Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go 2 Bakorintha 6:14, Paulo o ne a bua ka bomang fa a bua ka “ba ba sa dumeleng”?

Re bala jaana mo go 2 Bakorintha 6:14: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” Fa re sekaseka kgang e go buiwang ka yone, go bonala sentle gore Paulo o bua ka batho ba e seng karolo ya phuthego ya Bokeresete. Kgopolo eno e tshegediwa ke ditemana tse dingwe tsa Baebele tse mo go tsone Paulo a dirisang mafoko a a reng “yo o sa dumeleng” kana “ba ba sa dumeleng.”

Ka sekai, Paulo o kgalemela Bakeresete ka ntlha ya go ya kgotlatshekelong “fa pele ga ba ba sa dumeleng.” (1 Bakorintha 6:6) Mo temaneng eno, ba ba sa dumeleng, ke baatlhodi ba dikgotlatshekelo tsa Korintha. Mo lekwalong la gagwe la bobedi, Paulo a re Satane o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ Matlho a bano ba ba sa dumeleng a ‘sirilwe’ gore a se ka a bona dikgang tse di molemo. Bano ba ba sa dumeleng ga ba a ka ba dira maiteko ape a go direla Jehofa, e re ka pelenyana Paulo a ne a tlhalosa jaana: “Fa go retologelwa kwa go Jehofa, lesire leno le a tlosiwa.”—2 Bakorintha 3:16; 4:4.

Batho bangwe ba ba sa dumeleng ba dira ditiro dingwe tsa tlolomolao kana go obamela medingwana. (2 Bakorintha 6:15, 16) Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba sa dumeleng ba ba leng kgatlhanong le batlhanka ba ga Jehofa. Bangwe ba bone ba kgatlhegela boammaaruri. Ba le bantsi ba bone ba na le balekane ba lenyalo ba Bakeresete mme ba itumelela go nna le bone. (1 Bakorintha 7:12-14; 10:27; 14:22-25; 1 Petere 3:1, 2) Le fa go ntse jalo, Paulo o tswelela a dirisa polelo “yo o sa dumeleng” mo bathong ba e leng gore, jaaka go umakilwe fa godimo, ga se karolo ya phuthego ya Bokeresete, e e dirilweng ka “badumedi mo Moreneng.”—Ditiro 2:41; 5:14; 8:12, 13.

Molaomotheo o o fitlhelwang mo go 2 Bakorintha 6:14 ke kaelo e e molemo thata mo Bakereseteng mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a bone e bile o ile wa dirisiwa gantsi go naya Bakeresete ba ba batlang molekane wa lenyalo kgakololo e e botlhale. (Mathaio 19:4-6) Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng, yo o botlhale ga a batle molekane wa lenyalo mo gare ga batho ba ba sa dumeleng, e re ka melao ya bone ya boitsholo, mekgele le dilo tse ba di dumelang di farologane thata le tsa Bakeresete ba boammaaruri.

Mme gone, go tweng ka batho ba ba ithutang Baebele e bile ba kopanela le phuthego ya Bokeresete? Go tweng ka ba e leng baboledi ba ba sa kolobediwang? A batho bao ke ba ba sa dumeleng? Nnyaa. Batho ba ba amogetseng boammaaruri jwa dikgang tse di molemo mme ba gatela pele sentle go ya kolobetsong ga ba a tshwanela go bidiwa ba ba sa dumeleng. (Baroma 10:10; 2 Bakorintha 4:13) Pele ga Korenelio a kolobediwa o ne a bidiwa “monna yo o ineetseng le yo o boifang Modimo.”—Ditiro 10:2.

Mme gone, a go tla bo go le botlhale gore Mokeresete yo o ineetseng a ratane e bile a batle go nyalana le motho yo e leng mmoledi yo o sa kolobediwang, ka gonne fa re bua boammaaruri, kgakololo ya ga Paulo e e mo go 2 Bakorintha 6:14 e sa dire mo kgannyeng eno? Nnyaa, ga go botlhale go dira jalo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya kaelo e e tlhamaletseng e Paulo a neng a e naya batlholagadi ba Bakeresete. Paulo o ne a kwala jaana: “O gololesegile go nyalwa ke yo o mmatlang, e le mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Go dumalana le kgakololo eo, Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba rotloediwa go batla balekane ba lenyalo fela mo gare ga batho ba ba leng “mo Moreneng.”

Mafoko a a reng “mo Moreneng” le a a tshwanang le one a a reng “mo go Keresete,” a rayang? Mo go Baroma 16:8-10 le mo go Bakolosa 4:7, Paulo o bua ka batho ba ba neng ba le “mo go Keresete” kana “mo Moreneng.” Fa o bala ditemana tseo, o tla bona gore batho ba ba ntseng jalo ke badirimmogo,’ ‘ba ba amogelwang,’ ‘bakaulengwe ba ba rategang,’ ‘badiredi ba ba ikanyegang’ le ‘batlhanka mmogo.’

Motho o nna ‘motlhanka mo Moreneng’ leng? Seo se diragala fa, ka go rata, a dira se motlhanka a tshwanetseng go se dira e bile a iitatola. Jesu o tlhalosa jaana: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Motho o simolola go sala Keresete morago le go ineela ka botlalo go dira thato ya Modimo fa a ineela mo Modimong. Morago ga moo o ineela go kolobediwa a bo a nna modiredi yo o tlhomilweng yo o nang le boemo jo bo siameng fa pele ga Jehofa Modimo. * Ka jalo, ‘go nyala mo Moreneng’ go raya go nyalana le motho yo o bontshitseng sentle gore ke modumedi wa mmatota, “motlhanka [yo o kolobeditsweng] wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete.”—Jakobe 1:1.

Re tshwanetse go akgola motho yo o ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa le yo o gatetseng pele sentle semoyeng. Le fa go ntse jalo, ga a ise a ineele mo go Jehofa le go ineela mo botshelong jwa go direla le jwa go iintsha setlhabelo. O sa ntse a dira diphetogo tse di tlhokegang. O tlhoka go fetsa go dira diphetogo tse dikgolo tse di amanang le go nna Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng pele a ka batla go dira phetogo e nngwe e kgolo mo botshelong jwa gagwe, e e tshwanang le go nyala.

A go tla bo go le botlhale gore Mokeresete a ratane le motho yo go bonalang a gatetse pele sentle mo thutong ya gagwe ya Baebele—gongwe e le ka maikaelelo a gore o tla mo leta go fitlha a kolobediwa pele o nyalana le ene? Nnyaa. Go ka nna ga se ka ga bonala sentle gore motho yono yo o ithutang Baebele o ithuta ka maikaelelo afe fa a itse gore Mokeresete mongwe yo o kolobeditsweng o batla go mo nyala mme o letile pele gore a kolobediwe.

Gantsi motho e nna mmoledi yo o sa kolobediwang ka nakwana fela, go fitlha a gatetse pele sentle gore a ka kolobediwa. Ka jalo kgakololo e e fa godimo ya gore motho a nyale fela mo Moreneng e a utlwala. Le fa go ntse jalo, go tweng fa motho a ratana le motho yo o godileng sentle go ka nyalwa, a godisitswe mo lelapeng la Bakeresete, a na le dingwaga di se kae a kopanela le phuthego e bile e le mmoledi yo o sa kolobediwang? Tota, ke eng se se mo thibeletseng gore a neele Jehofa botshelo jwa gagwe ka go kolobediwa? Ke ka ntlha yang fa a okaoka? A o na le dipelaelo? Le fa gone e se yo o sa dumeleng, go ka se buiwe ka ene go twe o “mo Moreneng.”

Kgakololo ya ga Paulo ka lenyalo e solegela rona molemo. (Isaia 48:17) Fa batho boobabedi ba ba batlang go nyalana ba ineetse mo go Jehofa, boineelo jwa bone mo go yo mongwe bo theilwe mo motheong o o nitameng wa semoya. Ba na le melaometheo e e tshwanang le mekgele e e tshwanang. Seno se na le seabe se segolo mo go reng ba nne le lenyalo le le itumetseng. Mo godimo ga moo, fa motho a ‘nyala fela mo Moreneng,’ go bontsha gore o a ikanyega mo go Jehofa mme seo se dira gore a nne le masego a mantsi, ka gonne Jehofa “o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pesalema 18:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba Paulo a simolotseng a kwalela bone, go nna “motlhanka mo Moreneng” go ne go akaretsa le go tlodiwa jaaka barwa ba Modimo le barwarraagwe Keresete.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jehofa “o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang”