Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tsaya gore palo ya 144 000 e e umakilweng mo bukeng ya Tshenolo ke ya mmatota ba sa e tseye e le ya tshwantshetso?

Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ka utlwa palo ya ba ba neng ba tshwailwe, dikete di le lekgolo masome a manè le bonè.” (Tshenolo 7:4) Mo Baebeleng, polelwana e e reng “ba ba neng ba tshwailwe” e bua ka setlhopha sa ba ba tlhophilweng mo bathong gore ba ye go busa le Keresete kwa legodimong ba busa lefatshe le le tlang la Paradaise. (2 Bakorintha 1:21, 22; Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Palo ya bone ya 144 000 e tsewa e le ya mmatota ka mabaka a le mmalwa. Lengwe la mabaka le fitlhelwa mo ditemaneng tse di dikologileng Tshenolo 7:4.

Fa moaposetoloi Johane a sena go bolelelwa mo ponong ka ga setlhopha seno sa ba ba 144-000, o ne a bontshiwa setlhopha se sengwe. Johane o tlhalosa setlhopha seno sa bobedi a re ke “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” Boidiidi jono jo bogolo ke jwa batho ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo” e e tlang, e e tla senyang lefatshe la gompieno le le boikepo.—Tshenolo 7:9, 14.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko pharologanyo e Johane a e bontshang magareng ga temana 4 le 9 tsa Tshenolo kgaolo 7. O bolela gore setlhopha sa ntlha sa “ba ba neng ba tshwailwe,” se na le palo e e tlhomameng. Le fa go ntse jalo, setlhopha sa bobedi sa “boidiidi jo bogolo,” ga se na palo e e tlhomameng. Ka ntlha ya seno, go a utlwala go tsaya palo ya 144 000 e le ya mmatota. Fa palo eno ya 144 000 e ne e ka bo e le ya tshwantshetso e bile e lebisitse go setlhopha sa batho ba tota ba se nang palo, re ne re se kitla re kgona go bona pharologanyo e e leng teng fa gare ga ditemana tseno tse pedi sentle. Ka jalo, kgang e go buiwang ka yone mo ditemaneng tse dingwe tse di dikologileng ditemana tseno e bontsha sentle gore palo ya 144 000 e tshwanetse go tsewa e le ya mmatota.

Bakanoki ba ba farologaneng ba Baebele, ba bogologolo le ba gompieno, ba fitlheletse tshwetso e e tshwanang—gore palo eno ke ya mmatota. Ka sekai, mokwadi mongwe wa dikishinare kwa Boritane e bong Dr. Ethelbert W. Bullinger o ne a bua jaana dingwaga di le 100 tse di fetileng fa a ne a akgela ka Tshenolo 7:4, 9: “Ke boammaaruri fela: palo e e tlhomameng e farologanngwa le palo e e sa tlhomamang mo go yone kgaolo eo.” (The Apocalypse or “The Day of the Lord,” tsebe 282) Bosheng jaana Robert L. Thomas, Jr., yo e leng porofesa wa New Testament at The Master’s Seminary kwa United States o ne a kwala jaana: “Ga go na mabaka ape a a utlwalang a go tsaya palo eno e le ya tshwantshetso.” O ne a oketsa a re: “Palo e e tlhomamameng ya [Tshenolo 7:4] e farologanngwa le palo e e sa tlhomamang ya [Tshenolo] 7:9. Fa palo eno e tsewa e le ya tshwantshetso, ga go na palo epe mo bukeng eno e e ka tsewang e le ya mmatota.”—Revelation: An Exegetical Commentary, Bolumo 1, tsebe 474.

Bangwe ba bolela gore ka ntlha ya gore buka ya Tshenolo e bua thata ka mafoko a tshwantshetso, dipalo tsotlhe tse di fitlhelwang mo bukeng eno, go akaretsa le palo ya 144 000 di tshwanetse tsa tsewa e le tsa tshwantshetso. (Tshenolo 1:1, 4; 2:10) Le fa go ntse jalo, tshwetso eo ga se yone le e seng. Ke boammaaruri gore buka ya Tshenolo e na le dipalo di le dintsi tsa tshwantshetso, mme gape e na le dipalo tsa mmatota. Ka sekai, Johane o bua ka “baaposetoloi ba le lesome le bobedi ba ga Kwana.” (Tshenolo 21:14) Go bonala sentle gore palo ya 12 e go buiwang ka yone mo temaneng eno ke ya mmatota, ga se ya tshwantshetso. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Johane o kwadile ka “dingwaga tse di sekete” tsa puso ya ga Keresete. Palo eno le yone e tshwanetse go tsewa e le ya mmatota, jaaka re lemoga fa re sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se buang. * (Tshenolo 20:3, 5-7) Ka gone, gore palo e e mo bukeng ya Tshenolo e tshwanetse go tsewa e le ya mmatota kgotsa e le ya tshwantshetso, go ikaegile ka kgang e go buiwang ka yone mo ditemaneng tse di e dikologileng.

Kgopolo ya gore palo ya 144 000 ke ya mmatota le gore e lebisitse go palo e e lekanyeditsweng ya batho, ke gore setlhopha se sennye fa se bapisiwa le “boidiidi jo bogolo,” gape e dumalana le ditemana tse dingwe tsa Baebele. Ka sekai, moragonyana mo ponong ya ga moaposetoloi Johane, ba ba 144,000 ba tlhalosiwa e le ba ba neng “ba rekwa mo bathong e le mabutswapele.” (Tshenolo 14:1, 4) Lefoko le le reng “mabutswapele” le kaya setlhopha se sennye sa maungo se se tlhophilweng go tswa mo maungong a mangwe. Gape, fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a bua ka ga ba ba neng ba tla busa le ene mo Bogosing jwa gagwe jwa kwa legodimong mme a ba bitsa “letsomanyane.” (Luke 12:32; 22:29) Ee ruri, palo ya ba ba tlhophilweng mo bathong ba ba tla busang kwa legodimong e nnye thata fa e bapisiwa le ya batho ba ba tlileng go nna mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.

Ka gone, ditemana tse di dikologileng Tshenolo 7:4 le ditemana tse dingwe tse di amanang le yone tse di fitlhelwang mo Baebeleng di supa gore palo ya 144 000 e tshwanetse go tsewa e le ya mmatota. E lebisitse mo go ba ba tla busang kwa legodimong le Keresete ba busa lefatshe la paradaise, le le tla bong le tletse ka palo e kgolo e e ka se kang ya lekanngwa ya batho ba ba itumetseng ba ba obamelang Jehofa Modimo.—Pesalema 37:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, bona buka ya TshenolōKonelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 289-90, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

Palo ya baruaboswa kwa legodimong ke 144 000 fela

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Boidiidi jo bogolo” ga bo na palo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dinaledi: Courtesy of Anglo-Australian Observatory, setshwantsho se tserwe ke David Malin