Batho ba Naga ya Mexico ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo ka Puo ya Bone
Batho ba Naga ya Mexico ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo ka Puo ya Bone
KA November 10, 2002, setlhopha sa ba Mixe, batho ba naga ya Mexico, ba ne ba phuthegela kwa San Miguel, kwa Quetzaltepec. Ke toropo nngwe kwa nageng e ntle kwa borwa jwa Oaxaca. Setlhopha seno se ne se le kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa. Sengwe se se neng se tlhomologile mo thulaganyong ya moso oo e ne e le terama ya Baebele.
Fa mafoko a ntlha a terama ya Baebele a ne a utlwala ka sebuela godimo, bareetsi ba ne ba gakgamala. Ba ne ba opa diatla, ba le bantsi ba bone ba lela. Terama e ne e tshamekiwa ka puo ya Se-Mixe! Fa e konela, ba le bantsi ba ne ba lebogela tshegofatso eno e ba neng ba sa e lebelela. Mongwe wa bone o ne a re: “E ne e le lekgetlho la ntlha ke kgona go tlhaloganya terama. E nkamile maikutlo.” Yo mongwe ene o ne a re: “Jaanong ke tla swa ke itumetse ka gonne Jehofa o dirile gore ke utlwe terama ka puo ya me.”
Se se neng sa direga mo mosong oo e ne e le bontlhanngwe fela jwa maiteko a Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba ileng ba a dira ka natla bosheng jaana a go bolelela baagi ba naga eo dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Jehofa o Ne a Reetsa Dithapelo
Baagi ba kwa Mexico ke batho ba ba fetang 6 000 000—e leng palo ya batho ba ba lekaneng gore e nne setšhaba ka bobone, setšhaba sa ditso tse di farologaneng sa batho ba ba buang dipuo di le 62 tse di farologaneng. Di le 15 mo dipuong tseo di buiwa ke batho ba ba fetang 100-000. Baagi ba ba fetang 1 000 000 ba koo ga ba bue Se-Spain, e leng puo ya semolao ya kwa Mexico. Mme mo go ba ba buang Se-Spain, ba le bantsi ba kgona go ithuta boammaaruri jwa Baebele motlhofo ka puo ya bone. (Ditiro 2:6; 22:2) Ba bangwe ba ile ba ithuta Baebele mme ba feditse dingwaga di le dintsi ba nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse ba neng ba sa di tlhaloganye sentle. Ka jalo, go setse go fetile nako e telele ba ntse ba rapelela gore ba utlwe molaetsa wa boammaaruri ka loleme lwa bone.
Go rarabolola bothata jono, ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya kwa Mexico e ne ya simolola go dira dithulaganyo ka 1999 tsa go tshwara dipokano tsa phuthego ka dipuo tsa baagi ba koo. Gape go ile ga tlhomiwa ditlhopha tsa baranodi. Ka ngwaga wa 2000, terama ya kopano ya kgaolo e ne ya tshamekiwa ka Se-Maya mme moragonyana ka dipuo tse dingwe di le mmalwa.
Kgato e e latelang e ne ya nna go dira tiro ya go ranola dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa tse di dirisediwang go ithuta Baebele. Sa ntlha, go ne ga ranolelwa boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! mo puong ya Se-Huave, Se-Maya, Se-Mazatec, Se-Totonac, Se-Tzeltal le Se-Tzotzil. Go ne ga ranolwa dikgatiso tse di oketsegileng, go akaretsa le kgatiso e e tswang ka metlha ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka Se-Maya. Gape go ile ga gatisiwa le dikhasete tsa dikgatiso dingwe. Go setse go simolotswe go gatisiwa boroutšhara jo bo ka dirisiwang mo lefelong leo, jo bo nang le setlhogo se se reng Ithute go Bala le go Kwala gore batho ba koo ba rutwe go bala le go kwala. Gone jaanong dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di gatisiwa ka dipuo di le 15 tsa
baagi ba koo mme go sa ntse go tla gatisiwa tse di oketsegileng.“Ba Leka ka Natla”
Tiro ya go ranola e ntse e se motlhofo. Lebaka ke gore go na le dikgatiso di le mmalwa fela tse di gatisitsweng ka dipuo tsa batho ba kwa Mexico. Gantsi, go ne go se motlhofo go bona dibuka tse di tlhalosang mafoko. Gape go na le dipuo tse dintsi tse di tshwanang mme di buiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, Se-Zapotec se le sosi fela se buiwa ka ditsela tse tlhano tse di farologaneng. Ditsela tseno di farolagana thata mo e leng gore batho ba ba buang Se-Zapotec ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng ga ba tlhaloganyane fa ba bua.
Mo godimo ga moo, mo go se nang melao e e tlhomameng ya puo gone, baranodi ba tshwanetse go itlhomela melao ya bone. Seno se batla gore ba dire patlisiso e e seng kana ka sepe le go kopa dikgakololo mo go ba bangwe. Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba bone ba ile ba ikutlwa kafa Élida, yo o leng mo setlhopheng sa baranodi ba puo ya Se-Huave, a neng a ikutlwa ka teng! O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke lalediwa go tla ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico go ya go dira tiro ya go ranola, ke ne ke na le maikutlo a mabedi—ke itumetse e bile ke boifa.”
Baranodi gape ba tshwanetse go ithuta botswerere jwa go dirisa dikhomputara, go rulaganya kafa tiro e tlileng go dirwa ka gone le mekgwa ya go ranola. Ee, tiro eno e ne e ba thatafalela tota. Ba ikutlwa jang ka yone? Gloria, mongwe wa setlhopha sa thanolo ya puo ya Se-Maya, a re: “Ga re kgone go tlhalosa kafa re itumetseng ka teng go kgona go nna le seabe mo tirong ya go ranolela dikgatiso tsa Baebele mo puong ya Se-Maya, puo ya gaetsho.” Mme mookamedi wa Lephata la Thanolo o bolela jaana ka baranodi: “Ba na le keletso e e nonofileng fela thata ya gore go nne le dikgatiso tsa Baebele ka puo ya bone mo e leng gore ba leka ka natla go fenya dikgoreletsi dipe fela tse ba kopanang le tsone.” A go ile ga nna le matswela a a molemo?
“Ke a Go Leboga Jehofa!”
Tsela e Jehofa a segofatsang tiro mo tshimong ya batho bano ka yone e a bonala. Palo ya batho ba ba nnang teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le kwa dikopanong e ile ya oketsega. Ka sekai, ka 2001, Basupi ba le 223 ba ba buang puo ya Se-Mixe ba ile ba tla pokanong ya go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Le fa go ntse jalo, palogotlhe ya batho ba ba ileng ba nna teng e ne e le 1 674—palo ya Basupi e menagane ga supa le sephatlho!
Batho bangwe ba ba amogelang boammaaruri gone jaanong ba kgona go bo tlhaloganya sentle go tswa fela kwa tshimologong. Mirna o gakologelwa se se ileng sa mo diragalela pele ga dipokano di tshwarwa ka puo ya Se-Maya. A re: “Ke ne ka kolobediwa morago ga gore ke ithute Baebele dikgwedi di le tharo. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go kolobediwa, mme go bua boammaaruri, tota ke ne ke sa tlhaloganye dithuto tsa Baebele ka tsela e ke neng ke tshwanetse go di tlhaloganya ka yone. Ke akanya gore ke ka go bo puo ya gaetsho e le Se-Maya, mme ke ne ke sa tlhaloganye Se-Spain sentle. Go ile ga ntsaya nako gore ke tlhaloganye boammaaruri sentle.” Gompieno, ene le monna wa gagwe ba itumelela go bo ba le mo setlhopheng sa baranodi ba ba ranolang puo ya Se-Maya.
Botlhe mo diphuthegong ba itumela thata go bo ba kgona go amogela dikgatiso ka dipuo tsa bone. Fa go ne go gololwa boroutšhara jo bosha
jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng jo bo ranotsweng ka puo ya Se-Tzotzil, mosadi mongwe yo o neng a sa tswa go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete o ne a bo tlamparela mme a re: “Ke a go leboga Jehofa!” Dipego di bontsha gore baithuti ba le bantsi ba Baebele ba ile ba gatela pele ka bonako gore ba kolobediwe, baboledi ba ba tsidifetseng ba thusiwa gore ba boe ba tlhagafale gape mme bakaulengwe ba le bantsi ba Bakeresete ba ikutlwa ba tshwanelega jaanong gore ba amogele maikarabelo mo phuthegong. Beng ba matlo bangwe ba iketleeleditse thata go amogela dikgatiso tsa Baebele ka puo ya bone le go di bala.Mo lekgetlhong lengwe, Mosupi mongwe o ne a ya go tshwara thuto ya Baebele mme a fitlhela moithuti a seyo mo gae. Fa monna wa gagwe a tla go bula setswalo, o ne a ithaopa go mmalela go tswa mo boroutšhareng. Monna yono o ne a re: “Ga ke batle go utlwa sepe.” Kgaitsadi o ne a mmolelela ka puo ya Se-Totonac gore boroutšhara joo bo kwadilwe ka puo ya bone. Fa monna yoo a utlwa seo, o ne a goga banka mme a nna fa fatshe. Fa a ntse a mmalela, o ne a ntse a re “Ke boammaaruri. Ee, ke boammaaruri.” Gone jaanong o nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Kwa Yucatán, monna wa kgaitsadi mongwe wa Mosupi o ne a ganetsa boammaaruri mme ka dinako tse dingwe o ne a mmetsa fa a fitlha kwa gae a tswa kwa dipokanong. Fa dipokano di ne di simolola go tshwarwa ka puo ya Se-Maya, kgaitsadi o ne a swetsa ka gore a mo laletse. O ne a tla mme a itumelela dipokano. Gone jaanong o nna teng ka metlha kwa dipokanong, o ithuta Baebele, mme e bile ga a tlhole a betsa mosadi wa gagwe.
Monna mongwe yo o buang puo ya Se-Totonac o ne a bolelela Basupi ba le babedi gore ga a ise a 2 Ditiragalo 6:32, 33; Pesalema 65:2.
ko a rapele ka gonne moruti wa kereke ya Katoliki o ne a mmoleletse gore Modimo o utlwa fela dithapelo tse di rapelwang ka puo ya Se-Spain. Tota e bile, o ne a tshwanetse go duela moruti gore a rapelele Ba-Totonac. Basupi ba ne ba mo tlhalosetsa gore Modimo o utlwa dithapelo tsa dipuo tsotlhe, mme ba ne ba mo naya boroutšhara ka puo ya Se-Totonac, e a neng a e amogela ka boitumelo jo bogolo.—“Kualtsin Tajtoua”
E re ka baboledi ba le bantsi ba Bogosi ba itumelela diphetogo tseno, ba leka go ithuta puo epe fela ya naga eo kgotsa go tokafatsa e ba setseng ba e itse. Ke se molebedi mongwe wa potologo yo o thusang diphuthego tse tlhano tse di buang puo ya Se-Nahuatl kwa bokone jwa Puebla a se dirang. O bolela jaana: “Bana ba ba neng ba tlhola ba robala kwa dipokanong jaanong ga ba sa tlhole ba robala mme ba reetsa ka kelotlhoko fa ke bua ka Se-Nahuatl. Morago ga pokano nngwe, mosimanyana mongwe wa dingwaga di le nnè o ne a tla mo go nna mme a re: ‘Kualtsin tajtoua’ (o bua monate). Seno se ne sa dira gore ke lemoge gore matsapa a me e ne e se a bophiri fela.”
Ee, masimo a puo ya baagi ba kwa Mexico “a masweu go ka rojwa,” mme botlhe ba ba nang le seabe mo go one ba kgothatsega thata. (Johane 4:35) Roberto, yo o dirang tiro ya go rulaganya ditlhopha tsa baranodi, o sobokanya seno jaana: “E nnile sengwe se se sa lebalesegeng go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba lela ka ntlha ya boitumelo fa ba ntse ba reeditse boammaaruri ka dipuo tsa bone mme ba kgona go tlhaloganya sentle. Fa ke akanya ka gone, seno se dira gore ke amege thata mo maikutlong.” Ga go na pelaelo gore, go thusa batho bano ba ba peloephepa go emela Bogosi le gone go ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
[Lebokoso mo go tsebe 10, 11]
Bangwe ba Baranodi ke Bano
● “Batsadi ba me ba ile ba nthuta boammaaruri fa ke simolola go tlhalefa. Ka maswabi, fa ke ne ke le dingwaga di le 11, rre o ne a tlogela phuthego ya Bokeresete. Dingwaga di le pedi morago ga moo, mmè o ne a re tlogela. E re ka e le nna ngwana wa ntlha mo go ba le batlhano, ke ne ka tshwanelwa ke go rwala boikarabelo jwa ga mmè le mororo ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo.
“Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya ba ne ba re ema nokeng mme le fa go ntse jalo, botshelo bo ne bo le boima. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ipotsa jaana: ‘Ke eng fa ke diragalelwa ke dilo tse di ntseng jaana? Ke sa ntse ke le monnye tota!’ Ke ne ka kgona go itshoka fela ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa. Fa ke sena go aloga kwa sekolong se segolwane, ke ne ka nna modiredi wa nako e e tletseng mme seo se ile sa nthusa thata. Fa go ne go tlhomiwa setlhopha sa baranodi sa puo ya Se-Nahuatl, ke ne ka lalediwa go bereka le sone.
“Rre o boetse mo phuthegong gone jaanong mme bonnake ba direla Jehofa. Go nna ke ikanyega mo go Jehofa ga e a ka ya nna matsapa a bophiri. O ile a segofatsa lelapa la gaetsho thata.”—Alicia.
● “Mosupi mongwe yo ke tsenang tlelase e le nngwe le ene o ne a tlotla ka kgang ya gore botshelo bo simologile jang. Ke ne ke seyo mo tlelaseng ka letsatsi leo mme ke ne ke tshwenyegile ka ditlhatlhobo mme ka mo kopa gore a ntlhalosetse ka setlhogo seo. Ke ne ke sa bolo go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa. O ne a nnaya buka ya Creation * mme ka dumela fa a ne a ithaopa go nthuta Baebele. Ke ne ka kgatlhwa thata ke maikaelelo le lorato lwa Mmopi.
“Fa ke fetsa sekolo, ke ne ka bulegelwa ke sebaka sa go nna morutabana yo o rutang dipuo tse pedi tsa Se-Spain le Se-Tzotzil. Mme seo se ne se tla raya gore ke fudugele kgakala, ke tsene ditlelase dingwe ka mafelobeke le go sa nne teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mo boemong jwa gore ke dire jalo, ke ne ka dira tiro ya go aga. Rre, yo e neng e se Mosupi, o ne gotlhelele a sa rate tshwetso e ke neng ke e dirile. Moragonyana, fa ke ntse ke le modiredi wa mmulatsela, go ne ga rulaganngwa setlhopha sa baranodi ba ba tla ranolelang dikgatiso tsa Baebele mo puong ya Se-Tzotzil. Ke ne ka tlhotlheletsega gore ke nne le seabe mo go yone.
“Ke kgona go bona gore fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba na le dikgatiso ka puo ya bone, seno se dira gore ba ikutlwe ba anaanelwa thata e bile ba na le seriti. Seo se itumedisa tota. Ke ikutlwa ke na le tshiamelo e kgolo go bo ke dira tiro eno.”—Humberto.
● “Fa ke ne ke le dingwaga di le thataro, mmè o ne a re tlogela. Fa ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, rre o ne a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe kgaitsadi mongwe o ne a ithaopa go ithuta Baebele le nna e le thuto e e neng e akaretsa go naya basha kgakololo. E re ka ke ne ke le mosha yo o neng a se na mmè, ke ne ka akanya gore seno ke se tota ke neng ke se tlhoka. Ke ne ka kolobediwa ke le dingwaga di le 15.
“Ka 1999 rre o ne a bolawa ke batho bangwe ba ba bosula ba ba neng ba batla setsha sa gagwe. Ke ne ke utlwile botlhoko thata. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong mo ke neng ke eletsa e kete nka swa. Mme ke ne ka rapela Jehofa gore a nnonotshe. Molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe ba ile ba nkgothatsa thata. Go ise go ye kae, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha.
“Nako nngwe ke ne ka bona batho bangwe ba ba tsamaileng diura di le thataro gore ba tle go utlwa puo ya metsotso e le 20 fela ka Se-Totonac, le fa dipuo tse dingwe tsotlhe di ne di neelwa ka puo ya Se-Spain e ba neng ba sa kgone go e tlhaloganya. Ke ne ka itumela fa ke ne ke kopiwa go tla go thusa go ranolela dikgatiso tsa Baebele mo puong ya Se-Totonac.
“Ke ne ke tle ke bolelele rre gore ke eletsa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a mpolelela gore go ka se nne motlhofo gore mosetsana wa dingwaga tsa me yo o sa nyalwang a dire jalo. A bo a tla itumela jang ne fa a tsoga mo baswing mme a fitlhela gore ke ne ka kgona go dira jalo, ke ranolela dikgatiso tsa Baebele mo puong ya gaetsho!”—Edith.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 28 Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e gatisitswe ka 1985 ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Setlhopha sa baranodi sa puo ya Se-Tzotzil se tlotla ka lefoko lengwe le go leng thata go le ranola