Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Kgakololo e e Molemo e a Tlhokega?

A Kgakololo e e Molemo e a Tlhokega?

A Kgakololo e e Molemo e a Tlhokega?

GOMPIENO, batho ba bantsi ba dumela gore ba kgona go farologanya se se molemo le se se bosula le gore ba na le tshwanelo ya go dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Ba bangwe ba re sengwe le sengwe se siame, fa fela se itumedisa motho. Lenyalo le botshelo jwa lelapa, tse di sa bolong go tsewa e le dithulaganyo tsa botlhokwa mo setšhabeng, di mo kotsing.—Genesise 3:5.

Akanya ka Verónica, * yo o nnang kwa Mexico. A re: “Pelenyana fela ga re digela dingwaga tse 15 re nyalane, monna wa me o ne a mpolelela gore o ratana le mosadi yo mongwe. O ne a re mosadi yoo o a mo itumedisa ka gonne a le mmotlana, ka jalo ga a na go mo tlogela. Ke ne ka tshosiwa ke kgang ya gore tsala ya me e kgolo e ka se tlhole e nna le nna go ntlosa bodutu. Nkile ka bo ke akanya gore go swa ga baratiwa ba rona ke gone mo go re bakelang kutlobotlhoko e kgolo. Mme nna ke amilwe ke boaka jwa gagwe ka tsela e e maswe le go feta ka gonne ga ke a latlhegelwa fela ke motho yo ke neng ke mo rata thata, mme gape o ne a tswelela a dira dilo tse di neng di nkutlwisa botlhoko.”

Go tswa foo go na le kgang ya monna wa dingwaga tse 22 yo o setseng a tlhadile e bile a na le ngwana wa mosimane mme a sa batle go diragatsa maikarabelo a gagwe a go nna rre. O lebeletse gore mmaagwe a mo tlhokomele mmogo le morwawe. Fa mmaagwe a sa dumele go mo naya dilo tsotlhe tse a di batlang, o a galefa a bo a mo omanya, a dira fela jaaka ngwana yo o se nang maitseo. Mmaagwe o ikutlwa a kgobegile marapo fa ngwana wa gagwe a itshwara ka tsela eno e e sa siamang.

Batho bano ga se bone fela ba lebanang le maemo ano. Go kgaogana kafa molaong ga banyalani le tlhalo di a oketsega gongwe le gongwe. Bana ba bantsi ba ile ba bona mongwe wa batsadi a tswa mo gae mme a ya go simolola botshelo jo bosha. Basha bangwe ga ba tlhole ba tlotla batho ba bangwe gotlhelele, go akaretsa le batsadi ba bone, mme ba dira dilo tse di neng di ka se ka tsa dirwa bogologolo. Go lekeletsa tsa tlhakanelodikobo, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, ditlhaselo tse di dirwang ke basha, le go bolawa ga barutabana le batsadi ke bana ke dilo tse di tlwaelegileng thata mo dinageng tse dintsi. E bile gongwe o ka tswa o etse tlhoko gore gompieno mathata ga a bonwe fela mo go godiseng bana le mo manyalong.

Fa re ntse re lebile ditiragalo tseno, re ka nna ra ipotsa gore matsapa di a tsere kae mo setšhabeng. Fa e le gore tota batho ba itse go farologanya se se molemo le se se bosula, ke ka ntlha yang fa mathata a mantsi a nna a sa rarabololwe? A kgakololo e e molemo e a tlhokega? A go na le motswedi wa kgakololo e e ntseng jalo e e molemo, o o itshupileng o ikanyega? Le fa batho ba bantsi ba re ba dumela mo Modimong le mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, ga go lebege ba le dirisa mo ditshwetsong tsa bone. Mme re ka solegelwa molemo jang fa re batla kgakololo e e tswang kwa Modimong re bo re e bona? A re sekasekeng kgang eo mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina le fetotswe.