Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kapadokia—Kwa Batho ba Neng ba Nna mo Mafelong a a Gabilweng ke Diphefo le Metsi

Kapadokia—Kwa Batho ba Neng ba Nna mo Mafelong a a Gabilweng ke Diphefo le Metsi

Kapadokia—Kwa Batho ba Neng ba Nna mo Mafelong a a Gabilweng ke Diphefo le Metsi

MOAPOSETOLOI Petere o ne a bua ka Kapadokia. Bontlhanngwe jwa lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng le ne le kwaletswe “baagi ba nakwana ba ba falaletseng kwa . . . Kapadokia.” (1 Petere 1:1) Naga ya Kapadokia e ne e ntse jang? Ke ka ntlha yang fa baagi ba teng ba ne ba nna mo mafelong a a gabilweng mo majeng? Go tlile jang gore ba itse ka Bokeresete?

Motsamai mongwe wa kwa Boritane e bong W. F. Ainsworth, yo o neng a etetse kwa Kapadokia ka bo1840 o ne a re: “Re ne ra iphitlhela re latlhegile mo gare ga tlhakantshuke ya magaga le dipilara tsa mafika.” Naga e e sa tlwaelegang eno e sa ntse e gakgamatsa batho ba ba etelang kgaolo eno ya Turkey gompieno. Mo go nang le dipilara tseno tsa mafika tse di emeng mo lefelong le le sisibetseng la mekgatšha ya Kapadokia go na le “difikantswe” tse di sa tlwaelegang tsa maje. Tse dingwe tsa tsone di tshwana le dintshamosi tse dikgolo tse di boleele jwa dimetara di le 30 kgotsa go feta moo go ya kwa godimo. Dingwe tsa tsone ke mafika a magolo a a simololang a le masesane kwa godimo a bo a nna makima fa a ya kwa tlase, tse dingwe di tshwana le difikantswe kgotsa dithuthuntshwane.

Mo tsamaong ya letsatsi, dipilara tseno di nna le mebala e mentle e e farologaneng ka ntlha ya letsatsi! Fa letsatsi le tlhaba di nna mmala wa bopinki jo bo letsatsa. Fa tadi e amusa, di nna mmala wa bosweu jo bo sa tsenelelang, mme fa letsatsi le phirima di nna le mmala wa letsoku. Ke eng se se dirileng gore go nne le dipilara tseno tse dintsintsi tsa mafika le mafika a mangwe a a simololang a le masesane kwa godimo a bo a nna makima kwa tlase? Mme ke ka ntlha yang fa batho ba kgaolo eno ba ile ba itirela magae mo go one?

A Gabilwe ke Diphefo le Metsi

Kapadokia e fa gare ga Pheninsula ya Anatolia e e lomaganyang Asia le Yuropa. Fa e ne e se ka ntlha ya makgwamolelo a mabedi, lefelo leno e ka bo e le lefelo fela le le motlhaba. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, makgwamolelo ano a ile a thunya mme a dira gore go nne le mefuta e mebedi ya mafika mo kgaolong eno—mafika a a thata a mantsho le a masweu a a boleta a a nang le maroba a a bopilweng ke molora o o omeletseng wa lekgwamolelo.

Fa dinoka, dipula le diphefo di ntse di gogola lefika le le boleta leno, go ile ga bulega le magaga. Fa nako e ntse e tsamaya, mangope a a fa dintlheng tsa magaga ano a ne a nna a robega mme a feleletsa e le mafika a a simololang a le makima a bo a nna masesane fa a tlhatlogela kwa godimo, mme seno sa dira gore go se ka ga nna le ape a mangwe mo lefatsheng a a lebegang jaaka one. Mangwe a mafika ano a ne a feleletsa a tshwana le mamepe a dinotshe. Baagi ba ile ba itirela diphaposi mo mafikeng a a boleta ano mme ba nna ba oketsa diphaposi tseo fa malapa a bone a ntse a gola. Ba ne ba fitlhela gore mafelo ano a tsiditsana fa go le selemo mme a bothito mariga.

Go Nna mo Lefelong le le Neng la Nna le Tlhabologo

Batho bano ba ka bo ba ile ba se ka ba kopana le ba bangwe fa ba ne ba sa nne kwa magageng a Kapadokia a a neng a le mo lefelong le le botlhokwa le le nang le tlhabologo. Tsela e e tumileng e e bidiwang Silk, e leng tsela ya kgwebo ya dikilometara di le 6 500 e e golaganyang Mmusomogolo wa Roma le China e ne e feta ka Kapadokia. Kwantle ga bagwebi, masole a Baperesia, Bagerika le a Baroma le one a ne a tsamaya ka tsela eno. Batsamai bano ba ne ba tla ka dikgopolo tse disha tsa bodumedi.

Mo e ka nnang mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., go ne go setse go na le le Bajuda ba ba nnang kwa Kapadokia. Mme Bajuda ba kgaolo eno ba ne ba le teng kwa Jerusalema ka ngwaga wa 33 C.E. Ba ne ba ile koo go ya go keteka Moletlo wa Pentekosete. Ka jalo, moaposetoloi Petere o ne a rerela Bajuda ba kwa Kapadokia fa go sena tshololelwa moya o o boitshepo koo. (Ditiro 2:1-9) Go bonala bangwe ba ile ba amogela molaetsa wa gagwe mme ba boela gae ka tumelo ya bone e ntšha. Ka jalo, Petere o ne a bua le Bakeresete ba kwa Kapadokia mo lekwalong la gagwe la ntlha.

Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di tsamaya, Bakeresete ba kwa Kapadokia ba ne ba simolola go tlhotlhelediwa ke filosofi ya boheitane. Go ne go na le baeteledipele ba badumedi ba le bararo ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ba lekgolo la bonè la dingwaga ba ba ileng ba ya bokgakaleng jwa go femela thuto e e seng ya Dikwalo ya Tharonngwe. Baeteledipele bano e ne e le Gregory wa kwa Nazianzus, Basil yo Mogolo le monnawe e bong Gregory wa kwa Nyssa.

Basil yo Mogolo gape o ile a tlhotlheletsa batho gore ba tshele botshelo jwa boitlami. Mafelo a bonno a boemo jo bo kwa tlase a a neng a gabilwe mo majeng kwa Kapadokia a ne a tshwanela sentle botshelo jwa boitlami jo a neng a bo kgothaletsa. Fa baitlami ba ntse ba oketsega, go ne ga agiwa dikereke mo teng ga mangwe a mafika a magolwane. Mo e ka nnang ka lekgolo la bo13 la dingwaga, go ne go setse go gabilwe dikereke di ka nna makgolo a mararo mo majeng. Bontsi jwa tsone di sa ntse di le teng le gompieno.

Le fa gone dikereke le matlo a baitlami di sa tlhole di dirisiwa, tsela e batho ba ba nnang koo ba tshelang ka yone ga e a fetoga thata go ralala makgolokgolo a dingwaga. Magaga a mantsi a sa ntse a dirisiwa jaaka mafelo a bonno. Batho ba le bantsi ba ba etelang Kapadokia ba gakgamadiwa thata ke tsela e e manontlhotlho e baagi ba lefelo leno ba neng ba fetola lefelo leno la tlholego ka yone go le dira magae a ba ka kgonang go nna mo go one.

[Mmapa mo go tsebe 24, 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KAPADOKIA

CHINA (Cathay)