Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Motsamai yo o Anamisang Efangele” ka Bopelokgale

“Motsamai yo o Anamisang Efangele” ka Bopelokgale

“Motsamai yo o Anamisang Efangele” ka Bopelokgale

GO BEGWA gore fa George Borrow a ne a le dingwaga di le 18, o ne a setse a itse go bua dipuo di le 12. Morago ga dingwaga tse pedi, o ne a setse a kgona go ranola dipuo di le 20 tse di farologaneng “bontle kwantle ga bothata bope.”

Ka 1833 monna yo o nang le bokgoni jo bo sa tlwaelegang yono o ne a bidiwa gore a ye go botsolodiwa ke Mokgatlho wa Baebele wa Dinaga di Sele wa Boritane kwa Lontone, kwa Engelane. E re ka Borrow wa dingwaga tse 30 a ne a sa kgone go duelela loeto lwa gagwe mme a iketleeleditse go dirisa tshono eo, o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 180 go tloga kwa legaeng la gagwe kwa Norwich, mme a dira jalo ka diura di le 28 fela.

Mokgatlho wa Baebele o ne wa mo naya tiro e e boima—ya gore a ithute puo ya Se-Manchu mo dikgweding di le thataro fela, e e dirisiwang mo dikarolong dingwe tsa China. O ne a kopa gore ba mo neye buka ya thutapuo mme se ba neng ba se mo naya fela e ne e le khopi ya Efangele ya ga Mathaio ka Se-Manchu le buka e e tlhalosang mafoko a Sefora le a Se-Manchu. Le fa go ntse jalo, mo dibekeng di le 19 o ne a kwalela Lontone a re, “Ka thuso ya Modimo, ke setse ke itse Se-Manchu jaaka ke ikitse.” Se a se dirileng se ne se gakgamatsa thata ka gonne mo godimo ga moo, go begiwa gore o ne a tla a baakanya diphoso mo Efangeleng ya ga Luke ya puo ya Se-Nahuatl, e e leng nngwe ya dipuo tse di buiwang ke batho ba ba tlholegileng kwa Mexico.

Baebele ka Se-Manchu

Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, fa Se-Man­chu se ne se simolola go kwalwa, o ne a dirisa mokwalo wa Se-Uighur sa kwa Mongolia, puo ya semolao ya kwa China. Fa nako e ntse e tsamaya, puo ya Se-Manchu e ne ya se ka ya tlhola e dirisiwa, mme le fa go ntse jalo, maloko a Mokgatlho wa Baebele wa Dinaga di Sele a ne a tlhoafaletse go gatisa le go anamisa Dibaebele ka puo eno. Ka 1822, ba ne ba setse ba dueletse go gatisiwa ga dikhopi di le 550 tsa Efangele ya ga Mathaio, e e ranotsweng ke Stepan V. Lipoftsoff. E ne e le leloko la Lephata la Merero ya Dinaga di Sele la Rus­sia mme o ne a na le dingwaga di le 20 a nna kwa China. Dikhopi tseno di ne tsa gatisiwa kwa St. Petersburg, mme fa go sena go anamisiwa di se kae fela, tse di setseng di ne tsa senngwa ke morwalela.

Go ise go ye kae, go ne ga ranolwa kgatiso e e feletseng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ka 1834, go bonwa ga thanolo ya mokwalo wa seatla wa bogologolo o o neng o na le bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera go ne ga dira gore batho ba le bantsi ba kgatlhegele Baebele. Ke mang yo o neng a tla okamela tiro ya go kwala sesha kgatiso ya Baebele ya puo ya Se-Manchu le go feleletsa tiro e e setseng ya thanolo? Mokgatlho wa Baebele wa Dinaga di Sele wa Boritane o ne wa kopa George Borrow go ba direla tiro eo.

Go ya Russia

Fa Borrow a fitlha kwa St. Petersburg, o ne a ipha nako e ntsi ya go ithuta puo ya Se-Manchu ka botlalo gore a kgone go bona diphoso le go kwala mokwalo wa Baebele sentle. Le fa go ntse jalo, tiro eno e ne e le boima, mme o ne a bereka diura tse di ka nnang 13 ka letsatsi a thusa go baakanyetsa mokwalo wa The New Testament gore o gatisiwe, o kwa bofelong o neng wa bidiwa “thanolo e ntle e e dirilweng kwa dinageng tsa botlhaba.” Go ne ga gatisiwa dikhopi di le sekete ka 1835. Mme leano le Borrow a neng a le loga la go isa dikgatiso tseno kwa China le go ya go di anamisa gone le ile la senngwa. E re ka puso ya kwa Russia e ne e tshaba gore go anamisiwa ga tsone go ne go tla dira gore China e tseye seno e le tiro ya borongwa e e neng e tla dira gore kamano e e siameng e ba nang le yone le baagelani ba bone e senyege, e ne ya gana go naya Borrow tetla ya go ya kwa molelwaneng wa China a tshotse “Baebele e le nngwe fela ya Se-Manchu.”

Morago ga dingwaga di le lesome, go ne ga anamisiwa dikhopi di le mmalwa tsa thanolo e e neng ya tlhaga ka 1859 e e nang le Efangele ya ga Mathaio le Mareko, tse di neng di tlhaga mo tsebeng e le nngwe di bapile ka Se-Manchu le Se-China. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, bontsi jwa batho ba ba neng ba kgona go bala puo ya Se-­Man­chu ba ne ba rata go bala Se-China mme go ne go sa tlhole go bonala go tla nna le Baebele e e feletseng ya Se-Manchu. Totatota, puo ya Se-­Man­chu e ne e nyelela, mme e ne e tla tloga e tseelwa sebaka ke Se-China. Seno se ne sa direga ka botlalo mo e ka nnang ka 1912 fa China e nna repaboliki.

Peninsula ya Iberia

E re ka George Borrow a ne a tlhotlhelediwa ke se se diragetseng, o ne a boela Lontone. Ka 1835 o ne a romelwa gape kwa Portugal le Spain “gore a ye go bona gore batho ba ikemiseditse go le kana kang go amogela dithuto tsa Bokeresete,” jaaka a ile a tlhalosa moragonyana. Ka nako eo, Mokgatlho wa Baebele wa Dinaga di Sele wa Boritane o ne o ise o anamise Dibaebele mo dinageng tseno ka ntlha ya dikhuduego tsa dipolotiki. Bor­row o ne a rata go tlotla ka Baebele le batho ba ba neng ba nna mo metseselegaeng ya Portugal mme go ise go ye kae, lebaka la go bo batho ba ne ba sa kgatlhegele bodumedi le ne la dira gore a fetele kwa Spain.

Fa Borrow a ne a le kwa Spain, o ne a kopana le dikgwetlho tse dingwe fa a ne a na le Ba-Gypsy ba a neng a tsalane thata nabo e re ka a ne a kgona go bua puo ya bone. Ka bonakonyana fa a sena go goroga, o ne a simolola go ranolela “Tesetamente e Ntšha” mo puong ya Se-Gitano sa Ba-Gypsy ba kwa Spain. O ne a kopa basadi ba le babedi ba Ba-Gypsy go mo thusa go dira bontlhanngwe jwa tiro eno. O ne a ba balela thanolo ya Se-Spain mme a bo a ba kopa gore ba mo e ranolele. Seno se ile sa mo thusa gore a kgone go ithuta go dirisa diane tsa Se-Gypsy sentle. Ka ntlha ya maiteko a a a dirileng, Efangele ya ga Luke e ne ya gatisiwa ka dikgakologo tsa 1838, mme seo sa dira gore bishopo mongwe a bolele jaana: “O tla sokolola Spain yotlhe ka puo ya Se-Gypsy.”

George Borrow o ne a filwe tetla ya gore a batle “motho yo o nang le bokgoni jwa go ka ranolela Dikwalo mo puong ya Se-Basque.” Tiro eo e ne ya newa ngaka nngwe e e bidiwang Dr. Oteiza, yo Borrow a neng a kwala ka ene a re “ke motho yo o itseng puo eo sentle, e le nna ke e itseng go sekaenyana.” Ka 1838, Efangele ya ga Luke e ne ya nna buka ya ntlha ya Baebele e e neng ya tlhaga ka Se-Basque sa kwa Spain.

E re ka Borrow a ne a eletsa thata go thusa batho ba ba tlwaelegileng, gantsi o ne a tsaya maeto a maleele a a kotsi go ya go anamisa dibuka tsa Baebele mo bathong ba ba humanegileng ba ba nnang kwa metseselegaeng. O ne a batla go ba golola mo botlhokakitsong jwa bone jwa bodumedi le mo tumelabotlhoding. O ne a ba ntshetsa mabaka a ba bontsha kafa go duelela ga bone boitshwarelo jwa maleo go se nang mosola ka gone, ka sekai, o ne a ba raya a re, “A go ka direga gore Modimo yo o siameng a amogele tuelo ya maleo?” Mme e re ka Mokgatlho wa Baebele o ne o boifa gore go tlhasela dithuto tse batho ba setseng ba di tlwaetse jalo go ka nna ga felela ka gore tiro ya bone e thibelwe, ba ne ba mo laela gore a tlhome mogopolo fela mo go anamiseng Dikwalo.

Borrow o ne a fiwa tetla ka molomo fela gore a gatise El Nuevo Testamento, Tesetamente e Ntšha ya Se-Spain, e e se nang dintlha tse di tlhalosang dithuto tsa kereke ya Katoliki ya Roma. O ne a fiwa tetla eo le fa kwa tshimologong, tonakgolo e e neng ya re thanolo eo ke “buka e e sa tshwanelang” le e e kotsi, a ne a gana. Morago ga moo, Bor­row o ne a bula lefelo kwa Madrid le a neng a rekisetsa thanolo ya Tesetamente e Ntšha ya Se-Spain mo go lone, a dira sengwe se se neng sa dira gore a lwe le baeteledipele ba bodumedi mmogo le balaodi. O ne a tsenngwa mo kgolegelong malatsi a le 12. Fa Borrow a ne a nna kgatlhanong le seo, o ne a kopiwa gore a tsamaye ka tidimalo. E re ka a ne a itse sentle gore o ne a tsentswe mo kgolegelong ka tsela e e seng kafa molaong, o ne a umaka sekai sa ga moaposetoloi Paulo mme a tlhopha go nna mo kgolegelong go fitlha molato wa gagwe o phimolwa sentle, mme leina la gagwe le sa senngwa ka tsela epe.—Ditiro 16:37.

E ne ya re fa morongwa yono yo o tlhoafetseng a tswa kwa Spain ka 1840, Mokgatlho wa Baebele o ne wa kgona go bega jaana: “Go anamisitswe dikhopi tse di ka nnang 14 000 tsa Dikwalo mo Spain mo dingwageng tsa bofelo tse tlhano.” E re ka Borrow a nnile le seabe se segolo mo tirong eno, o ne a sobokanya maitemogelo a gagwe a kwa Spain ka go bolela gore e ne e le “dingwe tsa dingwaga tse di itumedisang thata tsa botshelo jwa gagwe.”

The Bible in Spain, e e ileng ya gatisiwa la ntlha ka 1842—mme e sa ntse e gatisiwa—e na le pego e e tlhalositsweng sentle ya maeto le dilo tse di neng tsa diragalela George Borrow ka namana. Mo bukeng eno, e e neng ya anama ka bonako, o ipitsa “motsamai yo o anamisang Efangele.” O ne a kwala jaana: “Ke ne ke batla go etela mafelo a a fitlhegileng le a a kgakala kwa dithoteng le kwa dithabeng gore ke bue le batho ka tiro eno ya me ya go rera ka Keresete.”

Ka go anamisa le go ranola Dikwalo ka tlhagafalo jalo, George Borrow o ne a tlhomela ba bangwe motheo—tshiamelo e e botlhokwa tota.

[Mmapa mo go tsebe 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Maiteko a ga George Borrow a go ranola le go anamisa Baebele a ile a dira gore a tswe kwa (1) Engelane a ye kwa (2) Russia, (3) Portugal, le (4) Spain

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mafoko a ntlha a Efangele ya ga Johane ka Se-Manchu, e e gatisitsweng ka 1835, e e balegang go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book The Bible of Every Land, 1860

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

From the book The Life of George Borrow by Clement K. Shorter, 1919