Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boswa jo bo Botlhokwa Thata

Boswa jo bo Botlhokwa Thata

Boswa jo bo Botlhokwa Thata

FA MOAPOSETOLOI Johane yo o tsofetseng a ne a tloga a swa, o ne a kwala jaana: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4.

Moaposetoloi yo o ikanyegang o ne a bua ka bana ba gagwe ba semoya. Le fa go ntse jalo, batsadi ba le bantsi ba ka bolela mafoko a a tshwanang le a moaposetoloi yono ka bana ba bone. Ba ile ba dira ka natla go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” mme gone jaanong ba itumelela go bo bana ba bone ba “tsamaya mo boammaaruring.” (Baefeso 6:4) Tota e bile, go ruta bana ba gago tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng ke go ba naya boswa jo bo botlhokwa thata. Seo ke ka go bo go ineela mo Modimong, go go akaretsang go tshela ka tsela e Jehofa a batlang gore Bakeresete ba tshele ka yone “[go] na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.”—1 Timotheo 4:8.

Jehofa, Rre yo o itekanetseng, o anaanela thata batsadi ba ba boifang Modimo ba ba lekang ka natla go ruta bana ba bone dilo tsa semoya. Fa bana ba utlwa, ba bona boitumelo jo bogolo thata fa ba tswelela pele mo kobamelong ya boammaaruri le batsadi ba bone. Fa bana bao ba ntse ba gola, go na le mo gontsi mo ba tla go gakologelwang ka boitumelo jono jo ba nnang le jone gone jaanong. Ba bangwe ba gakologelwa ka boitumelo fa ba ne ba nna le seabe ka lekgetlho la ntlha mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. * Kgotsa gongwe ba akanya ka nako ya fa ba ne ba bala ka lekgetlho la ntlha temana ya Baebele mo bodireding jwa ntlo le ntlo fa ba ntse ba tsamaya le mongwe wa batsadi ba bone. A ba ka lebala nako ya fa ba ne ba utlwa batsadi ba bone ba ba balela go tswa mo kgatisong ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele kgotsa go tswa mo bukeng ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo?  * Gabriel o gakologelwa sengwe se a neng a se rata thata, mme a re: “Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè fela, mmè o ne a tle a nkopelele dipina letsatsi le letsatsi fa a ntse a apaya. Ke sa ntse ke gakologelwa ka lorato pina nngwe ya Bogosi e ke e ratang thata. Moragonyana, pina eo e ne ya nthusa go bona gore ke ka ntlha yang fa go direla Jehofa go le botlhokwa.” Gongwe le wena o gakologelwa pina e e monate e Gabriel a buang ka yone. Ke pina 157 mo bukeng ya dipina ya Opelelang Jehofa Dipako, mme e na le setlhogo se se reng “Obamela Jehofa mo Bosheng jwa Gago.”

Pina eno e simolola jaana: “Basha ba kile ba goa ka mantswe;/Ba galaletsa Jesu le Rragwe.” Ee, go ne go na le bana ba ba neng ba na le tshiamelo ya go bona Jesu, mme ba tshwanetse ba bo ba ile ba mo kgatlha ka mokgwa wa bone o o lapolosang wa bongwana. Jesu o bile a dirisa tsela e bana ba amogelang thuto motlhofo fela ka yone gore e nne sekao se balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go se latela. (Mathaio 18:3, 4) Ka jalo, bana ba na le seabe se se ba tshwanetseng mo kobamelong ya ga Jehofa. Tota e bile, mafoko a pina eno a tswelela jaana: “Ee, bana le bone ba ka mmaka.”

Ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo molemo—kwa gae, kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe—bana ba bantsi ba ile ba tlisetsa Modimo le malapa a bone tlotlo. A bo ba segofetse jang ne ka go bo ba na le “Batsadi ba ba ratang molemo.” (Duteronome 6:7) Batsadi ba ba boifang Modimo ba ikobela ditaelo tsa Modimo, yo jaaka Rre yo o lorato, a rutang dibopiwa tsa gagwe gore di tsamaye mo tseleng e di tshwanetseng go tsamaya ka yone. Mme a bo ba segofadiwa jang ne ka ntlha ya seo! Mme fa le bone ba ruta bana mo malapeng a bone, a bo ba itumela jang ne fa ba nna le bana ba ‘ba ba utlwang gore ba ipele’! (Isaia 48:17, 18) Angélica, yo gone jaanong a direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico, a re: “Batsadi ba me ba ne ba dira maiteko ka metlha gore ba latele melaometheo ya Baebele. Seo se ne sa dira gore ke itumelele bosha jwa me. Ke ne ke itumetse.”

Bakeresete ba ba ntseng jalo ba dumela gore go botlhokwa go tlhokomela boswa jwa gago jwa semoya. Gongwe o mosha yo o godisiwang mo lelapeng le le latelang melaometheo ya Bokeresete. Fa go ntse jalo, yone pina eno e go kgothatsa jaana: “Basha lo’ipolokeng lo le phepa.” Go tla tla nako ya gore lo itirele ditshwetso, ka jalo gone jaanong “lo’ithuteng go ikanya Jehofa./Lo se rate go tuma le e seng.”

Fa e le gore ka phoso o dira gore botumo e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago, thapiso yotlhe e o e filweng e tla bo e se na mosola mme o tla senya ditshono tse o ka nnang le tsone mo isagweng. Go eletsa go tuma go ka dira gore o se ka wa nna podimatseba. Bangwe ba ile ba feleletsa ba itsalanya le batho ba ba neng ba bonala e le batho ba ba itshiametseng fela, ba le bantle mme e le batho ba ba neng ba sa rate melao ya Bokeresete. Ke se se ileng sa bontshiwa ke Tara, moanelwa yo mogolo yo o tshamekang mo bidiong ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? Jaaka Tara, Mokeresete ope fela yo mosha yo o itsalanyang le batho ba ba sa tlotleng kobamelo ya boammaaruri o tla lemoga gore go ise go ye kae, o tla ‘senngwa ke mekgwa ya lefatshe,’ jaaka pina e bolela. Go tlhokega gore motho a dire maiteko ka dingwaga di le dintsi gore a nne le mekgwa e e siameng, mme e ka senngwa ka bonako.

Gone ke boammaaruri gore go tshela ka go boifa Modimo ga go motlhofo. Le fa go ntse jalo, pina e tswelela pele ka gore “fa o gopola Mmopi mo bosheng,/O mo direla tse di tshwanetseng,” o tla thaya motheo o o nonofileng wa gore o atlege. Mme fa o ntse o gola “o tla bona boipelo thata.” O tla simolola go lemoga le go feta gore fa o le mo tlhokomelong e e lorato ya ga Jehofa, ga go na sepe se se ka go thibelang go dira se se siameng mo matlhong a gagwe. Ke ka tsela eno o ka kgonang go nna mogolo yo o godileng semoyeng, yo o boifang Modimo. Mo godimo ga moo, fa ka botlhale o dira gore tsela ya Bokeresete e o godisitsweng ka yone e go solegele molemo o tla nna le tshono ya “go ipedisa Rara.” A go na le tshiamelo e e fetang eno e motho a ka nnang le yone?—Diane 27:11.

Ka jalo, basha, gakologelwang ka dinako tsotlhe gore thapiso e e tswang mo go Jehofa le mo batsading ba lona ba Bakeresete e botlhokwa thata. E kete lorato lwa bone lo logolo lo ba lo ratang ka lone lo ka lo tlhotlheletsa gore lo dire se se itumedisang mo matlhong a ga Jehofa. Fela jaaka Jesu Keresete le Timotheo yo mmotlana, o tla itumedisa pelo ya ga Rraago yo o kwa legodimong le batsadi ba gago ba ba mo lefatsheng. Mme fa le wena o ka nna motsadi, o tla dumalana le se Angélica yo o umakilweng kwa godimo a ileng a se bolela fa a ne a re: “Fa go ka direga gore ke nne le ngwana, ke tla leka ka natla gore ke mo rute go rata Jehofa go tswa pelong fa a sa le losea, le gore seo e nne sone se se mo kaelang mo botshelong.” Ga go na pelaelo gore tsela e e siameng e e isang botshelong jo bo sa khutleng ke boswa jo bo botlhokwa thata jo a ka nnang le jone!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Thulaganyo eno ya thuto ya Baebele e e tshwarwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ke ya bagolo le basha.

^ ser. 4 Dikgatiso tse di umakilweng fano di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.