Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maiteko a go Batla Puso e e Molemo

Maiteko a go Batla Puso e e Molemo

Maiteko a go Batla Puso e e Molemo

“Go tlhoka go ikemela ga dinaga tsa lefatshe go bakile mathata a mangwe a mantsintsi a lefatshe a dinaga tse di farologaneng di ka se kang tsa kgona go itharabololela one ka botsone. Tsela e le yosi fela ya gore re kgone go lebana le mathata le dikotsi tse batho ba tshwanelwang ke go lebana le tsone, ke fa dinaga di dirisana mmogo.”—Ghulam Umar, mosekaseki wa dipolotiki wa kwa Pakistan.

LEFATSHE la segompieno le tletse ka dilo tse di gakgamatsang. E re le ntse le na le letlepu le le kanakana le dilo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba kgaratlha go itshedisa. Eleruri batho ba gompieno ba ba dirisang maranyane a dikhomputara ba ne ba tshwanetse ba bo ba rutegile go gaisa e bile ba na le kitso e ntsi go feta botlhe ba ba kileng ba tshela, le fa go ntse jalo batho ba le bantsi ba thatafalelwa ke go bona ditiro tse di tlhomameng. Le fa go bonala batho ba na le kgololesego e ntsi go feta pele, dimilione tsa batho di tshelela mo poifong le go tlhoka polokesego. Re ka tswa re na le ditshono tse dintsi tse di kgatlhang mo botshelong, mme boferefere le go tlhoka molao mo bathong ba maemo otlhe di dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba nna le tsholofelo.

Mathata a batho ba lebaneng le one a mantsi tota mo setšhaba se le sengwe kana setlhopha sengwe sa ditšhaba se ka se kang sa kgona go lebana le one. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ba etseng dilo tlhoko ba ne ba swetsa ka gore, e le gore go nne le kagiso le polokesego tsa mmatota mo lefatsheng, ditšhaba tsotlhe di tshwanetse go busiwa ke puso e le nngwe fela. Ka sekai, Albert Einstein ga a bolo go dumalana le kakanyo eno. Ka 1946 o ne a gatelela jaana: “Ke tlhomamisegile gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ne ba tla rata go tshela ka kagiso le polokesego . . . Keletso eo e batho ba nang le yone e ka direga fela ka gore go nne le puso e le nngwe fela e e busang lefatshe lotlhe.”

Dingwaga di le masome a le matlhano morago ga moo, keletso eo ga e ise e diragadiwe. Lokwalodikgang longwe lwa kwa Paris kwa Fora, le le bidiwang Le Monde le tlhalosa mathata a lekgolo la bo21 la dingwaga jaana: “Ke kgang ya gore go tlhomiwe thulaganyo ya boatlhodi, ya botsamaisi le ya molaomotheo wa puso e e tla kgonang go busa dinaga tse di farologaneng e kgona go tsaya kgato ka bonako gongwe le gongwe fa go tlhaga mathata a dipolaano tsa semorafe. Ke kgang ya gore go amogelwe gore go tloga ka nako eo, Lefatshe ke naga e le nngwe fela.” Ke mang kgotsa ke eng se se nang le maatla le bokgoni jwa go tlhomamisa gore batho ba na le bokamoso jwa kagiso?

A Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ka Thusa?

Batho ba le bantsi ba na le tsholofelo ya gore mokgatlho wa Ditšhaba Tse di Kopaneng o ka tlisa kagiso mo lefatsheng. A tota lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ka kgona go tlisa kagiso le polokesego mo lefatsheng? Kwantle ga pelaelo go na le dilo di le dintsi tse batho ba dipolotiki ba di buang tse di utlwalang di solofetsa. Ka sekai, mo “Maiphakong a Dingwaga di le Sekete” a ba neng ba a dira ka 2000, Kokoanotheomolao ya Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya dira maikano ano: “Re tla leka ka bojotlhe go golola batho ba rona mo sebetsong sa ntwa, e ka tswa e le mo teng ga puso kgotsa e le dipuso tse di farologaneng di lwa tse mo lesomeng le le fetileng la dingwaga di bolaileng batho ba feta dimilione di le 5.” Kitsiso eo e ne ya dira gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ratwe ke batho ba le bantsi le bo le ikgapele Sekgele sa Kagiso sa Nobel ka 2001. Ka jalo, Komiti ya Nobel ya kwa Norway e ne ya tlotla Ditšhaba Tse di Kopaneng ka gore: “Tsela e le nngwe fela e e ka atlegang go tlisa kagiso ya lefatshe lotlhe le tirisanommogo ke ka Ditšhaba Tse di Kopaneng.”

Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le le tlhomilweng ka 1945 le ne la itshupa e le puso e e tla kgonang go tlisa kagiso ya mmatota le e e tla nnelang ruri mo lefatsheng? Nnyaa, ka gonne boithati le boikgodiso jwa dinaga tse e leng maloko a lekgotla leno di kgoreleditse maiteko a lone. Morulaganyi wa lokwalodikgang longwe o ne a bolela gore batho ba le bantsi ba leba Ditšhaba Tse di Kopaneng “di tshwana fela le sedirisiwa se se dirisiwang go bona megopolo ya batho” le gore “le bua fela ka dikgang tse go sa bolong go tlotlwa ka tsone mme go se na tharabololo ya tsone.” Mme potso e e salang ke gore: A letsatsi lengwe ditšhaba tse di mo lefatsheng di tla tsamaya di nna seoposengwe?

Baebele e senola gore go ise go ye kae seo se tla fitlhelelwa. Seno se tla direga jang? Mme ke puso efe e e tla fitlhelelang seo? Go bona dikarabo tsweetswee bala setlhogo se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Einstein o ne a buelela gore go tlhokega puso e le nngwe e e tla busang lefatshe lotlhe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Einstein: U.S. National Archives photo