Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘O ne A re Ruta go Tlotla Bodumedi Jwa Gagwe’

‘O ne A re Ruta go Tlotla Bodumedi Jwa Gagwe’

O ne A re Ruta go Tlotla Bodumedi Jwa Gagwe’

MONGWE wa Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa porofenseng ya Rovigo, kwa Italy, o ne a bolelelwa gore o na le tlhagala le gore e ne e ka nna ya mmolaya. Morago ga go nna kwa kokelong ka makgetlho a le mmalwa, ao mo go one a neng a kopa gore a alafiwe kwantle ga go tshelwa madi, o ne a okiwa kwa gae a thusiwa ke baoki ba ba rometsweng ke setheo sengwe se se thusang balwetse ba kankere.

Tumelo e e nonofileng le tirisanommogo ya molwetse yono wa dingwaga tse 36 di ne tsa kgatlha dingaka le baoki thata, ba ba neng ba mo tlhokomela. Pelenyana fela ga molwetse yono a swa a bolawa ke kankere, mongwe wa baoki ba ba neng ba mo tlhokomela o ne a kwala mo makasineng wa baoki ka se se neng se direga fa a ntse a thusa molwetse yono yo a neng a mmitsa Angela.

“Angela o tlhagafetse e bile o rata go tshela. O itse sentle ka boemo jwa gagwe le kafa a lwalang thata ka gone, mme fela jaaka bontsi jwa rona, o batla tharabololo kana molemo mongwe o o ka mo fodisang. . . . Rona baoki re ile ra mo ithuta ka bonya ka bonya. Ga a ka a gana thuso ya rona. Go na le moo, tsela e Angela a neng a phuthologile ka yone e ne ya re tlhofofaletsa tiro. Re ne re itumelela go mo tlhokomela, e re ka re ne re itse gore re ne re tla nna le nako ya go itse motho yono yo o molemo le go solegelwa molemo thata. . . . Re ne ra bona ka bonako gore bodumedi jwa gagwe bo ne bo tla re kgoreletsa go alafa bolwetse jwa gagwe.” O ne a ikutlwa jalo ka gonne o ne a akanya gore Angela o tshwanetse go tshelwa madi, mme Angela ene a sa a batle.—Ditiro 15:28, 29.

“Jaaka batho ba ba thapisitsweng go tlhokomela balwetse, re ne ra bolelela Angela gore re ne re sa dumalane le tshwetso ya gagwe, mme ka thuso ya gagwe, re ne ra tlhaloganya kafa botshelo bo leng botlhokwa ka teng mo go ene. Re ne ra tlhaloganya gape kafa tumelo ya gagwe e leng botlhokwa ka teng mo go ene le lelapa la gagwe. Angela ga a ka a itlhoboga. Ga a ka a ineelela mo bolwetseng. O nonofile. O batla go tshela, go tswelela a lwela go tshela. O re boleletse maikemisetso a gagwe, tumelo ya gagwe. O na le tsholofelo e gantsi rona re se nang yone, tumelo e e nonofileng go feta ya rona. . . . Angela o re rutile botlhokwa jwa go tlotla bodumedi jwa gagwe, selo se se farologaneng le se re se ithutileng fa re ne re ithutela kalafi. . . . Re dumela gore se Angela a re rutileng sone se botlhokwa thata, ka gonne re kopana le batho ba mefuta yotlhe, ba maemo otlhe le ba madumedi otlhe, mme re ka ithuta sengwe mo go mongwe le mongwe yo re kopanang le ene e bile le rona re ka kgona go ba naya sengwe.”

Setlhogo sa makasine ono se ne sa gatelela Melao e e Laolang Baoki ba Italy, e e neng ya amogelwa ka 1999, e e reng: “Mooki o dira tiro ya gagwe a akantse ka melao ya motho ya bodumedi, ya boitshwaro le ya setso, mmogo le lotso lwa gagwe le bong jwa gagwe.” Ka dinako dingwe, go ka nna thata gore dingaka le baoki ba tlotle dilo tse molwetse a di dumelang, mme gone re anaanela thata ba ba lekang go di tlotla.

Ditshwetso tse Basupi ba ga Jehofa ba di dirang malebana le tlhokomelo ya bone ya kalafi ke ditshwetso tse di akanyeditsweng sentle. Ba akanya ka masisi kaga se Dikwalo di se buang, mme jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Angela, ga se batho ba ba sa akanyeng ba ba feteletsang dilo. (Bafilipi 4:5) Go dikologa lefatshe, palo e e oketsegang ya baitse ba tsa kalafi ba iketleeleditse go tlotla digakolodi tsa balwetse ba bone ba Basupi.