Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo—Bo a Busa

Bogosi Jwa Modimo—Bo a Busa

Bogosi Jwa Modimo—Bo a Busa

“Go ka kgonega jang gore dinaga tse dintsi jaana, tse di nang le ditso tse di sa tshwaneng e bile di le mo dikgatong tse di farologaneng tsa tlhabologo di dumalane? Go ne ga bolelwa gore ke tlhaselo e e tswang kwa polaneteng e nngwe fela e e ka dirang gore batho ba nne seoposengwe.”—Lokwalodikgang lwa kwa Australia le le bidiwang The Age.

TLHASELO e e tswang kwa polaneteng e nngwe? Go sa kgathalesege gore a seo se tla dira gore ditšhaba tsa lefatshe di nne seoposengwe kgotsa jang, tota boporofeti jwa Baebele jone bo bua ka tlhaselo e e tlang e e tla dirang gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di nne seoposengwe. Mme eleruri tlhaselo eno e tla tlisiwa ke maatla mangwe a e seng a batho.

Kgosi Dafide wa kwa Iseraele ya bogologolo o ne a porofeta ka maemo ano a lefatshe. O ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Dikgosi tsa lefatshe di a ema le badiredi ba ba kwa godimo ba phuthegile go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe, ba re: ‘A re kgaoleng dibofo tsa bone re bo re latlhele megala ya bone kgakala le rona!’” (Pesalema 2:2, 3; Ditiro 4:25, 26) Ela tlhoko gore babusi ba lefatshe ba tla phuthega go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa, Mmopi wa lobopo, le motlodiwa wa gagwe, kgotsa Kgosi e a e tlhomileng, e bong Jesu Keresete. Seo se tla direga jang?

Go ya ka tatelano ya ditiragalo tse di mo Baebeleng le boporofeti jo bo neng jwa diragadiwa mo ngwageng wa 1914, Bogosi Jwa Modimo bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong mme Jesu Keresete e le Kgosi ya jone. * Ka nako eo ditšhaba tsa lefatshe di ne di le mogopolo o le mongwe. Go na le gore ba ikobele Bogosi jo bosha Jwa Modimo, ba ne ba tshwaregile mo dintweng tsa bone ba lwela go busa—ka Ntwa e Kgolo, kgotsa Ntwa ya Lefatshe I.

Jehofa Modimo o leba jang tsela e babusi bano ba batho ba neng ba itshwara ka yone? “Yo o ntseng kwa magodimong o tla tshega; Jehofa ka boene o tla ba sotla. Ka nako eo o tla bua le bone ka bogale jwa gagwe gape o tla ba fudua ka go sa itumela ga gagwe mo gogolo.” Morago ga moo Jehofa o tla bolelela Morwawe, yo e leng Kgosi e e tloditsweng ya Bogosi jaana: “Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago. O tla ba thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.”—Pesalema 2:4, 5, 8, 9.

Ditšhaba tseno tse di ganetsang di tla thubaganngwa ka lore lwa tshipi kwa Aramagedona kgotsa Hara-Magedona. Buka ya bofelo ya Baebele e leng Tshenolo, e tlhalosa tiragalo eno e e kgatlhang fa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e mo go yone ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di phuthiwang. (Tshenolo 16:14, 16) Kgabagare badimona ba tla tlhotlheletsa ditšhaba tsa lefatshe gore di phuthege di na le maikaelelo a le mangwe fela—go lwa kgatlhanong le Modimo Mothatayotlhe.

Nako ya gore batho ba phuthege go tla go lwa kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo e atamela ka potlako. Se se gakgamatsang ke gore go nna “seoposengwe” ga bone ga go na go ba solegela molemo ope. Go na le moo, kgato eo ya bone e tla nna tshimologo ya kagiso e batho ba sa bolong go e letela. Seo se tla direga jang? Mo ntweng eo ya bofelo, Bogosi Jwa Modimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a lefatshe], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi Jwa Modimo, e seng mokgatlho ope wa batho, ke jone puso e e tla diragatsang keletso ya batho ya go nna le kagiso mo lefatsheng.

Motsamaisimogolo wa Bogosi

Bogosi joo ke jone jo batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ntseng ba bo rapelela ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Go na le gore Bogosi Jwa Modimo e nne sengwe se se ikakanyediwang fela mo pelong, ke puso ya mmatota e e fitlheletseng dilo tse di molemo fa e sa le e tlhongwa kwa legodimong ka 1914. A re sekasekeng dintlha tsa botlhokwa tse di bontshang gore Bogosi Jwa Modimo ke selo sa mmatota mme bo busa ka botlalo gompieno.

Sa ntlha fela, bo na le setlhopha sa babusi ba ba maatla ba ba tlhokomelang gore melao e a tlhongwa mme ba eteletswe pele ke Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi e bong Jesu Keresete. Ka 33 C.E., Jehofa Modimo o ne a tlhoma Jesu Keresete gore e nne Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Baefeso 1:22) Fa e sa le ka nako eo, Jesu o ntse a dirisa botlhogo jwa gagwe, a supa gore o na le bokgoni jwa go tsamaisa dilo sentle. Ka sekai, mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa leuba le legolo le ne le tlhasela Judea, phuthego ya Bokeresete e ne ya tsaya kgato ka bonako go thusa maloko a yone. Go ne ga rulaganngwa tiro ya namolo, mme Barenabase le Saulo ba ne ba romelwa kwa Antioka ka thuso ya go namola.—Ditiro 11:27-30.

Re ka solofela gore Jesu Keresete o tla dira se se fetang seo gone jaanong ka gonne puso ya gagwe ya Bogosi e a busa. Ka dinako tsotlhe fa dikotsi tsa masetlapelo—dithoromo tsa lefatshe, leuba, merwalela, kgwanyape, ditsuatsue kgotsa makgwamolelo—di tlhasela, phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa e tsibogela seo ka bonako mme ba thusa badumedi mmogo le bone le batho ba bangwe mo mafelong a a amegileng. Ka sekai fa dithoromo tsa lefatshe di ne di tlhasela El Salvador ka January le February 2001, go ne ga rulaganngwa dithuso tsa namolo mo dikarolong tsotlhe tsa naga eo, mme ditlhopha tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa Canada, Guatemala le kwa United States ba ne ba tla go thusa. Mafelo a bone a mararo a kobamelo mmogo le magae a a fetang 500 a ne a agiwa sesha mo nakong e khutshwane fela.

Babusiwa ba Puso ya Bogosi Jwa Modimo

Fa e sa le Bogosi Jwa Modimo jwa legodimo bo tlhongwa ka 1914, bo ntse bo phutha le go rulaganya babusiwa ba jone ba ba tswang mo bathong botlhe lefatshe ka bophara. Seno se dumalana le go diragadiwa ga boporofeti jo bo kgatlhang jo bo begilweng ke Isaia jo bo reng: “Mme go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlomaditsweng] e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, . . . mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.” Boporofeti jono bo bontsha gore “ditšhaba di le dintsi” di tla tlhatlogela kwa thabeng eo di ya go amogela ditaelo le melao ya ga Jehofa.—Isaia 2:2, 3.

Tiro eno e feletse ka gore go fitlhelelwe mokgele wa botlhokwa mo motlheng wa rona—bakaulengwe ba ditšhabatšhaba ba Bakeresete ba ba fetang 6 000 000 mo dinageng tse di fetang 230. Kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba tsa Basupi ba ga Jehofa, batho ba ba laleditsweng ba gakgamadiwa ke go bona lorato, kagiso le kutlwano gareng ga boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba sa tlholeng ba tlhaola batho ka bosetšhaba, lotso le puo. (Ditiro 10:34, 35) A ga o dumalane gore e le gore puso e kgone go dira gore batho ba le makgolokgolo ba ditso tse di farologaneng ba tshedisane mmogo ka kagiso, e tshwanetse ya bo e le molemo, e tlhomame—e bile e le ya mmatota?

Bogosi Jwa Modimo le Thuto

Puso nngwe le nngwe e na le ditekanyetso tse go lebeletsweng gore babusiwa ba yone ba di fitlhelele, mme mongwe le mongwe yo o batlang go nna kafa tlase ga puso eo o tshwanetse go fitlhelela ditekanyetso tseo. Ka tsela e e tshwanang, Bogosi Jwa Modimo bo na le ditekanyetso tse botlhe ba ba tla nnang babusiwa ba jone ba tshwanetseng go di fitlhelela. Le fa go ntse jalo, ruri ke tiro e kgolo go dira gore batho ba le bantsi jaana ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng ba amogele le go ikobela ditekanyetso tse di tshwanang. Ka jalo, lebaka le lengwe gape le le supang gore Bogosi Jwa Modimo ke jwa mmatota ke leno—thulaganyo ya jone ya thuto e e kgonang go fitlhelela le go fetola e seng megopolo ya batho fela mme le dipelo tsa bone.

Bogosi bo fitlhelela jang tiro eno e e gwetlhang? Ka tsela e e tshwanang le e e neng e dirisiwa ke baaposetoloi, e leng ya go rera “ka ntlo le ntlo” le go ruta motho mongwe le mongwe Lefoko la Modimo. (Ditiro 5:42; 20:20) Mokgwa ono wa go ruta o na le matswela go le kae? Mo lokwalodikgannyeng lwa gagwe lwa beke le beke Jacques Johnson, yo e leng moruti wa Mokatoliki o ne a kwala ka maiteko a a neng a a dira go thibela mosadi mongwe go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Ke ne ke tlhakane tlhogo, mme ka lemoga gore ruri ga ke na go fenya ntwa eno. Ke ne ka lemoga gore mo dikgweding di le mmalwa fela Basupi bano ba ga Jehofa ba ne ba agile kamano e e molemo le mmè yono yo mosha yo o neng a sa kgone go tswa mo ntlong. Ba ne ba tlwaelana le ene ka go mo thusa le go aga botsala jo bo molemo le ene. Go ise go ye kae o ne a nna leloko le le matlhagatlhaga la bodumedi jwa bone mme go ne go se sepe se ke neng nka se dira go thibela seo gore se direge.” Fela jaaka pelo ya Mokatoliki yono e ne ya tlhotlhelediwa ke molaetsa wa Baebele o a o rutilweng ke Basupi ba ga Jehofa le ke boitsholo jwa bone jwa Bokeresete, le dipelo tsa dimilione tsa batho lefatshe ka bophara di tlhotlheletsega fela jalo.

Tsela eno ya go ruta—thuto ya Bogosi—e theilwe mo Baebeleng, e tlotlomatsa melao ya yone e e siameng le ditekanyetso tsa yone ka boitsholo. E ruta batho gore ba ratane ba bo ba tlotlane go sa kgathalesege gore ba tswa mo lotsong lofe. (Johane 13:34, 35) Gape e thusa batho gore ba tseye tsia kgakololo e e reng: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Dimilionemilione tsa batho di ne tsa nna le kagiso le boitumelo gone jaanong le tsholofelo ya isagwe e e molemo fa ba ne ba tlogela tsela ya bone ya nako e e fetileng ya botshelo mme ka boitumelo ba dira go dumalana le melao le ditekanyetso tsa puso ya Bogosi.—Bakolosa 3:9-11.

Sedirisiwa se segolo se se thusitseng go fitlhelela kutlwano eno ke makasine ono, Tora ya Tebelo. Go dirisiwa mekgwa e e rulagantsweng sentle ya go ranola le didirisiwa tse di kgonang go gatisa dibuka ka dipuo tse dintsi thata, ditlhogo tse di botlhokwa tse di mo go Tora ya Tebelo di gatisiwa ka nako e le nngwe ka dipuo di le 135, mme babadi ba ba fetang diperesente di le 95 lefatshe ka bophara ba kgona go ithuta ditlhogo tseno ka puo ya bone ka nako e le nngwe.

Mokwadi mongwe wa Mo-mormon, o ne a dira lenaane la dilo tse di neng tsa fitlhelelwa ka tiro ya borongwa e e sa dirweng ke kereke ya gagwe. O ne a kwala gore Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ke tsone dimakasine tse di molemo go di gaisa tsotlhe tsa go rera mme a re: “Ga go ope yo le ka motlha a ka latofatsang Tora ya Tebelo le Tsogang! ka gore di dira gore batho ba tseye dilo motlhofo—go na le moo di dira gore batho ba nne ba ntshitse matlho dinameng e leng selo se ke iseng ke se bone mo dikgatisong tsa madumedi a mangwe. Tora ya Tebelo le Tsogang! di a lapolosa ka gonne dintlha tsa tsone di batlisisitswe sentle e bile ke tsa mmatota.”

Go na le bosupi jo bo thibang letsatsi jwa gore Bogosi Jwa Modimo ke jwa mmatota e bile bo dira ka botlalo. Basupi ba ga Jehofa ba nna le seabe ka boitumelo le ka matlhagatlhaga mo go rereng “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” mo baagelaning ba bone mme ba ba laletsa gore le bone ba nne babusiwa ba jone. (Mathaio 24:14) A tsholofelo eo e a go kgatlha? O ka itumelela masego a a nnang teng fa o nna mongwe wa batho ba ba rutwang ka Bogosi e bile ba leka go tshela ka ditekanyetso tsa jone. Mme go feta foo, o ka itumelela tsholofelo ya go tshela ka fa tlase ga puso ya Bogosi mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 10, e e reng “Bogosi jwa Modimo Bo A Busa,” mo go tsebe 90-7 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Ka 1914 ditšhaba di ne tsa nna le seabe mo ntweng ya lefatshe

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Tiro ya boithaopo ya namolo ke bosupi jwa gore Bakeresete ba lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba solegelwa molemo ke thulaganyo ya thuto