Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tsamayang lo Dire Barutwa’

‘Tsamayang lo Dire Barutwa’

‘Tsamayang lo Dire Barutwa’

‘Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Jalo tsamayang mme lo dire barutwa.’—MATHAIO 28:18, 19.

1, 2. (a) Ke tiro efe e Jesu a neng a e laela balatedi ba gagwe? (b) Re tla sekaseka dipotso dife tse di amanang le ditaelo tsa ga Jesu?

E NE e le letsatsi la dikgakologo kwa Iseraele ka 33 C.E., mme Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba kokoane fa thabeng kwa Galalea. Morena wa bone yo o sa tswang go tsosiwa mo baswing o ne a tla tloga a tlhatlogela legodimong, le fa go ntse jalo, o ne a na le sengwe se se botlhokwa se a batlang go ba bolelela sone pele ga a kgaogana le bone. Jesu o ne a na le tiro e a batlang gore ba e dire. Tiro eo e ne e le efe? Barutwa ba ne ba e tsibogela jang? Mme tiro eo e re ama jang rona gompieno?

2 Se Jesu a ileng a se bua le bone se kwadilwe mo go Mathaio 28:18-20: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Jesu o ile a bua ka “taolo yotlhe,” “ditšhaba tsotlhe,” “dilo tsotlhe,” le “malatsi otlhe.” Mafoko ano a gagwe a tsosa dipotso dingwe tse di botlhokwa, tse di ka sobokanngwang ka mafoko a a reng, ka ntlha yang? kae? eng? le leng? A re sekaseke nngwe le nngwe ya dipotso tseno ka bongwe ka bongwe. *

“Taolo Yotlhe ke e Neilwe”

3. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela taelo ya gore re dire barutwa?

3 Sa ntlha, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela taelo ya gore re dire barutwa? Jesu o ile a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa.” Lefoko “jalo” le re lemotsha lebaka la go bo re tshwanetse go ikobela taelo eno. Ke ka gonne Jesu, ene yo o laetseng tiro eno, o na le “taolo yotlhe.” O neilwe taolo e e kana kang?

4. (a) Jesu o na le taolo e kgolo go le kana kang? (b) Tsela e re tlhaloganyang taolo e Jesu a nang le yone ka yone e tshwanetse go tlhotlheletsa jang maikutlo a rona ka taelo ya gore re dire barutwa?

4 Jesu o na le taolo mo phuthegong ya gagwe, mme fa e sa le ka 1914 o ile a nna le taolo mo Bogosing Jwa Modimo jo bo sa tswang go tlhomiwa. (Bakolosa 1:13; Tshenolo 11:15) Ke moengele yo mogolo ka jalo o na le taolo mo lesomosomong la selegodimo la baengele ba ba dimilionemilione. (1 Bathesalonika 4:16; 1 Petere 3:22; Tshenolo 19:14-16) Rraagwe o mo neile taolo ya go nyeletsa “puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla” a a kgatlhanong le melaometheo ya gagwe e e siameng. (1 Bakorintha 15:24-26; Baefeso 1:20-23) Taolo ya ga Jesu ga e felele fela mo bathong ba ba tshelang. Gape ke “moatlhodi wa batshedi le baswi” e bile Modimo o mo neile maatla a go tsosa batho ba ba robetseng mo losong. (Ditiro 10:42; Johane 5:26-28) Ga go pelaelo gore re tshwanetse go tsaya taelo e re e neilweng ke Motho yo o nang le taolo e kgolo go le kalo e le botlhokwa go feta dilo tsotlhe. Ka gone, ka go rata le ka tlotlo re ikobela taelo ya ga Keresete ya gore re ‘tsamaye re ye go dira barutwa.’

5. (a) Petere o ile a ikobela mafoko a ga Jesu jang? (b) Tsela e Petere a ileng a ikobela ditaelo tsa ga Jesu ka yone e ne ya dira gore a nne le masego afe?

5 Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a ruta barutwa ba gagwe ka tsela e e gakgamatsang gore go tsaya taolo ya gagwe tsia le go ikobela ditaelo tsa gagwe go tla ba leretse melemo e le mentsi. Nako nngwe o ne a raya Petere, yo e neng e le motshwari wa ditlhapi, a re: “Suteletsa kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware.” Petere o ne a tlhomamisegile gore ga go na ditlhapi foo, ka jalo a raya Jesu a re: “Morutisi, re dirile ka natla bosigo jotlhe mme ga re a tshwara sepe.” Le fa go ntse jalo, Petere o ne a oketsa jaana ka boikokobetso: “Mme ka taelo ya gago ke tla digela matloa kwa tlase.” Fa Petere a sena go ikobela taelo ya ga Keresete, o ne a tshwara “ditlhapi di le dintsi thata.” Ka ntlha ya go gamarega, Petere o ne a “wela fa fatshe fa mangoleng a ga Jesu, a re: ‘Tloga fa go nna, ka gonne ke monna yo o nang le boleo, Morena.’” Le fa go ntse jalo Jesu o ile a araba jaana: “Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:1-10; Mathaio 4:18) Re ithuta eng go tswa mo pegong eo?

6. (a) Pego e e kaga go tshwara ditlhapi ka tsela ya kgakgamatso e bontsha eng malebana le tsela e Jesu a batlang gore a ikobelwe ka yone? (b) Re ka etsa Jesu jang?

6 Jesu o ne a abela Petere, Anderea le baaposetoloi ba bangwe tiro ya go ‘nna batshwari ba batho,’ morago ga gore ba tshware ditlhapi ka tsela e e gakgamatsang, e seng pele ga moo. (Mareko 1:16, 17) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a sa batle gore ba mo ikobele fela kwantle ga lebaka. O ne a dira gore banna bano ba nne le lebaka le le tlhatswang pelo la go mo ikobela. Fela jaaka go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba digele matloa a bone go ile ga dira gore ba nne le matswela a ba sa a lebelelang, go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba ‘nne batshwari ba batho’ le gone go ne go tla dira gore ba bone masego a magolo. Baaposetoloi ba ile ba dira fela jaaka Jesu a ne a ba laela ba sa belaele sepe. Pego eno e bolela jaana: “Ba busetsa mekoro morago kwa lefatsheng, mme ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.” (Luke 5:11) Gompieno fa re ntse re kgothaletsa batho ba bangwe go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa, re etsa sekao sa ga Jesu. Ga se fela gore re batla batho ba dira se re ba bolelelang sone, go na le moo, re ba naya mabaka a a tlhatswang pelo a gore ke eng fa ba tshwanetse go ikobela taelo ya ga Keresete.

Mabaka a a Tlhatswang Pelo le Maitlhomo a a Siameng

7, 8. (a) Mangwe a mabaka a Dikwalo a go bo re rera ka Bogosi le go dira barutwa ke afe? (b) Ke lekwalo lefe le e leng lone le go tlhotlheletsang thata gore o tswelele ka tiro ya go rera? (Bona le mokwalo o o kwa tlase.)

7 Re nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa ka gonne re ikobela taolo ya ga Keresete. Ke mabaka afe a mangwe a Dikwalo a go dira tiro eno a re ka a dirisang go thusa batho ba re batlang go ba tlhotlheletsa go dira ditiro tse di molemo? Akanya ka dikakgelo tseno tse di ileng tsa buiwa ke Basupi ba se kae ba ba ikanyegang ba dinaga tse di farologaneng, mme o ele tlhoko kafa dikwalo tse di umakilweng fano di tshegetseng dikakgelo tsa bone ka teng.

8 Roy, yo o kolobeditsweng ka 1951, a re: “Fa ke ne ke ineela mo go Jehofa, ke ne ka mo solofetsa gore ke tla mo direla ka metlha. Ke batla go dira fela jaaka ke mo solofeditse.” (Pesalema 50:14; Mathaio 5:37) Heather, yo o kolobeditsweng ka 1962, a re: “Fa ke akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a ntiretseng tsone, ke ikutlwa ke tlhotlheletsega go mmontsha gore ke a mo leboga ka go mo direla ka boikanyegi.” (Pesalema 9:1, 9-11; Bakolosa 3:15) Hannelore, yo o kolobeditsweng ka 1954, a re: “Nako le nako fa re le mo bodireding, re engwa nokeng ke baengele—a tshiamelo e kgolo ruri!” (Ditiro 10:30-33; Tshenolo 14:6, 7) Honor, yo o kolobeditsweng ka 1969, a re: “Fa nako ya ga Jehofa ya katlholo e fitlha, ga ke batle ope wa baagelani ba me a nna le lebaka la go pega Jehofa le Basupi ba gagwe molato wa gore ba ile ba mo tlhokomologa ka go re, ‘ga go na ope yo o kileng a ntlhagisa!’” (Esekiele 2:5; 3:17-19; Baroma 10:16, 18) Claudio, yo o kolobeditsweng ka 1974, a re: “Fa re rera, re a bo re le mo ‘ponong ya Modimo’ e bile re ‘patilwe ke Keresete.’ A ko o akanye fela! Ka nako ya fa re le mo bodireding re a bo re patilwe ke Ditsala tsa rona tse di molemo go gaisa tsotlhe.”—2 Bakorintha 2:17. *

9. (a) Pego e e kaga go tshwara ditlhapi ga ga Petere le baaposetoloi ba bangwe e senola eng malebana le go nna le maitlhomo a a siameng fa re ikobela Keresete? (b) Gompieno maitlhomo a a siameng a go ikobela Modimo le Keresete ke afe, mme ka ntlha yang?

9 Pego e e kaga go tshwara ditlhapi ka tsela e e gakgamatsang gape e bontsha botlhokwa jwa go nna le maitlhomo a a siameng a go ikobela Keresete, e leng lorato. Fa Petere a ne a re, “Tloga fa go nna, ka gonne ke monna yo o nang le boleo,” Jesu o ne a se ka a tloga fa go Petere kana go mmona molato wa boleo bongwe. (Luke 5:8) Tota e bile Jesu o ne a se ka a tshwaya Petere phoso ya go mo kopa gore a tloge fa go ene. Go na le moo, Jesu o ne a mo araba jaana ka bopelonomi: “Tlogela go boifa.” Go ikobela Keresete ka ntlha ya poifo e e sa siamang e ne e se kitla e nna maitlhomo a a siameng. Go na le moo, Jesu o ne a bolelela Petere gore ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba tla dira tiro e e molemo ya go nna batshwari ba batho. Gompieno, le rona ga re pateletse batho go ikobela Keresete ka go ba tsenya poifo kana go dira gore ba nne le maikutlo mangwe a a sa siamang, a a jaaka go ikutlwa ba le molato kana ba tlhabiwa ke ditlhong. Jehofa o itumedisiwa fela ke fa batho ba mo ikobela ka moya otlhe ka ntlha ya go bo ba mo rata le ka go bo ba rata Keresete.—Mathaio 22:37.

“Lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”

10. (a) Ke ntlha efe kaga taelo ya ga Jesu e e neng ya dira gore barutwa ba gagwe ba lebane le kgwetlho e kgolo? (b) Barutwa ba ne ba tsibogela taelo ya ga Jesu jang?

10 Potso ya bobedi e re ka e botsang malebana le taelo ya ga Keresete ke go re, Tiro eno ya go dira barutwa e tshwanetse go dirwa kae? Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Pele ga bodiredi jwa ga Jesu, batho ba ditšhaba ba ne ba amogelwa fa ba tla go ikopanya le Iseraele go tla go direla Jehofa. (1 Dikgosi 8:41-43) Jesu ka boene o ne a dira tiro ya go rera segolobogolo mo Bajudeng, mme jaanong o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ye go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe. Tota tshimo e barutwa ba gagwe ba neng ba ntse ba rera mo go yone e ne e le nnye—e akaretsa fela Bajuda ba tlholego—mme jaanong e ne e tla tloga e akaretsa batho botlhe mo lefatsheng. Le fa gone phetogo eno e ne e leretse barutwa kgwetlho e kgolo, ba ne ba ikobela taelo ya ga Jesu kwantle ga go okaoka. Mo dingwageng tse di sa feteng 30 morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Paulo o ne a ka kwala a bolela gore dikgang tse di molemo di ne di rerwa “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo,” e seng fela mo Bajudeng.—Bakolosa 1:23.

11. Ke koketsego efe e e ileng ya direga fa e sa le mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga mo tshimong e go dirwang tiro ya go dira barutwa mo go yone?

11 Bosheng jaana tiro e e tshwanang le eo ya go atolosa tshimo e go rerwang mo go yone e ile ya dirwa. Kwa masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, tiro ya go rera e ne e dirwa mo dinageng di le mmalwa fela. Le fa go ntse jalo, balatedi ba ga Keresete ka nako eo ba ne ba etsa sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mme ka tlhoafalo ba oketsa tshimo e ba rerang mo go yone. (Baroma 15:20) Fa dingwaga tsa bo1930 di ne di simologa, ba ne ba dira tiro ya go dira barutwa mo dinageng di le lekgolo. Gompieno, tiro ya rona ya go dira barutwa e dirwa mo dinageng tse 235.—Mareko 13:10.

“Mo Dipuong Tsotlhe”

12. Ke kgwetlho efe e boporofeti jo bo mo go Sekarea 8:23 bo e gatelelang?

12 Go dira barutwa mo ditšhabeng tsotlhe ke kgwetlho e e boitshegang e seng fela ka ntlha ya bogolo jwa tshimo mme gape le ka ntlha ya dipuo tse dintsi tse di buiwang ke batho ba ditšhaba tseno. Jehofa o ne a bolelela pele jaana a dirisa Sekarea: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Fa boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e kgolwane, “monna yo e leng Mojuda” o emela masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng, mme “batho ba le lesome” bone ba emela “boidiidi jo bogolo.” * (Tshenolo 7:9, 10; Bagalatia 6:16) Boidiidi jono jo bogolo jwa barutwa ba ga Keresete bo ne bo tla fitlhelwa mo ditšhabeng di le dintsi mme jaaka fa Sekarea a boletse, ba ne ba tla bo ba bua dipuo tse dintsi tse di farologaneng. A ditiragalo tsa segompieno tsa batho ba Modimo di supa sengwe ka karolo eo ya go dira barutwa? Ee, go ntse jalo.

13. (a) Ke phetogo efe e e ileng ya nna gone mo bathong ba Modimo gompieno malebana le dipuo tse ba di dirisang? (b) Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ile sa tsibogela jang tsela e dijo tsa semoya di tlhokegang ka yone ka dipuo tse di farologaneng? (Akaretsa le lebokoso la “Dikgatiso Tsa Difofu.”)

13 Ka 1950 puo e e neng e buiwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le 3 mo go ba le 5 mo lefatsheng lotlhe e ne e le Seesemane. Ka 1980 palo eo e ne ya fetoga go nna Basupi ba le 2 mo go ba le 5, mme gompieno Basupi ba ba buang Seesemane ke a le 1 mo go bangwe le bangwe ba ba 5. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ile sa tsibogela jang phetogo eno? Se ile sa e tsibogela ka go dira gore dijo tsa semoya di nne gone ka dipuo tse dingwe tse dintsi. (Mathaio 24:45) Ka sekai, ka 1950 dibuka tsa rona di ne di gatisiwa ka dipuo tse 90, mme gompieno palo eo e oketsegile go nna dipuo tse 400. A kgato eno ya go oketsa matsapa a a dirwang go thusa batho ba dipuo tse di farologaneng e ile ya nna le matswela? Ee! Palogare ya batho ba ka nna 5 000 ‘ba ba tswang mo ditemeng tsotlhe’ ba nna barutwa ba ga Keresete beke le beke! (Tshenolo 7:9) Mme koketsego eno e ntse e tswelela pele. Mo dinageng dingwe koketsego eno e nna e kgolo thata!—Luke 5:6; Johane 21:6.

Bodiredi jo bo Itumedisang—A o Ka Nna le Seabe mo go Jone?

14. Re ka thusa jang batho ba ba mo tshimong ya rona ba ba buang puo e sele? (Akaretsa le lebokoso la “Go Dirisa Puo ya Diatla go Dira Barutwa.”)

14 Mo dinageng di le dintsi, baboledi ba tshwanelwa ke go dira batho ba ‘dipuo tsotlhe’ barutwa mo tshimong ya bone ka ntlha ya batswakwa ba bantsi ba ba fudugelang mo dinageng tseno. (Tshenolo 14:6) Re ka thusa jang batho ba ba mo tshimong ya rona ba ba buang puo e sele? (1 Timotheo 2:4) Ka go dirisa didirisiwa tse di tshwanetseng. Abela batho bao dikgatiso tsa puo ya bone. Fa go kgonega, rulaganya le Mosupi yo o buang puo ya bone gore a ba etele. (Ditiro 22:2) Go dira dithulaganyo tse di ntseng jalo jaanong go motlhofo e re ka Basupi ba le bantsi ba ithutile go bua dipuo di sele go thusa batswakwa go nna barutwa ba ga Keresete. Dipego di bontsha gore go thusa batho ka tsela e e ntseng jalo go na le matswela a a itumedisang.

15, 16. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore motho o nna le matswela fa a thusa batho ba dipuo di sele? (b) Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone malebana le go thusa mo tshimong ya dipuo di sele?

15 Akanya ka dikai tse pedi go tswa kwa Netherlands, koo tiro ya go rera ka Bogosi e dirwang teng ka dipuo di le 34. Banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba ithaopela go ya go dira tiro ya go dira barutwa mo tshimong ya batswakwa ba ba buang Se-Poland. Ba ile ba nna le matswela a a molemo thata jaana mo monna wa teng a ileng a tshwanelwa ke go fokotsa nako ya gagwe ya tiro ya boitshediso e le gore a nne le letsatsi le lengwe le le oketsegileng mo bekeng go ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Go ise go ye kae, ke fa banyalani bano ba tshwarela batho ba le 20 dithuto tsa Baebele beke nngwe le nngwe. Ba ile ba akgela jaana: “Bodiredi jwa rona bo re itumedisa fela thata.” Batho ba ba dirang batho barutwa ba itumela le e leng go feta fa batho ba ba utlwang boammaaruri jwa Baebele ka dipuo tsa bone ba tlhotlheletsega go bontsha kanaanelo. Ka sekai, ka nako ya pokano nngwe e e neng e e tshwerwe ka Se-Vietnam, monnamogolo mongwe o ne a ema ka dinao mme a kopa tetla ya go bua. O ne a raya Basupi jaana a geletse dikeledi: “Ke lo lebogela matsapa a lo a tsayang go ithuta puo ya me e e seng motlhofo. Ke itumelela go ithuta dilo tse dintsi tse di molemo go tswa mo Baebeleng le mororo ke setse ke tsofetse.”

16 Ka gone, ga go gakgamatse go bo batho ba ba direlang mo diphuthegong tsa dipuo di sele ba ikutlwa ba segofetse thata. Banyalani bangwe go tswa kwa Boritane ba ile ba re: “Bodiredi jwa rona mo tshimong ya dipuo di sele ke mofuta wa bodiredi o o ileng wa re itumedisa go gaisa jotlhe mo dingwageng tse 40 tse re di feditseng mo tirelong ya Bogosi.” A o ka baakanya maemo a gago gore o nne le seabe mo bodireding jono jo bo itumedisang? Fa e le gore o sa ntse o tsena sekolo, a o ka ithuta puo e sele e le go ipaakanyetsa mofuta ono wa bodiredi? Go dira jalo go ka go bulela tshono ya go nna le botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo tletseng masego. (Diane 10:22) Ke eng fa o sa tlotle seno le batsadi ba gago?

Go Fetofetola Mekgwa ya Rona ya go Rera

17. Re ka fitlhelela jang batho ba bantsinyana mo tshimong ya phuthego ya rona?

17 Ke boammaaruri gore ga se rotlhe ba maemo a rona a re letlang go dira kwa ditshimong tsa dipuo di sele. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra kgona go fitlhelela batho ba le bantsi go feta kafa go leng ka teng gone jaanong mo tshimong ya phuthego ya rona. Jang? Ka go fetofetola mekgwa ya rona ya go rera, e seng molaetsa wa rona. Mo mafelong a le mantsi palo e e ntseng e oketsega ya batho e nna mo dikagong tse di nang le tshireletsego e e gagametseng. Ba bangwe ba bantsi ga ba yo mo gae fa re ba etela ka nako ya bodiredi jwa rona jwa ntlo le ntlo. Ka gone, re ka nna ra tshwanelwa ke go leka go fitlhelela batho ka dinako tse dingwe le kwa mafelong a mangwe. Ka go dira jalo re tla bo re etsa Jesu. O ile a leka ka natla go bua le batho mo maemong a a farologaneng.—Mathaio 9:9; Luke 19:1-10; Johane 4:6-15.

18. Go rera mo mafelong a a farologaneng go itshupile go na le matswela ka tsela efe? (Akaretsa le lebokoso la “Go Dira Barutwa mo Tshimong ya Kgwebo.”)

18 Kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe go rerela batho gongwe le gongwe kwa ba ka fitlhelwang teng ke mokgwa wa konokono wa go dira tiro ya go dira barutwa. Batho ba ba nang le maitemogelo mo tirong eno ya go dira barutwa ba lebisa tlhokomelo thata mo go rereleng batho mo mafelong a a farologaneng. Kwantle ga go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo, jaanong baboledi ba rera kwa maemelong a difofane, kwa diofising, kwa mabenkeleng, kwa mafelong a go phaka dikoloi, kwa maemelong a dibese, mo mebileng, mo diphakeng, mo mabopong a lewatle le mo mafelong a mangwe. Bontsi jwa Basupi ba ba sa tswang go kolobediwa kwa Hawaii go ne ga kopanwa la ntlha le bone mo mafelong ano. Go fetofetola mekgwa ya rona ya go rera go re thusa go diragatsa ka botlalo taelo ya ga Jesu ya gore re dire barutwa.—1 Bakorintha 9:22, 23.

19. Ke dikarolo dife tsa tiro e Jesu a re neileng yone tse di tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?

19 Taelo ya ga Jesu ya gore re dire barutwa ga e akaretse fela kgang ya gore ke ka ntlhayang re tshwanetse go dira tiro eno le gore ke kae koo re tshwanetseng go e dira teng mme gape e akaretsa le gore ke eng se re tshwanetseng go rera ka sone le gore re tshwanetse go tswelela re dira jalo go fitlha leng. Dikarolo tseno tse pedi tsa tiro eno e Jesu a re neileng yone di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Mo setlhogong seno re tla sekaseka dipotso tsa ntlha tse pedi. Dipotso tse pedi tsa bofelo di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 8 Mabaka a mangwe a go bo re rera a fitlhelwa mo go Diane 10:5; Amose 3:8; Mathaio 24:42; Mareko 12:17; Baroma 1:14, 15.

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga go diragadiwa ga boporofeti jono, bona Tora ya Tebelo, ya May 15, 2001, tsebe 12, le buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe, Bolumo 2, tsebe 408, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Re nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa ka mabaka afe le ka maitlhomo afe?

• Gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba diragaditse taelo ya ga Jesu ya gore re dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa ka selekanyo se se kae?

• Re ka fetofetola mekgwa ya rona ya go rera jang, mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Dikgatiso Tsa Difofu

Albert ke mogolwane wa Mokeresete e bile ke modiredi wa nako e e tletseng yo o nnang kwa United States. O foufetse. Go dirisa dikgatiso tsa Baebele tsa mokwalo wa difofu go mo thusa go dira bodiredi jwa gagwe ka katlego, go akaretsa le tiro ya gagwe ya go nna molebedi wa tirelo. O dira dikabelo tsa gagwe tsa phuthego jang?

James, yo e leng molebedi yo o okamelang a re: “Ga re ise re ko re nne le molebedi wa tirelo yo o manontlhotlho jaaka Albert mo phuthegong ya rona. Albert ke mongwe wa difofu di le 5 000 kwa United States, yo go ralala dingwaga a ileng a abelwa dikgatiso tsa Baebele ka mokwalo wa difofu wa Seesemane le Se-Spain. Tota e bile, go tloga ka 1912 go ya pele, setlhopha sa motlhanka yo o o boikanyego le yo o botlhale se ile sa gatisa dikgatiso tse di farologaneng di le lekgolo ka mokwalo wa difofu. Ka go dirisa thekenoloji ya segompieno, gone jaanong mafelo a go gatisa a Basupi ba ga Jehofa a gatisa dikgatiso di le dimilionemilione ka ngwaga ka mokwalo wa difofu ka dipuo tse di fetang lesome mme di anamisiwa mo dinageng di le 70. A o itse mongwe yo o ka solegelwang molemo ke dikgatiso tseno tsa Baebele tse di diretsweng difofu?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go Dirisa Puo ya Diatla go Dira Barutwa

Diketekete tsa Basupi mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le basha ba le bantsi ba ba tlhagafetseng ba ile ba ithuta puo ya diatla go thusa batho ba ba bosusu go nna barutwa ba ga Keresete. Ka ntlha ya seo, kwa Brazil fela, batho ba ba bosusu ba le 63 ba ne ba kolobediwa mo ngwageng o le mongwe bosheng jaana, mme Basupi ba teng ba le 35 ba ba buang puo ya diatla gone jaanong ke bareri ba nako e e tletseng. Mo lefatsheng lotlhe, go na le diphuthego le ditlhopha tsa puo ya diatla di le 1 200. Potologo e e leng yone fela potologo ya puo ya diatla kwa Russia ke yone potologo e kgolo go gaisa tsotlhe ka bogolo mo lefatsheng, e akaretsa Russia yotlhe!

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Go Dira Barutwa mo Tshimong ya Kgwebo

Mosupi mongwe wa kwa Hawaii o ne a kopana le mookamedi wa tsa dipalangwa wa khampani nngwe fa a ntse a etela batho ba kgwebo mo diofising tsa bone. Le mororo monna yono a ne a tshwaregile thata, o ne a dumela go ithuta Baebele ka metsotso e le 30 ka beke mo ofising ya gagwe. Moso mongwe le mongwe wa Laboraro, o bolelela badiri ba gagwe gore ba se ka ba romela difouno kwa go ene e le gore a tsepamise mogopolo mo thutong. Mosupi yo mongwe wa kwa Hawaii o ithuta Baebele gangwe ka beke le mong wa lebenkele la go baakanya ditlhako. Thuto e tshwarelwa teng mo lebenkeleng. Fa mongwe wa bareki a tla, Mosupi o emela kwa thoko. Fa moreki a sena go tsamaya, thuto e a tswelela.

Basupi ba ile ba kgona go kopana le mookamedi yono le mong yono wa lebenkele ka gonne ba ile ba tsaya matsapa a go rera mo mafelong a a farologaneng. A o ka akanya ka mafelo mangwe mo tshimong ya lona a kwa go one o ka kgonang go kopana le batho ba go leng thata go ba fitlhela kwa gae?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

A o ka ya go direla kwa tshimong ya puo e sele?