Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—A Tota di Kile Tsa Direga Kgotsa ke Tlhamane Fela?

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—A Tota di Kile Tsa Direga Kgotsa ke Tlhamane Fela?

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—A Tota di Kile Tsa Direga Kgotsa ke Tlhamane Fela?

“BATHO ba . . . tlisetsa [Jesu Keresete] batho ba le bantsi ba ba laolwang ke madimona; mme a leleka meya ka lefoko, a ba a alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe.” (Mathaio 8:16) Jesu “a tsoga a ba a kgalema phefo mme a raya lewatle a re: ‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.” (Mareko 4:39) O akanya eng ka dipolelo tseno? A o a dumela gore di tlhalosa ditiragalo tse tota di neng tsa direga kgotsa o akanya gore ke dipolelo fela tse di tshwantshetsang sengwe, ditlhamane fela?

Batho ba le bantsi gompieno ba belaela gore a ruri dikgakgamatso tsa ga Jesu di ile tsa direga. Mo motlheng ono wa kgatelopele mo go tsa saense o mo go one go dirisiwang dithelesekoupo, dimaekorosekopo, mo go dirwang dipatlisiso mo lefaufaung e bile go fetolwa dijini, go thata gore batho ba dumele dipego tsa ditiro tse di gakgamatsang le dikgakgamatso tse di dirwang ke Modimo.

Bangwe ba akanya gore dipego tse di kaga dikgakgamatso ke tse di ikakanyeditsweng fela kgotsa di tlhalosiwa go leka go tshwantsetsa sengwe. Go ya ka mokwadi wa buka nngwe e e bolelang gore e batlisisa kaga Jesu wa “mmatota,” dipolelo tse di kaga dikgakgamatso tsa ga Keresete ke “papatso fela” e e phasalatsang Bokeresete.

Ba bangwe ba leba dikgakgamatso tsa ga Jesu e le boferefere. Ka dinako tse dingwe Jesu o latofadiwa ka gore ke leferefere. Go ya ka Justin Martyr wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., batho ba ba tshwayang Jesu diphoso “ba ne ba bo ba mmitsa gore ke ramaselamose le motho yo o tsietsang batho.” Bangwe ba re Jesu “o ne a sa dire dikgakgamatso tsa gagwe jaaka moporofeti wa Mojuda, mme o ne a di dira jaaka ramaselamose, jaaka motho yo o thapisitsweng mo ditempeleng tsa baheitane.”

Go Tlhalosa Selo Se se Sa Kgonegeng

O ka nna wa akanya gore go na le lebaka le le utlwalang la go bo batho ba okaoka go dumela mo dikgakgamatsong. Ba go fitlhela go le thata tota e bile go sa kgonege go dumela gore maatla mangwe a e seng a tlholego a ka dira dikgakgamatso. Mosha mongwe yo o ipolelang gore o dumela gore Modimo ke masaitseweng o bolela jaana: “Dikgakgamatso ga di direge—go felela foo.” Morago ga moo o ne a nopola mafoko a rafilosofi wa kwa Scotland e bong David Hume yo o neng a kwala jaana: “Dikgakgamatso ga di tsamaisane le melao ya tlholego.”

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba kelotlhoko thata ka go gatelela gore dikgakgamatso dingwe ga di kgonege. The World Book Encyclopedia ya re kgakgamatso ke “tiragalo e e ka se kang ya kgona go tlhalosiwa go ya ka melao e e itseweng ya tlholego.” Go ya ka tlhaloso eno, mo dingwageng di le lekgolo fela tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ne ba ka tsaya disutlhalefaufau, didirisiwa tsa tlhaeletsano tse di sa diriseng megala le disathalaete e le “dikgakgamatso.” Ruri ga go botlhale go gatelela gore dikgakgamatso ga di kgonege fela ka gore re sa kgone go di tlhalosa go ya ka kitso e re nang le yone gone jaanong.

Fa re sekaseka bongwe jwa bosupi jwa Dikwalo jo bo tlhalosang dikgakgamatso tse Jesu Keresete a di dirileng, re tla fitlhela eng mo go jone? A dikgakgamatso tsa ga Jesu di boammaaruri kgotsa ke tlhamane fela?