Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao Jwa Mmatota?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao Jwa Mmatota?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao Jwa Mmatota?

FA Jesse, moithuti mongwe wa sekolo se segolwane wa dingwaga di le 17 a ne a bodiwa ka bokao jwa botshelo, o ne a re: “Fa o sa ntse o tshela, ijese monate ka mo o ka kgonang ka teng.” Suzie o ne a na le boikutlo jo bo farologaneng le joo. Ene o ne a re: “Ke dumela ke sa belaele gore motho ke ene a ka dirang gore botshelo bo nne le bokao.”

A o kile wa ipotsa gore bokao jwa botshelo ke eng? A go na le boikaelelo bongwe ka batho botlhe ba ba mo lefatsheng? Kgotsa a Suzie o bua boammaaruri fa a re botshelo bo nna se motho a dirang gore bo nne sone? Go sa kgathalesege gore setšhaba sa rona se gatela pele go le kana kang mo go tsa botegeniki, re shwegashwega go itse gore bokao jwa botshelo ke eng. Mo botshelong, bontsi jwa rona re a ipotsa gore ‘Ke eng fa re le mono?’

Baitsesaense ga ba kgone go araba potso eo. Mme tshwetso ya bone e ne ya nna efe? David P. Barash, porofesa nngwe ya thutotlhaloganyo le thutodiphologolo o tlhalosa jaana: “Thuto tlhagelelo ka boyone ga e kgone go re bolelela se bokao jwa botshelo e leng sone. Batho ba ba nang le kgopolo ya gore dilo di itlhageletse fela ba dumela gore ditshedi di na le boikaelelo bo le bongwe fela; go tshela le go tsala.” Ka ntlha ya seo, Porofesa Barash o akantsha jaana: “Mo lobopong lono lo logolo lo lo se nang boikaelelo e bile lo sa kgathale ka batho, rona batho ke rona re nang le boikarabelo jwa go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao, ka ditshwetso tse re ikaeletseng go di dira e bile re di dira ka kelotlhoko.”

Motswedi wa Bokao le Boikaelelo jwa Botshelo

A joo ke jone fela boikaelelo jwa botshelo—gore mongwe le mongwe wa rona a dire se a se batlang? Go na le gore re kgarakgatshege mo lobopong lono lo lo se nang boikaelelo, Baebele ga e bolo go re senolela gore go na le lebaka la go bo re le mono. Go nna gone ga rona mo lefatsheng ga go a itiragalela fela. E re bolelela gore Mmopi o ile a tsaya makgolokgolo a dingwaga a baakanya lefatshe gore batho ba tle ba nne mo go lone. Ga go na sepe se se itiragaletseng fela. O ile a tlhomamisa gore sengwe le sengwe se nne “molemo tota.” (Genesise 1:31; Isaia 45:18) Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o ne a na le boikaelelo bongwe jo bo rileng ka batho.

Se se kgatlhang ke gore, Modimo ga a ka a laolela gale isagwe ya mongwe le mongwe, e ka tswa e le ka gore gongwe Modimo a tseye kgato ka tlhamalalo kgotsa ka go dira gore e laolwe ke dijini tsa rona. Le fa dijini tsa rona di na le tlhotlheletso e e rileng mo botshelong jwa rona, ke rona re laolang bontsi jwa dilo tse re di dirang. Rotlhe re gololesegile go itlhophela tsela e re batlang go tshela ka yone.

Le fa mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go itlhophela se a batlang go se dira ka botshelo jwa gagwe, go tla bo go le phoso fa re ka itlhokomolosa Mmopi mo dilong tse re ikaeletseng go di dira. Tota e bile, ba le bantsi ba lemogile gore bokao le boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo bo ikaegile ka go nna le kamano le Modimo. Tsela e e botlhokwa e Modimo a amanang le boikaelelo jwa botshelo jwa rona ka yone e tlhalosiwa ke leina la gagwe e bong Jehofa, le le rayang “O Dira Gore go Diragale.” (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18) Se se rayang gore, ka iketlo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe mme ka metlha o diragatsa se a se ikaeletseng. (Ekesodo 3:14; Isaia 55:10, 11) Akanya kafa seo se leng botlhokwa ka teng. Leina Jehofa le re tlhomamisetsa rotlhe gore ke ene Motswedi wa boikaelelo jwa botshelo jwa rona.

Go dumela fela gore Mmopi o teng go na le tlhotlheletso e kgolo malebana le kafa motho a lebang botshelo ka teng. Linet, wa dingwaga di le 19 o bolela jaana: “Fa ke bona dilo tsotlhe tse Jehofa a di dirileng le maikaelelo a tsone, go mpontsha gore le nna ke ile ka bopiwa ka boikaelelo bongwe jo bo rileng.” Amber o oketsa jaana: “Fa batho ba bua ka ‘Modimo yo o sa itsiweng’ gantsi go nkgopotsa gore nna ke a mo itse. Bosupi jwa gore Jehofa o teng bo bonwa mo dilong tse a di dirileng.” (Baroma 1:20) Gone ke boammaaruri gore ga go a lekana go dumela fela gore Mmopi o teng, se se botlhokwa ke go nna le kamano e e nang le bokao le ene.

Go Nna le Kamano le Modimo

Baebele e ka re thusa le mo kgannyeng eno. Dikgaolo tsa yone tsa ntlha di bontsha sentle gore Jehofa Modimo ke Rre yo o lorato. Ka sekai, ga a ka a bopa Adame le Efa fela a bo a ba tlogela gore ba fopholetse gore ke ene mang. Go na le moo, o ne a buisana le bone ka metlha. Ga a ka a ba tlogela kwa Edene gore ba itirele tshwetso ya se ba tshwanetseng go se dira mo lefatsheng fa ene a ntse a dira dilo tse dingwe. Go na le moo, o ne a ba naya dikaelo tse di tlhomameng malebana le gore tsela e e molemolemo ya go tshela ke efe. O ne a ba naya tiro e e kgotsofatsang mme a rulaganya gore ba tswelele ba ntse ba amogela thuto. (Genesise 1:26-30; 2:7-9) A o ne o ka se lebelele gore motsadi yo o lorato a dire jalo? Akanya fela gore seo se kaya eng. Danielle a re: “Go itse gore Jehofa o bopile lefatshe mme a dira gore rona re kgone go itumelela popo ya gagwe, go mpontsha gore o ne a batla gore re itumele.”

Mo godimo ga moo, jaaka rre mongwe le mongwe yo o molemo, Jehofa o batla gore bana ba gagwe botlhe ba atamalane gaufi le ene. Gore re kgone go dira seo, Ditiro 17:27 e re tlhomamisetsa jaana: “[Ga a] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” Seo se re thusa jang? Amber a re: “Go itse Jehofa go dirile gore ke tlhatswege pelo gore le ka motlha ga ke esi. Go sa kgathalesege gore go direga eng, ka metlha go na le mongwe yo nka mo ikanyang.” Mo godimo ga moo, fa o simolola go itse Jehofa, o tla lemoga gore o pelonomi, o na le tshiamiso e bile o molemo. Mme o ka kgona go ikaega ka ene. Jeff a re: “Fa Jehofa a simolola go nna tsala ya me e kgolo, ke ne ke itse gore ga go na ope yo o kgonang go ntshegetsa jaaka ene fa ke tlhoka thuso.”

Ka maswabi, go na le dilo tse dintsi tse di sa itumediseng tse di buiwang ka Jehofa. O latofadiwa ka gore ke ene a dirang gore batho ba boge le gore go nne le boitshwaro jo bo sa siamang mo bodumeding. O ile a latofadiwa ka bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo diragetseng mo hisitoring ya batho. Mme Duteronome 32:4, 5 e tlhalosa jaana: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. . . . Bone ka bobone ba dirile bosula; ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone.” Ka jalo, re tshwanetse go itshekatshekela mabaka ka borona.—Duteronome 30:19, 20.

Go Diragadiwa ga Boikaelelo Jwa Modimo

Le fa re ka tswa re dira tshwetso e e ntseng jang, ga go na sepe se se tla thibelang Modimo gore a se ka a diragatsa maikaelelo a gagwe ka botlalo ka lefatshe le batho. Tota e bile, ke ene Mmopi. Mme boikaelelo joo ke eng? Jesu Keresete o ne a bua ka jone mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng fa a ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” Moragonyana fa a ne a bua le moaposetoloi wa gagwe e bong Johane, o ne a bontsha gore Modimo o ikaeletse go “senya ba ba senyang lefatshe.” (Mathaio 5:5; Tshenolo 11:18) E re ka Jesu a ne a na le Modimo ka nako ya fa a bopa dilo, o a itse gore go tswa fela kwa tshimologong Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba ba itekanetseng ba nne mo lefatsheng la paradaise ka bosakhutleng. (Genesise 1:26, 27; Johane 1:1-3) Mme Modimo ga a fetoge. (Malaki 3:6) Modimo o re solofetsa jaana: “Ruri go tla diragala fela jaaka ke ikanne; mme fela jaaka ke sweditse, seo ke sone se se tla diragalang.”—Isaia 14:24.

Mo motlheng ono wa rona, Jehofa o setse sa simolotse go thaya motheo wa setšhaba se se utlwanang, se se seng bogagapa le bopelotshetlha jaaka lefatshe leno le ntse gompieno, mme ke se se ratang Modimo le baagelani. (Johane 13:35; Baefeso 4:15, 16; Bafilipi 2:1-4) Ke setšhaba sa batho ba ba iketleeleditseng go gatela pele ba tlhagafaletse go diragatsa thomo ya bone—go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tla tlang pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Mo dinageng tse di fetang 230, go setse go na le Bakeresete ba ba fetang dimilione di le thataro ba ba setseng ba mo obamela mmogo e le bakaulengwe ba ditšhabatšhaba ba ba ratanang e bile ba le seoposengwe.

Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao

Fa e le gore o batla gore botshelo jwa gago bo nne le bokao jo bogolwane, o tshwanetse go itse gore Jehofa Modimo o go laletsa gore o kopanele le batho ba gagwe—“setšhaba [sa gagwe] se se siameng”—gone jaanong. (Isaia 26:2) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore ‘Setšhaba seno sa Bakeresete se tshela jang? A tota ke batla go ikgolaganya le sone?’ Utlwa gore basha bangwe ba reng:

Quentin: “Phuthego ke tshireletso ya me mo lefatsheng. E re ka ke lemoga gore Jehofa o na le seabe mo botshelong jwa me, seno se nthusa gore ke bone gore o teng e bile o batla gore ke itumele.”

Jeff: “Phuthego ke lefelo le le molemolemo le nka yang kwa go lone go bona kgothatso. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba teng koo go nkema nokeng le go nkakgola. Ruri ke ba tsaya jaaka ba losika lwa me.”

Linet: “Ga go na boipelo jo bo tshwanang le jwa go bona mongwe a amogela boammaaruri jwa Baebele le go dira tshwetso ya go direla Jehofa. Seno se dira gore botshelo jwa me e nne jo bo kgotsofatsang tota.”

Cody: “Botshelo jwa me bo tla bo bo se na bokao kwantle ga Jehofa. Ke ne ke tla kgarakgatshega jaaka ba le bantsi ke tswa mo selong se se rileng ke ya kwa go se sengwe, ke batla boitumelo mme ke sa bo bone. Go na le moo, Jehofa o nneile tshiamelo e e botlhokwa thata ya gore ke nne le kamano le ene mme seo se dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao.”

Ke eng o sa sekaseke mabaka ka bowena? O tla fitlhela gore fa o ntse o atamalana le Mmopi, Jehofa Modimo, botshelo jwa gago bo tla nna le bokao jwa mmatota.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go nna le kamano le Modimo go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

NASA photo