Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego’

Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego’

Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego’

“Poloko ya basiami e tswa kwa go Jehofa; ke kago ya bone ya phemelo mo motlheng wa matshwenyego.”—PESALEMA 37:39.

1, 2. (a) Jesu o ne a rapelela eng ka barutwa ba gagwe? (b) Thato ya Modimo ke eng ka batho ba gagwe?

JEHOFA ke mothatayotlhe. O na le maatla a go sireletsa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ka tsela epe fela e a tlhophang go dira jalo ka yone. O ne a ka kgona le eleng go ntsha batho ba gagwe ka tsela ya mmatota mo lefatsheng a bo a ba baya mo lefelong lengwe le le sireletsegileng le le nang le kagiso. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a rapelela barutwa ba gagwe jaana mo go Rraagwe wa selegodimo: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.”—Johane 17:15.

2 Jehofa o tlhophile gore a se ka a re ‘ntsha mo lefatsheng.’ Go na le moo, thato ya gagwe ke gore re tshele mo gare ga batho ba lefatshe leno gore re tle re bolelele ba bangwe ka molaetsa wa gagwe o o nayang tsholofelo le kgomotso. (Baroma 10:13-15) Mme jaaka fa Jesu a ne a bontsha mo thapelong ya gagwe, ka go tshela mo lefatsheng leno, re ka tlhaselwa ke “yo o boikepo.” Batho ba ba se nang kutlo le meya e e bosula ba utlwisa batho botlhoko le go ba tsenya mo tlalelong, mme ga se gore Bakeresete bone ga ba kitla ba amiwa ke matshwenyego a a tshwanang le ao.—1 Petere 5:9.

3. Ke maemo afe a le eleng baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetseng go lebelela go lebana le one, mme re fitlhela kgomotso efe mo Lefokong la Modimo?

3 Ke ga tlholego fela gore re ikutlwe re kgobegile marapo fa re tlelwa ke diteko tse di ntseng jalo. (Diane 24:10) Baebele e na le dipego di le mmalwa tsa batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba tlelwa ke matshwenyego. Mopesalema o bolela jaana: “Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pesalema 34:19) Ee, tota le “mosiami” o diragalelwa ke dilo tse di bosula. Jaaka mopesalema Dafide, ka dinako tse dingwe re ka nna ra ‘kgwaralala le go gatelelwa fela thata.’ (Pesalema 38:8) Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go itse gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18; 94:19.

4, 5. (a) Tumalanong le Diane 18:10, re tshwanetse go dirang gore Modimo a re sireletse? (b) Ke dikgato dife tse re ka di tsayang gore re bone thuso ya Modimo?

4 Tumalanong le thapelo ya ga Jesu, ruri Jehofa o re etse tlhoko. Ke ene “kago [ya rona] ya . . . phemelo mo motlheng wa matshwenyego.” (Pesalema 37:39) Buka ya Diane e dirisa mafoko a a tshwanang fa e re: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” (Diane 18:10) Lekwalo leno le senola boammaaruri jwa gore tota Jehofa o amega ka dibopiwa tsa gagwe. Modimo o sireletsa segolobogolo basiami ba ba mmatlang ka tlhoafalo, jaaka e kete re tabogela mo teng ga kago e e thata gore re sireletsege.

5 Fa re na le matshwenyego mangwe, re ka tabogela jang kwa go Jehofa gore a re sireletse? Mma re sekaseke dikgato di le tharo tse di botlhokwa tse re ka di tsayang gore re bone thuso ya ga Jehofa. Sa ntlha, re tshwanetse go rapela Rraarona wa selegodimo. Sa bobedi, re tshwanetse go dira dilo tumalanong le moya wa gagwe o o boitshepo. Mme sa boraro, re tshwanetse go ikobela thulaganyo ya ga Jehofa ka go dira gore re tsalane le Bakeresete ka rona ba ba ka re thusang go okobatsa matshwenyego a rona.

Maatla a Thapelo

6. Bakeresete ba boammaaruri ba leba thapelo jang?

6 Bomankge bangwe ba tsa kalafi ba akantsha gore motho a dirise thapelo go alafa go tshwenyega thata mo maikutlong le go ngomoga pelo. Le fa go ka tswa go le boammaaruri gore dinako tsa go nna fela o tlhatlhanya jaaka e kete o a rapela di ka okobatsa go ngomoga pelo, go reetsa medumo mengwe ya tlholego kgotsa go sidilwa mokwatla le gone go ka thusa fela jalo. Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye thapelo e le selonyana fela se se dirang gore motho a ikutlwe botoka. Re leba thapelo e le tsela ya go bua le Mmopi ka tlotlo e kgolo. Thapelo e akaretsa go ineela ga rona mo Modimong le go mo tshepa. Ee, thapelo ke karolo ya kobamelo ya rona.

7. Go rapela re na le tshepo go bolelang, mme dithapelo tse di ntseng jalo di re thusa jang go itshokela matshwenyego?

7 Dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re tshepa Jehofa kgotsa gore re a mo ikanya. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Jehofa, e leng Mogodimodimo, Modimo yo o esi fela wa boammaaruri le yo o maatla otlhe, o reetsa ka kelotlhoko dithapelo tse di tlhoafetseng tsa baobamedi ba gagwe. Go itse fela gore Modimo wa rona yo o lorato o a re utlwa fa re mmolelela ditlhobaelo le mathata a rona go re gomotsa tota.—Bafilipi 4:6.

8. Ke eng fa Bakeresete ba ba ikanyegang ba sa tshwanela gore le ka motlha ba ikutlwe ba tshogile kgotsa ba sa tshwanelege go bua le Jehofa ka thapelo?

8 Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba a tshwanela go ikutlwa ba tshogile, ba sa tshwanelege kgotsa ba se na tshepo epe fa ba bua le Jehofa ka thapelo. Gone ke boammaaruri gore fa re kgobegile marapo ka ntlha ya go bo re paletswe ke go dira sengwe se re neng re batla go se dira kgotsa fa re imelwa ke mathata, re ka nna ra itsemeletsa go bua le Jehofa ka thapelo. Mo dinakong tse di ntseng jalo, re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa gore Jehofa “o tlhomogela batho ba gagwe ba ba bogisiwang pelo” le gore ‘o gomotsa ba ba sulafetseng pelo.” (Isaia 49:13; 2 Bakorintha 7:6) Re tshwanetse go ya kwa go Rraarona wa selegodimo re na le tsholofelo, yo e leng kago ya rona ya phemelo, bogolo jang mo dinakong tsa tlalelo le matshwenyego.

9. Tumelo e nna le seabe sefe fa re buisana le Modimo ka thapelo?

9 Gore tshiamelo eno ya go rapela e re solegele molemo ka botlalo, re tshwanetse go e dirisa re na le tumelo ya mmatota. Baebele ya re “yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Tumelo ga se fela go dumela gore Modimo “o gone.” Tumelo ya boammaaruri e akaretsa go dumela gore Modimo a ka kgona go re duela ka ntlha ya go mo utlwa ga rona le gore o batla go dira jalo. “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.” (1 Petere 3:12) Go nna re gakologelwa gore Jehofa o amega ka rona go dira gore dithapelo tsa rona di nne le bokao ka tsela e e kgethegileng.

10. Dithapelo tsa rona di tshwanetse go nna jang gore Jehofa a re tshegetse semoyeng?

10 Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona fa re mo rapela ka pelo yotlhe. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ke biditse ka pelo ya me yotlhe. Nkaraba, tlhe Jehofa.” (Pesalema 119:145) Go farologana le dithapelo tsa seomodiro fela tse di rapelwang mo madumeding a le mantsi, dithapelo tsa rona ga se tsa go ikgolola fela kgotsa tse di dirwang ka pelo e e sa felelang. Fa re rapela Jehofa ka ‘pelo yotlhe’ ya rona, mafoko a rona a nna le bokao le boikaelelo. Fa re sena go rapela jalo ka tlhoafalo, re simolola go ritibala ka ntlha ya go bo re latlhetse ‘mokgweleo wa rona mo go Jehofa.’ Jaaka fa Baebele e solofetsa, ‘o tla re tshegetsa.’—Pesalema 55:22; 1 Petere 5:6, 7.

Moya wa Modimo ke Mothusi wa Rona

11. Ke tsela efe e nngwe e Jehofa a re arabang ka yone fa re ‘nna re mo kopa’ gore a re thuse?

11 Jehofa ga se Moutlwi fela wa thapelo mme gape ke Moarabi wa yone. (Pesalema 65:2) Dafide o ne a kwala jaana: “Ke tla biletsa kwa go wena mo motlheng wa matshwenyego a me, gonne o tla nkaraba.” (Pesalema 86:7) Ke gone ka moo Jesu a ileng a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ‘ba nne ba kope’ Jehofa gore a ba thuse ka gonne “Rara yo o kwa legodimong” o tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:9-13) Ee, maatla a a dirang a Modimo a dira jaaka mothusi, kgotsa mogomotsi wa batho ba gagwe.—Johane 14:16.

12. Moya wa Modimo o ka re thusa jang fa go bonala e kete re fekeediwa ke mathata?

12 Tota le fa re lebane le diteko dingwe, moya wa Modimo o ka re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) Moaposetoloi Paulo, yo o neng a itshokela mathata a le mantsi a a ngomolang pelo, o ne a bua jaana a na le tsholofelo: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba le bantsi gompieno ba ile ba ikutlwa ba nonofa gape semoyeng le mo maikutlong fa dithapelo tsa bone di sena go arabiwa. Gantsi fa re sena go thusiwa ke moya wa Modimo, matshwenyego a re nang le one ga a lebege a le magolo ka tsela e pele re neng re a bona a le magolo ka yone. Ka ntlha ya nonofo eno e re e newang ke Modimo, re ka kgona go bua jaana jaaka moaposetoloi yono: “Re patikwa ka tsela nngwe le nngwe, mme ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng; re akabetse, mme ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele; re a bogisiwa, mme ga re a phuaganngwa; re latlhelwa fa fatshe, mme ga re senngwe.”—2 Bakorintha 4:8, 9.

13, 14. (a) Jehofa o ne a dirisa Lefoko la gagwe jang go supa gore ke ene kago ya rona ya phemelo? (b) Go dirisa melaometheo ya Baebele go go thusitse jang wena ka namana?

13 Gape, moya o o boitshepo o ile wa tlhotlheletsa go kwalwa ga Lefoko la Modimo le go le boloka le ntse le le teng gore le re solegele molemo. Jehofa o ile a dirisa jang Lefoko la gagwe go supa gore ke ene kago ya rona ya phemelo mo metlheng ya matshwenyego? Nngwe ya ditsela tse a ileng a dira jalo ka tsone ke ka go re naya botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya. (Diane 3:21-24) Baebele e thapisa nonofo ya mogopolo wa rona le go tokafatsa maatla a rona a go akanya. (Baroma 12:1) Fa re bala Lefoko la Modimo ka metlha le go le ithuta re bo re le dirisa, re ka kgona go dira gore ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo thapisiwe gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Gongwe o ka tswa o iponetse kafa melaometheo ya Baebele e go thusitseng ka gone gore o dire ditshwetso tse di botlhale fa o ne o na le mathata mangwe. Baebele e re naya botlhale jo bo ka re thusang go rarabolola mathata ka ditsela tse di molemo.—Diane 1:4.

14 Lefoko la Modimo le re naya motswedi o mongwe gape o o re nonotshang—tsholofelo ya poloko. (Baroma 15:4) Baebele e re bolelela gore dilo tse di bosula ga di kitla di tswelela di direga ka bosakhutleng. Dipitlagano le fa e ka nna dife fela tse re nang le tsone ke tsa nakwana. (2 Bakorintha 4:16-18) Re na le “tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng pele ga dinako tse di nnetseng ruri.” (Tito 1:2) Fa re itumelela tsholofelo eo e bile re nna re akantse ka isagwe e e itumedisang e Jehofa a re solofeditseng yone, re ka kgona go itshokela pitlagano eo.—Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 1:3.

Phuthego—Tsela ya Modimo Ya go Re Bontsha Lorato

15. Bakeresete ba ka thusana jang?

15 Tsela e nngwe e Jehofa a re thusang ka yone mo dinakong tsa matshwenyego ke go tsalana mmogo le Bakeresete ka rona mo phuthegong. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Lefoko la Modimo le kgothaletsa botlhe mo phuthegong gore ba tlotlane le go ratana. (Baroma 12:10) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe go na le go o tlhoma fela mo mathateng a re nang le one. Fa re ithaopela go thusa ba bangwe, ga se fela gore re a ba thusa mme gape re ipelela boitumelo le kgotsofalo tse re nnang le tsone tse di re thusang gore re kgone go itshokela mathata a rona.—Ditiro 20:35.

16. Mokeresete mongwe le mongwe a ka kgothatsa ba bangwe jang?

16 Banna le basadi ba ba godileng semoyeng ba ka nna le seabe se se botlhokwa mo go nonotsheng ba bangwe. Gore ba kgone go dira jalo, ba dira gore e nne batho ba ba atamelesegang le ba ba ka kgonang go thusa ba bangwe. (2 Bakorintha 6:11-13) Phuthego e solegelwa molemo fa botlhe ba ipha nako ya go akgola ba bannye, go aga badumedi ba ba sa ntseng ba le basha le go kgothatsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong. (Baroma 15:7) Gape, lorato lwa bokaulengwe lo tla re thusa gore re se ka ra nna le moya wa go se tshepane. Re tshwanetse gore re se ka ra potlakela go swetsa ka gore motho o a bo a le bokoa semoyeng fa a na le mathata. Go a tshwanela go bo Paulo a ile a kgothatsa Bakeresete go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Baebele e bontsha gore tota le Bakeresete ba ba ikanyegang ba a tle ba tshwenyege thata mo maikutlong.—Ditiro 14:15.

17. Re na le ditshono dife tsa go nonotsha kutlwano ya bakaulengwe ba Bakeresete?

17 Dipokano tsa Bokeresete di re naya sebaka se se molemolemo sa go gomotsana le go kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Go kopana mmogo le bakaulengwe ba rona ka tsela eno e e lorato ga go dirwe kwa dipokanong tsa phuthego fela. Go na le moo, batho ba Modimo ba batla dinako tse dingwe gape tse ba ka kopanang mmogo ka tsone tsa go iketla. Fa go tsoga matshwenyego mangwe a a rileng, ga re kitla re diega go thusana e re ka re tla bo re setse re agile botsalano jo bo nonofileng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mmele o se ka wa kgaogana, fa e se gore ditokololo tsa one di tle di tlhokomelane. Mme fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone; kgotsa fa tokololo e galalediwa, ditokololo tse dingwe tsotlhe di ipela le yone.”—1 Bakorintha 12:25, 26.

18. Re tshwanetse go tila mokgwa ofe fa re ikutlwa re kotlomane pelo?

18 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra ikutlwa re kotlomane pelo thata mo re sa batleng go kopana mmogo le Bakeresete ka rona. Re tshwanetse go lwantsha maikutlo a a ntseng jalo gore re se ka ra latlhegelwa ke kgomotso le thuso e badumedi ka rona ba ka re nayang yone. Baebele e re tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Modimo o re tlhokomela ka go dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa re lemoga tsela eo e e lorato e a re tlhokomelang ka yone, re tla bona kgololo mo dinakong tsa matshwenyego.

O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

19, 20. Dikwalo di re thusa jang gore re se ka ra nna le maikutlo a a sa siamang?

19 Go motlhofo gore re nne le maikutlo a a sa siamang fa re kgobegile marapo e bile re hutsafetse. Ka sekai, fa bangwe ba welwa ke bomadimabe, ba ka nna ba simolola go belaela bomoya jwa bone, ba konela ka gore mathata a ba nang le one ke sesupo sa gore Modimo ga a ba amogele. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jehofa ga a leke ope ka “dilo tse di bosula.” (Jakobe 1:13) Baebele ya re, “[Modimo] ga a bogisa kgotsa ga a hutsafatse bomorwa batho go tswa mo pelong ya gagwe.” (Dikhutsafalo 3:33) Go na le moo, Jehofa o utlwa botlhoko tota fa batlhanka ba gagwe ba boga.—Isaia 63:8, 9; Sekarea 2:8.

20 Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) O a re tlhokomela e bile o tla re goletsa mo nakong e e tshwanetseng. (1 Petere 5:6, 7) Go nna re akantse ka lorato lo Modimo a re ratang ka lone go tla re thusa gore re se ka ra felelwa ke tsholofelo le gore re nne re ntse re itumetse. Jakobe o ile a kwala jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng.” (Jakobe 1:2) Ka ntlha yang? O araba jaana: “Ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo, se Jehofa a neng a se solofetsa ba ba tswelelang ba mo rata.”—Jakobe 1:12.

21. Go sa kgathalesege mathata a re nang le one, ke eng se Modimo a se tlhomamisetsang ba ba ikanyegang mo go ene?

21 Fela jaaka Jesu a ile a re tlhagisa, re tla nna le pitlagano mo lefatsheng. (Johane 16:33) Mme Baebele e solofetsa gore ga go na “pitlagano kgotsa matshwenyego kgotsa pogiso kgotsa tlala kgotsa bosaikategang kgotsa kotsi” e e ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Jehofa le lwa Morwawe. (Baroma 8:35, 39) A bo go gomotsa jang ne go itse gore matshwenyego ape fela a re nang le one ke a nakwana! Gone jaanong jaana, fa re sa ntse re letetse gore mathata a batho a fele, Rraarona yo o lorato e bong Jehofa o re tlhokometse. Fa re tabogela kwa go ene gore a re sireletse, o tla itshupa a le “bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng, bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego.”—Pesalema 9:9.

Re Ithutileng?

• Bakeresete ba tshwanetse go lebelela eng fa ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng leno le le boikepo?

• Re ka nonotshiwa jang ke go rapela ka tlhoafalo fa re lebane le diteko?

• Moya wa Modimo ke mothusi ka tsela efe?

• Ke eng se re ka se dirang gore re thusane?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re tshwanetse go batla Jehofa jaaka e kete re tabogela mo teng ga kago e e thata

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Ba ba godileng sentle semoyeng ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go akgola le go kgothatsa ba bangwe