Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruri Modimo o a Amega ka Wena

Ruri Modimo o a Amega ka Wena

Ruri Modimo o a Amega ka Wena

GO TLWAELEGILE gore re rapele Modimo fa re le mo mathateng. Ka gonne “o mogolo e bile o na le maatla a magolo; tlhaloganyo ya gagwe e ka se ka ya anelwa.” (Pesalema 147:5) Ke ene motho yo tota a ka kgonang go re thusa go lebana le mathata a rona. Mo godimo ga moo, Baebele e re kgothaletsa gore re ‘tshololele pelo ya rona’ kwa go ene. (Pesalema 62:8) Ka jalo, ke ka ntlha yang fa ba le bantsi ba akanya gore Modimo ga a arabe dithapelo tsa bone? A seo se bolela gore ga a kgathale?

Go na le gore o itlhaganelele go pega Modimo molato wa gore go bonala a sa re sepe ka mathata a gago, akanya ka nako ya fa o ne o sa ntse o le ngwana. Fa batsadi ba gago ba ne ba sa go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka nako e o se batlang ka yone, a o ne o tle o ba beye molato wa gore ga ba go rate? Bana ba le bantsi ba dira jalo. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o gola, o ne wa lemoga gore lorato lo bontshiwa ka ditsela di le dintsi le gore go naya ngwana sengwe le sengwe fela se a se kopang ga se go mo rata.

Ka tsela e e tshwanang fa ka dinako dingwe Jehofa a sa arabe dithapelo tsa rona jaaka re ne re solofetse, seno ga se bolele gore o a re itlhokomolosa. Boammaaruri ke gore Modimo o re bontsha rotlhe gore o a re kgathalela ka ditsela di le dintsi.

“Ka Ene Re na Le Botshelo”

Selo sa ntlha fela, ke ka ntlha ya Modimo go bo ‘re na le botshelo mme re tshikhinyega e bile re le gone.’ (Ditiro 17:28) Ruri ga go pelaelo gore Modimo o re neile botshelo ka gonne a amega ka tsela e e lorato ka rona!

Mo godimo ga moo, Jehofa o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go tswelela re tshela. Re bala jaana: “O dira gore bojang jo botala bo tlhogele dibatana, le dimela gore di dirisiwe ke batho, go dira gore dijo di tlhoge mo lefatsheng.” (Pesalema 104:14) Totatota Mmopi wa rona o dira se se fetang fela go re naya dilo tse re di tlhokang mo botshelong. Ka bopelotshweu o re naya “dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa [rona] ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.”—Ditiro 14:17.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o re rata thata jaana, ke ka ntlha yang fa a letla gore re boge?’ A o itse karabo ya potso eo?

A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

Bontsi jwa mathata a batho ba nang le one ke a ba ipaketseng one. Ka sekai, batho ba itse sentle ka ditiro tse di ka ba tsenyang mo kotsing. Le fa go ntse jalo, ba nna le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi tse dingwe ka tsela e e sa tshwanelang, ba goga motsoko mme ba tshameka metshameko e e kotsi, ba kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo, jalo le jalo. Fa go itshwara ka tsela e e ntseng jalo e e ka ba tsenyang mo kotsing go ba tlisetsa mathata, ke mang yo o tshwanetseng go pegwa molato? A ke Modimo kgotsa ke ene motho yoo yo o itsentseng mo kotsing? Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng la re: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

Mo godimo ga moo, gantsi batho ka bobone ba na le go utlwisana botlhoko. Fa setšhaba sengwe se bolotsa ntwa, tota ga re ka ke ra pega Modimo molato wa pogo e e tla nnang teng ka ntlha ya ntwa. Fa sekebekwa se tlhasela moagi mmogo, a re tshwanetse go pega Modimo molato fa sekebekwa seno se feleletsa se mo gobaditse kgotsa se mmolaile? Legoka! Fa mmusaesi a gatelela batho ba ba kafa tlase ga gagwe, a ba tlhokofatsa a bo a ba bolaya, a re tshwanetse go pega Modimo molato ka seo? Ga go utlwale go dira jalo.—Moreri 8:9.

Jaanong go tweng ka dimilione tse di tshelelang mo khumanegong kgotsa tse di bolawang ke tlala? A re tshwanetse go pega Modimo molato ka seo? Nnyaa. Legae la rona e leng lefatshe, le ntsha dijo tse di lekaneng go ka fepa batho botlhe. (Pesalema 10:2, 3; 145:16) Selo se se bakang gore leuba le khumanego di aname jaana, ke tsela e e sa lekalekaneng e letlepu leno la dijo tse Modimo a re neileng tsone le abiwang ka yone. Mme bopelotshetlha jwa batho bo dira gore bothata jono bo se ka jwa rarabologa.

Selo se Tota se Bakileng Mathata a Rona

Le fa go ntse jalo, ke mang yo o tshwanetseng go pegwa molato fa motho a lwala a bo a swa ka ntlha ya botsofe? A go a go gakgamatsa go utlwa gore le seo ga se se Modimo a se bakang? Modimo ga a bopa motho gore a tsofale a bo a swe.

Fa batho ba babedi ba ntlha e bong Adame le Efa ba ne ba bewa mo tshimong ya Edene, Jehofa o ne a ba naya tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore o ne a batla gore lefatshe le tladiwe ka batho ba ba neng ba tla anaanela boswa jono. Ke ka tsela eo a neng a dira gore go tshela ga bone ka bosakhutleng go ikaege ka gore a ba tla mo utlwa kgotsa nnyaa. Adame le Efa ba ne ba tla tswelela ba tshela mo Paradaiseng fa fela ba ne ba ka nna ba ikobela Mmopi wa bone yo o lorato.—Genesise 2:17; 3:2, 3, 17-23.

Ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba tsuologa. Efa o ne a tlhopha go reetsa Satane Diabolo. Tota Satane o ne a mo aketsa a re Modimo o mo ganela ka sengwe se se molemo. Ka jalo o ne a simolola botshelo jwa go itaola mme a batla go “tshwana le Modimo, [a] itse molemo le bosula.” Adame o ne a kopanela le ene mo botsuoloding jwa gagwe.—Genesise 3:5, 6

Fa Adame le Efa ba ne ba leofa ka tsela eno, ba ne ba itshupa ba sa tshwanela go tshela ka bosakhutleng. Ba ne ba simolola go kokonelwa ke manokonoko a boleo. Maatla a ba neng ba na le one a ne a fokotsega mme kgabagare ba swa. (Genesise 5:5) Le fa go ntse jalo, botsuolodi jwa bone bo nnile le diphelelo tse di masisi thata. Re sa ntse re utlwalelwa ke manokonoko ano a boleo jwa ga Adame le Efa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho [Adame] a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ee, ka ntlha ya botsuolodi jwa ga Adame le Efa, boleo le loso di ne tsa anamela mo bathong botlhe jaaka bolwetse jo bo kotsi.

Bosupi jo Bogolo Jwa Gore Modimo o a Amega

A seno se bolela gore batho ba Modimo a ba bopileng ba ne ba senyeditswe ruri? Nnyaa, jaanong mono re bona sesupo sa konokono se se bontshang gore Modimo o a amega ka rona. Modimo o ne a duela tlhwatlhwa e kgolo thata mme a neela batho sengwe se se neng se tla ba golola mo boleong le mo losong. Tlhwatlhwa ya thekololo eo e ne e le botshelo jo bo itekanetseng jwa ga Jesu, jo a neng a re ntshetsa jone ka go rata. (Baroma 3:24) Ke gone ka moo moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Mme ka ntlha ya tsela eno e e tlhomologileng e a neng a bontsha lorato ka yone, re na gape le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng. Fa Paulo a ne a kwalela Baroma o ne a re: “Ka tiro e le nngwe ya tshiamiso batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bolelwe e le ba ba siametseng botshelo.”—Baroma 5:18.

Re ka tlhomamisega gore ka nako e Modimo a e beileng, ga go kitla go tlhola go nna le pogo le loso mo polaneteng eno e leng Lefatshe. Go na le moo, go tla bo go rena maemo a a bonetsweng pele mo bukeng ya Tshenolo: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) O ka nna wa re, ‘Ke tla bo ke sa tlhole ke tshela fa dilo tseo di direga.’ Le fa go ntse jalo, gone o ka nna wa swa. Mme le fa o ka swa, Modimo a ka go tsosa mo baswing. (Johane 5:28, 29) Seo ke sone se Modimo a re solofeditseng sone mme ke sone se se tla diregang. Tota ga se boammaaruri go bua gore Modimo ga a amege ka batho!

“Atamelang Modimo”

Go a kgothatsa go itse gore Modimo o simolotse thulaganyo e e tla baakanyetsang ruri bothata jwa go boga ga batho. Jaanong go tweng ka mathata a a re tlhagelang gone jaanong? Re ka dirang fa re swelwa ke mongwe yo re mo ratang kgotsa fa ngwana mongwe wa rona a lwala? Gone ga e ise e nne nako e Modimo a e beileng go tlosa bolwetse le loso. Baebele e bolela gore re tla tshwanelwa ke go leta lobakanyana gore seo se direge. Mme gone Modimo ga a re tlhokomologa fela. Morutwa Jakobe o ne a re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ee, Mmopi wa rona o re laletsa gore re nne le kamano e e gaufiufi le ene, mme ba ba nnang le kamano eo le ene, ba utlwa tsela e a ba tshegetsang ka yone tota le mo dinakong tse di thata.

Re ka atamalana jang le Modimo? Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le tharo tse di fetileng, Kgosi Dafide le ene o ne a botsa potso eo a re: “Jehofa, . . . ke mang yo o tla agang mo thabeng ya gago e e boitshepo?” (Pesalema 15:1) Dafide o ne a araba potso eo ya gagwe fa a ne a tswelela a re: “Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe. Ga a a senya batho leina ka loleme lwa gagwe. Ga a a direla molekane wa gagwe sepe se se bosula.” (Pesalema 15:2, 3) Tota re ka re Jehofa o amogela batho ba ba tsamayang mo tseleng e Adame le Efa ba neng ba e gana. O atamalana le ba ba dirang thato ya gagwe.—Duteronome 6:24, 25; 1 Johane 5:3.

Re ka dira jang thato ya Modimo? Re tshwanetse go ithuta se se ‘molemo e bile se amogelesega mo ponong ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo’ mme re tlhophe go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. (1 Timotheo 2:3) Seno se akaretsa go nna le kitso e e tlhomameng ka Lefoko la Modimo e leng Baebele. (Johane 17:3; 2 Timotheo 3:16, 17) Mme seno ga se kgang ya go bala Baebele re feta fela. Re tshwanetse go etsa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Berea ba ba neng ba utlwa Paulo fa a ne a ba rerela. Re bala jaana ka bone: “Ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Fela jalo le gompieno, go ithuta Baebele ka kelotlhoko go nonotsha tumelo ya rona mo Modimong mme go re thusa go nna le kamano e e gaufiufi le ene. (Bahebera 11:6) Gape go re thusa go tlhaloganya sentle kafa Jehofa a dirisanang ka gone le batho—e seng fela gore ba bone melemo ya nakwana mme gore ba ba nang le tshekamelo ya tshiamo ba bone melemo e e tla nnelang ruri.

Ela tlhoko kafa Bakeresete ba le mmalwa ba ba nang le kamano e e gaufi le Modimo ba ikutlwang ka gone. Danielle yo o nang le dingwaga di le 16 a re: “Ke rata Jehofa thata, e bile go na le dilo di le dintsi thata tse ke batlang go mo lebogela tsone. O mphile batsadi ba ba lorato ba ba mo ratang tota le ba ba nthutileng go dumalana le Lefoko la gagwe.” Mokeresete mongwe wa kwa Uruguay o ne a kwala jaana: “Pelo ya me e phophoma ka kanaanelo, mme ke tlhotlheletsega go leboga Jehofa ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang le botsalano jwa gagwe.” Modimo o amogela le eleng bana. Gabriela wa dingwaga di le supa o bolela jaana: “Ke rata Modimo go feta dilo tsotlhe mo lefatsheng ka bophara! Ke na le Baebele ya me. Ke rata go ithuta ka Modimo le ka Morwawe.”

Gompieno dimilione tsa batho lefatshe ka bophara ba dumalana ka peloyotlhe le mopesalema yo o neng a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.” (Pesalema 73:28) Ba ne ba thusiwa go lebana le mathata a ba nnang le one gone jaanong mme ba tlhomamisegile gore ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise. (1 Timotheo 4:8) Ke ka ntlha yang fa o sa itlhomele mokgele wa go ‘atamela Modimo’? Ruri re tlhomamisediwa jaana: ‘Ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Ee, ruri Modimo o a amega ka wena!

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Re bona ka ditsela di le dintsi gore Jehofa o a amega ka rona

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tota le bana ba bannye ba ka atamalana le Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Gompieno Jehofa o re thusa go itshoka. Mo nakong e e tshwanetseng, o tla tlosa bolwetse le loso