Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Itumedisang go sa Kgathalesege Mahutsana

Botshelo jo bo Itumedisang go sa Kgathalesege Mahutsana

Kgang ya Botshelo

Botshelo jo bo Itumedisang go sa Kgathalesege Mahutsana

JAAKA GO BOLETSE AUDREY HYDE

Fa ke gopola dingwaga tse 63 tse di fetileng tsa bodiredi jwa nako e e tletseng—di le 59 ke le kwa ntlongkgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa—nka re botshelo jwa me e nnile jo bo itumedisang. Gone ke boammaaruri gore go bona monna wa me wa ntlha a tlhokafala ka bonya ka ntlha ya kankere le monna wa me wa bobedi a boga ka ntlha ya bolwetse jo bo nang le diphelelo tse di sa itumediseng jwa Alzheimer, go ile ga nkutlwisa botlhoko thata. Mma ke go bolelele gore ke ile ka kgona jang go nna ke itumetse le fa ke ne ke lebane le masetlapelo.

KE GOLETSE kwa polasing e e gaufi le torotswana nngwe ya Haxtun mo dipoeng tse di kwa ntlheng ya Colorado, gaufi le molelwane wa Nebraska. Ke ne ke le ngwana wa botlhano mo baneng ba le barataro ba ga Orille le Nina Mock. Russell, Wayne, Clara le Ardis ba tshotswe gare ga dingwaga tsa 1913 le 1920 mme nna ka tsholwa ngwaga o o latelang. Curtis o ne a tsholwa ka ngwaga wa 1925.

Ka 1913, Mmè o ne a nna Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Kgabagare, rotlhe mo lelapeng re ile ra nna Basupi.

Botshelo jo bo Itumedisang mo Dipoeng Tseno

Rre o ne a gatela pele ka bonako. Re ne re na le motlakase mo dikagong tsotlhe tse re neng re na le tsone mo polasing, e leng selo se se neng se sa tlwaelega ka nako eo. Mme gape re ne re itumelela dikungwa tsa mo polasing—mae a dikoko tsa rona, lobebe, botoro le mashi a dikgomo tsa rona. Re ne re dirisa dipitse go lema masimo a rona mme re ne re jadile setoroberi le ditapole, korong le mabele.

Rre o ne a dumela gore bana ba gagwe botlhe ba tshwanetse go ithuta go bereka. Le e leng pele ke simolola sekolo, ke ne ka rutiwa go bereka kwa masimong. Ke gakologelwa ka nako ya selemo mo letsatsing le le mogote re tlhagola mela e meleele mo masimong a rona. Ke ne ke a tle ke ipotse gore ‘a ruri ke tla fetsa?’ Ke ne ke fufula e bile ke longwa ke dinotshi. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke ikutlwela botlhoko ka gonne bana ba bangwe ba ne ba sa tlhoke go bereka boima jaaka rona. Le fa go ntse jalo, fa ke akanya ka tsela e re godileng ka yone, ke leboga go bo re ile ra rutiwa go bereka.

Rotlhe re ne re na le dilo tse re di dirang. E re ka Ardis a ne a kgona go gama dikgomo botoka go na le nna, tiro ya me e ne e le go phepafatsa mo teng ga setale sa dipitse, ke ntsha bopere jwa tsone ka garawe. Le fa go ntse jalo, gape re ne re na le dinako tse di itumedisang tsa go tshameka. Nna le Ardis re ne re le batshameki ba softball ba setlhopha se se neng se le teng mo lefelong la rona. Ke ne ke le mokonopi wa bolo, kgotsa motshameki wa sekhutlo sa boraro mme Ardis ene o ne a tshameka fa sekhutlong sa ntlha.

Loapi lo lo apogileng lo ne lo bonala sentle mo dipoeng tseno. Dinaledi tse dintsintsi di ne di nkgopotsa Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo. Le ka nako ya fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, ke ne ke a tle ke akanye ka Pesalema 147:4 e e balegang jaana: “[Jehofa] o bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.” Masigo a mantsi fa loapi lo apogile jalo, ntšha ya rona e e bidiwang Judge, e ne e tlhola e tla go baya tlhogo ya yone mo diropeng tsa me e bo e nna e itisa le nna. Gantsi, ke ne ke nna fa mathuding a ntlo ya rona ka dinako tsa thapama go bogela bontle jwa masimo a korong e e tala a a neng a ntse a fokwa ke phefo e e dirang gore a lebege a tsabakela mo letsatsing.

Sekao se se Molemo sa ga Mmè

Mmè e ne e le mosadi yo o ineetseng. Rre e ne e le ene tlhogo ya lelapa mme Mmè o ne a re ruta gore re mo tlotle. Ka 1939, le ene o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa. Re ne re itse gore Rre o a re rata le fa a ne a dira gore re bereke boima mme a sa re pepetletse. Gantsi fa go ne go le mariga, o ne a re jesa monate ka go golegelela dipitse mo seleing di bo di taboga ka rona. Go ne go kgatlha tota go bona kapoko e ntse e tsapogela kwa godimo fa selei se ntse se tsamaya!

Le fa go ntse jalo, e ne e le Mmè yo o neng a re ruta go rata Modimo le go tlotla Baebele. Re ile ra ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa le gore ke ene Motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9; 83:18) Re ile ra ithuta gape gore o a re kaela, e seng go re tima monate mme e le gore re solegelwe molemo. (Isaia 48:17) Mmè o ne a nna a ntse a re gakolola gore re na le tiro e e kgethegileng e re tshwanetseng go e dira. Re ile ra ithuta gore Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Ka dinako tseo tsa fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, e ne e re fa ke boa kwa sekolong go sa le gale, mme ke bo ke fitlhela mmè a seyo kwa ntlong, ke ne ke ya go mmatla. Ka lekgetlho lengwe, fa ke ne ke le dingwaga di ka nna thataro kgotsa di le supa, ke ne ka mo fitlhela kwa setaleng sa dipitse. Pula e ne ya simolola go na thata. Re ne re le kwa bobolokelong jwa furu mme ke ne ka mmotsa gore a Modimo o ne a tlisa Morwalela o mongwe. O ne a ntlhomamisetsa gore Modimo o ile a solofetsa gore a ka se tlhole a senya lefatshe ka morwalela. Ke gakologelwa gape gore ka dinako tse dintsi ke ne ke tle ke tabogele kwa ntlwaneng e e kafa tlase ga lefatshe, ka gonne gantsi re ne re nna le pula ya matlakadibe.

Le pele ke belegwa, Mmè o ne a setse a simolotse go nna le seabe mo tirong ya go rera. Go ne go na le setlhopha se se neng se kopanela mo ntlong ya gaetsho, botlhe e le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela le Keresete kwa legodimong. Le fa go rera ka ntlo le ntlo e ne e le kgwetlho mo go Mmè, tsela e a neng a rata Modimo ka yone e ne ya dira gore a se ka a boifa. O ne a nna a ikanyega go fitlha ka letsatsi le a ileng a tlhokafala ka lone, ka November 24, 1969, fa a ne a le dingwaga di le 84. Ke ne ka sebela Mmè mo tsebeng ke re: “Mmè, o ya legodimong mme o tla bo o na le bangwe ba o ba itseng.” A bo ke ne ka itumela jang ne go bo ke ne ke na le Mmè ka letsatsi leo mme ke kgona go mmolelela kafa ke dumelang seo thata ka teng! O ne a bolela jaana ka lentswe le le bonolo: “Ke lebogela kemonokeng ya gago.”

Re ne ra Simolola go Rera

Ka 1939, Russell o ne a nna mmulatsela, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. E ne e le mmulatsela kwa Oklahoma le kwa Nebraska go fitlha ka 1944 fa a ne a kopiwa go ya go direla kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa (e e bidiwang Bethele), kwa Brooklyn, kwa New York. Nna ke ne ka simolola go nna mmulatsela ka September 20, 1941, mme ka direla kwa mafelong a a farologaneng kwa Colorado, Kansas, le kwa Nebraska. Go ne go le monate go bula tsela ka dinako tseo e seng fela ka go bo ke ne ke kgona go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa mme gape ka go bo ke ne ka ithuta go ikaega ka ene.

Ka nako ya fa Russell a ne a simolola go nna mmulatsela, Wayne, o ne a le kwa kholetšheng kwa lebopong le le kwa ntlheng ya botlhaba a dira tiro ya boitshediso ya nakwana. Moragonyana le ene o ne a lalediwa go ya kwa Bethele. O ne a direla ka nako e e rileng kwa Kingdom Farm, gaufi le Ithaca, kwa New York. Go ne go lemiwa dijo koo di lemelwa lelapa le lennye la batho ba ba berekang mo polasing eo le badiri ba ba ka nnang 200 ba kwa Bethele ya Brooklyn. Wayne o ne a dirisa bokgoni le boitemogelo jwa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa go fitlha a tlhokafala ka 1988.

Nkgonne e bong Ardis o ne a nyalwa ke James Kern mme ba ne ba nna le bana ba le batlhano. O ne a tlhokafala ka 1997. Nkgonne yo mongwe e bong Clara, o ile a nna a ikanyega mo go Jehofa go fitlha gompieno, mme fa ke le mo malatsing a boikhutso ke sa ntse ke mo etela kwa legaeng la gagwe kwa Colorado. Kgaitsadiarona wa gofejana e bong Curtis, o ne a ya Bethele ya kwa Brooklyn mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1940. Gantsi o ne a kgweetsa lori go ya kwa Kingdom Farm le go boa, e rwele dilo di le dintsi le dikungwa tse di tswang mo polasing eo. Ga a ise a ko a nyale mme o ne a tlhokafala ka 1971.

Keletso ya Me ya Go Direla kwa Bethele

Bonkgonne ba ile ba ya Bethele pelenyana mme le nna ke ne ke eletsa go direla koo. Ke dumela gore sekao sa bone se se molemo ke sone se se ileng sa dira gore ke lalediwe go ya teng. Go utlwa mmè a bua ka hisitori ya phuthego ya Modimo le go bo ke ile ka iponela kafa boporofeti jwa Baebele jo bo malebana le metlha ya bofelo bo diragadiwang ka teng go ne ga dira gore ke nne le keletso ya go ya go direla kwa Bethele. Ke ne ka ikana ka thapelo mo go Jehofa gore fa a ka dira gore ke direle kwa Bethele, le ka motlha nka se ka ka tsamaya fa e se ka ntlha ya maikarabelo a Bokeresete.

Ke ne ka fitlha kwa Bethele ka June 20, 1945, mme ke ne ka abelwa tiro ya go phepafatsa diphaposi tsa bonno. Go ne go na le diphaposi di le 13 tse ke neng ke tshwanetse go di phepafatsa le go alola malao a le 26 letsatsi le letsatsi, mo godimo ga moo ke bo ke phepafatsa dipashiti, ditepisi le difensetere. Tiro e ne e le boima. Letsatsi le letsatsi fa ke le kwa tirong, ke ne ke ipolelela ke re, “ke boammaaruri gore ke lapile, mme gone ke mo Bethele, ntlo ya Modimo!’

Fa ke Nyalwa ke Nathan Knorr

Fa e sa le ka dingwaga tsa bo1920, batho ba ba nnang kwa Bethele ba ba neng ba batla go nyala ba ne ba kopiwa gore ba tlogele tirelo ya Bethele mme ba ye go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi go sele. Mme mo masimologong a dingwaga tsa bo1950, batho ba ba neng ba batla go nyalana ba ba neng ba direla kwa Bethele ka nako e telele ba ne ba letlelelwa go nyala le go nna koo. Ka jalo, fa Nathan H. Knorr, yo ka nako eo a neng a eteletse pele mo tirong ya lefatshe lotlhe ya Bogosi a nkgatlhegela, ke ne ka ipolelela ka re, ‘Yo ke ene motho yo o tla nnelang ruri mo Bethele!’

Nathan o ne a na le maikarabelo a magolo a go okamela tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, o ne a sa mphitlhele sepe, a nnaya mabaka a mantsi a go bo ke tshwanetse go akanya ka kelotlhoko pele ga ke dumalana go nyalana le ene. Ka nako eo, o ne a tsamaya thata a etela makala a Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, gantsi a tsamaya dibeke di le dintsi. Ka jalo, o ne a ntlhalosetsa gore re tla kgaogana ka nako e telele.

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke a tle ke akanye gore ke batla go nyala ka nako ya dikgakologo le go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific kwa Hawaii, fa ke ya loetong le banyalani ba le tsayang morago ga lenyalo. Re ne ra nyalana ka mariga, ka January 31, 1953, mme ra ya go itisa kwa New Jersey ka Matlhatso thapama le ka Sontaga eo. Ka Mantaga re ne ra boela kwa tirong. Le fa go ntse jalo, re ne ra tsaya loeto lwa beke e le nngwe fela lo banyalani ba lo tsayang morago ga lenyalo.

Molekane Wa me Yo o Dirang ka Natla

Nathan o ne a le dingwaga di le 18 fa a ne a fitlha kwa Bethele ka 1923. O ne a amogela thapiso e e botlhokwa mo bathong ba ba nang le boitemogelo ba ba jaaka Joseph F. Rutherford, yo o neng a etelela tiro ya Basupi pele, le mookamedi wa bogatisetso e bong Robert J. Martin. Fa Mokaulengwe Martin a tlhokafala ka September 1932, Nathan o ne a nna motsamaisi wa bogatisetso. Mo ngwageng o o latelang, Mokaulengwe Rutherford o ne a tsamaya le Nathan fa a ne a etela makala a Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa. Ka January 1942 fa Mokaulengwe Rutherford a tlhokafala, Nathan o ne a newa maikarabelo a go okamela tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.

Nathan e ne e le motho yo o lebelang dilo kwa pele, a rulaganyetsa kgolo ya mo isagweng go sa ntse go na le nako. Bangwe ba ne ba tsaya gore seno ga se a siama, ka gonne bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo tsewa bo le gaufi thata. Tota e bile, fa mokaulengwe mongwe a bona dithulaganyo tsa ga Nathan, o ne a mmotsa jaana: “Mokaulengwe Knorr, o dira eng tota? A ga o na tumelo?” O ne a re: “Ee, ke na le tumelo, mme fa bokhutlo bo sa tle ka bonako jaaka re lebeletse, re tla bo re ipaakantse.”

Sengwe se Nathan a neng a akantse thata ka sone e ne e le go tlhoma sekolo sa barongwa. Mme ka February 1, 1943, sekolo sa barongwa se ne sa simololwa kwa polasing e kgolo kwa kgaitsadiake e bong Wayne a neng a direla gone. Le mororo sekolo seno e ne e le khoso ya go ithuta Baebele ka tlhoafalo ka dikgwedi di ka nna tlhano, Nathan o ne a tlhomamisa gore baithuti ba nna le boitapoloso bongwe. Mo tshimologong ya ditlelase tsa bone, o ne a ya go tshameka softball le baithuti mme moragonyana o ne a sa tlhole a tshameka e re ka a ne a boifa gore fa a ka gobala a ka nna a se ka a kgona go ya dikopanong tsa kgaolo ka selemo. Mo boemong jwa moo, o ne a tlhopha go nna molaodi wa motshameko. Baithuti ba ne ba itumela fa a ne a sokamisa melao ka boomo ka go bo a ne a utlwela baithuti ba ba neng ba tshameka ba dinaga di sele botlhoko.

Go Tsaya Maeto le Nathan

Kgabagare ke ne ka pata Nathan mo maetong a gagwe a kwa moseja. Ke ne ke itumelela go utlwa ka maitemogelo a baithaopi le barongwa le go ba bolelela ka a me. Ke ne ka kgona go iponela kafa ba ratang Modimo le kafa ba ineetseng mo go ene ka teng, mme ke ne ka ithuta ka thulaganyo ya bone ya botshelo le maemo a ba neng ba tshela kafa tlase ga one mo dinageng tse ba abetsweng go tla go dira kwa go tsone. Mo dingwageng tseno tse dintsi, ke ne ka tswelela ke amogela makwalo a a re lebogelang maeto ano a rona.

Fa ke akanya ka maeto ao, ke gakologelwa maitemogelo a mantsi. Ka sekai, fa re ne re etela kwa Poland, bokgaitsadi ba babedi ba ne ba sebaseba ke ntse ke le teng. Ke ne ka ba botsa ka re, “Ke eng fa lo sebaseba?” Ba ne ba kopa maitshwarelo go bo ba ile ba sebaseba, ba tlhalosa gore ba ne ba tlwaetse gore fa ba bua ba bo ba seba ka nako ya fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa ntse e thibetswe kwa Poland, e bile matlo a bone a ne a tsentswe didirisiwa tse di gatisang mantswe a bone gore ba ba utlwe fa ba tlotla.

Kgaitsadi Adach e ne e le mongwe wa ba le bantsi ba ba neng ba le mo tirelong ya nako e e tletseng ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe kwa Poland. O ne a na le moriri o o itshopileng o o tsamayang mo phatleng ya gagwe. Nako nngwe o ne a tsholetsa moriri oo wa gagwe mme a mpontsha lebadi le le maswe le le ntshitsweng ke mongwe wa babogisi ba gagwe fa a ne a mmetsa. Ke ne ka tshoga go iponela ka matlho kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba neng ba tshwanela go itshokela go tshwarwa makgwakgwa ka teng.

Lefelo le lengwe le ke le ratang thata kwantle ga Bethele, ke Hawaii. Ke gakologelwa kopano e e neng e tshwaretswe koo kwa motseng wa Hilo ka 1957. E ne e le tiragalo e kgolo mme palo ya batho ba ba neng ba le teng e ne e feta palo ya Basupi ba ba neng ba le mo lefelong leo. Ratoropo o ne a amogela Nathan ka matsogo oomabedi mo motseng. Ba le bantsi ba ne ba tla go re dumedisa, ba re kgabisa ka dibaga tse di dirilweng ka malomo.

Kopano e nngwe e e neng e le monate e ne e le ya kwa Nuremberg, kwa Jeremane, ka 1955, e e neng ya tshwarelwa kwa lefelong le pele e neng e le mabala a masole a ga Hitler a neng a gwanta mo go one. Go tumile gore Hitler o ne a ikanne gore o tla fedisa batho ba ga Jehofa kwa Jeremane, mme gone jaanong setediamo seo se ne se tletse Basupi ba ga Jehofa! Seno se ne sa dira gore ke tsholole dikeledi. Serala se ne se le segolo mme kwa morago ga sone go ne go eme dipilara tse dintle tse dikgolo di le 144. Ke ne ke le mo seraleng mme ke kgona go bona bareetsi ba bantsi ba ba fetang 107 000. Batho ba ne ba le bantsi thata mo e leng gore ke ne ke sa kgone go bona mola wa bofelo kwa morago.

Re ne re kgona go bona kafa bakaulengwe ba kwa Jeremane ba ikanyegang ka teng le go bona nonofo e Jehofa a ileng a ba e naya ka nako ya fa ba ne ba bogisiwa mo pusong ya Banasi. Go ne ga nonotsha boikemisetso jwa rona jwa gore re nne re ikanyega le go nna re thokgame mo go Jehofa. Nathan o ne a neela puo e e konelang mme kwa bofelong jwa yone, o ne a sadisa bareetsi sentle ka go ba tsholeletsa letsogo. Ba ne ba tsibogela seo ka bonako ka go mo tsholeletsa matsogo ba tshwere disakatuku tsa bone go mo tsamaisa sentle. Di ne di tshwana le tshimo e ntle ya malomo.

Selo se sengwe se nka se kang ka se lebala ke fa re ne re etetse kwa Portugal ka December 1974. Re ne ra ya kwa pokanong ya rona ya ntlha ya Basupi kwa Lisbon fa tiro ya rona e sena go amogelwa semolao. Tiro e ne e thibetswe ka dingwaga di le 50! Le mororo go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 14 000 fela mo nageng yotlhe ka nako eo, go ile ga nna le batho ba ba fetang 46 000 ba ba neng ba tla mo dikokoanong tse pedi tse di neng tsa tshwarwa koo. Ke ne ka gelela dikeledi mo matlhong fa bakaulengwe ba ne ba re: “Ga re tlhole re tlhoka go iphitlha. Re gololesegile.”

Go tloga ka nako e ke neng ke tsaya maeto le Nathan go fitlha gompieno, ke sa ntse ke rata go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo—mo difofaneng, mo diresetšhurenteng—le mo mebileng. Ke tshwara dikgatiso ka metlha gore ke nne ke siametse go neela bosupi. Nako nngwe fa re ne re letetse sefofane se se neng se diegile, mosadi mongwe o ne a mpotsa gore ke bereka kae. Potso eo e ne ya dira gore ke nne le motlotlo le ene le ba bangwe ba ba neng ba le gaufi ba reeditse. Tirelo ya Bethele le tiro ya me ya go rera e nthusitse gore ke nne ke tshwaregile e bile ke itumetse.

Bolwetse le Mafoko a a kgothatsang a Taelano

Ka 1976, Nathan o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa kankere, mme nna le badiri ba bangwe ba Bethele, re ne ra mo thusa gore a itshokele bolwetse jono. Le mororo botsogo jwa gagwe bo ne bo koafalela go ya pele, re ne re tle re laletse maloko a a farologaneng a a tswang kwa diofising tsa makala go ralala lefatshe ba ka nako eo ba neng ba le kwa Brooklyn go tla go thapisiwa. Ke gakologelwa maeto a bo Don le Earlene Steele, Lloyd le Melba Barry, Douglas le Mary Guest, Martin le Gertrud Poetzinger, Pryce Hughes le ba bangwe ba bantsi. Gantsi ba ne ba tle ba re bolelele ka maitemogelo a ba nnileng le one kwa dinageng tsa bone. Se se neng se nkgatlha thata e ne e le maitemogelo a kafa bakaulengwe ba ba neng ba thibetswe ba neng ba nitame ka gone.

Fa Nathan a lemoga gore o tloga a tlhokafala, o ne a nnaya kgothatso e e molemo e e neng e tla nthusa go lebana le botlholagadi jwa me. O ne a re: “Re nnile le lenyalo le le itumedisang. Batho ba le bantsi ga ba ke ba nna le lenyalo le le ntseng jalo.” Sengwe se se neng sa dira gore lenyalo la rona e nne le le itumetseng e ne e le go bo Nathan a nkakanyetsa thata. Ka sekai, fa re kopana le batho ba ba farologaneng mo maetong a rona, o ne a tle a ntheye a re: “Audrey, fa ka dinako tse dingwe ke sa go itsise mo go bone, ke ka go bo ke lebetse maina a bone.” Ke ne ka itumela go bo a ile a mpolelela go sa le gale.

Nathan o ne a nkgakolola jaana: “Fa re sena go swa re tlhomamisega ka tsholofelo ya rona gore ga re kitla re tlhola re boga botlhoko gape.” Morago ga moo o ne a nkgothatsa a re: “Leba fela kwa pele gonne ke kwa mokgele wa gago o leng gone. O se ka wa akanya thata ka dilo tsa nako e e fetileng—le fa gone o tla nna o ntse o di gakologelwa. Kutlobotlhoko ya gago e tla fela fa nako e ntse e tsamaya. O se ka wa galefa le go ikutlwela botlhoko. Itumelele fela gore o ile wa nna le boitumelo jono le masego ano. Morago ga nakwana o tla bona gore go gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng go tla go tlisetsa boitumelo. Modimo o re file mpho ya go gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng.” O ne a oketsa jaana: “Nna o tshwaregile—leka go dirisa botshelo jwa gago o direla ba bangwe sengwe. Go tla go thusa gore o itumelele botshelo.” Kgabagare, ka June 8, 1977, Nathan o ne a fetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng.

Fa ke Nyalwa ke Glenn Hyde

Nathan o ne a mpoleletse gore nka nna ka akanya thata ka dilo tsa nako e e fetileng kgotsa ka itirela botshelo jo bosha. Ka jalo, ka 1978, fa ke sena go fudusediwa kwa Watchtower Farms kwa Wallkill, kwa New York, ke ne ka nyalwa ke Glenn Hyde, monna yo montle, yo o bonolo le yo o wetseng makgwafo. Pele ga a nna Mosupi, e ne e le mongwe wa masole a a lwang ka dikepe tsa ntwa fa United States e ne e lwa le Japane.

Glenn o ne a bereka mo sekepeng sa ntwa, mme o ne a abelwa go bereka mo phaposing ya enjene. Ka ntlha ya modumo wa enjene, o ne a sa tlhole a utlwa sentle. Morago ga ntwa, o ne a dira tiro ya go tima molelo. Ka dingwaga di le dintsi o ne a nna le ditoro tse di maswe ka ntlha ya se se diragetseng ka nako ya ntwa. O ne a utlwa boammaaruri jwa Baebele ka mokwaledi wa gagwe, yo o neng a mo neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo.

Moragonyana ka 1968, Glenn o ne a lalediwa go ya go direla kwa Bethele mo tirong ya go tima molelo kwa Brooklyn. Morago ga moo, fa Watchtower Farms e ne e nna le lephata la yone la go tima molelo, o ne a fudusediwa go ya go bereka teng ka 1975. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa Alzheimer. Morago ga gore re nyalane dingwaga di le lesome, Glenn o ne a tlhokafala.

Ke ne ke tla itshokela seno jang? Kgakololo e ke e filweng ke Nathan fa a ne a itse gore o tloga a tlhokafala e ne ya nkgomotsa gape. Ke ne ka nna ke bala dilo tse a neng a di nkwaletse malebana le kafa nka itshokelang botlholagadi ka teng. Ke sa ntse ke tlotlela ba bangwe ba ba swelwang ke balekane ba bone ka seno mme le bone ba gomodiwa ke kgakololo ya ga Nathan. Ee, go nthusa thata go leba kwa pele jaaka a ile a nkgothatsa.

Bakaulengwe ba ba Rategang

Selo se se ileng sa nthusa thata gore ke nne le botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang ke ditsala tse di rategang mo lelapeng la Bethele. Mongwe yo o kgethegileng mo go bone ke Esther Lopez, yo o neng a aloga kwa tlelaseng ya boraro ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ka 1944. O ne a boela Brooklyn ka February 1950 go tla go ranolela dikgatiso tsa rona tsa Baebele mo puong ya Se-Spain. Gantsi fa Nathan a ne a seyo, Esther e ne e le ene tsala ya me e kgolo. Le ene o mo Watchtower Farms. E re ka gone jaanong a le mo dingwageng tse di fa gare ga bo90, botsogo jwa gagwe bo koafalela pele mme o tlhokomelwa mo bookelong jwa rona.

Mo go ba lelapa la gaetsho, ke Russell le Clara fela ba ba sa ntseng ba tshela. Russell o na le dingwaga tse di fetang 90 mme o direla ka boikanyegi kwa Bethele ya kwa Brooklyn. E ne e le mongwe wa batho ba ntlha ba ba ileng ba nna kwa Bethele fa ba sena go nyala. Ka 1952, o ne a nyala kgaitsadi mongwe yo le ene a neng a le kwa Bethele e bong Jean Larson. Kgaitsadie Jean e bong Max o ne a tla Bethele ka 1939 mme a tlhatlhama Nathan go nna mookamedi wa bogatisetso ka 1942. Max o sa ntse a na le boikarabelo jo bogolo kwa Bethele, go akaretsa le go tlhokomela mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Helen yo o nang le bolwetse jwa multiple sclerosis.

Fa ke gakologelwa dingwaga tse di fetang 63 tsa go direla Jehofa ka nako e e tletseng, nka re tota botshelo jwa me e nnile jo bo itumedisang. Bethele e ne ya nna legae la me mme ke sa ntse ke direla mono ka boitumelo. Ke leboga batsadi ba me go bo ba ile ba re ruta go bereka le go direla Jehofa. Mme se se dirang gore botshelo jwa me e nne jo bo itumedisang ke bakaulengwe ba ba molemo le tsholofelo ya go tshela le bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng la paradaise, re direla Mmopi wa rona yo Mogolo, Modimo yo o esi wa boammaaruri e bong Jehofa ka bosakhutleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Batsadi ba me ka letsatsi la bone la lenyalo ka June 1912

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng: Russell, Wayne, Clara, Ardis, nna le Curtis ka 1927

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke eme fa gare ga Frances le Barbara McNaught, fa ke ne ke bula tsela ka 1944

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kwa Bethele ka 1951. Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng: Nna, Esther Lopez le mogadibo e bong Jean

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Nathan le batsadi ba gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Nathan ka 1955

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le Nathan kwa Hawaii

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le monna wa me wa bobedi e bong Glenn