Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Le jo Bo Itumedisang Jwa go Itima Dilo ka go Rata

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Le jo Bo Itumedisang Jwa go Itima Dilo ka go Rata

Kgang ya Botshelo

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Le jo Bo Itumedisang Jwa go Itima Dilo ka go Rata

JAAKA GO BOLETSE MARIAN LE ROSA SZUMIGA

Pesalema 54:6 ya re: “Ke tla go ntshetsa setlhabelo ka go rata.” Mafoko ano a ntse a laola matshelo a ga Marian Szumiga le mosadi wa gagwe Rosa, ba ba nnang kwa Fora. Bosheng jaana ba ne ba anela dingwe tsa dilo tse di tlhageletseng tse di neng tsa direga mo botshelong jwa bone jo boleele le jo bo kgotsofatsang mo tirelong ya ga Jehofa.

MARIAN: Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki ba Roma ba ba tswang kwa Poland. Rre o ne a sa tsena sekolo. Le fa go ntse jalo, ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, o ne a ithuta go bala le go kwala fa a ne a le kwa ntweng e le lesole. Rre e ne e le motho yo o boifang Modimo, mme gone kereke e ne e mo swabisa gantsi.

Go na le sengwe se se neng sa direga se le ka motlha a iseng a ko a se lebale. Letsatsi lengwe ka nako ya ntwa, moruti mongwe wa sesole o ne a etela mophato wa masole o Rre a neng a le mo go one. Fa bomo e ne e thunya gautshwane, moruti yono o ne a betsega a tshogile, a itaya pitse ya gagwe ka sefapaano gore e taboge thata. Rre o ne a gakgamaditswe ke gore motho yo go tweng ke “moemedi “ wa Modimo o ne a dirisa sengwe se se “boitshepo” go mo thusa gore a sie ka bonako. Le fa Rre a ile a diragalelwa ke dilo tseno le go bona masetlapelo a ntwa, tumelo ya gagwe mo Modimong ga e a ka ya koafala. Nako le nako fa a boela gae a babalesegile go tswa ntweng, o ne a leboga Modimo.

“Poland e Potlana”

Ka 1911, rre o ne a nyala mosetsana mongwe yo o neng a nna mo motseng o o gaufi le wa bone. Leina la gagwe e ne e le Anna Cisowski. Ka bonako fela morago ga ntwa, ka 1919, Rre le Mmè ba ne ba tswa mo Poland mme ba fudugela kwa Fora, kwa Rre a neng a fitlha a bereka mo moepong wa magala gone. Ke belegwe ka March 1926 kwa Cagnac-les-Mines, kwa borwabophirima jwa Fora. Morago ga moo, batsadi ba me ba ne ba ya go nna kwa lefelong lengwe la batho ba ba buang Se-Poland kwa Loos-en-Gohelle, gaufi le Lens kwa bokone jwa Fora. Mong wa kwa go bakwang marotho teng, raselaga le moruti wa lefelo leo, botlhe e ne e le Ba-Poland. Ga go gakgamatse go bo lefelo leno le ne le bidiwa Poland e Potlana. Batsadi ba me ba ne ba na le seabe thata mo ditirong tse di neng di dirwa mo motseng. Gantsi Rre o ne a rulaganya dipontsho tse di neng di akaretsa diterama, mmino le go opela. Gape o ne a aga a tlotla le moruti wa lefelo leno, mme gone o ne a sa kgotsofalele gore ka metlha moruti yono o ne a mo araba a re, “Go na le dilo tse dintsi tse e leng masaitseweng.”

Letsatsi lengwe ka 1930, basadi bangwe ba babedi ba ne ba kokota mo kgorong ya rona. E ne e le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Ba ne ba naya Rre buka e a neng a sa bolo go batla go e bala, e leng Baebele. Gape ene le Mmè ba ne ba bala ka tlhoafalo dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse basadi bano ba neng ba di ba tlogelela. Batsadi ba me ba ne ba amilwe thata ke se ba neng ba se bala mo dikgatisong tseno. Le fa ba ne ba aga ba tshwaregile thata, ba ne ba simolola go ya dipokanong tse di neng di rulagantswe ke Baithuti ba Baebele. Ba ne ba simolola go ngangisana thata le moruti go fitlha ka letsatsi lengwe moruti yono a ba tshosetsa ka la gore fa ba ka tswelela ba kopanela le Baithuti ba Baebele, kgaitsadiake e bong Stéphanie o ne a tla kobiwa mo tlelaseng ya katekesima. Rre o ne a mo raya a re: “O se ka wa tshwenyega. Go tloga jaanong go ya pele, morwadiake le banake ba bangwe ba tla tsamaya le rona go ya kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele.” Rre o ne a tlogela kereke, mme mo masimologong a 1932, batsadi ba me ba ne ba kolobediwa. Ka nako eo, go ne go na le baboledi ba ka nna 800 fela ba Bogosi kwa Fora.

Rosa: Batsadi ba me ba tswa kwa Hungary mme fela jaaka lelapa la gaabo Marian, ba ne ba ya go nna kwa bokone jwa Fora go ya go bereka kwa meepong ya magala. Ke belegwe ka 1925. Mme ka 1937, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e bong Auguste Beugin kgotsa Papa Auguste jaaka re ne re mmitsa, o ne a simolola go tlisetsa batsadi ba me dimakasine tsa Tora ya Tebelo ka Se-Hungary. Ba ne ba kgatlhegela dimakasine tseno tota, mme gone ga go ope wa bone yo o neng a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Le fa ke ne ke le monnye, dilo tse ke neng ke di bala mo makasineng wa Tora ya Tebelo di ne di nkama pelo thata, mme ngwetsi ya ga Papa Auguste e bong Suzanne Beugin, o ne a ntlhokomela thata. Batsadi ba me ba ne ba ntetla gore ke tsamaye le ene go ya kwa dipokanong. Moragonyana fa ke simolola go bereka, rre o ne a simolola go tenwa ke go ya ga me dipokanong ka Sontaga. Le mororo e ne e le motho yo o molemo ka tlholego, o ne a ngongorega a re, “O fetsa beke yotlhe o seyo mo gae, mme ka Sontaga o ya kwa dipokanong tseno tsa gago!” Le fa go ntse jalo, ke ile ka tswelela ke ya dipokanong. Ka jalo, ka letsatsi lengwe rre o ne a nthaya a re, “Phutha se e leng sa gago mme o ntswele ka ntlo!” Go ne go setse go le bosigo thata. Ke ne ke na le dingwaga tse 17 fela, mme ke sa itse gore ke tla ya kae. Ke ne ka feleletsa ke ile kwa ntlong ya ga Suzanne, ke lela tota. Ke ne ka fetsa mo e ka nnang beke ke nna le Suzanne pele ga Rre a romela nkgonne gore a tle go ntsaya gore re ye gae. Ke ne ke le ditlhong ka tlholego, mme gone mafoko a a mo go 1 Johane 4:18 a ne a nthusa gore ke nne pelokgale. Lekwalo leno le bolela gore “lorato lo lo itekanetseng lo latlhela poifo kwa ntle.” Ke ne ka kolobediwa ka 1942.

Boswa jo bo Tlhwatlhwakgolo Jwa Semoya

Marian: Ke kolobeditswe ka 1942, mmogo le bokgaitsadiake Stéphanie le Mélanie le nkgonne Stéphane. Re ne re tshela ka Lefoko la Modimo kwa gae. E ne e tle e re fa rotlhe re ntse fa tafoleng, Rre a re balele Baebele ka Se-Poland. Gantsi re ne re fetsa nako ya maitseboa re reeditse batsadi ba rona fa ba ntse ba re bolelela dilo tse di ba diragaletseng mo tirong ya go rera ka Bogosi. Dinako tseno tse di nonotshang semoyeng di ne tsa re ruta go rata Jehofa le go mo ikanya thata. Bolwetse bo ne jwa pateletsa rre go tlogela tiro, mme gone o ne a tswelela a re tlhokomela semoyeng le mo nameng.

E re ka jaanong Rre a ne a setse a na le nako e e oketsegileng, gangwe ka beke o ne a tshwarela basha ba phuthego ya rona thuto ya Baebele ka Se-Poland. Ke gone kwa ke neng ka ithuta go bala Se-Poland gone. Gape Rre o ne a kgothatsa basha le ka ditsela tse dingwe. Nako nngwe fa Mokaulengwe Gustave Zopfer, yo ka nako eo a neng a okametse tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo Fora, a ne a etetse phuthego ya rona, Rre o ne a rulaganya khwaere le terama ya Baebele ya moaparo wa bogologolo e e neng e bua ka moletlo wa ga Kgosi Beleshasare le mokwalo o o mo leboteng. (Daniele 5:1-31) Karolo ya ga Daniele e ne e tshamekiwa ke Louis Piéchota, yo moragonyana a neng a ema a nitame kgatlhanong le Banasi. * Ano ke maemo a rona bana re goletseng mo go one. Re ne re lemoga gore batsadi ba rona ba ne ba nna ba tshwaregile thata ka dilo tsa semoya. Gompieno ke lemoga gore batsadi ba me ba ntlogeletse boswa jo bogolo tota.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e runya ka 1939, tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Fora. Nako nngwe, motse wa rona o ne wa tla go phuruphudiwa. Matlo otlhe a ne a dikanyeditswe ke masole a Jeremane. Rre o ne a dirile sengwe se e keteng bodilo mo oteropong mme re ne ra fitlha dikgatiso tse di farologaneng tsa Baebele mo tlase ga bodilo joo. Le fa go ntse jalo, go ne go na le dikhopi di le mmalwa tsa bukana ya Fascism or Freedom mo llaeng ya khabote e e nnang mo phaposing ya bojelo. Rre o ne a di fitlha ka bonako mo potleng ya baki e e neng e kgwageditswe mo phasitšhing. Masole a mabedi le lepodise lengwe la Mofora ba ne ba phuruphutsha ntlo ya gaetsho. Re ne re tshwere pelo ka seatla. Mongwe wa masole o ne a simolola go phuruphutsha diaparo tse di neng di kgwageditswe mo phasitšhing, mme ka bonako morago ga moo o ne a tsena mo kitsing, koo re neng re le teng, a tshotse dibukana tseo. O ne a re gotolela matlho a bo a baya dibukana tseno mo tafoleng, mme a tswelela a ya go phuruphutsha go sele. Ke ne ka tsaya dibukana tseno ka bonako mme ka di tsenya mo llaeng e masole a neng a setse a feditse go e phuruphutsha. Lesole lele ga le a ka la tlhola le botsa ka dibukana—e ne e kete o lebetse gotlhelele ka tsone!

Go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng

Ka 1948, ke ne ka swetsa ka gore ke ithaopele go direla Jehofa ka nako e e tletseng mo tirelong ya bobulatsela. Malatsi a se kae moragonyana, ke ne ka amogela lekwalo go tswa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora. Lekwalo leno le ne le na le kabelo ya me ya gore ke ye go nna mmulatsela kwa phuthegong ya Sedan, gaufi le Belgium. Batsadi ba me ba ne ba itumeletse go mpona ke amogela tiro eno ya ga Jehofa ka tsela eo. Le fa go ntse jalo, Rre o ne a mpolelela gore go nna mmulatsela ga se motshameko. Go ne go tla ntlhoka gore ke dire ka natla. Le fa go ntse jalo, o ne a mpolelela gore ke tla nna ke amogetswe mo gae le gore nka ikanya thuso ya gagwe fa ke na le mathata. Le mororo batsadi ba me ba ne ba se na madi go le kalo, ba ne ba nthekela baesekele. Ke sa ntse ke na le rasiti ya baesekele eo, mme fa ke e leba, ke tlala dikeledi mo matlhong. Rre le Mmè ba ne ba tlhokafala ka 1961, mme ke sa ntse ke gakologelwa mafoko a a botlhale a ga Rre; a ile a nkgothatsa le go nkgomotsa thata mo dingwageng tsotlhe tsa tirelo ya me.

Mongwe gape yo o neng a nkgothatsa ke ­Elise Motte, kgaitsadi yo o nang le dingwaga tse 75 wa Mokeresete mo phuthegong ya Sedan. Ka nako ya selemo, ke ne ke pagama baesekele ya me fa ke ya go rera kwa metseng e e kwa thoko, mme Elise o ne a tla ka terena go tla go dira le nna. Le fa go ntse jalo, ka letsatsi lengwe baenjeniri ba terena ba ne ba ngadile tiro, mme Elise o ne a sa kgone go boela gae. Tsela e le nngwe fela ya go rarabolola bothata jono e ne e le go mo pega mo saleng ya dithoto ya baesekele ya me—tsela e e kokonelang tota ya go pagama baesekele. Mo mosong o o latelang, ke ne ka tla ka mosamo mme ka ya go tsaya Elise kwa legaeng la gagwe. O ne a kgaotsa go tsamaya ka terena, mme ka madi a a neng a duelela terena ka one, o ne a kgona go re rekela senō se se molelo ka nako ya dijo tsa motshegare. Ke mang yo o neng a ka akanya gore baesekele ya me e ne e ka laisa batho?

Maikarabelo a a Oketsegileng

Ka 1950, ke ne ka kopiwa gore ke nne molebedi wa potologo mo karolong yotlhe ya bokone jwa Fora. E re ka ke ne ke na le dingwaga tse 23 fela, ke ne ka tshoga tota fa ke utlwa seno. Ke ne ke akanya gore ofisi ya lekala e dirile phoso! Ke ne ka simolola go ipotsa gore: ‘A bomoya jwa me le botsogo jwa me di mo maemong a a siameng gore nka tshwanelegela tiro eno? Ke tla kgona jang go itshokela go robala mo matlong a a farologaneng beke le beke?’ Mo godimo ga moo, fa e sa le ke le dingwaga tse thataro ke ne ke na le bolwetse jwa go pelekana matlho. Bolwetse jono bo ne bo dira gore ke rotoge matlho. Seno se ne se dira gore ke nne ditlhong, ke ipotsa gore batho ba tla reng fa ba mpona. Ke lebogela gore ka nako eo ke ne ka thusiwa thata ke Stefan Behunick, yo o neng a alogile kwa sekolong sa barongwa sa Gileade. Mokaulengwe Behunick o ne a kobilwe kwa Poland ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rera mme o ne a romelwa kwa Fora. Tsela e a neng a le pelokgale ka yone e ne e nkgatlha tota. O ne a tlotla Jehofa le boammaaruri ka tlotlo e kgolo. Bangwe ba ne ba akanya gore o ntshwere ka thata, mme ke ne ka ithuta dilo tse dintsi mo go ene. Bopelokgale jwa gagwe bo ne jwa nthusa gore ke itshepe.

Tiro ya go potologa e ne ya dira gore ke diragalelwe ke dilo dingwe tse di itumedisang mo tirelong ya tshimo. Ka 1953, ke ne ka kopiwa go etela monna mongwe e bong Rre Paoli, yo o neng a nna kwa borwa jwa Paris e bile a na le peeletso ya Tora ya Tebelo. Re ne ra kopana, mme ke ne ka utlwa gore o ne a tlogetse bosole le gore o ne a kgatlhegela go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo thata. O ne a mpolelela gore fa a sena go bala setlhogo sengwe se se buang ka Segopotso sa loso lwa ga Keresete mo makasineng mongwe wa bosheng, o ne a keteka Segopotso a le esi mme a fetsa karolo e e setseng ya maitseboa a bala Dipesalema. Re ne ra fetsa mo e ka nnang maitseboa otlhe re tlotla. Gape pele ga ke tsamaya, re ile ra tlotla ka bokhutshwane ka kgang ya kolobetso. Moragonyana ke ne ka mo romelela taletso ya gore a tle kopanong ya rona ya potologo, e e neng e tlile go tshwarwa mo masimologong a 1954. Mokaulengwe Paoli o ne a tla, mme e ne e le mongwe wa batho ba le 26 ba ba neng ba kolobediwa mo kopanong eo. Ke sa ntse ke itumedisiwa thata ke maitemogelo a a tshwanang le ano.

Rosa: Ka October 1948, ke ne ka simolola tiro ya bobulatsela. Fa ke sena go dira tiro ya bobulatsela kwa Anor, gaufi le Belguim, nna le mmulatsela yo mongwe e bong Irène Kolanski (yo sefane sa gagwe jaanong e leng Leroy) re ne ra romelwa kwa Paris. Re ne re nna mo phaposing nngwe e nnye kwa Saint-Germain-des-Près, mo gare ga mpa ya toropo. E re ka ke ne ke goletse kwa magaeng, ke ne ke tshaba batho ba Paris thata. Ke ne ke akanya gore botlhe ke batho ba maemo le gore ba botlhale thata. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka lemoga fa ke ntse ke ba rerela gore ba ne ba tshwana le batho ba bangwe botlhe. Gantsi re ne re kobiwa ke batho ba ba disang dikgoro tsa difolete, mme go ne go se motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ne ba amogela molaetsa wa rona.

Kwa kopanong nngwe ya potologo ka 1951, nna le Irène re ne ra botsolodiwa malebana le tirelo ya rona ya bobulatsela. O akanya gore ke mang yo o neng a re botsolotsa? E ne e le molebedi yo mmotlana wa potologo e bong Marian Szumiga. Re ne re kile ra kopana pele, mme morago ga kopano eo, re ne ra simolola go kwalelana makwalo. Nna le Marian re ne re na le dilo tse dintsi tse re neng re tshwana ka tsone, go akaretsa le gore re kolobeditswe ka ngwaga o le mongwe le go simolola tiro ya bobulatsela ka ngwaga o le mongwe. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa le go feta ke gore roobabedi re ne re batla go nna mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka jalo, re ne ra nyalana ka July 31, 1956, morago ga go akanyetsa kgang eno ka thapelo. Eno e ne e le tshimologo ya botshelo jo bosha tota mo go nna. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlwaela go nna mosadi wa ga Marian le go tsamaya le ene mo tirong ya go potologa, mo go neng go raya go robala mo matlong a a farologaneng beke le beke. Go ne go se motlhofo kwa tshimologong, mme gone re ne re sa ntse re tlile go nna le dinako tse di itumedisang tota.

Botshelo jo bo Kgotsofatsang

Marian: Fa dingwaga di ntse di feta, re ile ra nna le tshiamelo ya go thusa mo tirong ya go rulaganya dikopano di le mmalwa. Kopano e ke sa ntseng ke e gakologelwa sentle ke e e neng e tshwerwe ka 1966, kwa Bordeaux. Ka nako eo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Portugal. Ka jalo, thulaganyo ya kopano e ne ya tshwanelwa ke gore e dirwe le ka Sepotokisi go solegela Basupi bao ba ba neng ba kgonne go tla Fora molemo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba le makgolokgolo ba ne ba tla kopanong eo go tswa Portugal, mme bothata e ne ya nna gore re ne re tlile go ba batlela marobalo kae. E re ka Basupi ba kwa Bordeaux ba ne ba se na manno a a lekaneng, re ne ra hira lefelo lengwe la dibaesekopo go le dirisa jaaka lefelo la borobalo. Re ne ra ntsha ditulo tsotlhe, mme ra dirisa garetene ya serala go arola lefelo leno ka dikarolo tse pedi tsa borobalo, gore karolo e nngwe e dirisiwe ke bakaulengwe mme e nngwe e dirisiwe ke bokgaitsadi. Gape re ne ra tsenya dishawara le dibeisene tsa go tlhapela, ra baya bojang jo bo omileng mo boalong jwa konkereite, re bo re bo khurumetsa ka seile. Botlhe ba ne ba itumeletse thulaganyo eno.

Morago ga letsatsi lengwe le lengwe la kopano, re ne re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa lefelong leno la bone la borobalo. Go ne go le monate tota. A bo re ile ra kgothadiwa thata jang ne ke maitemogelo a bone le mororo ba ile ba itshokela go bogisiwa ka dingwaga di le dintsi! Rotlhe re ne re tletse dikeledi mo matlhong fa ba ne ba tsamaya kwa bokhutlong jwa kopano.

Dingwaga di le pedi pele ga moo, ka 1964, ke ne ka nna le tshiamelo e nngwe gape fa ke ne ke kopiwa go nna molebedi wa kgaolo. Le fano ke ne ka ipotsa gore a ke tshwanelegela kabelo eno. Mme gone, ke ne ka ipolelela gore fa bakaulengwe ba ba nayang dikabelo ba nkopile gore ke amogele kabelo eno, ga go pelaelo gore ba akanya gore ke tla e kgona. Go ne go itumedisa thata go dirisana le balebedi ba bangwe ba ba etang. Ke ne ka ithuta go le gontsi mo go bone. Bontsi jwa bone ke dikao tsa mmatota tsa batho ba ba pelotelele le ba ba tlhoafetseng, e leng dinonofo tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa thata. Ke setse ke lemogile gore fa re ithuta go nna pelotelele, Jehofa o a itse gore o tla bona kae batho ba a batlang go ba dirisa.

Ka 1982, ofisi ya lekala e ne ya re kopa gore re tlhokomele le setlhotshwana sa baboledi ba le 12 ba Ba-Poland kwa Boulogne-Billancourt, kwa karolong e e kwa thoko ya Paris. Re ne re sa lebelela seo. Ke ne ke itse mafoko a a dirisiwang mo phuthegong ka Se-Poland, mme gone ke ne ke na le bothata jwa go bopa diele. Le fa go ntse jalo, ke ne ka thusiwa thata ke tsela e bakaulengwe bao ba neng ba le pelonomi ka yone le kafa ba neng ba dirisana sentle le nna ka teng. Gompieno, go na le baboledi ba ka nna 170 mo phuthegong eo, go akaretsa le babulatsela ba ka nna 60. Moragonyana, nna le Rosa re ne ra etela ditlhopha le diphuthego tsa Se-Poland kwa Austria, Denmark, le Jeremane.

Maemo a a Fetoga

Re ne re itumelela thata go etela diphuthego tse di farologaneng, mme le fa go ntse jalo, re ne ra tshwanelwa ke gore re kgaotse bodiredi jwa rona jwa go etela diphuthego ka 2001 ka ntlha ya botsogo jwa me jo bo neng bo se bontle. Re ne ra ya go nna kwa foleteng nngwe kwa toropong ya Pithiviers, kwa kgaitsadiake Ruth a neng a nna gone. Ka bopelontle, ofisi ya lekala e ne ya re tlhoma go nna babulatsela ba ba kgethegileng, mme ya re letlelela go dira diura tse re ka di kgonang go ya ka maemo a rona.

Rosa: Ngwaga wa ntlha fa re sena go kgaotsa tiro ya go potologa o ne o le bokete thata mo go nna. Maemo a ne a fetogile thata mo ke neng ka ikutlwa ke se na mosola. Mme ke ne ka ikgopotsa jaana, ‘O sa ntse o ka dirisa nako le maatla a o nang le one sentle ka go nna mmulatsela.’ Gompieno ke itumelela go dira mmogo le babulatsela ba bangwe mo phuthegong ya rona.

Jehofa o Ntse a re Tlhokometse ka Dinako Tsotlhe

Marian: Ke leboga Jehofa thata go bo Rosa e ntse e le molekane wa me mo dingwageng tse 48 tse di fetileng. O ntshegeditse thata mo dingwageng tseo tsotlhe tse re di feditseng re le mo tirong ya go eta. Ga ke ise nke ke mo utlwe a re, ‘Ke eletsa e kete re ka tlogela tiro eno mme ra nna le legae la rona.’

Rosa: Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba nthaya ba re, “O tshela botshelo jo bo sa tlwaelegang. Ka metlha o nna o na le batho ba bangwe.” Mme gone, tota “botshelo jo bo tlwaelegileng” ke eng? Gantsi re dira dilo tse dintsi tse di ka re kgoreletsang go dira ditiro tsa semoya. Se tota re se tlhokang fela ke bolao jo bo robatsang sentle, tafole le dilo tse dingwe di sekae tsa botlhokwa. E re ka re ne re le babulatsela re ne re se na dilo tse kalo tse di bonalang, mme gone re ne re na le sengwe le sengwe se re neng re se tlhoka go dira thato ya ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba mpotsa ba re, “O tla dira eng fa o setse o tsofetse, mme o se na ntlo le phenshene.” Ke ne ke ba araba ka go nopola mafoko a a mo go Pesalema 34:10 a a reng: “Fa e le ba ba senkang Jehofa bone, ga ba na go tlhaela sepe se se molemo.” Jehofa o ntse a re tlhokometse.

Marian: Ee go ntse fela jalo! Tota e bile, Jehofa o re tlametse ka dilo tse dintsi go feta tse re di tlhokang. Ka sekai, ka 1958, ke ne ka tlhophiwa go emela potologo ya rona kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York. Le fa go ntse jalo, re ne re se na madi a go rekela Rosa thekete. Ka letsatsi le lengwe maitseboa, mokaulengwe mongwe o ne a re naya enfelopo e e kwadilweng “New York.” Mpho e e neng e le mo teng ga yone e ne ya dira gore Rosa a kgone go tsamaya le nna!

Nna le Rosa ga re ikwatlhaele dingwaga tse re di feditseng mo tirelong ya ga Jehofa. Ga re a latlhegelwa ke sepe, go na le moo, re bone go le gontsi—botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang mo tirelong ya nako e e tletseng. Jehofa ke Modimo yo o molemo tota. Re ithutile go mo ikanya ka botlalo, mme lorato lo re mo ratang ka lone lo oketsegile. Bangwe ba bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ile ba swa ka ntlha ya boikanyegi jwa bone. Le fa go ntse jalo, ke dumela gore fa dingwaga di ntse di ya, motho a ka dirisa botshelo jwa gagwe letsatsi le letsatsi mo tirelong ya ga Jehofa. Ke sone se nna le Rosa re ileng ra lwelwa go se dira go tla go fitlha gompieno, mme ke sone se re iketleeleditseng go se dira le mo isagweng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Kgang ya botshelo ya ga Louis Piéchota, ya setlhogo se se reng “I Survived the ‘Death March,’” e ne ya gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1980, ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

François le Anna Szumiga le bana ba bone, Stéphanie, Stéphane, Mélanie, le Marian mo e ka nnang ka 1930. Marian o eme mo setulong

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Fa godimo: Re tsamaisa dikgatiso tsa Baebele kwa mmarakeng kwa Armentières, kwa bokone jwa Fora, ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ka fa molemeng: Stefan Behunick le Marian ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Rosa (wa bofelo ka fa molemeng) le mmulatsela ka ene e bong Irène (wa bonè go tswa ka fa molemeng), ba phasalatsa kopano ka 1951

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Marian le Rosa letsatsi pele ga lenyalo la bone

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baesekele e ne e le sepalangwa se se neng se dirisiwa thata ka nako ya fa molebedi wa potologo a etetse diphuthego