Go Bona Kgakololo e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe
Go Bona Kgakololo e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe
ROTLHE re eletsa go atlega mo botshelong. Dilo tse di ka re thusang go atlega mo botshelong mo lefatsheng leno le le raraaneng ke kgakololo e e molemo le go rata go e dirisa. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha batho ba ratang go reetsa kgakololo e e molemo. Ba bantsi ba re motho o tshwanetse go dira dilo kafa a ratang ka teng. Tota e bile, pego ya Baebele e bontsha gore Satane, yo e leng mmaba wa bogologolo wa bolaodi jwa Modimo, o ne a naya batho ba ntlha tshwanelo ya go ipusa. Genesise 3:5 e bega se a neng a se bolelela Efa: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo [setlhareng sa kitso ya molemo le bosula] ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”
A morago ga moo Adame le Efa ba ne ba kgona go nna le botshelo jo bo atlegileng jo bo se nang diphelelo tse di botlhoko, ba kaelwa fela ke dikakanyo tsa bone? Nnyaa. Ka bonako fela ba ile ba swabisiwa ke matswela a go akanya gore ba itse go farologanya se se molemo le se se bosula. Modimo o ne a se ka a ba amogela go tshwanela mme ba ne ba simolola go tshela botshelo jo bo botlhoko jwa go tlhoka go itekanela, mme ga felela ka loso. (Genesise 3:16-19, 23) Loso lo re ama rotlhe. Baebele ya re: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.
Le fa tsela e Adame le Efa ba neng ba tlhopha go dira dilo ka yone e ile ya nna le diphelelo tse di botlhoko, batho ba bantsi ga ba ise ba tlhatswege pelo gore go dirisa kgakololo ya Modiri wa motho ke tshwetso e e botlhale. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e tswela mosola’ e bile e ka re thusa go nna re “tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Eleruri re tla nna batho ba ba itumetseng fa re latela kgakololo ya Baebele. E dira thata mo botshelong jwa lelapa.
Go Ikanyega mo Lenyalong
Go ya ka Baebele, Modimo o ne a ikaeletse gore lenyalo le nnele ruri. (Genesise 2:22-24; ) Gape Dikwalo tsa re ‘bolao jwa lenyalo bo tshwanetse go nna bo sa leswafala,’ mo go rayang gore kgolagano eno ga e a tshwanela go kgotlelwa ka tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo. ( Mathaio 19:6Bahebera 13:4) Mme legale o ka tswa o itse gore gompieno manyalo a mantsi ga a nna jalo. Batho bangwe ba na le mokgwa wa go tshameka ka maikutlo a lorato kwa tirong le batho ba e seng balekane ba bone ba lenyalo. Ba bangwe ba bolelela ba malapa a bone maaka gore ba tle ba dirise nako ba na le motho yo ba ratanang le ene yo e seng molekane wa bone wa lenyalo. Ba bangwe e bile ba tlogela molekane wa bone wa lenyalo gore ba ye go nna le motho mongwe yo mmotlana, ba re seo se dira gore ba ikutlwe ba le basha e bile ba itumetse, jaaka se se diragaletseng Verónica yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng.
Le fa go ntse jalo, motho a ka se bone boitumelo jwa mmatota fa a batla go ikgotsofatsa go sa kgathalesege gore diphelelo e tla nna dife. Ronald o ka supela gore seo se boammaaruri. E re ka a ne a dumela gore o tla tokafatsa botshelo jwa gagwe, o ne a tlogela mosadi wa gagwe gore a ye go nna le lelapa le lesha le mosadi yo a neng a ntse a ratana le ene mo sephiring ka dingwaga di le thataro yo a bileng a setse a na le bana ba babedi le ene. Le fa go ntse jalo, morago ga lobakanyana a sena go fedisa lenyalo la gagwe, mosadi yono yo a neng a ratana le ene o ne a mo tlogela! Kgabagare Ronald o ne a ya go nna le batsadi ba gagwe. O tlhalosa boemo jwa gagwe a re bo “tlhabisa ditlhong.” Seo ke sekai se le sengwe fela. Boitsholo jo bo ntseng jalo jo bo tlhotlhelediwang ke dikeletso tsa bopelotshetlha bo bakile dipalo tse dikgolo tsa ditlhalo le go kgaogana ga malapa, mo go felelang ka gore batho ba bantsi ba sotlege—bagolo le bana ka go tshwana.
Gape go dirisa kgakololo ya Baebele go felela ka boitumelo jwa mmatota. Roberto o ile a bona boitumelo joo, mme a re: “Kgakololo ya Baebele e nthusitse gore ke bo ke ntse ke na le mosadi wa me. Ga re bone boitumelo jwa mmatota ka go ineela mo thaelong le mongwe yo e seng molekane wa rona wa lenyalo, le fa motho yoo a ka bonala a le montle. Thuto ya Baebele e nthusitse go tseela molekane wa me kwa godimo, yo o sa bolong go wa a tsoga le nna ka dingwaga tse dintsi.” Kgakololo ya Baebele ya gore ope a se ka a “direla mosadi wa bosha jwa gagwe ka boferefere” e nnile le seabe se segolo mo botshelong jwa ga Roberto. (Malaki 2:15) Kgakololo ya Modimo e ka re solegela molemo ka ditsela dife tse dingwe?
Go Godisa Bana
Mo dingwageng di le masomesome tse di fetileng go ne ga tlala thata kgopolo ya gore batsadi ga ba a tshwanela go baya melao e mentsi fa ba godisa bana ba bone. Go ne go lebega go utlwala go tlogela bana gore ba itirele ditshwetso tsa kafa ba tshwanetseng go akanya le go itshwara ka teng. Mokgele e ne e le gore
bana ba gole sentle ba sa gatelelwe. Mo mafelong mangwe, go ne ga ba ga tlhongwa ditsamaiso tse di sa rulaganngwang sentle tsa thuto, tse gareng ga dilo tse dingwe bana ba sekolo ba neng ba ka itlhophela gore a ba batla go rutwa kgotsa nnyaa le go tlhopha gore ba batla go dirisa nako e kana kang ba itlosa bodutu kgotsa ba rutiwa. Molao wa sekolo sengwe sa mofuta ono e ne e le gore “bana ba letlelelwe go tlhalosa maikutlo a bone ka kgololesego go se na mogolo ope yo o ba kgoreletsang.” Gompieno, bagakolodi bangwe ba boitshwaro jwa batho ba sa ntse ba sa dumalane le kgang ya gore go otlhaya bana ka go ba itaya go molemo, le mo maemong a batsadi ba tsayang go tlhokega gore ba neye bana kotlhao e e lorato.Seo se feletse ka eng? Go na le batho ba le bantsi ba ba dumelang gore go godisa bana ka go ba tlogelela fela go neile bana kgololesego e ntsi thata. Ba akanya gore seno ke sone se bakileng gore bokebekwa le go dirisa diokobatsi di oketsege thata.” Patlisiso e e dirilweng kwa United States e ne ya senola gore diperesente di ka nna 70 tsa batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba akanya gore batsadi ga ba neye bana le basha kaelo e ba e tlhokang. Batho ba bantsi ba re “go repisa letsogo ga batsadi” ke gone mo go bakang go thuntshana mo go nnang teng kwa dikolong le ditiro tse dingwe tse di maswe tsa bokebekwa tse di dirwang ke basha. Mme le fa matswela a teng a sa nne maswe go le kalo, batsadi le bana ba nna le ditlamorago tse di botlhoko fa bana ba ile ba se ka ba godisiwa sentle.
Baebele ya reng ka seno? Kgakololo ya Dikwalo ke gore batsadi ba tshwanetse go dirisa taolo ya bone ka lorato le ka go gagamatsa seatla. Baebele ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane; thupa ya kotlhao ke yone e e tla bo tlosetsang kgakala le ene.” (Diane 22:15) Mme gone kotlhao yotlhe e batsadi ba e nayang bana e tshwanetse go bo e tshwanela maemo. Kotlhao nngwe le nngwe e ba e newang e tshwanetse go dirwa ka bonolo, ka boikgapo le ka go ba akanyetsa. Fa e newa jalo, e supa lorato. Batsadi ba ka atlega fa ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e lorato, e seng ka tsela e e setlhogo.
Go nna le matswela a a molemo fa go dirisiwa kgakololo eno. Arturo, monna mongwe wa kwa Mexico yo o nang le dingwaga di le 30, yo o sa tswang go nyala, a re: “Rre o ne a re tlhalosetsa sentle nna le bomorwarre gore ene le mmè ke bone ba laolang mo lapeng. Ba ne ba re otlhaya. Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ipha nako ya go bua le rona. Jaanong jaaka ke le mogolo ke itumelela botshelo jo bo ritibetseng jo ke bo tshelang, e bile ke itse gore bo ntse jalo ka ntlha ya kaelo e e molemo e ke e neilweng.”
Dirisa Kgakololo e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe
Lefoko la Modimo, Baebele, le na le kgakololo e e molemo go di gaisa tsotlhe e e ka thusang batho. Kaelo ya yone ga e bue fela ka thulaganyo ya lelapa. E thusa go re tlhomelela ka ditsela tse dintsi ka gonne e re ruta kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng mo lefatsheng le mo go lone batho ba bantsi ba sa rateng go dumela gore Motswedi wa maemo a a kwa godimo wa botlhale o laole matshelo a bone gore ba solegelwe molemo.
Jehofa Modimo, Mmopi wa batho, o ne a re tlhomamisetsa jaana ka mopesalema Dafide: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8) A o ka akanya fela gore ke eng se se kaiwang ke gore Mmopi o re beile leitlho gore a re sireletse mo dikotsing? Potso e mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go e ipotsa ke eno: ‘A ke tla amogela ka boikokobetso kaelo ya ga Jehofa e e sireletsang?’ Lefoko la gagwe le re bolelela jaana ka lorato: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.
Go itse Jehofa go tlhoka boiteko le boitshoko, mme le fa go ntse jalo, batho ba ka kgona go mo itse ka go dirisa Baebele. Mokgwa wa botshelo o a o buelelang o “na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” Ruri ke papadi e kgolo fa o akanya ka melemo e mokgwa oo wa botshelo o nang le yone.—1 Timotheo 4:8; 6:6.
Fa o rata kitso e e mo Baebeleng le masego a o ka nnang le one fa o e dirisa mo botshelong jwa gago, dira gore go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Go dira jalo go tla go thusa go lebana ka katlego le mathata a gompieno le ape fela a a ka tswang a larile kwa pele. Gape, o tla ithuta ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, kwa batho botlhe ba tla bong ba rutwa ke Jehofa mme kagiso ya bone e le kgolo.—Isaia 54:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Kgakololo ya Baebele e ka nonotsha kgolagano ya lenyalo
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Kgakololo e e mo Baebeleng e naya kaelo e e molemo, mme e letlelela motho gore a itumele
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Ba ba dirisang kgakololo ya Baebele ba ka itumelela botshelo jo bo lekalekaneng