Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baalogi ba Gileade ba ya Tirong e le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!

Baalogi ba Gileade ba ya Tirong e le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!

Baalogi ba Gileade ba ya Tirong e le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!

“THOBO e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio 9:37, 38) Mafoko ao a ne a le botlhokwa thata mo baithuting ba ba neng ba aloga ba setlhopha sa bo116 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade fa ba ne ba ntse ba ipaakanyetsa go ya kwa dikabelong tsa bone tsa borongwa.

Ka Matlhatso, March 13, 2004, go ne go phuthegile palogotlhe ya batho ba le 6 684 kwa Lefelong la Thuto la Watchtower, kwa Patterson, kwa New York, le kwa mafelong mangwe a a gokagantsweng ka satalaete gore ba ba kwa go one ba kgone go reetsa thulaganyo ya kalogo, e mo go yone setlhopha seno se neng se tsamaisiwa sentle ka go newa kgakololo le kgothatso ya bofelo. Rotlhe re ka solegelwa molemo ke kgakololo e ba neng na e newa koo, fa le rona re ntse re dira ka natla mo thobong ya semoya.

Mafoko a a simololang a ga Theodore Jaracz, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang e bile e le moalogi wa setlhopha sa bosupa sa Gileade, e ne e le a a gatelelang mafoko ano a ga Jesu: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) A bo seo se ne se tshwanela jang ne e re ka baalogi ba ne ba romelwa kwa dinageng tse 20 tse di farologaneng! O ne a gakolola baithuti gore taelo e e tswang mo Lefokong la Modimo e dirile gore ba tshwanelege ka botlalo gore e nne badiri ba ba tlhoafetseng mo thobong e e botlhokwatlhokwa ya semoya.—Mathaio 5:16.

Kafa lo ka Nnang Barobi ba ba Nnang le Matswela ka Gone

Sebui sa ntlha mo thulaganyong e ne e le Robert Wallen, yo o neng a tlwaelane thata le Sekolo sa Gileade ka dingwaga di le dintsi. E re ka a ne a bua ka setlhogo se se reng “Kafa Kutlwelobotlhoko e leng Nonofo e Ntle ka Teng,” o ne a raya baithuti a re: “Kutlwelobotlhoko ke puo e e tlhaloganngwang le ke bosusu le difofu.” Jesu o ne a amiwa thata ke kafa ba bangwe ba ngomogileng pelo ka gone mme o ne a ba thusa mo tlalelong ya bone. (Mathaio 9:36) Baithuti le bone ba tla nna le ditshono tse dintsi tsa go dira jalo—mo tirong ya go rera, mo phuthegong, mo legaeng la barongwa le mo manyalong a bone. Sebui se ne sa ba rotloetsa jaana: “Dirang gore nonofo e ntle eno ya kutlwelobotlhoko e bonale mo matshelong a lona fa lo ntse lo direla ba bangwe. Go itshwara sentle ke gone fela go go tla lo thusang mo botshelong jwa lona jwa letsatsi le letsatsi kwa legaeng la barongwa. Ka jalo, ikemisetseng go apara bopelotlhomogi.”—Bakolosa 3:12.

Morago ga moo, go ne ga latela Gerrit Lösch, leloko la Setlhopha se se Laolang e bile e le moalogi wa setlhopha sa bo41 sa Gileade, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Baboledi ba Poloko.” (Isaia 52:7) Gore batho ba tle ba falole fa tsamaiso eno ya dilo e fedisiwa, ba tshwanetse gore ba nne le kitso ya boammaaruri e e mo Lefokong la Modimo, ba bolelele tumelo ya bone phatlalatsa mme ba kolobediwe. (Baroma 10:10; 2 Timotheo 3:15; 1 Petere 3:21) Le fa go ntse jalo, lebaka la konokono la go bolela ka poloko ga se go boloka batho, go na le moo, ke go baka Modimo. Ka jalo, Mokaulengwe Lösch o ne a kgothaletsa baithuti ba e neng e tlile go nna barongwa jaana: “Isang molaetsa wa Bogosi kwa dintlheng tsa lefatshe, mme lo nne baboledi ba ba tlhoafetseng ba poloko, gore seno se tlisetse Jehofa pako.”—Baroma 10:18.

“O Phatsima go le Kana Kang?” ke potso e e neng ya bodiwa ke motlhatlheledi wa Gileade e bong Lawrence Bowen. O ne a umaka mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:22 mme a kgothaletsa baithuti ba ba alogang gore ba boloke leitlho la bone le ‘sa raraana’ gore ba tle ba “phatsimise tshedimosetso ya semoya e e galaletsang Jehofa le gore e solegela batho ka bone molemo.” Go tloga fela fa a simolola bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a tlhoma sekao se se gaisang tsotlhe malebana le seno ka go tlhoma mogopolo wa gagwe mo go direng go rata ga Modimo. Go bo Jesu a ile a tlhatlhanya ka dilo tse dintle tse Rraagwe a di mo rutileng kwa legodimong go ile ga mo thusa gore a itshokele diteko tsa ga Satane fa a ne a le kwa nageng. (Mathaio 3:16; 4:1-11) Jesu o ne a bontsha gore o ikaegile ka botlalo ka Jehofa malebana le go diragatsa tiro e Modimo a neng a e mo abetse. Ka tsela e e tshwanang, gore barongwa ba tle ba kgone go itshokela dikgwetlho tse ba tla kopanang le tsone, ba tshwanetse go tswelela ka mekgwa ya bone e mentle ya go ithuta Baebele mme ba ikaege ka Jehofa ka botlalo.

Mark Noumair, motlhatlheledi wa Gileade le moalogi wa setlhopha sa bo77 sa Gileade, o ne a konela metseletsele eno ya dipuo, a bua ka setlhogo se se reng “Ke Rona Bano mo Seatleng sa Gago.” (Joshua 9:25) O ne a kgothaletsa baithuti go nna le boikutlo jo Bagibeone ba bogologolo ba neng ba na le jone. Le mororo Gibeone e ne e le “motse o mogolo, . . . le banna botlhe ba yone e ne e le ba ba thata,” Bagibeone ba ne ba sa ipatlele maemo kgotsa go lebelela gore dilo di dirwe ka tsela ya bone. (Joshua 10:2) Ka bopelotshweu, ba ne ba dira jaaka “ba ba rwalelang dikgong le ba ba gelelang . . . metsi” ba okametswe ke Balefi gore ba eme kobamelo ya ga Jehofa nokeng. (Joshua 9:27) Go ntse jaaka e kete maloko a setlhopha se se alogang a ne a raya Joshua yo Mogolwane e bong Jesu Keresete a re, “Ke rona bano mo seatleng sa gago.” Jaanong, e re ka ba tla simolola dikabelo tsa bone kwa dinageng di sele, ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le joo, ba amogele tiro le fa e le efe e Joshua yo Mogolwane a ba e abelang. Thapiso ya bone ya Gileade e ba thusitse gore ba nne batho ba ba botoka “ba ba rwalelang dikgong le ba ba gelelang . . . metsi” fa ba ntse ba le barongwa ba ba iketleeditseng, ba ba boikokobetso le ba ba dirang ka natla.

Maitemogelo le Dipotsolotso

Setlhogo sa puisano e Wallace Liverance, yo e leng moalogi wa setlhopha sa bo61 sa Gileade e bile e le mongwe wa batlhatlheledi a neng a e tshwere le setlhopha sa baithuti se ne se re: “Bula Dikwalo ka Botlalo.” Ba ne ba anela le go dira dipontsho ka mangwe a maitemogelo a ba nnileng le one mo bodireding fa sekolo se ne se sa ntse se tsweletse. Ga go na pelaelo gore thuto ya bone e e tseneletseng ya Dikwalo mo dikgweding di le tlhano tsa thapiso ya bone e ile ya fitlhelela dipelo tsa bone mme ya ba tlhotlheletsa go bua le ba bangwe ka se ba se ithutileng. (Luke 24:32) Mo nakong ya dikgwedi tse tlhano tsa khoso ya bone, moithuti mongwe o ne a kgona go tlotlela nnakaagwe wa mosimane ka se a se ithutileng. Seno se ne sa kgothaletsa nnakaagwe gore a batle phuthego ya mo lefelong la bone mme a simolole go ithuta Baebele le ene. Gone jaanong o ya dipokanong tsa Bokeresete, mme o ikwadisitse mo Sekolong sa Puso ya Modimo mo phuthegong e a leng mo go yone, e bile o setse a le mmoledi yo o sa kolobediwang.

Morago ga maitemogelo ano, Richard Ashe le John Gibbard ba ne ba botsolotsa bangwe ba ba feditseng lobaka lo loleele e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mmogo le balebedi ba ba etang. Ba ne ba amogela thapiso e e kgethegileng kwa Lefelong la Thuto la Watchtower mme ba ne ba alogile mo ditlhopheng tse di fetileng tsa Sekolo sa Gileade. Mongwe wa bone o ne a gakologelwa gore Mokaulengwe Knorr o ne a bolela jaana ka nako ya khoso ya setlhopha sa bone: “Mo Gileade lo tla ithuta dilo tse dintsi thata. Mme fa lo tswa mono lo na le ditlhogo tse di tona, re tla bo re paletswe. Re batla gore lo tswe fano lo na le dipelo tse dikgolo.” Bakaulengwe ba ba etang ba ne ba gakolola setlhopha se se neng se aloga gore ba nne batho ba ba amegang ka batho, ba dirisane le ba bangwe jaaka Keresete a ne a dira mme ka boikokobetso ba amogele kabelo nngwe le nngwe e ba e newang. Fa barongwa ba basha bano ba ka dirisa kgakololo eno, ga go na pelaelo gore e tla ba thusa gore ba nne le matswela mo dikabelong tsa bone.

Yang Tirong lo le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!

Bareetsi ba ne ba nna le tshono ya go reetsa Stephen Lett, leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang. O ne a neela puo ya konokono ya thulaganyo, e e nang le setlhogo se se reng “Yang Tirong lo le Badiri ba ba Tlhoafetseng ba Thobo!” (Mathaio 9:38) Mo thobong ya mmatota, nako ya go roba e nnye. Barobi ba tlhoka go dira ka natla. A bo go dira jalo go le botlhokwa le go feta jang ne mo nakong eno ya bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo! Mo thobong e kgolo eno ya semoya, go na le matshelo a a leng mo kotsing. (Mathaio 13:39) Mokaulengwe Lett o ne a kgothaletsa baalogi gore ‘ba se ka ba nyahala mo tirong ya bone’ go na le moo ba ‘tuke mo moyeng’ mme ba ‘nne batlhanka ba ga Jehofa’ mo tirong eno ya thobo e e se kitlang e boelediwa. (Baroma 12:11) Sebui se ne sa nopola mafoko ano a ga Jesu: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Johane 4:35) Morago ga foo o ne a rotloetsa baalogi gore ba bontshe tlhoafalo ya bone mo tirong ya go roba ka go dira maiteko a magolo a go fitlhelela batho fa ba ka kgona go bonwa le mo ba ka bonwang teng le ka go dirisa ditshono tsotlhe go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Go ntsha matlho dinameng gore motho a bone ditshono tsa go dira jalo go ka mo thusa gore a kgone go neela bosupi jo bo nnang le matswela. Jehofa ke Modimo yo o tlhoafetseng, mme o lebeletse gore rotlhe re mo etse mme re dire ka natla mo thobong eno ya semoya.—2 Dikgosi 19:31; Johane 5:17.

Fa modulasetulo Mokaulengwe Jaracz a ne a konela thulaganyo, o ne a umaka madume a a tswang kwa diofising tse dintsi tsa makala mme a abela baithuti didipoloma tsa bone. Mongwe wa baalogi o ne a bala lekwalo le le tswang mo setlhopheng, le le neng le tlhalosa kafa ba anaanelang thata ka gone thapiso e ba e amogetseng. Ga go na pelaelo gore thulaganyo ya kalogo ya setlhopha sa bo116 e ne ya dira gore botlhe ba ba neng ba le teng ba ikemisetse le go feta go tswelela e le badiri ba ba tlhoafetseng ba thobo.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

DIPALOPALO TSA SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 6

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 20

Palo ya baithuti: 46

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 34, 2

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17, 2

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13, 9

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go Aloga ga Tlelase ya Bo116 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina a tlhomagantswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Ceansu, R.; Sparks, T.; Piña, C.; Turner, P.; Cheney, L. (2) Suardy, M.; Sjöqvist, Å.; Amadori, L.; Smith, N.; Jordan, A.; Boissonneault, L. (3) Matlock, J.; Ruiz, C.; Dular, L.; Vigneron, M.; Henry, K. (4) Sjöqvist, H.; Laux, J.; Ruzzo, J.; Gustafsson, K.; Boissonneault, R.; Jordan, M. (5) Henry, D.; Turner, D.; Kirwin, S.; Florit, K.; Ceansu, S. (6) Amadori, S.; Cheney, J.; Ross, R.; Nelson, J.; Ruiz, J.; Vigneron, M. (7) Florit, J.; Matlock, D.; Ross, B.; Laux, C.; Ruzzo, T.; Dular, D.; Kirwin, N. (8) Gustafsson, A.; Nelson, D.; Suardy, W.; Piña, M.; Smith, C.; Sparks, T.