Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a kayang fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong”?

Jesu o ne a sa tswa go tlhopha barutwa ba le 70, mme o ne a “ba romela ka bobedi le bobedi pele ga gagwe kwa motseng mongwe le mongwe le lefelo koo ene ka boene a neng a tlile go tla gone.” Fa ba ba 70 ba boa, ba ne ba itumeletse go bo ba ne ba atlegile mo thomong ya bone ya go rera. Ba ne ba re: “Morena, le e leng madimona a bewa mo taolong ya rona ka tiriso ya leina la gago.” Fa ba rialo, Jesu o ne a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong.”—Luke 10:1, 17, 18.

Sa ntlha, go ka nna ga lebega e kete Jesu o ne a bua ka tiragalo e e neng e setse e diragetse. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le 60 fa Jesu a sena go bua mafoko ano a a fa godimo, moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a dirisa puo e e tshwanang fa a ne a kwala a re: “Kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshenolo 12:9.

Fa Johane a ne a kwala mafoko ao, Satane o ne a sa ntse a le kwa legodimong. Re itse seo jang? Ka gonne buka ya Tshenolo ke buka ya boporofeti, e seng ya hisitori. (Tshenolo 1:1) Ka jalo, mo motlheng wa ga Johane, Satane o ne a ise a latlhelwe mo lefatsheng. Tota e bile, bosupi bo bontsha gore seno ga se a ka sa direga go fitlha Jesu a sena go tlhomiwa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 1914. *Tshenolo 12:1-10.

Mme gone, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua ka go kobiwa ga ga Satane kwa legodimong e kete go ne go setse go diragetse? Bakanoki bangwe ba akantsha gore Jesu o ne a kgalemela barutwa ba gagwe ka go bo ba ne ba ikgantsha go sa tshwanela. Ba dumela gore tota e bile, o ne a re: ‘Lo fentse madimona, mme lo se ka lwa ikgantsha. Satane o ne a ikgogomosa, mme seo se ne sa felela ka gore a digwe ka bonako.’

Ga re ka ke ra bua seo ka go tlhomamisega. Le fa go ntse jalo, fano go bonala thata gore Jesu o ne a itumela le barutwa ba gagwe mme o ne a bua ka go wa ga ga Satane ga nako e e tlang. Jesu o ne a itse sentle go feta barutwa botlhe ba gagwe ka letlhoo le legolo le Diabolo a nang le lone. Akanya kafa Jesu a neng a itumela ka gone fa a utlwa gore madimona a a maatla a ne a nna mo taolong ya barutwa ba gagwe ba ba sa itekanelang! Go nna mo taolong gono ga madimona e ne e le ponelopele fela ya nako e e tlang ya fa Jesu, e le Mikaele moengele yo mogolo, a tla tlhabanang le Satane mme a mo kobe go tswa kwa legodimong a mo latlhela mo lefatsheng.

Fa Jesu a ne a re o ne a bona Satane “a setse a ole,” go bonala a ne a gatelela gore ruri Satane o tla wa. Seno se tshwana le boporofeti jo bongwe jwa Baebele jo bo buang ka ditiragalo tsa nako e e tlang jaaka e kete di setse di diragetse. Ka sekai, ela tlhoko kafa boporofeti jo bo kaga Mesia jo bo mo go Isaia 52:13–53:12 bo buang ka gone e kete dilo dingwe di setse di diragetse. Go ka direga gore Jesu o ne a bua a tlhomamisegile gore go kobiwa ga ga Satane kwa legodimong go ne go tla diragala go ya ka maikaelelo a ga Rraagwe. Gape Jesu o ne a tlhomamisegile gore mo nakong e e beilweng ke Modimo, Satane le madimona a gagwe ba tla latlhelwa mo moleteng mme moragonyana ba senyediwe ruri.—Baroma 16:20; Bahebera 2:14; Tshenolo 20:1-3, 7-10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 10, le buka ya TshenolōKonelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, kgaolo 27, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.