Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Anabaptist E ne E le Bomang?

Ba-Anabaptist E ne E le Bomang?

Ba-Anabaptist E ne E le Bomang?

BAJANALA ba e leng lekgetlo la ntlha ba etela motse wa Münster kwa Westphalia kwa Jeremane, gantsi ba ema lobakanyana ba lebile matlwana a mararo a tshipi a a kgwageditsweng mo toreng ya kereke. Le fa go na le nakonyana e matlwana ano a kileng a tlosiwa ka yone mo toreng eo, a feditse dingwaga di ka nna 500 a ntse a le foo. Kwa tshimologong, a ne a na le ditopo tsa banna ba bararo ba ba neng ba tlhokofadiwa phatlalatsa morago ga moo ba bolawa. Banna bao e ne e le Ba-Anabaptist, mme matlwana ano ke segopotso sa bogosi jwa bone.

Ba-Anabaptist e ne e le bomang? Mokgatlho wa bone o simolotse jang? Dithuto tsa one tsa konokono e ne e le dife? Ke ka ntlha yang fa banna bao ba ne ba bolawa? Mme matlwana ano a mararo a tshipi a amana jang le bogosi?

Kereke e Tshwanetse go Fetolwa—Jang?

Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 15 la dingwaga le mo masimologong a lekgolo la bo 16 la dingwaga, go tshwaiwa diphoso ga Kereke ya Roma Katoliki le ga baruti go ne ga nna ga gola. Go ne go tletse ditiro tsa boferefere le boitsholo jo bo maswe mo kerekeng; ka jalo, ba le bantsi ba ne ba akanya gore go tshwanetse ga dirwa diphetogo tse dikgolo mo kerekeng. Ka 1517, Martin Luther o ne a ikuela phatlalatsa gore go dirwe diphetogo, mme e ne ya re fa ba bangwe le bone ba nna le seabe mo kgannyeng eno ya moruthutha, ga nna le Diphetogo mo Kerekeng ya Porotesetanta ka bonako.

Le fa go ntse jalo, balweladiphetogo ba ne ba sena tsela e e tlhomameng ya gore seno se tshwanetse go dirwa jang kgotsa gore go ne go tshwanetse ga dirwa diphetogo tse di kana kang. Ba le bantsi ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go ngaparela Baebele mo dilong tse di amanang le kobamelo. Lefa go ntse jalo, balweladiphetogo ka bobone ba ne ba na le bothata jwa go sa kgone go utlwana malebana le tsela e ba neng ba tlhalosa dithuto tsa Baebele ka yone. Bangwe ba ne ba akanya gore Diphetogo di ne di dirwa ka bonya thata. Mme Ba-Anabaptist ba dule gone mo gare ga balweladiphetogo bano.

Hans-Jürgen Goertz o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Die Täufer—Geschichte und Deutung, “Totatota, mokgatlho wa Ba-Anabaptist o ne o se mongwe fela, e ne e le mentsinyana.” Ka sekai, ka 1521, banna ba le banè ba ba bidiwang baporofeti ba kwa Zwickau ba ne ba tsosa dikhuduego tse di seng kana ka sepe ka go rera dithuto tsa Ba-Anabaptist kwa Wittenberg. Mme ka 1525, go ne ga tlhangwa setlhopha se sengwe sa Ba-Anabaptist kwa Zurich, kwa Switzerland. Go ne ga nna le mekgatlho e mengwe gape ya Ba-Anabaptist kwa Moravia—e gone jaanong e leng Repaboliki ya Czech—le kwa Netherlands.

A go Tshwanetse ga Kolobediwa Bagolo Kgotsa Bana?

Mekgatlho e le mentsinyana ya Ba-Anabaptist e ne e le mennye, mme gantsi maloko a yone e ne e le a batho ba ba ratang kagiso. Ga go na sepe se maloko a yone a neng a se fitlha ka tumelo ya bone; tota e bile, ba ne ba rerela ba bangwe. Dithuto tsa konokono tsa Ba-Anabaptist di ne di tlhalosiwa mo bukeng e e bidiwang Schleitheim Confession ka 1527. Selo se sengwe se ba neng ba gana go se dira e ne e le go tshola dibetsa, ba ne ba nna ba sa tseye letlhakore mo dilong tsa lefatshe, e bile ba ne ba kgaola baleofi mo kerekeng ya bone. Mme sengwe se se neng se tlhomologile ka tumelo ya bone, se se neng se dira gore tumelo ya Ba-Anabaptist e farologane le ya madumedi a mangwe otlhe, e ne e le go dumela ga bone ka tsela e e nonofileng gore bagolo ke bone ba tshwanetseng go kolobediwa e seng bana. *

Kgang ya go kolobediwa ga bagolo e ne e se fela thuto ya bodumedi; e ne e le selo se go neng go lwelwa go nna le taolo ka sone. Fa batho ba ne ba thibelwa go kolobediwa go fitlha e nna bagolo pele—e leng nako e ba neng ba tla kgona go itirela tshwetso e e theilweng mo tumelong e ba nang le yone—bangwe ba ne ba ka nna ba feleletsa ba sa kolobediwa. Mme batho ba ba neng ba sa kolobediwa ba ne ba se kitla ba tlhola ba laolwa ke kereke go ya bokgakaleng jo bo rileng. Mo dikerekeng dingwe, go kolobediwa ga bagolo go ne go bolela gore kereke e ka se tlhole e kgona go ba laola.

Ka jalo, Bakatoliki le Balutere ba ne ba sa kgothaletse gore bagolo ba kolobediwe. Morago ga 1529, kwa mafelong mangwe, batho ba ba neng ba kolobetsa bagolo kgotsa ba ba neng ba kolobediwa ba setse ba godile ba ne ba atlholelwa loso. Mmegadikgang mongwe e bong Thomas Seifert o tlhalosa gore Ba-Anabaptist ba ne ba “bogisiwa setlhogo mo Pusongkgolo yotlhe ya Roma o o Boitshepo wa Setšhaba sa Bajeremane.” Pogiso eno e ne e le setlhogo thata kwa Münster.

Toropo ya Münster ya Botlhabagare e Batla Diphetogo

Toropo ya Münster ya Botlhabagare e ne e na le baagi ba ka nna 10 000 mme e ne e dikaganyeditswe ka dithako tse di nonofileng thata, tsa bokima jwa dimetara di le 90 e bile di le modiko wa dikilometara di le tlhano. Le fa go ntse jalo, maemo e ne e le a a sa iketlang kafa teng ga motse ono o o sireletsegileng thata. Buka ya The Kingdom of the Anabaptists, e e gatisitsweng ke beng ba Museamo wa Toropo ya Münster, e umaka gore “go ne go na le dikgotlhang tsa sepolotiki kafa teng ga one, fa gare ga Puso le Setšhaba.” Mo godimo ga moo, baagi ba ne ba galefisitswe ke boitshwaro jo bo maswe jwa baruti. Münster e ne ya amogela Diphetogo tseno mme ka 1533 ya fetoga ya se ka ya tlhola e nna motse wa Bakatoliki mme ya nna motse wa Balutere.

Molweladiphetogo mongwe yo mogolo kwa Münster e ne e le Bernhard Rothmann, e leng motho yo o neng a le mafega thata. Mokwadi mongwe e bong Friedrich Oehninger o tlhalosa gore Rothmann “o ne a simolola a amogela tumelo ya Ba-Anabaptist ka botlalo; ene le badumedi ka ene ba ne ba gana go kolobetsa masea.” O ne a nna le balatedi ba le bantsi kwa Münster, le fa bangwe ba ne ba tsaya gore tsela e a fetogileng ka yone ga e a tlwaelega. “Batho ba le bantsi ba ba neng ba rata bodumedi jwa pele ba ne ba tswa mo toropong e ba neng ba nna mo go yone, ba tshwenyegile e bile ba boifa gore go ne go tlile go direga sengwe se se maswe. Ba-Anabaptist ba le bantsi ba ba neng ba tswa mo mafelong a a farologaneng ba ne ba ya kwa Münster, ka tsholofelo ya gore ba ne ba tla kopana le batho ba bodumedi jwa bone gone.” Go tlala ga Ba-Anabaptist kwa Münster go ne ga felela ka tiragalo nngwe e e boitshegang.

Go Dikaganyediwa ga Jerusalema o Mosha

Ba-Dutch ba babedi ba ba neng ba fudugela kwa Münster—Jan Mathys, mmesi wa senkgwe yo o tswang kwa Haarlem le Jan Beuckelson, yo o neng a itsiwe e le John wa kwa Leiden—ba ne ba tlile go nna le seabe se segolo mo diphetogong tse di neng di tla dirwa koo. Mathys o ne a iphaka gore ke moporofeti mme a bolela fa April 1534 e le nako ya go tla ga bobedi ga ga Keresete. Motse oo o ne wa simolola go bidiwa Jerusalema o Mosha o go buiwang ka one mo Baebeleng, mme batho ba simolola go nna le maikutlo a gore lefatshe le a fela. Rothmann o ne a dira tshwetso ya gore matlo otlhe e nne a batho botlhe. Baagi ba e neng e setse e le bagolo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba dire tshwetso: Ba kolobediwe kgotsa ba tswe mo motseng. Batho ba le bantsi ba ba neng ba kolobediwa ba ne ba akaretsa le ba ba neng ba kolobeletswa fela gore ba se ka ba latlhegelwa ke magae a bone le dithoto tsa bone.

Batho ba bangwe ba ne ba sala ba gakgamaditswe thata ke go bo Münster e ne ya nna motse wa ntlha o mo go one Ba-Anabaptist e neng e le batho ba bodumedi jo bo nonofileng go feta a mangwe otlhe e bile e le mokgatlho wa bopolotiki. Go ya ka buka e e bidiwang Die Täufer zu Münster, seno se ne sa dira gore “Pusokgolo yotlhe ya Roma o o Boitshepo wa Setšhaba sa Bajeremane, e tsogologele motse wa Münster.” Mobishopomogolo e bong Count Franz von Waldeck, e leng motho yo o neng a tlotlega thata mo setšhabeng, o ne a phutha masole gore a ye go dikaganyetsa motse wa Münster. Masole ano e ne e le a Balutere le a Bakatoliki. Madumedi a mabedi ano a pele a neng a le kgatlhanong le go dirwa ga Diphetogo e bile a a tloga a lwantshana mo ntweng e e e neng e bidiwa Ntwa ya Dingwaga di le Masome a Mararo a ne a nna seoposengwe go lwantsha Ba-Anabaptist.

Go Senngwa ga Bogosi jwa Ba-Anabaptist

Batho ba ba neng ba sireletsegile kafa teng ga dithako tsa motse ga ba a ka ba tshosiwa ke bontsi jwa masole ano a a neng a dikaganyeditse motse wa bone. Ka April 1534, e leng nako e Keresete a neng a tshwanetse go tla lekgetlo la bobedi jaaka go ne go boletswe, Mathys o ne a tswa ka motse a palame pitse e tshweu, a lebeletse gore Modimo o tla mo sireletsa. Akanya fela gore balatedi ba ga Mathys ba ba neng ba tlhodumetse ba le kwa godimo ga dithako tsa motse, ba ne ba tshoga jang fa ba ne ba bona masole a a neng a ba dikaganyeditse a tsatsanka Mathys ka ditšhaka a bo a tlhomela tlhogo ya gagwe mo godimo ga kota.

John wa kwa Leiden o ne a nna motlhatlhami wa ga Mathys mme a bidiwa Kgosi Jan wa Ba-Anabaptist kwa Münster. O ne a leka go dira gore go nne le tekatekano fa gare ga banna le basadi—motse o ne o na le basadi ba le bantsi go feta banna—ka go kgothaletsa banna gore ba nyale basadi ba le bantsi ka moo ba neng ba ka kgona ka gone. Go bontsha gore dilo di ne di dirwa ka tsela e e feteletseng mo teng ga bogosi jwa Ba-Anabaptist kwa Münster, batho ba ne ba atlholelwa loso fa ba dira boaka le kgokafalo, fa go nyala lefufa gone go ne go letlelelwa e bile go kgothalediwa. Kgosi Jan ka boene o ne a nyala basadi ba le 16. E ne ya re fa mongwe wa bone, e bong Elisabeth Wandscherer a mo kopa tetla ya gore a tswe mo motseng, o ne a kgaolwa tlhogo mo ponong ya batho botlhe.

Motse ono o ne o feditse dikgwedi di le 14 o ntse o dikaganyeditswe fa kgabagare o ne o thopiwa ka June 1535. Tshenyo e e neng ya wela Münster e ne e sa tshwane le epe e e kileng ya tlela motse ono go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe II. Rothmann o ne a falola, mme Kgosi Jan le Ba-Anabaptist ba bangwe ba bagolo bone ba ne ba tshwarwa, ba tlhokofadiwa ba bo ba bolawa. Ditopo tsa bone di ne tsa tsenngwa mo teng ga matlwana a tshipi mme a tlhatlosediwa kwa godimo gore a kgwagediwe mo toreng ya Kereke ya St. Lambert. Seifert o tlhalosa jaana: Seno e ne e le “tlhagiso e e tla tshosang botlhe ba go neng go ka direga gore ba nne letshwenyo.” Ee, go itshunya nko mo dipolotiking go ne ga felela ka ditlamorago tse di boitshegang.

Go ne ga diregang ka mekgatlho e mengwe ya Ba-Anabaptist? Pogiso e ne ya tswelela dingwaga di le mmalwa mo Yuropa yotlhe. Ba-Anabaptist ba le bantsi ba ne ba ngaparela tshwetso ya bone ya gore ga ba kitla ba tsenela bosole, le fa go ne go na le ba le mmalwanyana fela mo go bone ba ba neng ba batla go bo tsenela. Fa nako e ntse e tsamaya, moruti wa bone wa pele e bong Menno Simons o ne a simolola go etelela Ba-Anabaptist pele, mme kgabagare, setlhopha seno sa gagwe sa simolola go bidiwa Ba-Menno kgotsa sa bidiwa ka maina a mangwe.

Matlwana a Mararo a Tshipi

Ba-Anabaptist e ne e le batho ba ba ratang bodumedi ba ba neng ba leka go tshela ka melaometheo ya Baebele. Mme batho ba ba neng ba sa lebe dilo ka tsela e e lekalekaneng kwa Münster, ba ne ba dira gore Ba-Anabaptist ba tlogele go tshela ka tsela eo mme ba nne le seabe mo dipolotiking. E ne ya re fa seo se direga, mokgatlho ono wa fetoga go nna wa batho ba ba lwelang diphetogo. Seno se ne sa tlisetsa mokgatlho ono wa Ba-Anabaptist le motse wa motlha wa bogare wa Münster masetlapelo.

Bajanala ba ba etelang toropo eno ba kgona go bona ditiragalo tse di setlhogo tseno tse di diregileng dingwaga di ka nna 500 tse di fetileng. Ke eng se se ba gakololang ka tsone? Matlwana a mararo a tshipi a a kgwageditsweng mo toreng ya kereke.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Mo setlhogong seno, ga go tlotliwe ka kgang ya gore a bana ba tshwanetse go kolobediwa kgotsa jang. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona setlhogo se se reng “A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 1986.

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Kgosi Jan o ne a tlhokofadiwa, a bolawa a bo a kgwagediwa mo toreng ya Kereke ya St. Lambert.