Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Kwaletsweng Noa

Lekwalo le le Kwaletsweng Noa

Lekwalo le le Kwaletsweng Noa

“NOA yo o rategang, ke badile ka ga gago ka makgetlho a le mmalwa mo Baebeleng le kafa o ileng wa aga araka e e ileng ya boloka wena le ba lelapa la gago mo Morwaleleng ka teng.”

Minnamaria, mosetsana wa dingwaga di le 15 yo o neng a tsenetse kgaisano ya go kwala ya baithuti ba dingwaga di le 14 go ya go 21 o ne a simolola lekwalo la gagwe ka mafoko ano. Kgaisano eno e ne e rulagantswe ke ba tirelo ya poso ya kwa Finland, ya Federation for Finnish Mother Tongue Teachers le Finnish Literature Society. Bagaisani ba ne ba tshwanetse go kwala lekwalo ka buka nngwe. Lekwalo le ne le ka nna la kwalelwa mokwadi wa buka kgotsa moanelwa mongwe mo go yone. Barutabana ba ne ba tlhopha makwalo a a fetang 1 400 mo ditlhamong tse baithuti ba di kwadileng mme ba bo ba di romela kwa baatlhoding ba kgaisano eo. Baatlhodi bano ba ne ba tlhopha tlhamo e le nngwe e e di gaisitseng tsotlhe, di le lesome tse di tsayang maemo a bobedi le tse dingwe gape tse di tsayang maemo a boraro. Minnamaria o ne a itumela fa lekwalo la gagwe le ne le tsentswe mo setlhopheng sa maemo a boraro.

Ke ka ntlha yang fa Minnamaria yo e leng moithuti wa dingwaga tsa bolesome a ne a tlhopha go kwalela Noa, monna yo o tshetseng dingwaga di le 5 000 tse di fetileng? O akgela jaana: “Baebele e ne le selo sa ntlha se ke neng ka akanya ka sone. Ke tlwaelane thata le batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ke badile thata jaana ka bone mo e keteng ba sa ntse ba tshela. Ke ile ka tlhopha Noa ka gonne o ne a tshela botshelo jo bo kgatlhang thata jo bo farologaneng le jo nna ke bo tshelang.”

Lekwalo le Minnamaria a le kwaletseng Noa le konela jaana: “O sa ntse o le sekao sa motho yo o nang le tumelo le yo o kutlo. Botshelo jwa gago bo kgothatsa batho botlhe ba ba balang Baebele gore ba bontshe tumelo ya bone ka ditiro.”

Lekwalo leno le le kwadilweng ke mmadi yo mosha wa Baebele le bontsha gore tota Baebele ‘e a tshela e bile e naya batho maatla,’ bannye le ba bagolo.—Bahebera 4:12.