Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mongwe le Mongwe yo o Botlhale o Tla Dira ka Kitso”

“Mongwe le Mongwe yo o Botlhale o Tla Dira ka Kitso”

“Mongwe le Mongwe yo o Botlhale o Tla Dira ka Kitso”

KAELO e e tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele, e ‘eletsega go gaisa gouta—go gaisa gouta e e itshekileng.’ (Pesalema 19:7-10) Ka ntlha yang? Ka gonne “molao wa yo o botlhale [Jehofa] ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” (Diane 13:14) Fa re dirisa kgakololo ya Dikwalo, kgakololo eo ga e tokafatse fela matshelo a rona mme gape e re thusa go tila dirai tse di ka tsenyang matshelo a rona mo kotsing. A bo go le botlhokwa jang ne gore re batle kitso ya Dikwalo mme re tshele go dumalana le se re ithutang sone!

Jaaka go kwadilwe mo go Diane 13:15-25, Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a ntsha kgakololo e e re thusang go dira ka kitso gore re tle re nne le botshelo jo bo botoka le jo boleele. * A dirisa diane tse dikhutshwane, o bontsha kafa Lefoko la Modimo le ka re thusang ka gone gore ba bangwe ba re rate, gore re ikanyege mo bodireding jwa rona, re lebe kotlhao ka tsela e e siameng le kafa re ka tlhophang ditsala tsa rona ka botlhale ka gone. O bua gape le ka botlhale jwa go tlogelela bana ba rona boswa le go ba otlhaya ka lorato.

Temogo e e Molemo e Naya Kamogelo

Solomone a re: “Temogo e e molemo e naya kamogelo, mme tsela ya ba ba dirang ka boferefere e makgawekgawe.” (Diane 13:15) Mo puong ya ntlhantlha, polelwana e e reng “temogo e e molemo” kana go tlhaloganya sentle, go ya ka buka nngwe ya ditshupiso “e raya go nna botlhale, go kgona go akanyetsa dilo sentle le go nna le pono e e botlhale.” Ga go thata gore motho yo o nang le dinonofo tseno a ratwe ke batho ba bangwe.

Akanya ka tsela e e botlhale e moaposetoloi Paulo a neng a dirisana ka yone le modumedi ka ene wa Mokeresete e bong Filemone fa a ne a mmusetsa motlhanka wa gagwe yo a neng a tshabile e bong Onesimo, yo jaanong e neng e le Mokeresete. Paulo o ne a rotloetsa Filemone gore a amogele Onesimo ka bonolo, fela jaaka a ne a ka amogela ene moaposetoloi yono. E bile tota, Paulo o ne a ithaopela go duela Filemone fa e le gore Onesimo o ne a mo kolota madi mangwe. Ee, Paulo a ka bo a dirisitse taolo ya gagwe go laela Filemone gore a dire selo se se tshwanetseng. Mme moaposetoloi yono o ne a tlhopha go rarabolola kgang eno ka tsela e e botlhale le ka lorato. Ka go dira jalo, Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore Filemone o ne a tla dirisana mmogo le ene, a tlhotlheletsege go dira se se fetang se a mo kopileng gore a se dire. A le rona ga re a tshwanela go dirisana le badumedi ka rona ka tsela e e ntseng jalo?—Filemone 8-21.

Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela ya yo o boferefere e makgawekgawe kana e “thata.” (New International Version) Ka tsela efe? Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko le le dirisitsweng fano le raya “selo se se tiileng kana se se nonofileng, le bua ka batho ba boitshwaro jwa bone bo leng bosula. . . . Motho yo o sa ikemisetsang go tlogela ditsela tsa gagwe tse di bosula, e bile a sa amogele dikaelo tsa ba bangwe, o mo tseleng ya go ya tshenyegong.”

Solomone o tswelela a re: “Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso, mme yo o sematla o tla anamisetsa boeleele kgakala.” (Diane 13:16) Botlhale fano bo amanngwa le kitso mme bo raya motho yo o botlhale, yo o akanyetsang dilo ka kelotlhoko pele a dira sengwe. Fa a tshwaiwa phoso kana a tlhapadiwa ka tsela e e sa siamang, motho yo o botlhale o laola loleme lwa gagwe. O a rapela a bo a leka go bontsha maungo a moya o o boitshepo gore a se ka a kgotswa ka tsela e e feteletseng. (Bagalatia 5:22, 23) Motho yo o botlhale ga a dire gore motho yo mongwe kana boemo bongwe bo mo laole. Go na le moo, o a ikgapa a bo a tila dikgogakgogano tse gantsi motho yo o galefang ka bonako a nnang le tsone.

Gape motho yo o botlhale o dira ka kitso fa a dira ditshwetso. O itse sentle gore gantsi ditiro tse di botlhale di dirwa ka ntlha ya go di akanyetsa sentle, e seng ka ntlha ya go phadimoga fela, kana go dira fela dilo tse batho ba bangwe ba di dirang. Ka jalo, o ipha nako ya go sekaseka boemo jo a leng mo go jone. O sekaseka dintlha tsotlhe a bo a leka go bona gore ke eng se tota a ka se dirang. Morago ga moo o tlhatlhoba Dikwalo a bo a swetsa gore ke melao kgotsa melaometheo efe ya Baebele e e amegang. Tsela ya motho yo o ntseng jalo e nna e tlhamaletse.—Diane 3:5, 6.

“Morongwa yo o Ikanyegang ke Phodiso”

Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re neilwe boikarabelo jwa go itsise molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mafoko a seane se se latelang a re thusa go nna re ikanyega fa re diragatsa thomo ya rona. A re: “Morongwa yo o boikepo o tla wela mo bosuleng, mme morongwa yo o ikanyegang ke phodiso.”—Diane 13:17.

Se se gatelelwang fano ke dinonofo tsa morongwa. Go tweng fa motho yo o tshotseng molaetsa a le bosula mme a sokamisa molaetsa kana a o fetola? A ga a kitla a atlholwa botlhoko? Akanya ka motlhokomedi wa ga moporofeti Elisha e bong Gehasi, yo ka bogagapa a neng a isetsa molaodimogolo wa masole wa Moasiria e bong Naamane molaetsa wa maaka. Gehasi o ne a tlhaselwa ke lepero le le neng le fodisitswe mo go Naamane. (2 Dikgosi 5:20-27) Go tweng fa morongwa a simolola go sa ikanyege a bo a tlogela go bolela molaetsa gotlhelele? Baebele ya re: “Fa . . . o sa bue gore o tlhagise moikepi mo tseleng ya gagwe, ene jaaka moikepi o tla swela mo tlolong ya gagwe, mme madi a gagwe [nna, Jehofa] ke tla a lopa mo seatleng sa gago.”—Esekiele 33:8.

Mo letlhakoreng le lengwe, morongwa yo o ikanyegang o a iphodisa a bo a fodisa le ba ba mo reetsang. Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Akanya kafa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka boikanyegi go fodisang ka gone. Di tlhotlheletsa batho ba ba dipelo di siameng mme di ba isa kwa boammaaruring jo bo ba gololang. (Johane 8:32) Le fa batho ba gana go utlwa molaetsa oo, morongwa yo o ikanyegang o ‘tla golola moya wa gagwe.’ (Esekiele 33:9) E kete le ka motlha re se ka ra itlhokomolosa go diragatsa thomo ya rona ya go rera. (1 Bakorintha 9:16) Mme a ka metlha re nneng kelotlhoko go “rera lefoko,” re sa tlhofofatse molaetsa e le fela gore batho ba o amogele.—2 Timotheo 4:2.

‘Yo o Bolokang Kgalemelo o a Galalediwa’

A motho yo o botlhale o tshwanetse go gana kgakololo epe fela e e mo thusang e a e newang? Diane 13:18 ya re: “Yo o tlhokomologang kotlhao o a humanega e bile o a tlontlologa, mme yo o bolokang kgalemelo ke ene yo o galalediwang.” Re tla bo re le botlhale fa re amogela kgalemelo le fa re sa e kopa. Kgakololo e e botlhale e ka re thusa thata ka nako e re sa lemogeng gore re a e tlhoka. Go latela kgakololo e e ntseng jalo go ka re thusa go tila masetlapelo le go utlwa botlhoko. Go itlhokomolosa kgakololo e e ntseng jalo go ka dira gore motho a tlontlologe.

Fa o akgola motho fa go tshwanela, seno se a mo aga e bile se a mo kgothatsa. Mme gone, re tshwanetse gape re lebelele le go amogela kotlhao. Akanya ka makwalo a mabedi a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo. Le fa a mo akgolela boikanyegi jwa gagwe, makwalo ano a tletse ka kgakololo e e yang kwa go Timotheo. Paulo o gakolola lekawana leno kaga go boloka tumelo le segakolodi se se molemo, go dirisana le ba bangwe mo phuthegong, go nna le poifomodimo le thethebalo, go ruta ba bangwe, go ganana le botlhanogi le go dira bodiredi jwa gagwe. Maloko a phuthego a a sa ntseng a le masha a tshwanetse go senka le go amogela kgakololo mo go ba ba nang le maitemogelo.

‘Tsamaya le Batho ba ba Botlhale’

Kgosi e e botlhale ya re: “Keletso fa e fitlheletswe e itumedisa moya; mme go fapoga bosula ke selo se se makgapha mo dimatleng.” (Diane 13:19) Buka nngwe ya ditshupiso e bua jaana fa e tlhalosa bokao jwa seane seno: “Fa mokgele o fitlheletswe kana keletso e diragaditswe, motho o nna le boikutlo jwa go kgotsofala . . . E re ka motho a itumela thata fa a fitlheletse mokgele wa gagwe, go tswa mo go se se bosula e nna selo se se maswe mo dieleeleng. Mekgele ya bone e ka fitlhelelwa fela ka ditsela tse di bosula, mme fa ba ne ba ka tlogela bosula, ba tla bo ba timiwa monate wa go diragatsa dikeletso tsa bone.” A bo go le botlhokwa jang ne gore re tlhagolele dikeletso tse di molemo!

Ditsala tsa rona di na le tlhotlheletso e kgolo mo dilong tse re akanyang ka tsone, dilo tse re di ratang le tse re sa di rateng! Solomone o bua ka selo se se sa bolong go nna boammaaruri fa a re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Ee, batho ba re tsalanang le bone e ka ne e le ka boitlosobodutu, ka Internet, ka dilo tse re di balang, ba tlhotlheletsa se re leng sone le se re tla feleletsang re le sone. A bo go le botlhale jang ne gore re tlhophe ditsala tsa rona ka botlhale!

‘Tlogela Boswa’

Kgosi ya Iseraele ya re: “Baleofi ke ba masetlapelo a ba latelelang, mme basiami ke ba ba duelwang ke molemo.” (Diane 13:21) Go gagamalela go nna motho yo o siameng go a duela, ka gonne Jehofa o tlhokomela basiami. (Pesalema 37:25) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore rotlhe re a tle re diragalelwe ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) A go na le sengwe se re ka se dirang go ipaakanyetsa dilo tse re sa di lebelelang?

Solomone a re: “Yo o siameng o tla tlogelela bana ba bana boswa.” (Diane 13:22a) Batsadi ba tlogelela bana ba bone boswa jo bo molemo thata fa ba ba thusa go tsenya kitso ka ga Jehofa le go tlhagolela kamano e e molemo le ene! Mme gone a go tla bo go se botlhale gore fa go kgonega, ba dire dithulaganyo tsa gore lelapa le nne le madi fa go ka direga gore motsadi a tlhokafale ka tshoganyetso? Mo mafelong a le mantsi, ditlhogo tsa malapa di kgona go rulaganya gore go nne le inshorense, ba kwale wili e e kafa molaong le go beela madi mangwe kwa thoko.

Go ka tweng ka boswa jwa ba ba bosula? Solomone o tswelela ka go re: “Khumo ya moleofi ke sengwe se se bolokelwang mosiami.” (Diane 13:22b) Mo godimo ga melemo e e ka nnang gone jaanong, mafoko ano a tla nna boammaaruri fa Jehofa a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go bopa “magodimo a masha le lefatshe le lesha” ao mo go one ‘go tla nnang le tshiamo.’ (2 Petere 3:13) Batho ba ba bosula ba tla bo ba sentswe, mme “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.”—Pesalema 37:11.

Motho yo o botlhale o dira ka kitso le fa a na le go le gonnye fela. Diane 13:23 ya re: “Mmu o o lemilweng wa bahumanegi o ungwa dijo tse dintsi fela thata, mme go na le yo o gogolwang ka ntlha ya go tlhaela tshiamiso.” Motho yo o nang le go le gonnye a ka oketsa dilo tsa gagwe fa a dira ka natla e bile a segofadiwa ke Modimo. Le fa go ntse jalo, fa go se na tshiamiso, seno se ka dira gore motho a latlhegelwe ke dithoto tsa gagwe.

‘Mmatle ka Kotlhao’

Batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka kotlhao, mme ba e tlhoka go tloga fa ba sa le bannye fela. Kgosi ya Iseraele ya re: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.”Diane 13:24.

Thupa e tshwantshetsa taolo e motho a nnang le yone. Mo go Diane 13:24, e kaya taolo e batsadi ba nnang le yone. Mo kgannyeng eno, go dirisa thupa ya kotlhao ga se ka metlha go rayang go betsa ngwana. Go na le moo, go kaya mokgwa o motho a o dirisang go neela kotlhao, e ka tswa e le ofe. Ka nako nngwe go ka nna ga bo go lekane go kgalemela ngwana ka bonolo fela ka ntlha ya go bo a sa itshwara sentle ka tsela nngwe. Ngwana yo mongwe ene a ka nna a tlhoka go bona kotlhao e e fetang eo. Diane 17:10 ya re: “Kgalemelo e tsena kwa teng mo go yo o nang le tlhaloganyo go na le go itaya sematla ga lekgolo.”

Kotlhao e batsadi ba e nayang ka metlha e tshwanetse ya dirwa ka lorato le ka botlhale gore bana ba tle ba solegelwe molemo. Motsadi yo o lorato ga a itlhokomolose diphoso tsa ngwana wa gagwe. Go na le moo, o batla go di bona gore a kgone go di tlosa pele di nama medi. Mme gone, motsadi yo o lorato o reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Mme go tweng fa motsadi a letlelela dilo fela e bile a sa neye ngwana kotlhao fa go tshwanela? A go ka direga gore moragonyana motsadi yo o ntseng jalo a lebogelwe go bo a ile a tlogelela dilo fela? Le e seng! (Diane 29:21) Baebele ya re: “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Fa motsadi a sa otlhaye ngwana seno se bontsha gore ga a mo kgathalele kana ga a mo rate. Le fa go ntse jalo, go otlhaya ka bonolo le ka tlhomamo go bontsha lorato.

Motho yo o botlhale le yo o siameng yo o dirang dilo ka kitso ya boammaaruri o tla segofadiwa. Solomone o re tlhomamisetsa jaana: “Mosiami o ja gore a bo a kgorise moya wa gagwe, mme mpa ya baikepi e tla nna lolea.” (Diane 13:25) Jehofa o itse gore ke eng se se ka re solegelang molemo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo—mo malapeng a rona, mo dikamanong tsa rona le ba bangwe, mo bodireding jwa rona kana fa re newa kotlhao. Mme fa ka botlhale re dirisa kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, ruri re tla nna le botshelo jo bo molemo tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona setlhogo se se tlotlang ka Diane 13:1-14, bona makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15, 2003, ditsebe 21-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Motho yo o botlhale o laola loleme lwa gagwe fa a tshwaiwa phoso ka tsela e e sa siamang

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Moreri yo o ikanyegang wa Bogosi o dira molemo o mogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Le fa gone go akgolwa go kgothatsa, re tshwanetse go amogela le kgalemelo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Motsadi yo o lorato ga a itlhokomolose diphoso tsa ngwana wa gagwe