Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka

Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka

Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka

“Ba ne ba ntlhoa kwantle ga lebaka.”—JOHANE 15:25.

1, 2. (a) Ke eng fa bangwe ba gakgamala fa Bakeresete ba buiwa bosula, mme ke eng fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke dipuo tse di ntseng jalo? (b) Re tlile go tlotla ka bokao bofe jwa lefoko “tlhoa” mo setlhogong seno? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

BASUPI BA GA JEHOFA ba leka go tshela ka melaometheo ya Lefoko la Modimo. Ka ntlha ya moo, ba itiretse leina le lentle mo dinageng di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba senngwa leina. Ka sekai, modiredimogolo mongwe wa puso kwa motseng wa St. Petersburg, kwa Russia, o ne a gakologelwa jaana: “Re ntse re bolelelwa gore Basupi ba ga Jehofa ke lekoko lengwe la mo sephiring la batho ba ba ipolayang ba bo ba bolaya le bana ba bone.” Mme ene modiredimogolo yono wa puso, o ne a bolela jaana fa a sena go bereka mmogo le Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba baakanyetsa go tshwara kopano e kgolo ya ditšhabatšhaba: “Jaanong ke bona batho ba ba tlwaelegileng fela, ba ba botsalano . . . Ke batho ba ba ritibetseng ba ba ratang kagiso, e bile ba ratana ka lorato lo logolo tota.” O ne a oketsa jaana: “Tota ga ke tlhaloganye gore ke eng fa batho ba bua maaka a a ntseng jalo ka bone.”—1 Petere 3:16.

2 Batlhanka ba Modimo ga ba itumelele go senngwa leina, ba bidiwa gore ke batho ba ba bosula, le fa go ntse jalo, ga ba gakgamale fa batho ba ba bua bosula. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona. . . . Ke gore lefoko le le kwadilweng mo Molaong wa bone le tle le diragadiwe le le reng, ‘Ba ne ba ntlhoa kwantle ga lebaka.’” * (Johane 15:18-20, 25; Pesalema 35:19; 69:4) Pelenyana o ne a ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa batho ba biditse mong wa ntlo ba re Belesebube, a ba ka se bitse ba ntlo ya gagwe jalo bogolo jang?” (Mathaio 10:25) Bakeresete ba a tlhaloganya gore go itshokela kgobo e e ntseng jalo ke karolo ya ‘kota ya tlhokofatso’ e ba neng ba e amogela fa ba ne ba nna balatedi ba ga Keresete.—Mathaio 16:24.

3. Baobamedi ba boammaaruri ba ile ba bogisiwa go ya bokgakaleng bofe?

3 Go bogisiwa ga baobamedi ba boammaaruri go simologile bogologolo tala mo motlheng wa ga “Abele yo o siameng.” (Mathaio 23:34, 35) Ga se selo se se diregang sewelo fela. Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla nna “ba ba tlhoilweng ke batho botlhe” ka ntlha ya leina la gagwe. (Mathaio 10:22) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re batlhanka botlhe ba Modimo—go akaretsa le mongwe le mongwe wa rona—ba tshwanetse go lebelela gore ba tla bogisiwa. (2 Timotheo 3:12) Seno se bakwa ke eng?

Se se Dirang Gore ba Tlhoiwe Kwantle ga Lebaka

4. Baebele e bontsha gore ke mang yo o dirang gore batho ba Modimo ba tlhoiwe kwantle ga lebaka?

4 Lefoko la Modimo le senola gore go tloga fela kwa tshimologong, go ntse go na le motho yo o sa bonaleng yo o dirang gore ba tlhoiwe. Akanya fela ka go bolawa setlhogo ga monna wa ntlha wa tumelo, e bong Abele. Baebele e tlhalosa gore mogolowe yo o neng a mmolaya, e bong Kaine, ‘o ne a tswa mo go yo o boikepo,’ e leng Satane Diabolo. (1 Johane 3:12) Kaine o ne a bontsha maikutlo a a tshwanang le a ga Satane, mme Diabolo o ne a mo dirisa gore a diragatse maikaelelo a gagwe a a bosula. Gape, Baebele e re bolelela kafa Satane a ileng a tlhasela Jobe le Jesu Keresete setlhogo ka gone. (Jobe 1:12; 2:6, 7; Johane 8:37, 44; 13:27) Buka ya Tshenolo e tlhalosa sentle ka phepafalo gore ke mang yo o dirang gore balatedi ba ga Jesu ba bogisiwe, fa e re: “Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo.” (Tshenolo 2:10) Ee, Satane ke ene yo o dirang gore batho ba Modimo ba tlhoiwe kwantle ga lebaka.

5. Ke eng se se dirang gore Satane a tlhoe baobamedi ba boammaaruri?

5 Ke eng se se dirang gore Satane a tlhoe baobamedi ba boammaaruri? Satane o ne a nna kgatlhanong le “Kgosi ya bosakhutleng” e bong Jehofa Modimo ka go nna a dirisa leano le le bontshang gore o na le moya o o feteletseng wa boikgodiso. (1 Timotheo 1:17; 3:6) O gatelela gore Modimo o busa dibopiwa tsa gagwe ka go di gagamaletsa molao ka tsela e e sa tshwanelang le gore ga go na ope yo o direlang Jehofa ka maikaelelo a a siameng, mme batho ba dira jalo fela gore ba tle ba bone sengwe mo go ene. Satane o bolela gore fa a ne a ka letlwa go leka batho, a ka kgona go faposa mongwe le mongwe wa bone mo go direleng Modimo. (Genesise 3:1-6; Jobe 1:6-12; 2:1-7) Satane o leka go bontsha gore le ene a ka kgona go busa ka go senya Jehofa leina a re ke mogateledi, ke moaki e bile o paletswe. Ka jalo, go eletsa ga gagwe go obamelwa ke gone go dirang gore a galefele batlhanka ba Modimo jaana.—Mathaio 4:8, 9.

6. (a) Mongwe le mongwe wa rona o amiwa jang ke kgang e e amanang le bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Go tlhaloganya ga rona kgang eno go tla re thusa jang gore re nne re ntse re ikanyega? (Bona lebokoso, tsebe 16.)

6 A o kgona go bona kafa kgang eno e amang botshelo jwa gago ka gone? Ga go pelaelo gore e re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, o lemogile gore go dira thato ya Modimo go batla gore o iteke ka natla, ka gonne melemo ya go dira jalo e mentsi thata. Jaanong, go tweng fa e le gore go na le maemo mangwe mo botshelong jwa gago a a dirang gore go tswelela ga gago o ikobela melao le melaometheo ya ga Jehofa go nne boima go bo go nne botlhoko? Mme go tweng fa go bonala e kete go dira jalo ga go go tswele molemo ope? A o tla swetsa ka gore go tswelela o direla Jehofa ga go na mosola ope? Kgotsa a go rata Jehofa le go anaanela thata dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo go tla go tlhotlheletsa gore o tswelele o tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe? (Duteronome 10:12, 13) Ka go letla Satane go re tlisetsa mathata mangwe a a rileng, Jehofa o naya mongwe le mongwe wa rona sebaka sa go araba dikgwetlho tse Satane a re tlisetsang tsone.—Diane 27:11.

“Fa Batho ba lo Kgoba”

7. Diabolo o dirisa leano lefe le lengwe go leka go re faposa mo go direleng Jehofa?

7 Jaanong, mma re sekasekeng ka kelotlhoko mangwe a maretshwa a Satane a a dirisang a leka go dira gore se a se buang se nne jaaka e kete se boammaaruri—go dirisa ga gagwe dipuo tsa maaka tse di kgobang. Jesu o ne a re Satane ke “ramaaka.” (Johane 8:44) Diabolo, e leng leina le le tlhalosang se a leng sone, le le rayang “Mopateletsi,” le mo tlhaola e le motho yo o buang bosula ka Modimo, ka lefoko la gagwe le le molemo le ka leina la gagwe le le boitshepo. Diabolo o dirisa mafoko a a akantshang gore Jehofa o bosula, o mo pega ditatofatso tsa maaka le go aka ka ene ka tlhamalalo a sa tlhabiwe ke ditlhong, a gwetlha bolaodi jwa gagwe e bile o dirisa one maano ano go senya batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo leina. Ka go nna a kgoba Basupi bano go feta selekanyo, a ka dira gore go itshokela ga bone teko e e botlhoko go nne boima le go feta.

8. Satane o ne a kgoba Jobe jang, mme seno sa felela jang?

8 Akanya ka se se neng sa diragalela Jobe, yo leina la gagwe le rayang “Yo o Tlhoilweng.” Mo godimo ga go dira gore Jobe a latlhegelwe ke dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone, bana le botsogo jwa gagwe, Satane o ne a dira gore Jobe a lebege e le moleofi yo o neng a otlhaiwa ke Modimo. Le fa Jobe a ne a tlotlwa fela thata, o ne a simolola go nyadiwa le eleng ke ba losika le ditsala tsa gagwe tse dikgolo. (Jobe 19:13-19; 29:1, 2, 7-11) Mo godimo ga moo, Satane o ne a leka go ‘thubaganya Jobe ka mafoko’ a dirisa bagomotsi ba maaka, sa ntlha, ka go dirisa mafoko a a mo rayang a re o tshwanetse a bo a dirile boleo bongwe jo bo masisi, morago ga moo ka go mo kgoba fela ka tlhamalalo gore ke modirabosula. (Jobe 4:6-9; 19:2; 22:5-10) Abo seo se ka bo se ile sa kgoba Jobe marapo jang ne!

9. Jesu o ne a dirwa jang gore a lebege e le moleofi?

9 E re ka Morwa Modimo e ne e le ene yo mogolo mo go tshegetseng bolaodi jwa ga Jehofa, ke ene yo o neng a tlhoiwa segolo ke Satane. Fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, Satane o ne a leka go dira gore a lebege a ole semoyeng, a lebege e le moleofi jaaka a ne a dirile ka Jobe. (Isaia 53:2-4; Johane 9:24) Batho ba ne ba re ke letagwa e bile o ja bobe ba bo ba re ‘o na le ledimona.’ (Mathaio 11:18, 19; Johane 7:20; 8:48; 10:20) O ne a latofadiwa ka maaka ka la gore o a tlhapatsa. (Mathaio 9:2, 3; 26:63-66; Johane 10:33-36) Seno se ne sa hutsafatsa Jesu fela thata ka gonne o ne a itse gore seno se ne se tlisa kgobo mo go Rraagwe. (Luke 22:41-44) Kwa bofelong, Jesu o ne a bapolwa jaaka senokwane se se hutsitsweng. (Mathaio 27:38-44) Jesu o ne a itshokela ‘puo e ntsi ya kganetso’ ka go nna a ikanyegile ka botlalo.—Bahebera 12:2, 3.

10. Satane o ile a tlhasela jang batlodiwa ba ba sa ntseng ba setse?

10 Mo metlheng ya segompieno, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ba sa ntseng ba setse le bone ba tlhoilwe ke Diabolo. Satane o tlhalosiwa go twe ke “molatofatsi wa bakaulengwe [ba ga Keresete] . . . , yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona.” (Tshenolo 12:9, 10) Fa e sa le a kobiwa kwa legodimong a bo a latlhelwa mo lefatsheng, Satane o semeletse o batla go dira gore bomorwarraagwe Keresete ba lebege e le batho ba ba sa amogelesegeng. (1 Bakorintha 4:13) Kwa dinageng tse dingwe, ba buiwa bosula go twe ke lekoko le le kotsi, fela jaaka go ne go dirwa le ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Ditiro 24:5, 14; 28:22) Jaaka fa re bone kwa tshimologong, go ntse go anamisiwa maaka a a ba senyang leina. Le fa go ntse jalo, “ka kgalalelo le tlontlologo, ka pego e e bosula le pego e e molemo,” bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba patilwe ke ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe,” ba lekile ka boikokobetso go ‘boloka ditaolo tsa Modimo le go dira tiro ya go naya bosupi ka Jesu.’—2 Bakorintha 6:8; Johane 10:16; Tshenolo 12:17.

11, 12. (a) Ke eng gape se sengwe se se ka tswang se dira gore Bakeresete ba kgojwe? (b) Mokeresete a ka boga ka ditsela dife kwantle ga lebaka ka ntlha ya tumelo ya gagwe?

11 Gone ke boammaaruri gore ga se motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo yo o kgobiwang ka ntlha ya “tshiamo.” (Mathaio 5:10) Re ka nna ra tlelwa ke mathata mangwe ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona. Ga go na sepe se se kgethegileng se re ka se akgolelwang, fa e re re ‘leofa re bo re fapholwa, re bo re itshoka?’ Le fa go ntse jalo, fa Mokeresete “ka ntlha ya segakolodi malebana le Modimo, a itshokela dilo tse di hutsafatsang e bile a boga ka mokgwa o o sa tshwanelang, seno ke selo se se itumedisang” mo matlhong a ga Jehofa. (1 Petere 2:19, 20) Seno se ka direga mo maemong afe?

12 Bangwe ba ile ba tshwarwa makgwakgwa ka ntlha ya go gana ga bone go nna le seabe mo ditlwaelong dingwe tse di sa dumalaneng le Dikwalo, tse di dirwang mo diphitlhong. (Duteronome 14:1) Basha ba Bakeresete le bone ba nna ba ntse ba kgojwa ka metlha ka ntlha ya go ngaparela ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa boitsholo. (1 Petere 4:4) Batsadi bangwe ba Bakeresete ba ile ba latofadiwa ka la gore ba “tlhokomologa” kgotsa ba “sotla” bana ba bone ka gonne ba sa batle gore ba alafiwe ka go tshelwa madi. (Ditiro 15:29) Bakeresete ba ile ba kgaphelwa kwa thoko ke ba losika lwa bone le ke baagelani fela ka ntlha ya go bo ba ile ba fetoga go nna batlhanka ba ga Jehofa. (Mathaio 10:34-37) Botlhe bano ba latela sekao sa baporofeti le sa ga Jesu sa go boga kwantle ga lebaka.—Mathaio 5:11, 12; Jakobe 5:10; 1 Petere 2:21.

Go Itshokela Kgobo

13. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra wa semoyeng fa re kgojwa ka tsela e e botlhoko?

13 Fa re kgojwa thata ka ntlha ya tumelo ya rona, re ka nna ra kgobega marapo jaaka go ne ga direga ka moporofeti Jeremia re bo re ikutlwa gore ga re ka ke ra kgona go tswelela re direla Modimo. (Jeremia 20:7-9) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra wa semoyeng? Leka go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Ba ba nnang ba ntse ba ikanyega fa ba lekwa, o ba leba jaaka ba ba fentseng e seng ba ba fentsweng. (Baroma 8:37) Akanya ka batho ba ba neng ba tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa le fa Diabolo a ne a ba tlontlolola ka ditsela tse dintsi—banna le basadi ba ba jaaka Abele, Jobe, Marea mmaagwe Jesu le ba bangwe ba bogologolo ba ba neng ba ikanyega, mmogo le batlhanka ka rona ba motlha wa segompieno. (Bahebera 11:35-37; 12:1) Tlhatlhanya ka tsela e ba ileng ba nna ba ikanyega ka yone. Bontsi jwa batho bano ba ba ikanyegang ba re laletsa gore re kopanele le bone mo phenyong ya ba ba fenyang lefatshe ka tumelo.—1 Johane 5:4.

14. Go rapela ka tlhoafalo go ka re thusa jang gore re nne re ntse re ikanyega?

14 Fa ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang di nna di ntsifala mo teng ga rona,’ re ka rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme o tla re gomotsa le go re nonotsha. (Pesalema 50:15; 94:19) O tla re naya botlhale jo re bo tlhokang gore re kgone go lebana le teko le go re thusa gore re se ka ra lebala kgangkgolo, e leng bolaodi jwa gagwe, e e dirang gore batlhanka ba gagwe ba tlhoiwe kwantle ga lebaka. (Jakobe 1:5) Gape, Jehofa a ka kgona go re naya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafilipi 4:6, 7) Kagiso eno e re e newang ke Modimo e re thusa go nna re ritibetse e bile re le pelokgale fa re lebane le mathata a magolo, re sa ineele le fa e le go boifa. Jehofa o kgona go dirisa moya wa gagwe gore re kgone go itshokela bothata le fa e ka nna bofe fela jo a letlang gore bo re tlele.—1 Bakorintha 10:13.

15. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra galefa fa re boga?

15 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra galefela thata batho ba ba re tlhoileng kwantle ga lebaka? Gakologelwa gore baba ba rona ba bagolo ke Satane le madimona a gagwe. (Baefeso 6:12) Le fa batho bangwe ba re bogisa ka boomo fela ba ntse ba itse se re leng sone, ba le bantsi ba ba ganetsang batho ba Modimo ba dira jalo ka botlhokakitso kgotsa ba a bo ba tlhotlhelediwa ke ba bangwe. (Daniele 6:4-16; 1 Timotheo 1:12, 13) Jehofa o batla gore “batho ba mefuta yotlhe” ba nne le tshono ya gore “ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Eleruri, bangwe ba ba neng ba re ganetsa mo nakong e e fetileng ba fetogile bakaulengwe ba rona ba Bakeresete jaanong ka ntlha ya go bo ba ile ba bona boitshwaro jwa rona jo bo se nang molato. (1 Petere 2:12) Mo godimo ga moo, re ka ithuta sengwe mo sekaong sa morwa Jakobe e bong Josefa. Le mororo Josefa a ile a bogisiwa botlhoko thata ke bomorwarraagwe ka rraagwe, o ne a se ka a nna a ba kgotswetse. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a kaela dilo gore a tle a diragatse boikaelelo jwa Gagwe. (Genesise 45:4-8) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka nna a dira gore pogo epe fela e e re tlelang kwantle ga lebaka e feleletse e le e e tla galaletsang leina la gagwe.—1 Petere 4:16.

16, 17. Ke eng fa re sa tshwanela go tshwenyega thata ka ntlha ya maiteko a a dirwang ke baganetsi ba rona a go kgoreletsa tiro ya rona ya go rera?

16 Ga re a tshwanela go tshwenyega thata fa go feta nakonyana go bonala e kete baganetsi ba a atlega mo go kgoreletseng dikgang tse di molemo gore di se ka tsa tswelela pele. Jehofa o reketlisa ditšhaba jaanong, ka bosupi jo bo neelwang mo lefatsheng lotlhe mme dilo tse di eletsegang di a tsena mo phuthegong ya gagwe. (Hagai 2:7) Keresete Jesu, e bong Modisa yo o Molemo o rile: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse mme di ntshala morago. Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng, . . . e bile ga go na ope yo o tla di tsubulang mo seatleng sa me.” (Johane 10:27-29) Baengele ba ba boitshepo le bone ba na le seabe mo tirong e kgolo ya thobo. (Mathaio 13:39, 41; Tshenolo 14:6, 7) Ka jalo, ga go na sepe se baganetsi ba se buang kgotsa ba se dirang se se ka dirang gore maikaelelo a Modimo a folotse.—Isaia 54:17; Ditiro 5:38, 39.

17 Gantsi maiteko a a dirwang ke baganetsi ga a atlege. Mo nageng nngwe ya Afrika go ne ga anamisiwa maaka a matala ka Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le a gore ba obamela Diabolo. Ka ntlha ya seno, nako le nako fa Grace a etelwa ke Basupi, o ne a tabogela ka kwa morago ga ntlo a ya go iphitlha go fitlha ba tsamaya. Letsatsi lengwe moruti wa kereke e a neng a e tsena o ne a tsholetsa nngwe ya dikgatiso tsa rona a bo a bolelela botlhe ba ba neng ba le teng mo kerekeng gore ba se ka ba e bala ka gonne e ne e tla ba latlhisa bodumedi jwa bone. Seno se ne sa dira gore Grace a shwegashwege go itse gore buka eo e ne e bua ka eng. E ne ya re fa Basupi ba mo etela gape mo nakong e e tlang, o ne a se ka a iphitlha mme a tlotla le bone a ba a ikamogelela buka eo. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene mme a kolobediwa ka 1996. Jaanong Grace le ene o dirisa nako ya gagwe go batla ba bangwe ba le bone ba ka tswang ba boleletswe maaka ka Basupi ba ga Jehofa.

Nonotsha Tumelo ya Gago Gone Jaanong

18. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya rona pele ga re tlelwa ke diteko tse di bogale, mme re ka dira seo jang?

18 E re ka Satane a ka nna a re tlhasela nako nngwe le nngwe re sa lebelela ka ntlha ya go re tlhoa ga gagwe, go botlhokwa thata gore re nonotshe tumelo ya rona gone jaanong. Re ka dira seno jang? Pego nngwe e e tswang kwa nageng nngwe e batho ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa kwa go yone e ne ya akgela jaana: “Sengwe se se lemotshegang thata ke gore: Ba ba nnang ba tshwaregile ka dilo tsa semoya e bile ba anaanela boammaaruri jwa Baebele thata ga ba we fa diteko di tla. Mme ba ba foswang ke dipokano ka ‘nako ya fa go se na mathata,’ ba sa tswele tirelong ya tshimo ka metlha e bile ba sa ikanyege mo dilong tse dinnye, bone ba a wa semoyeng fa ba lebane le teko ‘e e bogale.’” (2 Timotheo 4:2) Fa e le gore o lemoga dilo dingwe fano tse o ka tokafatsang mo go tsone, leka go dira jalo kwantle ga go senya nako.—Pesalema 119:60.

19. Go ikanyega ga batho ba Modimo le fa ba tlhoilwe kwantle ga lebaka go felela ka eng?

19 Go ikanyega ga baobamedi ba boammaaruri le fa ba ilwa ke Satane sekanakana ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa e bile puso ya gagwe ke e e siameng. Go ikanyega ga bone go itumedisa Modimo. Le fa batho ba ka nna ba ntse ba ba kgoba go feta selekanyo, ene yo o nang le seriti go feta botlhe kwa legodimong le mo lefatsheng “ga a ba tlhabelwe ke ditlhong, gore a bidiwe Modimo wa bone.” Ee, go a tshwanela gore go ka buiwa ka batho bano botlhe ba ba ikanyegang go twe: “Lefatshe le ne le sa ba tshwanela.”—Bahebera 11:16, 38.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Mo Dikwalong, lefoko “tlhoa” le ka tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo ditemaneng dingwe, le raya fela go rata selo ka selekanyo se sennye. (Duteronome 21:15, 16) Gape, lefoko “tlhoa” le ka raya go ila selo thata mme o se na boikaelelo jwa go se utlwisa botlhoko, mme go na le moo, o batla fela go se kekologa ka gonne se go ferosa sebete. Le fa go ntse jalo, lefoko “tlhoa” gape le ka raya go ila selo gotlhelele o sa se batle, mme gantsi e le ka boikaelelo jwa go se senya leina. Jono ke jone bokao jwa lefoko leno jo go tlotliwang ka jone mo setlhogong seno.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se se dirang gore baobamedi ba boammaaruri ba tlhoiwe kwantle ga lebaka?

• Satane o ne a dirisa jang kgobo ka maikaelelo a go senya boikanyegi jwa ga Jobe le jwa ga Jesu?

• Jehofa o re nonotsha jang gore re kgone go ema re nonofile kgatlhanong le letlhoo la ga Satane?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ba ne Ba Lemoga Lebaka la Mmatota la go Bogisiwa ga Bone

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine, koo tiro ya go rera ka Bogosi e neng e thibetswe gone dingwaga di feta 50 o ne a bolela jaana: “Boemo jo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba iphitlhela ba le mo go jone ga bo a tshwanela go lejwa e le fela jwa kafa batho ba neng ba ba tshwere ka gone. . . . Bontsi jwa badiredipuso ba ne ba itirela fela tiro ya bone. E ne ya re fa puso e fetoga, badiredipuso le bone ba fetoga, mme rona ga re a ka ra fetoga. Re ne ra lemoga gore Baebele e ne e kaile gore motswedi wa mmatota wa mathata ano a rona e ne e le ofe.

“Ga re a ka ra iteba re le batho fela ba ba se nang molato ba ba bogisiwang ke bagateledi ba bone. Se se neng sa re thusa go itshoka e ne e le go tlhaloganya ga rona sentle kgang e e neng ya tsosiwa kwa tshimong ya Edene—kgang ya gore a Modimo o tshwanetse go busa. . . . Re ne ra emela kgang eno e e neng e sa ame fela batho mme gape e ama Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Re ne re tlhaloganya sentle ka botlalo gore tota kgang eno e ne e amana le eng. Seno se ne sa re nonotsha le go re thusa gore re kgone go nna re ntse re ikanyega le fa re lebane le maemo a a boima ka tsela e e sa tlwaelegang.”

[Setshwantsho]

Victor Popovych a tshwerwe ka 1970

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke mang yo o neng a dira gore Jesu a kgojwe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jobe, Maria le batlhanka ba Modimo ba motlha wa segompieno, ba ba jaaka Stanley Jones, ba ne ba tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa