo go seno, mme gangwe le gape re utlwa go umakwa dikarolwana tse disha tse di dirisiwang. Mokeresete o tshwanetse go ikutlwa jang ka seno? O dirile tshwetso ya go se amogele tshelo ya madi, le fa go ntse jalo, ngaka ya gagwe e ka mo kgothaletsa go dumela go tshelwa karolo nngwe e kgolo ya madi, gongwe disele tse di khibidu tse di tserweng mo mading mangwe. Kana kalafi ya teng e ka akaretsa gore go dirisiwe karolwana nngwe e e tserweng mo karolong e kgolo ya madi. Motlhanka wa Modimo a ka dira tshwetso efe mo maemong a a ntseng jalo, a sa lebale gore madi a boitshepo le gore madi a ga Keresete ke one fela a ka bolokang botshelo ka botlalo?

11. Basupi ga ba bolo go tshegetsa boemo bofe jo bo dumalanang le tsa kalafi malebana le madi?

11 Masomesome a dingwaga a a fetileng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhalosa boemo jwa bone sentle. Ka sekai, ba ne ba kwala setlhogo sengwe mme ba se romelela The Journal of the American Medical Association (November 27, 1981; se ne sa boelediwa mo boroutšhareng ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? tsebe 27-9). * Setlhogo seo se ne sa nopola ditemana tsa Genesise, Lefitiko le Ditiro. Se ne sa re: “Lemororo ditemana tseno di sa buiwe ka mabaka a kalafi, Basupi ba di leba e le tse di sa letleng gore motho a tshelwe madi fela jaaka a ntse, RBCs [red blood cells (disele tse dikhibidu tsa madi)], le polasema, mmogo le WBCs [white blood cells (disele tse ditshweu tsa madi)] le dipolatelete.” Buka ya 2001 ya Emergency Care, ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Dikarolo Tsa Madi,” e ne ya re: “Madi a dirilwe ka dikarolo di le mmalwa: polasema, disele tse dikhibidu le tse di tshweu le dipolatelete.” Ka gone, go dumalana le se ba tsa kalafi ba se ribolotseng, Basupi ba gana tshelo ya madi e e akaretsang madi a a feletseng kana epe fela ya dikarolo tsa one tse dikgolo.

12. (a) Ke boemo bofe jo bo ileng jwa tlhalosiwa malebana le dikarolwana tse di tserweng mo dikarolong tse dikgolo tsa madi? (b) Tshedimosetso e e oketsegileng ka seno e ka bonwa kae?

12 Setlhogo seno sa tsa kalafi se ne sa tswelela jaana: “Tsela eo Basupi ba tlhaloganyang bodumedi ka yone ga e ba thibele gotlhelele gore ba se ka ba dirisa dikarolo tse di jaaka albumin, di-globulin tse di bolayang megare, metswako ya go thibela go dutla ga madi; Mosupi mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ka namana ya gore a ka amogela dilo tseno.” Fa e sa le ka 1981, bontsi jwa dikarolwana tseno (tse di tlhaolositsweng go tswa mo dikarolong tse nnè tse dikgolo) di ile tsa dirisiwa mo go tsa kalafi. Ke gone ka moo Tora ya Tebelo ya June 15, 2000, e ileng ya tlhagisa tshedimosetso e e molemo ka kgang eno mo setlhogong sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading.” Go solegela dimilionemilione tsa babadi ba rona ba basha molemo, karabo e gatisitswe gape mo go tsebe 29-31 mo makasineng ono. Se tlhalosa dintlha ka botlalo le mabaka a a utlwalang, le fa go ntse jalo o tla lemoga gore dilo tse se buang ka tsone di dumalana le dikgopolo tsa motheo tse di tlhalositsweng ka 1981.

Seabe sa Segakolodi sa Gago

13, 14. (a) Segakolodi ke eng, mme se na le seabe sefe mo kgannyeng ya madi? (b) Modimo o ne a neela Baiseraele taelo efe malebana le go ja nama, mme gone ke dipotso dife tse di ka tswang di ile tsa tsoga?

13 Tshedimosetso e e ntseng jalo e tlhoka gore motho a dirise segakolodi. Ka ntlha yang? Bakeresete ba a dumalana gore go botlhokwa gore ba latele taelo ya Modimo, le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe motho o tshwanetse go itirela ditshwetso mme ke teng mo motho a tshwanetseng go dirisa segakolodi sa gagwe teng. Segakolodi ke bokgoni jo re tsalwang re na le jone jwa go sekaseka maemo le go dira tshwetso ka one, gantsi maemo a a amanang le boitsholo. (Baroma 2:14, 15) Le fa go ntse jalo, o a itse gore digakolodi ga di tshwane. * Baebele e umaka gore batho bangwe ba ‘na le digakolodi tse di bokoa,’ e leng se se bolelang gore ba bangwe ba na le tse di nonofileng. (1 Bakorintha 8:12) Bakeresete ga ba tshwane ka kgatelopele e ba e dirileng mo go ithuteng thato ya Modimo, le go akanyetsa tsela e Modimo a akanyang ka yone le go dirisa tsela eo fa ba dira ditshwetso. Re ka dira sekai sa seo ka go bua ka Bajuda le kgang ya go ja nama.

14 Baebele e tlhalosa ka tlhamalalo gore motho yo o ikobelang Modimo ga a tshwanela go ja nama e e sa tshololwang madi. Molao ono o ne o le botlhokwa thata jaana mo tota le mo maemong a tshoganyetso masole a Iseraele a neng a bonwa molato o mogolo fa a ne a jele nama e e sa tshololwang madi. (Duteronome 12:15, 16; 1 Samuele 14:31-35) Le fa go ntse jalo, go ka tswa go ile ga nna le dipotso tse di neng tsa tsoga. Fa Moiseraele a ne a tlhaba nku, o ne a tshwanetse go tsholola madi a yone ka bonako go le kana kang? A o ne a tshwanelwa ke go e kgaola kgokgotso gore madi a tshologe? A go ne go tlhokega gore a leketlise nku eo ka maoto a kwa morago? O ne a tshwanetse go e leketlisa jalo lobaka lo lo kae? O ne a tla dira eng fa a tlhabile kgomo e kgolo? Tota le fa madi a seruiwa a sena go tshololwa go ka nna ga nna le madi a a salang mo nameng. A o ne a ka ja nama eo? Ke mang yo o neng a tshwanetse go dira tshwetso eo?

15. Bajuda bangwe ba ile ba tsibogela jang kgang ya go ja nama, mme Modimo o ile a laela eng?

15 Akanya ka Mojuda yo o ikanyegang a lebane le dipotso tse di ntseng jalo. A ka nna a akanya gore go botoka fa a tila go reka nama e e rekisiwang kwa marekisetsong a nama, fela jaaka Mojuda yo mongwe a ne a ka gana go ja nama e go ka diregang gore e ne e ntsheditswe modingwana setlhabelo. Bajuda ba bangwe ba ka tswa ba ne ba ja nama fa fela ba sena go dira ditlwaelo dingwe tse di amanang le go e tsholola madi. * (Mathaio 23:23, 24) O akanya eng ka ditsela tseo tse di sa tshwaneng tse ba neng ba tsibogela seno ka tsone? Mo godimo ga moo, e re ka Modimo a ne a sa laela gore ba dire dilo ka ditsela tseo, a go ne go ka nna molemo gore Bajuda ba romele dipotso tse dintsintsi kwa lekgotleng la borabi gore le dire ditshwetso mo go sengwe le sengwe sa dilo tseno? Le fa gone tlwaelo eo e ile ya simolola mo bodumeding jwa Sejuda, re ka itumelela gore Jehofa o ne a se ka a laela baobamedi ba boammaaruri gore ba dire ditshwetso tse di kaga madi ka tsela e e ntseng jalo. Modimo o ne a tlhoma ditaelo tsa motheo tse di malebana le go tlhaba diphologolo tse di phepa le go tsholola madi a tsone, mme o ne a se ka a tlhalosa sepe se se fetang seo.—Johane 8:32.

16. Ke eng fa Bakeresete ba ka nna le maikutlo a a sa tshwaneng ka kgang ya go amogela lomao lwa karolwana e nnye e e tserweng mo go nngwe ya dikarolo tse dikgolo tsa madi?

16 Jaaka go umakilwe mo serapeng sa 11 le 12, Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele go tshelwa madi a a feletseng kana dikarolo tsa one tse dikgolo—polasema, disele tse di khibidu, tse di tshweu le dipolatelete. Go tweng ka dikarolwana tse dinnye tse di tserweng mo dikarolong tse dikgolo tsa madi, tse di jaaka di-serum tse di nang le dibolayamegare tse di thusang go lwantsha malwetse kana go lwantsha botlhole jwa dinoga? (Bona tsebe 30, serapa 4.) Batho bangwe ba dumela gore dikarolwana tseo tse dinnye tota ga e tlhole e le madi mme ka jalo ga di akarediwe mo taelong ya gore re ‘ithibe mo mading.’ (Ditiro 15:29; 21:25; tsebe 31, serapa 1) Ke tshwetso ya bone. Ba bangwe bone ka ntlha ya digakolodi ba gana sengwe le sengwe se se tserweng mo mading (a diphologolo kana a batho), tota le tsone dikarolwana tse dinnye tsa dikarolo tse dikgolo tsa madi. * Ba bangwe bone ba ka dumela gore ba tsenngwe poroteine ya polasema ka lomao go lwantsha bolwetse bongwe kana botlhole jwa dinoga, mme gone ba ka nna ba gana dikarolwana tse dingwe tse dinnye tsa madi. Mo godimo ga moo, dilo tse dingwe tse di tserweng mo go nngwe ya dikarolo tse nnè tse dikgolo tsa madi di ka tshwana thata jaana le karolo eo e di tserweng mo go yone ka tiro e di e dirang e bile di na le seabe se se botlhokwa thata jaana mo mmeleng mo bontsi jwa Bakeresete ba se kitlang ba gololesega go di dirisa.

17. (a) Segakolodi sa rona se ka re thusa jang fa re lebane le ditshwetso tse di malebana le go dirisa dikarolwana tse di tserweng mo dikarolong tse dikgolo tsa madi? (b) Ke eng fa go dira ditshwetso mo kgannyeng eno e le selo se se masisi thata?

17 Se Baebele e se buang ka segakolodi se a thusa fa re dira ditshwetso mo dilong tse di ntseng jalo. Kgato ya pele ke go itse se Lefoko la Modimo le se buang le go leka go bopa segakolodi go ya ka sone. Seo se tla go thusa go dira ditshwetso tse di dumalanang le kaelo ya Lefoko la Modimo go na le go kopa mongwe o sele gore a go direle tshwetso. (Pesalema 25:4, 5) Malebana le go dumela go dirisa dikarolwana tse di tserweng mo mading, bangwe ba ile ba akanya jaana, ‘Eno ke kgang e motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go yone, ka gone go tswa mo go ene gore o ikutlwa jang.’ Tsela e e ntseng jalo ya go akanya e phoso. Kgang ya go bo sengwe e le se motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go sone ga e bolele gore go tswa mo mothong gore o ikutlwa jang. E ka nna kgang e e masisi. Lebaka lengwe la seno ke gore seo se ka ama batho ba digakolodi tsa bone di farologaneng le sa rona. Re kgona go bona seno mo kgakololong ya ga Paulo malebana le nama e go ka diregang gore e ne e ntsheditswe medingwana setlhabelo mme moragonyana e bo e rekisiwa kwa marekisetsong. Mokeresete o tshwanetse go ela tlhoko gore ga a ‘gobatse digakolodi tse di bokoa.’ Fa a ka kgopisa batho ba bangwe, a ka iphitlhela a ‘senya mokaulengwe wa gagwe yo Keresete a ileng a mo swela’ mme ka go dira jalo a leofela Keresete. Ka gone, le fa kgang ya go dirisa dikarolwana tse dinnye tse di tswang mo mading e le kgang e motho a itirelang ditshwetso mo go yone, ditshwetso tseo di tshwanetse tsa tsewa masisi.—1 Bakorintha 8:8, 11-13; 10:25-31.

18. Mokeresete a ka tila jang go bolaya segakolodi sa gagwe fa a dira ditshwetso tse di amanang le madi?

18 Ntlha e nngwe e re tshwanetseng go e akanyetsa e gatelela bomasisi jwa ditshwetso tse di amanang le madi. E amana le kafa wena ka namana o ka amiwang ka teng ke ditshwetso tseno. Fa segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele se sa go letle go dirisa karolwana e nnye e e tserweng mo mading, o se ka wa se itlhokomolosa. E bile ga wa tshwanela go gatelela segakolodi sa gago fela ka gonne mongwe a go raya a re, “Ga go molato go dirisa karolwana eno; batho ba le bantsi ba e dirisitse.” Se lebale, batho ba le bantsi gompieno ba itlhokomolosa digakolodi tsa bone mme di feleletsa di sule di ba letla go bua maaka kana go dira dilo tse dingwe tse di phoso kwantle ga go ikwatlhaya. Ruri Bakeresete ba tla tila selo se se ntseng jalo.—2 Samuele 24:10; 1 Timotheo 4:1, 2.

19. Ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo megopolong ya rona fa re dira ditshwetso tsa kalafi tse di amanang le madi?

19 Fa karabo eno e e boeleditsweng mo go tsebe 29-31 e ya kwa bofelong ya re: “A go bo megopolo le ditshwetso tse batho ba ka di dirang go ya ka digakolodi di farologana go raya gore kgang eno ga e masisi? Nnyaa. E masisi.” E masisi segolobogolo ka gonne e ama kamano ya gago le “Modimo yo o tshelang.” Kamano eo ke yone fela e e ka dirang gore o bone botshelo jo bo sa khutleng, jo bo ikaegileng ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu a a nang le maatla a go boloka. Lwela go tlotla madi ka tlotlo e kgolo ka ntlha ya se Modimo a se dirang ka one—go boloka matshelo. Paulo o ne a nepile fa a re: “Lo ne lo se na tsholofelo e bile lo se na Modimo mo lefatsheng. Mme jaanong lo le seoposengwe le Keresete Jesu lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala thata lo simolotse go nna gaufi ka madi a ga Keresete.”Baefeso 2:12, 13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 Nako nngwe Paulo le Bakeresete ba bangwe ba banè ba ne ba ya kwa tempeleng go ya go iitshekisa go ya kafa mokgweng. Molao o ne o sa tlhole o dira, le fa go ntse jalo, Paulo o ne a dira jalo go latela kgakololo e a neng a e newa ke banna ba bagolwane ba Jerusalema. (Ditiro 21:23-25) Mme gone, Bakeresete bangwe bone ba ne ba ka ikutlwa gore ba ka se ye kwa tempeleng kana go dira selo se se ntseng jalo. Ka nako eo digakolodi tsa batho di ne di farologana mme le gompieno go ntse jalo.

^ ser. 15 Encyclopaedia Judaica e tlhalosa melao “e e raraaneng le e mentsintsi” e e kaga “go baakanyetsa [nama] e e tlileng go jewa go ya ka mokgwa wa Sejuda.” E umaka gore nama e ne e tshwanetse go tsenngwa metsotso e kae mo metsing, kafa e neng e tshwanetse go tshololwa madi ka teng, le gore e ne e tshwanetse go tshelwa letswai le le ntseng jang, mme go tswa foo e tlhalosa gore e ne e tshwanetse go tlhatswiwa ka metsi a a tsididi ka makgetlo a le kae.

^ ser. 16 Mo malatsing ano go setse go dirisiwa thata mamao mangwe a a nang le seedi se se itiretsweng se se sa tsewang mo mading. Le fa go ntse jalo, mo maemong mangwe dikarolwana tse dinnye tsa madi, tse di jaaka albumin, di ka akarediwa.—Bona “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo go Tora ya Tebelo ya October 1, 1994.

A o A Gakologelwa?

• Modimo o ne a neela Noa, Baiseraele, le Bakeresete taelo efe malebana le madi?

• Ke eng se Basupi ba ga Jehofa ba se ganang gotlhelele malebana le madi?

• Ke ka tsela efe go dumela go dirisa dikarolwana tse di tserweng mo dikarolong tse dikgolo tsa madi e leng kgang e e ikaegileng ka segakolodi sa motho, mme seo ga se kae eng?

• Fa re dira ditshwetso, ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re akantse thata ka kamano ya rona le Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KEMO YA RONA YA MOTHEO KA MADI

MADI A A FELETSENG

GA RE AMOGELE

Disele tse di khibidu

Disele tse di tshweu

Dipolatelete

Polasema

MOKERESETE O ITIRELA TSHWETSO

Dikarolwana go tswa mo diseleng tse dikhibidu

Dikarolwana go tswa mo diseleng tse ditshweu

Dikarolwana go tswa mo dipolateleteng

Dikarolwana go tswa mo polasemeng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Setlhopha se se laolang se ne sa dira tshwetso ya gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘ithiba mo mading’

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

O se ka wa itlhokomolosa segakolodi sa gago fa o lebane le go dira tshwetso e e amanang le go dirisa karolwana e e tserweng mo mading