Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

MARION o ne a dira se bontsi jwa rona re neng re ka se dira fa morwadie yo mogolo a ne a nna le kgobalo e e masisi ya boboko. * O ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Marion o bolela jaana: “Ga ke gakologelwe nako e nngwe e ke neng ka ikutlwa ke tlaletswe jaana ka yone.” Moragonyana maemo a morwadie a ne a etegela mme Marion a simolola go nna le dipelaelo ka Modimo. O ne a ipotsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa seno se diragala?” O ne a sa tlhaloganye gore go ne go tla jang gore Modimo yo o lorato le yo o amegang ka batho a mo tlhokomologe jaana.

Se se diragaletseng Marion se diragalela le batho ba bangwe ba bantsi. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara ba ne ba ikutlwa ba tlhokomologilwe ke Modimo mo dinakong tse ba neng ba mo tlhoka tota mo go tsone. Lisa o ne a bolela jaana fa setlogolo sa gagwe se sena go bolawa: “Ke sa ntse ke sa tlhaloganye gore ‘ke ka ntlha yang fa MODIMO a letlelela dilo tse di boikepo.’ Ke sa ntse ke dumela mo Modimong mme gone ga go tshwane le pele.” Ka tsela e e tshwanang fa mosadi mongwe a sena go bona masetlapelo a a neng a wela losea lwa gagwe lwa mosimanyana, o ne a bolela jaana: “Modimo ga a ka a nkgomotsa ka se se ntiragaletseng. Ga a mpontsha boutlwelobotlhoko bope.” O ne a oketsa jaana: “Ga nkitla ke tsamaya ke itshwarela Modimo.”

Ba bangwe ba ikutlwa ba galefela Modimo thata fa ba leba lefatshe le le ba dikologileng. Ba bona dinaga tse di aparetsweng ke khumanego le tlala, batshabi ba ba se nang tsholofelo, bana ba bantsintsi ba e leng dikhutsana ka ntlha ya AIDS le dimilione tsa batho ba ba utlwisiwang botlhoko ke malwetse a mangwe. Batho ba le bantsi fa ba diragalelwa ke bomadimabe jo bo tshwanang le jono kana a mangwe ba baya Modimo molato wa gore go bonala a sa dire sepe ka gone.

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga re ka ke ra pega Modimo molato ka masetlapelo a a tlhagelang batho. Totatota go na le mabaka a a utlwalang a gore re dumele gore go ise go ye kae, Modimo o tla siamisa tshenyego yotlhe e e wetseng batho. Re go kopa gore o phetle mo setlhogong se se latelang mme o bone gore ruri Modimo o a amega ka rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.