Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Natefelelwa ke “Molao wa ga Jehofa”?

A o Natefelelwa ke “Molao wa ga Jehofa”?

A o Natefelelwa ke “Molao wa ga Jehofa”?

‘Go itumela motho yo o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa.’—PESALEMA 1:1, 2.

1. Ke eng fa batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse?

JEHOFA o thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile o a ba segofatsa. Ke boammaaruri gore re lebana le diteko di le dintsi. Le fa go ntse jalo, gape re nna le boitumelo jwa mmatota. Seno ga se gakgamatse ka gonne re direla “Modimo yo o itumetseng,” mme moya wa gagwe o dira gore re nne le boipelo jo bogolo. (1 Timotheo 1:11; Bagalatia 5:22) Boipelo ke boikutlo jwa go nna le boitumelo jwa boammaaruri jo bo nnang gone ka ntlha ya go solofela sengwe se se molemo kana go nna le sone. Mme ruri Rraarona wa selegodimo o re abela dimpho tse di molemo. (Jakobe 1:17) Ga go gakgamatse go bo re le batho ba ba itumetseng!

2. Re tlile go sekaseka dipesalema dife?

2 Go buiwa thata ka boitumelo mo bukeng ya Dipesalema. Ka sekai, go buiwa thata ka jone mo Pesalemeng ya 1 le ya 2. Barutwa ba pele ba ga Jesu Keresete ba ne ba amanya pesalema ya bobedi le Kgosi Dafide wa Iseraele. (Ditiro 4:25, 26) Motlhami yo o sa umakwang ka leina wa pesalema ya ntlha o simolola pina ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ka mafoko a a reng: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi.” (Pesalema 1:1) Mo setlhogong seno le mo go se se latelang, a re bone kafa Pesalema ya 1 le ya 2 di tlhalosang ka teng lebaka la go bo re tshwanetse go itumela.

Sephiri sa Boitumelo

3. Go ya ka Pesalema 1:1, mangwe a mabaka a go bo motho yo o ratang Modimo a itumetse ke afe?

3 Pesalema ya 1 e bontsha mabaka a go bo motho yo o ratang Modimo a itumetse. Fa mopesalema a tlhalosa mangwe a mabaka ao, o opela jaana: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, yo o sa emang mo tseleng ya baleofi, e bile a sa nna mo setulong sa basotli.”—Pesalema 1:1.

4. Ke sekao sefe se se molemo se re se tlhometsweng ke Sekarea le Elisabetha?

4 Re tshwanetse go tshela go ya ka melao e e siameng ya ga Jehofa gore re nne le boitumelo jwa mmatota. Sekarea le Elisabetha, ba ba ileng ba nna le tshiamelo e e itumedisang ya go nna batsadi ba ga Johane Mokolobetsi, “ba ne ba siame fa pele ga Modimo ka ntlha ya go tsamaya ka go tlhoka molato tumalanong le ditaelo tsotlhe le dipatlafalo tsa semolao tsa ga Jehofa.” (Luke 1:5, 6) Le rona re ka itumela fa re latela tsela e e ntseng jalo ya botshelo le go gana go ‘tsamaya mo kgakololong ya baikepi’ kana go kaelwa ke kgakololo ya bone e e sa siamang.

5. Ke eng se se ka re thusang go tila ‘tsela ya baleofi’?

5 Fa re gana tsela ya go akanya ya baikepi ga re ne re ‘ema mo tseleng ya baleofi.’ Tota seno se bolela gore ga re kitla le ka motlha re ya kwa mafelong a gantsi ba fitlhelwang mo go one—mafelo a boitlosobodutu jo bo maswe kana a a itsegeng ka boitsholo jo bo sa siamang. Go tweng fa re raelesega go kopanela le baleofi mo boitshwarong jo bo sa dumalaneng le Dikwalo? Fa go ka direga jalo, re tshwanetse go kopa Modimo ka thapelo gore a re thuse go dira dilo ka tsela e e dumalanang le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?” (2 Bakorintha 6:14) Fa re ikaega ka Modimo mme re le batho “ba ba itshekileng mo pelong,” re tla gana moya wa baleofi le tsela ya bone ya botshelo mme re tla nna le maitlhomo le dikeletso tse di phepa le ‘tumelo e e se nang boitimokanyo.’—Mathaio 5:8; 1 Timotheo 1:5.

6. Ke eng fa re tshwanetse go ikela tlhoko kgatlhanong le basotli?

6 Ruri ga re a tshwanela go “nna mo setulong sa basotli” fa e le gore re batla go itumedisa Jehofa. Bangwe ba bone ba sotla ka batho ba ba tshelang ka melao ya Modimo, le fa go ntse jalo, mo ‘metlheng eno ya bofelo’ batho ba e kileng ya bo e le Bakeresete, ba jaanong ba fetogileng batlhanogi, ke bone ba segolobogolo ba sotlang. Moaposetoloi Petere o ile a tlhagisa badumedi ka ene jaana: “Baratwa, . . . lo itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Petere 3:1-4) Fa le ka motlha re sa ‘nne mo setulong sa basotli,’ re tla tila matlhotlhapelo a a tlileng go ba wela.—Diane 1:22-27

7. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya mafoko a Pesalema 1:1 tsia?

7 Fa re sa sekegele tsebe mafoko a a simololang a Pesalema 1, re ka latlhegelwa ke bomoya jo re ileng ra nna le jone ka ntlha ya go ithuta Dikwalo. Tota e bile, maemo a rona a ka nna maswe le go feta. Kgato ya ntlha e e ka re koafatsang semoyeng e ka nna go latela kgakololo ya baikepi. Go tswa foo re ka simolola go fetsa nako e ntsi re na le bone. Kgabagare re ka nna batlhanogi ba basotli ba ba sa tlholeng ba na le tumelo. Ga go pelaelo gore, go itsalanya le baikepi go ka dira gore re nne le moya o o sa siamang mme go ka senya kamano ya rona le Jehofa Modimo. (1 Bakorintha 15:33; Jakobe 4:4) A le ka motlha re se letle seo se re diragalela!

8. Ke eng se se ka re thusang go tsepamisa megopolo ya rona mo dilong tsa semoya?

8 Thapelo e tla re thusa go tsepamisa megopolo ya rona mo dilong tsa semoya le go tila go itsalanya le baikepi. Paulo o ile a re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Moaposetoloi o ile a re kgothaletsa go akanyetsa dilo tse di boammaaruri, tse di tsewang masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di buiwang molemo, tse di molemo le tse di tshwanelwang ke pako. (Bafilipi 4:6-8) A re sekegele kgakololo eno ya ga Paulo tsebe mme le ka motlha re se ka ra itlogelela gore re tsalane le baikepi.

9. Le fa re tila mekgwa e e boikepo, re leka jang go thusa batho ba mefuta yotlhe?

9 Le fa re tila mekgwa e e boikepo, re rerela batho ba bangwe ka tsela ya go ba akanyetsa, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bua le Molaodi wa Roma Felise “kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tla tlang.” (Ditiro 24:24, 25; Bakolosa 4:6) Re rerela batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi mme re dirisana le bone ka bopelonomi. Re solofela gore ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” ba tla nna badumedi le gore ba tla natefelelwa ke molao wa Modimo.—Ditiro 13:48.

O Natefelelwa ke Molao wa ga Jehofa

10. Ke eng se se ka re thusang go gatelela se re se balang mo mogopolong le mo pelong ya rona ka nako ya fa re ithuta?

10 Mopesalema o tswelela pele go tlhalosa motho yo o itumetseng jaana: “O natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:2) Rona batlhanka ba Modimo re “natefelelwa ke molao wa ga Jehofa.” Fa go kgonega, ka nako ya rona ya go ithuta le go tlhatlhanya, re ka ‘balela kwa tlase,’ re bitsa mafoko ka lentswe le le kwa tlase. Go dira jalo fa re bala karolo epe fela ya Dikwalo go tla re thusa go gatelela se re se balang mo mogopolong le mo pelong ya rona.

11. Ke eng fa re tshwanetse go bala Baebele “motshegare le bosigo”?

11 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re kgothaleditse go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Mathaio 24:45) Ka ntlha ya keletso e kgolo e re nang le yone ya go batla go itse botoka molaetsa o Jehofa a o kwaletseng batho, go ka nna molemo gore re bale Baebele “motshegare le bosigo”—ee, tota le fa re sa kgone go tshwara boroko ka ntlha ya mabaka mangwe. Petere o ile a re kgothaletsa jaana: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, tlhologelelwang mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Petere 2:1, 2) A o natefelelwa ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le maikaelelo a gagwe bosigo? Mopesalema o ne a go itumelela.—Pesalema 63:6.

12. Re tla dira eng fa e le gore re natefelelwa ke molao wa ga Jehofa?

12 Boitumelo jwa rona jwa go ya go ile bo ikaegile ka go natefelelwa ga rona ke molao wa Modimo. O itekanetse, o tshiamo mme re solegelwa molemo thata fa re o ikobela. (Pesalema 19:7-11) Morutwa Jakobe o ile a re: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.” (Jakobe 1:25) Fa ruri re natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, ga re kitla re tlolwa ke letsatsi lepe re sa ithuta dilo tsa semoya. Ee ruri, re tla tlhotlheletsega go ‘hukutsa dilo tse di boteng tsa Modimo’ le go dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele mo botshelong.—1 Bakorintha 2:10-13; Mathaio 6:33.

O Nna Jaaka Setlhare

13-15. Re ka tshwana ka tsela efe le setlhare se se jetsweng gaufi le metsi a mantsi?

13 Fa mopesalema a tswelela pele go tlhalosa motho yo o siameng, a re: “Ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:3) Fela jaaka batho botlhe ba bangwe ba ba sa itekanelang, le rona ba re direlang Jehofa re lebana le mathata mo botshelong. (Jobe 14:1) Re ka nna ra bogisiwa le go lebana le diteko tse dingwe tse di farologaneng tse di amanang le tumelo ya rona. (Mathaio 5:10-12) Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo re kgona go itshokela diteko tseno ka katlego fela jaaka setlhare se se itekanetseng se kgona go lepalepana le diphefo tse di nonofileng.

14 Setlhare se se jetsweng gaufi le motswedi o o sa kgaleng wa metsi ga se ke se swaba fa go le mogote kana ka nako ya komelelo. Fa re le batho ba ba boifang Modimo, nonofo ya rona re e bona mo Motsweding o o sa kgaleng wa nonofo—Jehofa Modimo. Paulo o ne a senka thuso mo Modimong mme ka gone, o ne a ka re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya [ga Jehofa] yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Fa re kaelwa le go fepiwa semoyeng ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa, ga re kitla re swaba, re sa ungwe kana go swa semoyeng. Re nna le maungo mo tirelong ya Modimo mme e bile re bontsha go nna le maungo a moya wa gagwe.—Jeremia 17:7, 8; Bagalatia 5:22, 23.

15 Fa mopesalema a dirisa lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “jaaka,” o a bo a dirisa tshwantshanyo. O tshwantshanya dilo tse pedi tse di farologaneng, le mororo di na le sengwe se di batlileng di tshwana ka sone. Batho ba farologana thata le ditlhare, le fa go ntse jalo, setlhare se se golang thata ka ntlha ya go bo se jetswe gaufi le metsi a mantsi go bonala se ile sa gopotsa mopesalema ka katlego ya semoya ya batho ba ba ‘natefelelwang ke molao wa ga Jehofa.’ Fa re natefelelwa ke molao wa Modimo, malatsi a rona a ka tshwana le a setlhare. Tota e bile, re ka tshelela ruri.—Johane 17:3.

16. Ke ka ntlha yang e bile ke ka tsela efe ‘sengwe le sengwe se re se dirang se atlegang’?

16 Fa re ntse re gagamalela go tshela botshelo jo bo siameng, Jehofa o re thusa go itshokela diteko le mathata. Re a itumela e bile re nna le maungo mo tirelong ya Modimo. (Mathaio 13:23; Luke 8:15) ‘Sengwe le sengwe se re se dirang se a atlega’ ka gonne boikaelelo jwa rona jo bogolo ke go dira thato ya ga Jehofa. E re ka ka metlha maikaelelo a gagwe a atlega le ka go bo re natefelelwa ke ditaelo tsa gagwe, re a atlega semoyeng. (Genesise 39:23; Joshua 1:7, 8; Isaia 55:11) Go ntse jalo tota le fa re lebana le mathata a magolo.—Pesalema 112:1-3; 3 Johane 2.

Baikepi ba Bonala ba Atlega

17, 18. (a) Mopesalema o tshwantsha baikepi le eng? (b) Tota le fa baikepi ba atlega mo dikhumong, ke eng fa ba se na tshireletsego e e nnelang ruri?

17 Botshelo jwa baikepi bo farologana thata jang ne le jwa basiami! Go ka bonala baikepi ba atlega ka nakwana mo dikhumong tse ba nang le tsone, le fa go ntse jalo, ga ba atlege semoyeng. Seno se bonala mo mafokong a a latelang a mopesalema: “Baikepi ga ba a nna jalo, mme ba ntse jaaka mmoko o o pheulwang ke phefo. Ke gone ka moo baikepi ba se kitlang ba ema mo katlholong, le fa e le baleofi mo phuthegong ya basiami.” (Pesalema 1:4, 5) Ela tlhoko gore mopesalema a re, “baikepi ga ba a nna jalo.” O bolela gore ga ba tshwane le batho ba ba boifang Modimo ba a sa tswang go ba tshwantshanya le setlhare se se ungwang le se se nnelang ruri.

18 Tota le fa baikepi ba atlega mo dikhumong, ga ba nne le tshireletsego e e nnetseng ruri. (Pesalema 37:16; 73:3, 12) Ba tshwana le monna wa mohumi yo o seng tekatekanyo yo Jesu a mo umakileng mo setshwantshong se mo go sone a neng a kopiwa gore a atlhole kgang e e amanang le boswa. Jesu o ile a raya batho ba ba neng ba le foo a re: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” Jesu o ile a dira setshwantsho ka kgang eno a re lefatshe la monna mongwe yo o humileng, le ne la ungwa thata jaana mo a neng a rulaganyetsa go thuba mabolokelo a gagwe, mme a aga a magolwane gore a boloke dithoto tsotlhe tsa gagwe mo go one. Go tswa foo monna yono o ne a rulaganyetsa go ja, go nwa le go ijesa monate. Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a re: “Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?” Fa Jesu a gatelela kgang ya gagwe o ile a oketsa jaana: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:13-21.

19, 20. (a) Tlhalosa tsela e bogologolo go neng go phothwa le go olosa ka yone. (b) Ke eng fa baikepi ba tshwantshiwa le moroko?

19 Baikepi ga ba a “huma malebana le Modimo.” Ke gone ka moo ba se nang tshireletsego e bile ba sa tlhomamang fela jaaka moroko, e leng makakaba a masesane a dithoro. Mo metlheng ya bogologolo, morago ga thobo go ne go tsenngwa dithoro mo seboaneng, e leng lebala le le sephaphathi le gantsi le neng le le mo lefelong le le goletsegileng. Go ne go dirisiwa dilei tse di nang le matlapa kana ditshipi tse di bogale kafa tlase ga tsone tse di neng di gogwa ke diphologolo go photha lotlhaka le go tlosa moroko mo dithorong. Go tswa foo go ne go dirisiwa garawe e e olosang go olosa moroko ka phefo. (Isaia 30:24) Dithoro di ne di wela mo seboaneng, mme lotlhaka lone lo ne lo wela fa thoko ga sone fa moroko one o ne o tsewa ke phefo. (Ruthe 3:2) Fa dithoro di sena go feferwa ka loselo go tlosa dilo tse dingwe tse di sa batlegeng, di ne di siametse go bolokwa kana go silwa. (Luke 22:31) Le fa go ntse jalo moroko one o ne o etse ruri.

20 Fela jaaka dithoro di ne di sala mo seboaneng fa moroko one o ne o tsewa ke phefo, go ntse fela jalo le ka basiami, ba tla sala fa baikepi bone ba nyelediwa. Mme gone, re itumelela gore badirabosula ba ba ntseng jalo ba tla tloga ba nyelediwa ruri. Fa ba sena go nyelediwa, batho ba ba natefelelwang ke molao wa ga Jehofa ba tla itumela tota. Ee ruri, kgabagare batho ba ba kutlo ba tla abelwa mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 25:34-46; Baroma 6:23.

“Tsela ya Basiami” e e Itumedisang

21. Jehofa o “itse tsela ya basiami” ka tsela efe?

21 Pesalema ya ntlha e konela ka mafoko ano: “Jehofa o itse tsela ya basiami, mme tsela ya baikepi e tla nyelela.” (Pesalema 1:6) Modimo o “itse tsela ya basiami” ka tsela efe? Ebu, fa re tshela ka tsela e e siameng re ka tlhomamisega gore Rraarona wa selegodimo o ela tlhoko kafa re ikobelang melao ya gagwe ka teng mo botshelong jwa rona, mme o tla re tsaya re le batlhanka ba gagwe ba a ba amogelang. Mme gape re ka latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa rona mo go ene e bile re tshwanetse go dira jalo re tlhatswegile pelo gore o a amega ka rona.—Esekiele 34:11; 1 Petere 5:6, 7.

22, 23. Go tla direga eng ka baikepi le basiami?

22 “Tsela ya basiami” e tla nnela ruri mme baikepi ba ba ganang go fetoga bone ba tla nyelediwa ka ntlha ya katlholo e e bogale ya ga Jehofa. Mme “tsela” ya bone, kana mokgwa wa bone wa botshelo o tla nyelela le bone. Re ka tshepa gore mafoko ano a ga Dafide a tla diragadiwa: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:10, 11, 29.

23 A bo re tla nna le boitumelo jo bogolo jang ne fa re tla bo re tshela mo lefatsheng le le dirilweng paradaise mme baikepi ba sa tlhole ba le gone! Ka nako eo ba ba pelonolo le basiami ba tla itumelela kagiso ya boammaaruri ka gonne ka metlha ba tla natefelelwa ke “molao wa ga Jehofa.” Le fa go ntse jalo, pele ga seo se direga, “taelo ya ga Jehofa” e tshwanetse go diragadiwa. (Pesalema 2:7a) Setlhogo se se latelang se tla re thusa go bona gore taelo eo ke eng le gore e tla re ama jang rona le batho ba bangwe botlhe.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa motho yo o boifang Modimo a itumetse?

• Ke eng se se bontshang gore re natefelelwa ke molao wa ga Jehofa?

• Motho a ka tshwana jang le setlhare se se jetsweng gaufi le metsi?

• Tsela ya basiami e farologana jang le ya baikepi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Thapelo e tla re thusa go se itsalanye le baikepi

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke eng fa mosiami a tshwana le setlhare?