Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Lapile Mme ga ba Ineele

Ba Lapile Mme ga ba Ineele

Ba Lapile Mme ga ba Ineele

“Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, . . . o naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.”—ISAIA 40:28, 29.

1, 2. (a) Ke taletso efe e e omosang pelo e e yang kwa go botlhe ba ba batlang go nna mo kobamelong e e itshekileng? (b) Ke eng se se ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing e e masisi?

RONA barutwa ba ga Jesu, re itse taletso ya gagwe e e omosang pelo e e reng: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. . . . Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) Gape, Bakeresete ba newa “dipaka tse di lapolosang . . . di tswa mo go Jehofa.” (Ditiro 3:19) Ga go pelaelo gore o ikutlwetse kafa go lapolosang ka gone go ithuta dithuto tsa Baebele, go nna le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe le go tshela ka melaometheo ya ga Jehofa.

2 Le fa go ntse jalo, baobamedi bangwe ba ga Jehofa ba na le go ikutlwa ba na le letsapa mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe, go kgobega marapo ka tsela e e ntseng jalo ke ga nakwana fela. Mme ka dinako tse dingwe go tsaya lobaka lo loleele thata. Fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba ka nna ba akanya gore maikarabelo a bone a Bokeresete a setse jaanong a fetogile mokgweleo go na le go nna morwalo o o lapolosang jaaka Jesu a ile a solofetsa. Maikutlo a a ntseng jalo a a sa siamang a ka tsenya mo kotsing kamano e Mokeresete a nang le yone le Jehofa.

3. Ke eng fa Jesu a ne a naya barutwa ba gagwe kgakololo e e mo go Johane 14:1?

3 Nakonyana fela pele Jesu a tshwarwa a bo a bolawa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega. Dumelang mo Modimong, dumelang le mo go nna.” (Johane 14:1) Jesu o ne a bua mafoko ano fa baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tloga ba lebana le ditiragalo tsa masetlapelo. Go ne go tla runya pogiso morago ga tsone. Jesu o ne a itse gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tla kgotswa ka ntlha ya go kgobega marapo thata. (Johane 16:1) Fa ba ne ba ka se ka ba leka go laola khutsafalo ya bone, e ne e tla ba koafatsa semoyeng le go dira gore ba se ka ba tlhola ba ikanya Jehofa. Bakeresete le bone ba ka diragalelwa ke se se tshwanang gompieno. Go kgobega marapo lobaka lo loleele go ka dira gore re utlwe botlhoko thata, mme dipelo tsa rona di ka simolola go imelwa. (Jeremia 8:18) Motho yo re leng ene mo teng a ka simolola go koafala. Fa re le mo bothateng jo bo tshwanang le jono, re ka simolola go koafala mo maikutlong le mo semoyeng ra ba ra latlhegelwa ke keletso ya rona ya go obamela Jehofa.

4. Ke eng se se ka re thusang go dira gore dipelo tsa rona tsa tshwantshetso di se ka tsa tsenwa ke letsapa?

4 A bo kgakololo ya Baebele e tshwanela jang ne, e e reng: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Baebele e re naya kgakololo e e mosola e e re thusang go sireletsa pelo ya rona ya tshwantshetso gore e se ka ya kgobega marapo le go tsenwa ke letsapa la semoya. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse gore sa ntlha re tlhaole dilo tse di re tsenyang letsapa.

Bokeresete ga bo Gatelele

5. Ke mafoko afe a go bonalang e kete a a ganetsana malebana le go nna morutwa wa Mokeresete?

5 Ke boammaaruri gore go nna Mokeresete go batla gore re iteke ka natla. (Luke 13:24) Jesu o ne a ba a re: “Le fa e le mang yo o sa sikareng kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a tla kafa morago ga me ga a ka ke a nna morutwa wa me.” (Luke 14:27) Fa o leba mafoko ano fa godimo fela, a ka nna a lebega e kete a ganetsa se Jesu a neng a se bua fa a ne a re morwalo wa gagwe o motlhofo e bile o a lapolosa, mme totatota, mafoko ano ga a ganetsane ka gope.

6, 7. Ke eng fa go ka twe mofuta wa kobamelo ya rona ga o lapise?

6 Le fa gone go tlhagafala thata le go dira tiro e e boima go ka tswa go lapisa, go ka kgotsofatsa ga ba ga lapolosa fa go dirwa ka lebaka le le molemo. (Moreri 3:13, 22) Mme go ka nna le lebaka lefe le le botoka go feta go bolelela batho ka rona boammaaruri jo bo molemo jwa Baebele? Gape, bothata jo re nnang le jone ka ntlha ya go leka ga rona go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo tse di kwa godimo tsa boitsholo ga se sepe fa bo bapisiwa le melemo e re nnang le yone ka ntlha ya go dira jalo. (Diane 2:10-20) Tota lefa re bogisiwa, re go tsaya e le tshiamelo go bogisediwa Bogosi jwa Modimo.—1 Petere 4:14.

7 Eleruri, morwalo wa ga Jesu o a lapolosa, segolobogolo fa o bapisiwa le lefifi la semoya le ba ba sikarisitsweng jokwe ya bodumedi jwa maaka ba leng mo go lone. Modimo o re rata ka lorato lo logolo e bile ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. “Ditaelo tsa [ga Jehofa] ga di imele.” (1 Johane 5:3) Jaaka fa Dikwalo di bontsha, Bokeresete jwa boammaaruri ga bo gatelele. Go phepafetse gore mofuta wa kobamelo ya rona ga o re lapise e bile ga o re kgobe marapo.

‘A re Apoleng Bokete Bongwe le Bongwe’

8. Ke eng se gantsi se bakang letsapa la semoya?

8 Letsapa lepe fela la semoya le re nang le lone gantsi le ka tswa le bakwa ke go bo tsamaiso e e bosula eno ya dilo e re rwesa morwalo mongwe o o oketsegileng. E re ka “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” re faraferwe ke ditlhotlheletso tse di bosula tse di ka re lapisang le go re diga mo Bokereseteng. (1 Johane 5:19) Dilo dingwe tse di seng botlhokwa tse re di dirang di ka raraanya thulaganyo ya rona ya go dira ditiro dingwe tsa Bokeresete le go e kgoreletsa. Mekgweleo e e oketsegileng eno e ka re tsenya letsapa le go re gatelela thata mo maikutlong. Go a tshwanela he go bo Baebele e re kgothaletsa gore re ‘apole bokete bongwe le bongwe.’—Bahebera 12:1-3.

9. Go gagamalela dikhumo go ka re tsenya letsapa jang?

9 Ka sekai, go tshwarega thata ga batho ba lefatshe ka go batla maemo, madi, boitlosobodutu, menate ya go tsaya maeto le go gagamalela dikhumo go ka ama megopolo ya rona. (1 Johane 2:15-17) Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba gagamalela dikhumo ba ne ba raraanya matshelo a bone fela thata. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

10. Re ka ithuta eng ka dikhumo mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi?

10 Fa re ikutlwa re lapile e bile re kgobegile marapo fa re ntse re direla Modimo, a e ka tswa e le ka go bo go gagamalela ga rona dikhumo go hupetsa bomoya jwa rona? Go ka tswa go ntse jalo, jaaka fa seno se bontshiwa ke setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi. Jesu o ne a re “ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe” di tshwana le mebitlwa e e ‘tsenelelang’ gore e hupetse peo ya lefoko la Modimo e e mo dipelong tsa rona. (Mareko 4:18, 19) Ka ntlha ya moo, Baebele e gakolola jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’”—Bahebera 13:5.

11. Re ka fokotsa jang dilo tse di re imelang?

11 Ka dinako tse dingwe, se se raraanyang matshelo a rona ga se go gagamalela dilo di le dintsi mme ke se re se dirang ka dilo tse re setseng re na le tsone. Bangwe ba ka nna ba tsenwa ke letsapa la maikutlo ka ntlha ya go nna le mathata a botsogo, go swelwa ke baratiwa ba bone kgotsa ka ntlha ya mathata a mangwe a a ngomolang pelo. Ba ile ba bona go tlhokega gore ba nne ba dire diphetogo gangwe le gape. Banyalani bangwe ba ile ba swetsa ka gore ba tlogele ditiro dingwe tsa go itlosa bodutu tse ba neng ba rata go di dira le tse dingwe tse di seng botlhokwa. Ba ne ba sekaseka dilo tsotlhe tse ba neng ba na le tsone mme ba paka tsotlhe tse di amanang le ditiro tseo ba di tlosa mo pele ga bone. Le rona re ka solegelwa molemo ke gore nako le nako re sekaseke tsela e re dirang dilo ka yone re bo re sekaseke le dilo tsotlhe tse re nang le tsone, re apole bokete bongwe le bongwe jo bo sa tlhokegeng gore re se ka ra lapa mme ra felelwa ke thata.

Dira Se o Se Kgonang O bo O Lemoge Ditlhaelo Tsa Gago

12. Re tshwanetse go lemoga eng ka diphoso tsa rona?

12 Diphoso tse re di dirang, le eleng mo dilong tse dinnye, di ka raraanya matshelo a rona ka iketlo. A bo mafoko ano a ga Dafide a le boammaaruri jang ne, a a reng: “Ditlolo tsa me di fetile mo godimo ga tlhogo ya me; di boima thata mo go nna jaaka morwalo o o boima.” (Pesalema 38:4) Gantsi dikakantsho di le mmalwa fela tse di mosola di ka re imolola morwalo.

13. Go dira se re ka se kgonang go ka re thusa jang gore re lebe bodiredi jwa rona ka tsela e e tshwanetseng?

13 Baebele e re kgothaletsa go nna le “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21, 22) Baebele ya re “Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo . . . tekatekano.” (Jakobe 3:17) Bangwe ba ile ba ikutlwa ba le kafa tlase ga kgatelelo ka ntlha ya go leka go dira tiro e e lekanang le ya ba bangwe mo bodireding jwa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Baebele e re gakolola jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe. Gonne mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:4, 5) Ke boammaaruri gore sekao se se molemo sa Bakeresete ka rona se ka re kgothatsa gore re direle Jehofa ka pelo yotlhe, mme botlhale jo bo mosola le go dira fela se re ka se kgonang go tla re thusa gore re ipeele mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela go ya ka maemo a rona.

14, 15. Re ka dirisa jang botlhale jo bo mosola gore re itlhokomele mo mmeleng le mo maikutlong?

14 Go dira se re ka se kgonang le mo dilong tse di ka tswang di lebega e se tse di botlhokwa go le kalo go ka re thusa gore re se ka ra tsenwa ke letsapa. Ka sekai, a re dira dilo tse di re thusang go nna re itekanetse sentle mo mmeleng? Akanya ka sekai sa banyalani ba ba direlang kwa go lengwe la diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. Ba bone kafa go dirisa botlhale jo bo mosola go thusang ka gone gore ba se ka tsenwa ke letsapa. Mosadi o bolela jaana: “Go sa kgathalesege gore re na le tiro e ntsi go le kana kang, re leka go robala mo e ka nnang ka nako e e tshwanang bosigo bongwe le bongwe. Gape, re itshidila mmele ka metlha. Seno se re thusitse tota. Re lemogile ditlhaelo tsa rona mme re dira dilo go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone. Re leka gore re se ka ra ipapisa le batho ba go lebegang ba se ke ba lapa.” A re ja dijo tse di nang le dikotla ka metlha le go ikhutsa ka tsela e e lekaneng? Go tlhokomela botsogo jwa rona sentle go ka fokotsa letsapa la maikutlo le la semoya.

15 Bangwe ba rona ba na le ditlhoko tse di sa tshwaneng le tsa ba bangwe. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o nnile le dikabelo di le mmalwa tse di gwetlhang thata mo bodireding jwa nako e e tletseng. O ile a nna le mathata a a masisi a botsogo, go akaretsa le bolwetse jwa kankere. Ke eng se se mo thusang go itshokela mathata ano? O bolela jaana: “Go botlhokwa gore ke nne le nako ya me ya go itulela fela ke le nosi ka tidimalo. Fa ke ikutlwa gore ke simolola go ngomoga pelo le go tsenwa ke letsapa, eo e a bo e le yone nako ya gore ke itulele ke le nosi ka tidimalo, ke ikhutse le go bala sengwe.” Botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya di thusa mongwe le mongwe wa rona go lemoga se a tlhokang go se dira gore a se ka a tsenwa ke letsapa la semoya.

Jehofa Modimo O a Re Nonotsha

16, 17. (a) Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re tlhokomele botsogo jwa rona jwa semoya? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se tsenya mo thulaganyong ya rona ya letsatsi le letsatsi?

16 Gone ke boammaaruri gore go botlhokwa thata gore re tlhokomele botsogo jwa rona jwa semoya. Fa re na le kamano e kgolo thata le Jehofa Modimo, re ka nna ra tsenwa ke letsapa mme seo le ka motlha ga se kitla se dira gore re lape go mo obamela. Jehofa ke ene yo o ‘nayang yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.’ (Isaia 40:28, 29) Moaposetoloi Paulo, yo o neng a iponela boammaaruri jwa mafoko ano o ne a kwala jaana: “Ga re ineele, mme le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.”—2 Bakorintha 4:16.

17 Ela tlhoko mafoko a a reng “letsatsi le letsatsi.” Seno se raya gore re dirise se Jehofa a re nayang sone letsatsi le letsatsi. Morongwa mongwe yo o nang le dingwaga di le 43 e le morongwa o ile a nna le dinako tse ka tsone a neng a na le go tsenwa ke letsapa mo mmeleng le go kgobega marapo. Mme o ne a se ka a ineela. O bolela jaana: “Ke itlwaeditse go tsoga go sa le gale gore pele ga ke simolola go dira tiro epe fela ke nne le nako ya go rapela Jehofa le go bala Lefoko la gagwe. Go dira jalo letsatsi le letsatsi go nthusitse gore ke kgone go itshoka go tla go fitlha jaanong.” Re ka kgona go ikaega ka maatla a a re tshegetsang a ga Jehofa fa e le gore ka metlha, ee “letsatsi le letsatsi,” re a mo rapela le go tlhatlhanya ka dinonofo tsa gagwe tse dikgolo le ditsholofetso tsa gagwe.

18. Baebele e kgothatsa jang ba ba ikanyegang ba ba setseng ba godile kgotsa ba ba lwalang?

18 Go dira jalo go thusa thata ba ba ikutlwang ba kgobegile marapo ka ntlha ya bogodi le mathata a botsogo. Go ka direga gore ba ba ntseng jalo ba kotlomane pelo, e se ka ntlha ya gore ba ipapisa le ba bangwe, mme e le ka go bo ba bapisa se ba se dirang gone jaanong le se ba kileng ba bo ba kgona go se dira. A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa o tlotla bagodi! Baebele ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Diane 16:31) Jehofa o itse makoa a rona e bile o anaanela thata go mo obamela ga rona ka pelo yotlhe go sa kgathalesege bosaitekanelang jwa rona. E bile, Modimo ga a kitla a bo a lebala ditiro tse di molemo tse re setseng re di dirile. Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.” (Bahebera 6:10) A bo re itumela jang ne go bo go na le bangwe mo gare ga rona ba ba feditseng masomesome a dingwaga ba ikanyega mo go Jehofa!

O se Ka wa Itlhoboga

19. Go tshwarega ka go dira se se molemo go ka re solegela molemo jang?

19 Batho ba le bantsi ba dumela gore go nna matlhagatlhaga ka dinako tsotlhe go ka fokotsa letsapa. Ka tsela e e tshwanang, go nna le seabe ka metlha mo ditirong tsa semoya go ka thusa go fokotsa letsapa lepe fela la maikutlo le la semoya. Baebele ya re: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape. Ruri he, fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:9, 10) Ela tlhoko mafoko a a reng “go dira se se molemo.” A raya gore re tshwanetse go tsaya kgato. Go direla ba bangwe dilo tse di molemo ruri go ka re thusa gore re se ka ra lapa mo go direleng Jehofa.

20. Gore re se ka ra kgobega marapo, ke bomang ba re sa tshwanelang go tsalana le bone?

20 Kafa letlhakoreng le lengwe, go tsalana le batho ba ba tlhokomologang melao ya Modimo le go nna le seabe mo ditirong tsa bone e ka nna mokgweleo o o re lapisang. Baebele e re tlhagisa jaana: “Bokete jwa leje le morwalo wa motlhaba—mme go tshwenyega ga seeleele go bokete go di feta ka bobedi.” (Diane 27:3) Gore re lwantshe maikutlo a go kgobega marapo le go tsenwa ke letsapa, re tla bo re dira sentle gore re se ka ra tsalana le batho ba ba nang le maikutlo a a sa siamang e bile ba rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso.

21. Re ka kgothatsa ba bangwe jang kwa dipokanong tsa Bokeresete?

21 Dipokano tsa Bokeresete ke thulaganyo e nngwe e Jehofa a re fileng yone go re nonotsha semoyeng. Fa re le kwa go tsone, re na le sebaka se se molemo sa go kgothatsana ka mafoko a a lapolosang le ka go tsalana mmogo. (Bahebera 10:25) Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go leka go aga ba bangwe fa ba araba kwa dipokanong kgotsa fa ba nna le seabe mo thulaganyong ba le mo seraleng. Ba ba etelelang pele jaaka barutisi ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go kgothatsa ba bangwe. (Isaia 32:1, 2) Tota le fa go tlhokega gore mongwe a laiwe kgotsa a kgalemelwe, tsela e a kgalemelwang ka yone e tshwanetse go nna e e mo lapolosang. (Bagalatia 6:1, 2) Ruri go rata ba bangwe go tla re thusa go direla Jehofa re sa lape.—Pesalema 133:1; Johane 13:35.

22. Le fa re le batho ba ba sa itekanelang, ke ka ntlha yang fa re ka nna le bopelokgale?

22 Go obamela Jehofa mo motlheng ono wa bokhutlo go akaretsa go dira ka natla. Mme seno ga se reye gore Bakeresete bone ga ba kitla ba tsenwa ke letsapa mo mogopolong, go utlwa botlhoko mo maikutlong le go nna le mathata a a ba ngomolang pelo. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, re bokoa fela jaaka letsopa. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Ee, gone re tla lapa, mme e kete re ka se ka ra ineela le ka motlha. Go na le moo, a re nneng le “bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me.’”—Bahebera 13:6.

Poeletso e Khutshwane

• Mekgweleo mengwe e re ka kgonang go e ikimolola ke efe?

• Re ka nna le seabe jang mo go direleng Bakeresete ka rona “se se molemo”?

• Jehofa o re tshegetsa jang fa re ikutlwa re na le letsapa kgotsa re kgobegile marapo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a itse gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tla nna le bothata jwa go kgobega marapo lobaka lo loleele

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bangwe ba ile ba tlogela ditiro dingwe tsa go itlosa bodutu le tse dingwe tse di seng botlhokwa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go sa kgathalesege makoa a re nang le one, Jehofa o anaanela thata go mo obamela ga rona ka pelo yotlhe