Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Bangwe ba ile ba tlhalosa gore Paulo ga a ka a thubegelwa ke sekepe kwa setlhaketlhakeng sa Maleta, ka fa borwa jwa Sisili, mme se ne sa thubega kwa setlhaketlhakeng sengwe se sele. Totatota o thubegetswe ke sekepe kae?
Potso eno e bua ka ntlha nngwe e e ileng ya buiwa bosheng jaana ya gore moaposetoloi Paulo ga a ka a thubegelwa ke sekepe kwa setlhaketlhakeng sa Maleta, mme se ne sa thubega kwa Cephalonia (kgotsa Kefallinía) gaufi le Corfu mo Lewatleng la Ionia, mo losing lo lo ka fa bophirima jwa Gerika. Pego e e tlhotlheleditsweng e re bolelela gore Paulo o ne a tswa kwa Kaesarea ka sekepe a tlhokometswe ke molaodi wa masole wa Moroma e bong Juliase, mmogo le masole a mangwe le ditsala tsa ga Paulo. Jaaka fa go bontshiwa mo mmapeng, ba ne ba tsamaya ka sekepe ba ya kwa Sidona le Mira. E ne ya re fa ba sena go pagama sekepe se segolo se se pegileng dijo tsa ditlhaka se se tswang kwa Alekesanderia, kwa Egepeto, ba ne ba tswa ba ya kwa bophirima go ya kwa Kinido. Ba ne ba sa kgone go tsamaya ka tsela e ba neng ba ikaeletse go tsamaya Ditiro 27:1–28:1.
ka yone e e kgabaganyang Lewatle la Aegean e e fetang gaufi le Gerika go ya kwa Roma. Diphefo tse di maatla di ne tsa ba patelela go ya kwa borwa go ela kwa Kereta mme ba sirelediwa ke losi lwa teng. Fa ba fitlha teng, ba ne ba ema fa boemakepeng jwa Magorogelo a Mantle. E ne ya re fela fa ba sena go ‘tloga kwa Kereta,’ mokoro o ne wa “tsubukanngwa” ke “phefo ya sekaledimo e e bidiwang Eurakwilo.” Sekepe seno se se neng se le boima se se tsentseng dijo tsa ditlhaka se ne se ntse se “heheutlelwa kwa le kwa mo lewatleng” go fitlhelela mo bosigong jwa bo14. La bofelo, batho botlhe ba le 276 ba ne ba thubegelwa ke sekepe mo setlhaketlhakeng se mokwalo wa Dikwalo Tse di Boitshepo Tsa Segerika o se bitsang Me·liʹte.—Go ralala dingwaga, go ile ga nna ga buiwa dilo di le mmalwa go leka go tlhalosa gore tota setlhaketlhake seno sa Me·liʹte ke sefe. Bangwe ba ile ba akanya gore e ne e le setlhaketlhake sa Melite Illyrica, se gone jaanong se bidiwang Mljet, se se mo Lewatleng la Aderia ka fa losing lwa Croatia. Mme ga go bonale jalo, ka gonne go thata go amanya karolo e e ka fa bokone ya Mljet le dikarolo tse di latelang tsa loeto lwa ga Paulo, e leng Sirakuse, Sisili le losi lo lo ka fa bophirima jwa Italy.—Ditiro 28:11-13.
Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ile ba konela ka gore Me·liʹte o o fano ke setlhaketlhake sa Melite Africanus, se gone jaanong se bidiwang Maleta. Boemakepe jwa bofelo jo bo umakilweng ka leina jo sekepe se Paulo a neng a se pagame se neng sa ema mo go jone e ne e le Magorogelo a Mantle, kwa Kereta. Go tswa foo phefo ya sekaledimo e ne ya patelela sekepe gore se ye kwa bophirima go ela kwa Kauda. Phefo eno e ne ya nna ya tswelela ya kgokgoetsa sekepe jalo ka malatsi a le mantsi. Go a utlwala go fetsa ka gore sekepe seno se se neng se kgweediwa ke phefo se ne sa ya kwa bophirima mme sa fitlha kwa Maleta.
Fa Conybeare le Howson ba ne ba bua ka diphefo tsa teng, le ntlha e sekepe se neng se tla kgokgoetsegela kwa go yone, le lobelo lo se neng se tla kgokgweetsega ka lone, ba ne ba kwala jaana mo bukeng ya bone ya The Life and Epistles of St. Paul: “Sekgala se se fa gare ga Clauda [kana Kauda] le Maleta se kwa tlasenyana go sekae fela ga dimaele di le 480 [dikilomitara di le 770]. Ka tsela e mafelo ano a emeng ka yone go batla go sa kgonege go dumela gore lefatshe le batsamaisasekepe [ba neng ba atamela mo go lone] mo bosigong jwa bolesomelebonè e ne e ka nna lefelo le lengwe, e seng Maleta. Go na le bosupi jo bontsi thata jo bo bontshang gore leno e tshwanetse ya bo e le lefelo le ba ileng kwa go lone.”
Le fa go ka nna ga buiwa ka mafelo a mangwe, go thubega ga sekepe go go diragetseng kwa Maleta go go bontshiwang mo mmapeng o o mo setlhogong seno go bonala go dumalana le se Baebele e se buang.
[Mmapa mo go tsebe 31]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Jerusalema
Kaesarea
Sidona
Mira
Kinido
KERETA
KAUDA
MALETA
SISILI
Sirakuse
Roma
MLJET
GERIKA
CEPHALONIA