Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng” ba a Gopolwa

“Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng” ba a Gopolwa

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng” ba a Gopolwa

MO MASIMOLOGONG a 2001, Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o nang le dingwaga tse 15, e bong Haykaz, o ne a ya kwa pontshong nngwe kwa Bern, kwa Switzerland ya setlhogo se se reng “Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng,” e e neng e bua ka ga go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa ke Banasi. Haykaz o ne a bua jaana kwa bofelong jwa loeto lwa gagwe: “Ke ne nkile ka utlwa ka ga ditiragalo tsa go tshwarwa ga batho makgwakgwa le go bogisiwa ga Basupi ga ba Jehofa mo pusong ya Bonasi, mme leno e ne e le lekgetlho la ntlha ke bona makwalo le dinepe tsa mmatota tsa nako eo. Ditshwantsho tsa pontsho eno, dipego tsa batho ba ba iponetseng ditiragalo tseo le dikakgelo tsa baitse ba hisitori ba ba neng ba le koo, di ne tsa nkama thata mo mogopolong le mo pelong.”

Nako nngwe moragonyana, fa Haykaz a ne a newa kabelo ya go kwalela tlelase ya gagwe pego, o ne a tlhopha setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa—Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng ba Puso ya Bonasi.” Morutabana wa gagwe o ne a mo letlelela go kwala ka setlhogo seno mme gone o ne a bolelela Haykaz gore metswedi ya tshedimosetso ya gagwe e ne e tshwanetse go akaretsa le dibuka tse e seng tsa bodumedi. Haykaz o ne a dumalana le seno a itumetse. “Ke ne ka sobokanya dintlha go tswa mo dibukeng dingwe tse ke neng ke di badile ka kelotlhoko tse di neng di bua ka Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa Banasi. Gape ke ne ka kwala maikutlo a me ka se ke neng ka se bona kwa pontshong ya ‘Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng.’ Pego ya me ya ditsebe tse 43 e ne e na le ditshwantsho le dinepe.”

Ka November 2002, Haykaz o ne a tlhalosa pego ya gagwe fa pele ga bana ba a tsenang sekolo le bone, barutabana, ba lelapa le ditsala tsa gagwe. Morago ga moo, go ne ga nna le sebaka sa dipotso le dikarabo, se se neng sa dira gore a kgone go tlhalosa dilo tse di theilweng mo Baebeleng tse a di dumelang. Fa mosetsana mongwe yo o neng a reeditse a ne a botsa Haykaz gore ke eng fa a ne a tlhophile setlhogo seno, o ne a tlhalosa gore dibuka di le dintsi tsa hisitori ga di umake Basupi ba ga Jehofa le gore o ne a batla gore batho ba itse kafa Basupi ba neng ba emela tumelo ya bone ya Bokeresete ka bopelokgale ka teng. Pego eno e ne ya felela ka eng?

Haykaz o ne a re: “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba gakgametse. Ba ne ba sa itse gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa setlhogo e le setlhopha. Gape, ba le bantsi ba ne ba sa itse gore Basupi ba ba neng ba le mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi ba ne ba na le letshwao le le kgethegileng mo seaparong sa bone—letshwao la khutlotharo e e phepole.”

Fa Haykaz a sena go tlhalosa pego ya gagwe, o ne a nna le ditshono tse dintsi tsa go bua le bana ba a neng a tsena le bone mo tlelaseng le go tlhalosa gore boemo jwa Basupi jo bo theilweng mo Baebeleng ke bofe malebana le kgang ya go tshelwa madi, bojalwa le boitsholo. Haykaz o ne a re: “Ga go na ope wa bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone yo o ileng a nkgoba kgotsa a nja setshego.” Mo godimo ga moo, gone jaanong pego ya gagwe e bolokilwe mo laeboraring ya sekolo. Seno se tla thusa go tlhomamisa gore bopelokgale jwa Basupi ba ga Jehofa ga bo lebalwe.