Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna Mogolo

Go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna Mogolo

Go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna Mogolo

“Le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.”—MATHAIO 20:26.

1. Lefatshe le leba go nna mogolo jang?

GAUFI le motse wa bogologolo wa Thebes (o jaanong o bidiwang Karnak) wa kwa Egepeto, dikilometara di ka nna 500 kwa borwa jwa Cairo, go na le setshwantsho se se tlhomilweng sa ga Faro Amenhotep III sa boleele jwa dimetara di le 18. Motho fa a bapa le setshwantsho seno o ipona a le monnye tota. Setshwantsho seno, se kwantle ga pelaelo se diretsweng go tlisetsa mmusi yono tlotla, se bontsha fela tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone—ke gore fa motho a dira gore a lebege a le botlhokwa kafa go ka kgonegang ka gone gore ba bangwe ba ikutlwe e se ba sepe.

2. Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao sefe, mme re tlhoka go ipotsa dipotso dife?

2 Bapisa tsela eno e go lejwang go nna mogolo ka yone le e e neng e rutwa ke Jesu Keresete. Le fa Jesu e ne e le “Morena le Moruti” wa balatedi ba gagwe, o ne a ba ruta gore motho o nna mogolo ka go direla ba bangwe. Ka letsatsi la bofelo la botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha se a neng a se ruta ka go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. Seno se ne se bontsha boikokobetso tota! (Johane 13:4, 5, 14) Fa e le go direla ba bangwe le go direlwa, o rata eng thata? A sekao sa ga Keresete se dira gore o eletse go nna boikokobetso fela jaaka ene a ne a ikokobeditse? A re sekasekeng tsela e Keresete a neng a leba go nna mogolo ka yone re e bapise le tsela e bontsi mo lefatsheng bo go lebang ka yone.

Tila Tsela e Lefatshe le Lebang go Nna Mogolo ka Yone

3. Ke dikai dife tse di mo Baebeleng tse di bontshang ditlamorago tse di botlhoko tsa batho ba ba nyoretsweng go galalediwa ke batho?

3 Go na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tse di bontshang gore tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone e felela ka tshenyego. Akanya ka Hamane yo o nonofileng, yo o neng a na le maemo mo ntlong ya segosi ya Peresia mo metlheng ya ga Esethere le Moredekai. Go nyorelwa kgalalelo ga ga Hamane go ne ga felela ka gore a tlhabisiwe ditlhong a bo a swe. (Esethere 3:5; 6:10-12; 7:9, 10) Go tweng ka Nebukadenesare yo o mabela, yo o neng a itewa ka botsenwa ka nako ya fa dilo di ne di mo tsamaela sentle thata mo bogosing jwa gagwe? Tsela e e sokameng e a neng a leba go nna mogolo ka yone e ne e bontshiwa ke mafoko ano: “A ono ga se Babelona o Mogolo, o nna ka bonna ke o agetseng ntlo ya segosi ka nonofo ya thata ya me le o ke o agetseng seriti sa tlotlomalo ya me?” (Daniele 4:30) Gape go na le Herode Ageripa I yo o ikgodisang, yo o neng a amogela kgalalelo e e sa mo tshwaneleng mo boemong jwa go galaletsa Modimo. O ne “a jewa ke diboko mme a swa.” (Ditiro 12:21-23) Go se tlhaloganye tsela e Jehofa a lebang go nna mogolo ka yone go ne ga felela ka gore banna bano botlhe ba we ka tsela e e tlhabisang ditlhong.

4. Ke mang yo o tlhotlheletsang moya wa boikgodiso mo lefatsheng?

4 Go siame gore re batle go tshela ka tsela e e re tlisetsang tlotlo. Le fa go ntse jalo, Diabolo o dirisa keletso eno ka tsela e e sa siamang ka go tlhotlheletsa moya wa boikgodiso mo bathong, o o bontshang tsela e ene a leng boikgodiso ka yone. (Mathaio 4:8, 9) O se ka wa lebala gore ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” mme o ikemiseditse go anamisa tsela e a lebang dilo ka yone mono mo lefatsheng. (2 Bakorintha 4:4; Baefeso 2:2; Tshenolo 12:9) Bakeresete ba gana tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone ka gonne ba itse gore dikakanyo tse di ntseng jalo di tswa kae.

5. A go fitlhelela dilo dingwe, go itsege le go huma, go tlhomamisa gore motho o tla nna a kgotsofetse? Tlhalosa.

5 Kgopolo e nngwe e Diabolo a e rotloetsang ke gore fa o itsege mo lefatsheng, o bakwa ke batho e bile o na le madi a mantsi, o tla nna motho yo o itumetseng. A seo ke boammaaruri? A fela fa o fitlheletse dilo dingwe, o itsege e bile o humile, seo se kaya gore o tla kgotsofala mo botshelong? Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra tsiediwa ke dikakanyo tse di ntseng jalo. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Ke bone tiro yotlhe ya bonatla le bothakga jotlhe jwa tiro, gore bo raya go gaisana ga mongwe le yo mongwe; seno le sone ke lefela le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:4) Batho ba le bantsi ba ba sentseng botshelo jotlhe jwa bone ba leka go nna le maemo mo lefatsheng ba ka supela boammaaruri jwa kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele. Go na le sekai sa monna mongwe yo o neng a thusa go tlhama, go aga le go lekeletsa sesutlhalefaufau se se neng sa isa motho kwa ngweding. O ne a akanya jaana morago: “Ke ne ke dirile ka natla mme ka nna le bokgoni tota mo tirong ya me. Mme seo ga se a ka sa nthusa ka sepe gore ke nne ke itumetse le gore ke nne le kagiso ya mogopolo.” * Tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone, e ka tswa e le mo go tsa kgwebo, mo metshamekong kgotsa mo boitlosobodutung, ga e tlhomamise gore motho o tla nna a kgotsofetse.

Motho o Nna Mogolo ka go Direla ba Bangwe ka Lorato

6. Ke eng se se bontshang gore Jakobe le Johane ba ne ba leba go nna mogolo ka tsela e e phoso?

6 Go na le tiragalo nngwe mo botshelong jwa ga Jesu e e senolang se tota go nna mogolo go se kayang. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo mosepeleng ba ya Jerusalema kwa Tlolaganyong ya 33 C.E. Mo tseleng, Jakobe le Johane ba e neng e le masika le Jesu, gongwe e le bana ba ga mmangwanaagwe, ba ne ba bontsha gore ba na le pono e e phoso ka go nna mogolo. Ba ne ba kopa Jesu jaana, ba romeletse ka mmaabone: ‘Ntsha taelo gore re nne kafa seatleng sa gago sa moja le kafa go sa molema, mo bogosing jwa gago.’ (Mathaio 20:21) Bajuda ba ne ba tsaya go nna kafa seatleng sa moja kgotsa sa molema e le tlotla e kgolo. (1 Dikgosi 2:19) Jakobe le Johane ka boikgodiso ba ne ba leka go itseela maemo a a kwa godimo thata. Ba ne ba batla go nna mo maemong ano a a kwa godimo mo bogosing. Jesu o ne a bona se ba se akantseng mme a dirisa sebaka seno go baakanya tsela e e phoso e ba neng ba leba go nna mogolo ka yone.

7. Jesu o ne a tlhalosa jang se tota se dirang motho mogolo mo Bakereseteng?

7 Jesu o ne a itse gore mo lefatsheng leno le le tletseng boikgodiso, motho yo o tsewang a le mogolo ke yo o laolang le go laela ba bangwe, yo e reng a thwantsha monwana fela a bo a newa sengwe le sengwe se a se batlang. Mme mo balateding ba ga Jesu, go direla ba bangwe ka boikokobetso ke gone go bontshang gore motho o mogolo. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.”—Mathaio 20:26, 27.

8. Go nna modiredi go kaya eng, mme re ka ipotsa dipotso dife?

8 Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “modiredi” mo Baebeleng le kaya mongwe yo o lekang go direla ba bangwe ka tlhoafalo a sa kgaotse. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe thuto ya botlhokwa: Go laela batho gore ba dire dilo ga go dire gore motho a nne mogolo; go direla ba bangwe ka lorato ke gone go dirang gore motho a nne mogolo. Ipotse jaana: ‘Nka bo ke ile ka itshwara jang fa ke ne ke le Jakobe kgotsa Johane? A nka bo ke ile ka tlhaloganya gore go nna mogolo tota go bonwa ka go direla ba bangwe o tlhotlhelediwa ke lorato?’—1 Bakorintha 13:3.

9. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe fa a dirisana le batho ba bangwe?

9 Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe gore tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone ga se tsela e Keresete a go lebang ka yone. O ne a se ke a supa boikutlo jwa go nna kwa godimo ga bao a neng a ba direla, le gone o ne a se ke a dira gore ba ikutlwe ba le kwa tlase. Batho ba mefuta yotlhe—banna, basadi, bana, bahumi, bahumanegi le ba ba maatla, mmogo le ba ba neng ba itsege e le baleofi—ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene. (Mareko 10:13-16; Luke 7:37-50) Gantsi batho ba felela ba bangwe pelo fa ba na le makoa mangwe. Jesu o ne a sa nna jalo. Le fa ka dinako tse dingwe barutwa ba gagwe ba ne ba tle ba bontshe go se akanyetse e bile ba rata go ngangisana, o ne a ba ruta ka bopelotelele, a ba bontsha gore o boikokobetso tota e bile o bonolo.—Sekarea 9:9; Mathaio 11:29; Luke 22:24-27.

10. Botshelo jotlhe jwa ga Jesu bo ne bo bontsha jang gore o direla ba bangwe ka moya o o se nang boithati?

10 Sekai sa go se nne le moya wa boithati se se tlhomilweng ke Morwa yono yo o kwa pelepele wa Modimo se ne sa bontsha se tota go nna mogolo go se kayang. Jesu o ne a sa tla mo lefatsheng go tla go direlwa, mme o ne a tletse go direla ba bangwe, a ba fodisa “dipobolo tse di farologaneng” e bile a ba ntsha mo taolong ya madimona. Le fa a ne a tle a lape e bile a tlhoka nako ya go ikhutsa, ka metlha o ne a tlhokomela ba bangwe pele, a leka ka natla go ba gomotsa. (Mareko 1:32-34; 6:30-34; Johane 11:11, 17, 33) Lorato lwa gagwe lo ne lwa mo tlhotlheletsa go thusa batho ka dilo tsa semoya, a tsamaya dikilometara di le makgolokgolo mo ditseleng tse di dithole a ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mareko 1:38, 39) Kwantle ga pelaelo, Jesu o ne a tsaya go direla ba bangwe go le botlhokwa.

Etsa Boikokobetso Jwa ga Keresete

11. Bakaulengwe ba ba tlhomiwang gore e nne balebedi mo phuthegong ba tshwanetse ba nna le dinonofo dife?

11 Go ela kwa bofelong jwa bo1800, go ne ga bontshiwa botlhokwa jwa boikutlo jo bo siameng jo balebedi ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna le jone fa go ne go tlhophiwa banna ba ba neng ba tla nna baemedi ba ba etang gore ba tlhokomele batho ba Modimo ka se ba se tlhokang. Go ya ka Zion’s Watch Tower ya September 1, 1894, go ne go batlega banna “ba ba boingotlo—gore ba se ka ba ikgodisa . . . , ba ba ikokobeditseng ba ba sa ipueng molemo mme go na le moo ba rera Keresete—gore ba se ka ba bolela kitso ya bone, mme ba bolele Lefoko la gagwe le le sa raraanang mme le le maatla.” Go bonala sentle gore Bakeresete ba boammaaruri le ka motlha ga ba a tshwanela go batla go nna le maemo e le fela gore ba kgotsofatse keletso e ba nang le yone ya go rata go tlotlomala le go laola ba bangwe. Molebedi yo o ikokobeditseng o nna a gopotse gore maikarabelo a gagwe ke “tiro e e molemo,” e seng maemo a a kwa godimo a a tlisetsang ene kgalalelo. (1 Timotheo 3:1, 2) Bagolwane botlhe le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse ba dira bojotlhe jwa bone go direla ba bangwe le go etelela pele mo tirelong e e boitshepo, ba tlhoma sekao se se molemo se ba bangwe ba ka se latelang.—1 Bakorintha 9:19; Bagalatia 5:13; 2 Timotheo 4:5.

12. Batho ba ba kgaratlhelang ditshiamelo mo phuthegong ba ka ipotsa dipotso dife?

12 Mokaulengwe ope fela yo o kgaratlhelang go nna le ditshiamelo a ka ipotsa jaana: ‘A ke batla ditsela tsa go direla ba bangwe, kgotsa ke rata go direlwa? A ke rata go dira ditiro dingwe go thusa ba bangwe le fa gantsi batho ba sa di bone?’ Ka sekai, mokaulengwe yo o sa leng mosha a ka tswa a rata go neela dipuo mo phuthegong ya Bokeresete mme a goga dinao fa a tshwanetse go thusa batho ba ba godileng. A ka tswa a rata go dirisana le banna ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong mme a sa rate thata go nna le seabe mo tirong ya go rera. Mosha yono o tshwanetse a ipotsa jaana: ‘A ke lebile fela dikarolo tsa tirelo ya Modimo tse di tla dirang gore ke bonwe ke bo ke bakwe ke batho? A ke leka go tlhagelela mo pele ga batho?’ Fa re ipatlela kgalalelo, ruri re a bo re sa etse Keresete.—Johane 5:41.

13. (a) Sekao sa molebedi sa boikokobetso se ka ama ba bangwe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe boikokobetso, kgotsa go nna le mogopolo o o ikokobeditseng, ke sengwe se Mokeresete a tshwanetseng a nna le sone?

13 Fa re dira ka natla gore re etse boikokobetso jwa ga Keresete, re tlhotlheletsega go direla ba bangwe. Akanya ka sekai sa molebedi mongwe yo o etelang makala yo o neng a sekaseka ditiro tsa nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa a ne a na le ditiro tse dintsi le maikarabelo a magolo, molebedi yono o ne a ema gore a thuse mokaulengwe yo mosha yo o neng a mekamekana le go baakanya motšhine o o lomaganyang dibuka. Mokaulengwe yono o anela jaana: “Ke ne ke gakgametse tota! O ne a mpolelela gore o ne a bereka ka motšhine o o tshwanang le ono fa a ne a sa le lekawana kwa Bethele, mme o gakologelwa kafa go neng go le thata ka teng go o baakanya. O ne a tsaya lobaka lo lo rileng a nthusa ka motšhine oo le fa a ne a na le ditiro tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa tse a neng a tshwanetse go di dira. Seo se ne sa nkgatlha tota.” Mokaulengwe yono, yo jaanong e leng molebedi kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa, o sa ntse a gopola tiro eo ya boikokobetso. A le ka motlha re se ka ra akanya gore re kwa godimo thata gore re ka dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase kgotsa re botlhokwa thata gore re ka dira ditiro tse di tseelwang kwa tlase. Go na le moo, re tshwanetse go nna le “mogopolo o o ikokobeditseng.” Seno ke se re tshwanetseng go se dira. Ke karolo ya “botho jo bosha” jo Mokeresete a tshwanetseng go bo apara.—Bafilipi 2:3; Bakolosa 3:10, 12; Baroma 12:16.

Tsela ya go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna Mogolo

14. Go tlhatlhanya ka kamano ya rona le Modimo le bangwe ka rona go ka re thusa jang go tlhagolela pono e e tshwanetseng ka go nna mogolo?

14 Re ka nna jang le pono e e tshwanetseng malebana le go nna mogolo? Tsela nngwe ke ka go tlhatlhanya ka kamano ya rona le Jehofa Modimo. Bogolo, maatla le botlhale jwa gagwe di mo goleletsa kwa godimo thata ga batho ba e seng ba sepe. (Isaia 40:22) Go tlhatlhanya ka kamano ya rona le bangwe ka rona le gone go re thusa go tlhagolela mogopolo o o ikokobeditseng. Ka sekai, re ka nna ra gaisa ba bangwe mo dilong dingwe, mme ba ka tswa ba re feta ka dilo tse dingwe tsa botshelo tse di botlhokwa le go feta, kgotsa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ka nna le dinonofo dingwe tse rona re se nang tsone. Tota e bile, batho ba le bantsi ba ba tlhwatlhwakgolo mo matlhong a Modimo gantsi ga ba tlhomologe ka gonne e le batho ba ba bonolo e bile ba le boikokobetso.—Diane 3:34; Jakobe 4:6.

15. Boikanyegi jwa batho ba Modimo bo bontsha jang gore ga go na ope yo o tshwanetseng go ikutlwa a le kwa godimo ga ba bangwe?

15 Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba lekwa ka ntlha ya tumelo ya bone a tshwantshetsa ntlha eno sentle. Go le gantsi, bone batho ba lefatshe le ka ba lebang e le batho fela ke bone ba ba ileng ba ikanyega mo Modimong fa ba lekwa setlhogo. Go tlhatlhanya ka dikai tse di ntseng jalo go ka re thusa gore re nne re ikokobeditse mme ga re ruta gore re ‘se ka ra ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.’—Baroma 12:3. *

16. Botlhe mo phuthegong ba ka tlhagolela go nna mogolo jang ba etsa sekao se se tlhomilweng ke Jesu?

16 Bakeresete botlhe, bannye le bagolo, ba tshwanetse go leka go nna le pono e e tshwanang le ya ga Keresete ka go nna mogolo. Mo phuthegong, go na le mefuta e e farologaneng ya ditiro tse di tshwanetseng go dirwa. Le ka motlha o se ka wa gana go dira dilo tse di lebegang e le tsa maemo a a kwa tlase. (1 Samuele 25:41; 2 Dikgosi 3:11) Batsadi, a lo kgothaletsa bana ba lona ba bannye le ba bagolwane go dira ka boitumelo tiro epe e ba e newang, e ka tswa e le kwa Holong ya Bogosi, kwa kopanong, kgotsa kwa lefelong le go tshwarelwang dikopano mo go lone? A ba go bona o dira ditiro tse go tsewang e le tsa maemo a a kwa tlase? Mokaulengwe mongwe, yo gone jaanong a direlang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, o gakologelwa sekai sa batsadi ba gagwe sentle. A re: “Tsela e ba neng ba leba tiro ya go phepafatsa kwa Holong ya Bogosi le kwa lefelong la kopano ka yone e ne e mpontsha gore ba e tsaya e le botlhokwa. Gantsi ba ne ba ithaopela ditiro tse di neng di solegela phuthego kgotsa bakaulengwe molemo, go sa kgathalesege gore di lebega e le tsa maemo a a kwa tlase go le kana kang. Boikutlo jono bo nthusitse go amogela kabelo nngwe le nngwe ka go rata mono mo Bethele.”

17. Basadi ba ba boikokobetso ba ka nna molemo jang mo phuthegong?

17 Sekai se se molemo thata sa mongwe yo o neng a tsaya dilo tse di amang ba bangwe di le botlhokwa go feta tse di amang ene ke Esethere, yo o neng a nna kgosigadi ya Mmusomogolo wa Peresia ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Le fa a ne a nna mo ntlong ya segosi, o ne a iketleeleditse go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a thuse batho ba Modimo, a dira tumalanong le thato ya Modimo. (Esethere 1:5, 6; 4:14-16) Go sa kgathalesege gore seemo sa bone sa itsholelo ke sefe, basadi ba Bakeresete gompieno ba ka bontsha moya o o tshwanang le wa ga Esethere ka go kgothatsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, go etela ba ba lwalang, go rera le go dirisana sentle le bagolwane. A bo go le molemo jang ne go nna le bokgaitsadi bano ba ba ikokobeditseng mo phuthegong!

Masego a go Nna Mogolo ka Tsela ya ga Keresete

18. Go bontsha moya o o tshwanang le wa ga Keresete wa go nna mogolo go na le melemo efe?

18 O solegelwa molemo thata fa o nna o na le pono e e tshwanang le ya ga Keresete ka go nna mogolo. Go direla ba bangwe ka bopelotshweu go tlisetsa bone le wena boipelo. (Ditiro 20:35) Fa o ntse o direla bakaulengwe ba gago ka lorato le ka tlhoafalo, o dira gore ba go rate. (Ditiro 20:37) Sa botlhokwa le go feta, sengwe le sengwe se o se dirang go thusa Bakeresete ka wena, Jehofa o se tsaya e le setlhabelo se se itumedisang sa pako.—Bafilipi 2:17.

19. Re tshwanetse ra ikemisetsa go dira eng malebana le tsela e Keresete a lebang go nna mogolo ka yone?

19 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a itlhatlhoba pelo a bo a ipotsa jaana: ‘A ke tla bua fela ka molomo ke re ke tlhagolela pono ya ga Keresete ya go nna mogolo, kgotsa ke tla dira ka natla go e tlhagolela?’ Tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka batho ba ba ikgodisang ga e a fitlhega. (Diane 16:5; 1 Petere 5:5) E kete ditiro tsa rona di ka bontsha gore re rata go nna le pono e e tshwanang le ya ga Keresete malebana le go nna mogolo, e ka tswa e le mo phuthegong ya Bokeresete, mo botshelong jwa lelapa, kgotsa mo tseleng e re dirisanang ka yone le batho ba bangwe—re dira dilo tsotlhe gore re galaletse le go baka Modimo.—1 Bakorintha 10:31.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bona Tora ya Tebelo, May 1, 1982, tsebe 3-6 (ka Seesemane), “In Search of Success [Go Senka Katlego].”

^ ser. 15 Fa o batla go bona dikai tsa seno, bona 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 181-2 le Tora ya Tebelo ya September 1, 1993, tsebe 27-31.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gana tsela e lefatshe le lebang go nna mogolo ka yone?

• Jesu o ne a tsaya motho yo mogolo e le yo o ntseng jang?

• Balebedi ba ka etsa boikokobetso jwa ga Keresete jang?

• Ke eng se se ka re thusang go tlhagolela bogolo ka tsela ya ga Keresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Ke Mang yo Mogolo ka Tsela ya ga Keresete?

A ke yo o batlang go direlwa kgotsa ke yo o ratang go direla?

A ke yo o ratang go tlhagelela kgotsa yo o amogelang ditiro tse go tsewang e le tsa maemo a a kwa tlase?

A ke yo o itseelang kwa godimo kgotsa yo o tseelang ba bangwe kwa godimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Setshwantsho se segolo thata sa ga Faro Amenhotep III

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A o itse gore ke eng se se digileng Hamane?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A o batla ditsela tsa go direla ba bangwe?