Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Galaletsang Modimo “Ka Molomo o le Mongwe”

Galaletsang Modimo “Ka Molomo o le Mongwe”

Galaletsang Modimo “Ka Molomo o le Mongwe”

“Lo galaletse Modimo le Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete ka molomo o le mongwe.”—BAROMA 15:6.

1. Paulo o ne a ruta badumedi ka ene thuto efe malebana le go rarabolola mathata fa ba sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang?

GA SE Bakeresete botlhe ba ba tlhophang kgotsa ba ba ratang dilo tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tsamaya ka kutlwano mo tseleng e e isang botshelong. A seo se ka kgonega? Ee, fa re sa dire dikgang ka dilo tse di sa reng sepe. Eo ke thuto e moaposetoloi Paulo a ileng a e ruta badumedi ka ene mo lekgolong la ntlha la dingwaga. O ne a tlhalosa jang ntlha eno ya botlhokwa? Mme kgakololo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng, re ka e dirisa jang gompieno?

Botlhokwa Jwa Kutlwano ya Bokeresete

2. Paulo o ne a gatelela jang kafa go leng botlhokwa ka teng gore re utlwane?

2 Paulo o ne a itse gore go botlhokwa gore Bakeresete ba utlwane, mme o ne a neela kgakololo e e molemo go thusa Bakeresete gore ba itshokelane ka lorato. (Baefeso 4:1-3; Bakolosa 3:12-14) Le fa go ntse jalo, fa a sena go tlhoma diphuthego tse dintsi le go etela tse dingwe mo lobakeng lwa dingwaga di feta 20, o ne a itse gore go ka nna thata gore batho ba nne ba utlwana. (1 Bakorintha 1:11-13; Bagalatia 2:11-14) Ka jalo, o ne a rotloetsa badumedi ka ene ba ba neng ba nna kwa Roma a re: “E kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira . . . gore ka tumalano e le nngwe lo galaletse Modimo le Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete ka molomo o le mongwe.” (Baroma 15:5, 6) Gompieno, le rona re tshwanetse go galaletsa Jehofa Modimo “ka molomo o le mongwe” re le setlhopha se se utlwanang sa batho ba gagwe. Re dira jang mo ntlheng eno?

3, 4. (a) Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba godisitswe ka ditsela dife tse di sa tshwaneng? (b) Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba ka kgona go direla Jehofa “ka molomo o le mongwe” jang?

3 Bakeresete ba le bantsi kwa Roma e ne e le ditsala tsa ga Paulo. (Baroma 16:3-16) Le fa ba ne ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, Paulo o ne a amogela bakaulengwe botlhe ba gagwe e le “baratwa ba Modimo.” O ne a kwala jaana: “Ke leboga Modimo wa me ka Jesu Keresete ka ga lona lotlhe, ka gonne go buiwa ka tumelo ya lona mo lefatsheng lotlhe.” Go bonala sentle gore Baroma ba ne ba tlhoma sekao ka ditsela tse dintsi. (Baroma 1:7, 8; 15:14) Le fa go ntse jalo, bangwe mo phuthegong ba ne ba leba dilo dingwe ka ditsela tse di sa tshwaneng. E re ka gompieno Bakeresete ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba tswa mo ditsong tse di farologaneng, go sekaseka kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo malebana le go rarabolola mathata a go se lebe dilo ka tsela e e tshwanang, go ka ba thusa gore ba bue “ka molomo o le mongwe.”

4 Kwa Roma go ne go na le badumedi ba Bajuda mmogo le ba Baditšhaba. (Baroma 4:1; 11:13) Go lebega Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba palelwa ke go tlogela mekgwa mengwe e ba neng ba ntse ba e latela mo Molaong wa ga Moshe, le fa ba tshwanetse go ka bo ba ne ba lemoga gore mekgwa eno e ne e se botlhokwa gore ba bolokwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba amogela gore setlhabelo sa ga Keresete se ba golola mo dilong tse ba neng ba thibetswe go di dira pele e nna Bakeresete. Ka ntlha ya seo, ba ne ba fetola mengwe ya mekgwa ya bone le ditlwaelo. (Bagalatia 4:8-11) Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo a boletse, botlhe e ne e le “baratwa ba Modimo.” Botlhe ba ne ba ka baka Modimo “ka molomo o le mongwe” fa mongwe le mongwe a ne a ka tswelela a leba ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng. Le rona gompieno re ka leba dilo dingwe ka ditsela tse di sa tshwaneng, ka jalo go ka nna molemo go sekaseka ka kelotlhoko gore Paulo o tlhalosa jang molaomotheo oo wa botlhokwa.—Baroma 15:4.

“Amogelanang”

5, 6. Ke ka ntlha yang fa go ne go na le ditsela tse di farologaneng tsa go leba dilo kwa phuthegong ya Roma?

5 Mo lokwalong lo Paulo a lo kwaletseng Baroma, o bua ka seemo se mo go sone batho ba neng ba sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang. O kwala jaana: “Motho yo mongwe o na le tumelo ya go ja sengwe le sengwe, mme motho yo o bokoa ene o ja merogo.” Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo? Mo Molaong wa ga Moshe, nama ya kolobe e ne e sa tshwanela go jewa. (Baroma 14:2; Lefitiko 11:7) Le fa go ntse jalo, Molao oo o ne o sa tlhole o dira fa Jesu a sena go swa. (Baefeso 2:15) Go tswa foo, dingwaga di le tharo le sephatlo morago ga loso lwa ga Jesu, moengele o ne a bolelela moaposetoloi Petere gore go ya kafa Modimo a lebang dilo ka teng, ga go na dijo dipe tse di tshwanetseng go tsewa di leswafetse. (Ditiro 11:7-12) Ka ntlha ya seno, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba ka ja nama ya kolobe—kgotsa ba itumelela dijo dipe fela tse dingwe tse di neng di ntse di thibetswe mo Molaong.

6 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ba Bajuda ba ne ba ka nna ba tsaya gore le gone fela go akanya ka go ja dijo tse pele di neng di leswafetse, e ne e le sengwe se se maswe. Batho bano ba ba amegang motlhofo ba ne ba ka nna ba kgopisiwa ke go bona Bakeresete ka bone ba Bajuda ba ja dijo tseo. Mo godimo ga moo, Bakeresete bangwe ba Baditšhaba, ba gongwe bodumedi jo ba tswang mo go jone bo neng bo sa ba thibele ka gope mo dijong, ba ka tswa ba ne ba fitlhela go gakgamatsa gore batho ba ngangisane ka dijo. Gone ke boammaaruri, go ne go se phoso gore motho a ithibe mo dijong dingwe, fa fela a ne a sa gatelele gore motho o tshwanetse go ithiba mo dijong tseno gore a bolokwe. Le fa go ntse jalo, go ne go ka nna motlhofo fela gore go tsoge dikgotlhang mo phuthegong ka ntlha ya go leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna kelotlhoko gore go leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng go se ka ga ba thibela go galaletsa Modimo “ka molomo o le mongwe.”

7. Batho ba ne ba leba dilo ka ditsela dife tse di farologaneng fa go tliwa mo kgannyeng ya go boloka letsatsi le le rileng beke le beke?

7 Paulo o naya sekai sa bobedi: “Motho yo mongwe o atlhola letsatsi lengwe e le le le gaisang le lengwe; motho yo mongwe ene o atlhola letsatsi lengwe jaaka a mangwe otlhe.” (Baroma 14:5a) Mo Molaong wa ga Moshe, go ne go sa tshwanela ga dirwa tiro epe ka Sabata. Tota le go tsaya mesepele mo letsatsing leo go ne go na le dithibelo. (Ekesodo 20:8-10; Mathaio 24:20; Ditiro 1:12) Le fa go ntse jalo, fa Molao o ne o sa tlhole o dira, dithibelo tseo di ne tsa se ka tsa tlhola di dira. Mme Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba ikutlwa ba sa gololesega go dira tiro ya mofuta ope kgotsa go tsaya mosepele o moleele ka letsatsi le pele le neng le tsewa le le boitshepo. Le fa e setse e le Bakeresete, ba ka nna ba bo ba ile ba seegela letsatsi la bosupa kwa thoko gore ba dire dilo tsa semoya fela ka lone, le fa Modimo a ne a sa tlhole a laela gore go latelwe molao wa Sabata. A ba ne ba dira phoso? Nnyaa, fa fela ba ne ba sa tatalale gore Modimo o batla gore go bolokwe Sabata. Ka gone, Paulo o ne a kwala jaana a akanyetsa digakolodi tsa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete: “A motho mongwe le mongwe a tlhatswege pelo ka botlalo mo mogopolong wa gagwe.”—Baroma 14:5b.

8. Le fa Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba ka bontsha gore ba amega ka digakolodi tsa ba bangwe, ke eng se ba neng ba sa tshwanela go se dira?

8 Mme gone, le fa Paulo a ne a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe ka lorato gore ba nne pelotelele mo bathong ba ba neng ba tshwenngwa ke dikgang tse di amang segakolodi, gape o ne a kgalema thata ba ba neng ba leka go pateletsa badumedi ka bone gore ba ikobele Molao wa ga Moshe, ba re ba ka bolokwa fa ba dira jalo. Ka sekai, mo e ka nnang ka 61 C.E., Paulo o ne a kwala buka ya Bahebera, lokwalo lo lo maatla lo a neng a lo kwalela Bakeresete ba Bajuda a ba tlhalosetsa sentle gore go ikobela Molao wa ga Moshe go ne go se na mosola ope ka gonne Bakeresete ba ne ba na le tsholofelo ya maemo a a kwa godimo e e theilweng mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo.—Bagalatia 5:1-12; Tito 1:10, 11; Bahebera 10:1-17.

9, 10. Bakeresete ga ba a tshwanela go dira eng? Tlhalosa.

9 Jaaka fa re bone, Paulo o ntsha mabaka a gore go tlhopha dilo tse di sa tshwaneng ga go a tshwanela go kgoreletsa kutlwano fa fela melaometheo ya Bokeresete e sa tlolwe ka tlhamalalo. Ka gone, Paulo o botsa Bakeresete ba ba nang le digakolodi tse di bokoa a re: “Ke ka ntlha yang fa o atlhola mokaulengwe wa gago?” Mme ba ba nang le digakolodi tse di nonofileng (gongwe ba digakolodi tsa bone di ba letlang go ja dijo dingwe tse di neng di thibetswe ke Molao kgotsa go dira tiro nngwe ka Sabata) o ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa gape o lebela mokaulengwe wa gago kwa tlase?” (Baroma 14:10) Go ya ka Paulo, Bakeresete ba ba nang le digakolodi tse di bokoa ga ba a tshwanela go kgala bakaulengwe ba bone ba ba kgonang go amogela dilo tse dintsi. Mme gape, Bakeresete ba ba nang le digakolodi tse di nonofileng ga ba a tshwanela go nyatsa ba digakolodi tsa bone di sa leng bokoa mo dilong dingwe. Botlhe ba tshwanetse go tlotla maitlhomo a a siameng a ba bangwe ba nang le one, mme ba se ka ba “ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.”—Baroma 12:3, 18.

10 Paulo o ne a tlhalosa tsela e e tshwanetseng ya go leba dilo a re: “A yo o jang a se ka a lebela yo o sa jeng kwa tlase, mme a yo o sa jeng a se ka a atlhola yo o jang, gonne Modimo o amogetse yoo.” Mo godimo ga moo, a re: “Keresete le ene [o] ne a re amogela, ka tebelelo ya go galaletsa Modimo.” E re ka Modimo le Keresete ba amogela batho ba ba nang le digakolodi tse di bokoa mmogo le ba ba nang le digakolodi tse di nonofileng, le rona re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo mme re ‘amogelane.’ (Baroma 14:3; 15:7) Ke mang yo o ka ganetsang seo?

Lorato Lwa Bokaulengwe lo Dira Gore go Nne le Kutlwano Gompieno

11. Ke seemo sefe se se sa tlwaelegang se se neng se le teng mo motlheng wa ga Paulo?

11 Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a bua ka seemo se se sa tlwaelegang. Jehofa o ne a sa tswa go fedisa kgolagano e nngwe a bo a tlhoma e ntšha. Bangwe ba ne ba palelwa ke go tlwaela e ntšha. Seemo se se ntseng fela jalo ga se yo gompieno, mme go a tle go nne le maemo a a tshwanang le sone.

12, 13. Ke maemo afe a mo go one Bakeresete gompieno ba ka bontshang gore ba akanyetsa digakolodi tsa bakaulengwe ba bone?

12 Ka sekai, mosadi wa Mokeresete a ka tswa a ne a le mo bodumeding jo bo neng bo batla gore moaparo le tebego ya batho ba jone e se ka ya nna tse di kgabisitsweng. Fa a amogela boammaaruri, a ka nna a fitlhela go le thata go amogela ntlha ya gore ka dinako tse di tshwanetseng batho ba ka apara diaparo tse di lebegang sentle e bile di le mebalabala kgotsa go dirisa ditlolo tsa go intlafatsa. E re ka go se na molaomotheo ope wa Baebele o o dirang fano, go tla bo go sa tshwanela gore ope a leke go tlhotlheletsa mosadi yoo wa Mokeresete gore a dire kgatlhanong le segakolodi sa gagwe. Mme le fa go ntse jalo, le ene o lemoga gore ga a tshwanela go tshwaya phoso basadi ba Bakeresete ba digakolodi tsa bone di ba letlang go dirisa dilo tseo.

13 Akanya ka sekai se sengwe gape. Monna wa Mokeresete a ka tswa a goletse mo lefelong le go nwa bojalwa go sa lejweng sentle mo go lone. Fa a sena go itse boammaaruri, o lemoga gore Baebele ya re beine ke mpho e e tswang kwa Modimong le gore e ka dirisiwa ka tekanyetso. (Pesalema 104:15) O amogela tsela eo ya go leba dilo. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tsela e a godisitsweng ka yone, o tlhopha gore a se ka a nwa bojalwa gotlhelele, mme ga a tshwaye phoso ba ba bo nwang ka tekanyetso. Ka jalo, o dirisa mafoko ano a ga Paulo: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.”—Baroma 14:19.

14. Bakeresete ba ka dirisa ntlha ya botlhokwa ya kgakololo e Paulo a e neetseng Baroma mo maemong afe?

14 Go a tle go tsoge maemo a a tlhokang gore go dirisiwe ntlha ya konokono ya kgakololo e Paulo a neng a e naya Baroma. Phuthego ya Bokeresete e bopilwe ka batho ba le bantsi, mme ba rata dilo tse di farologaneng. Ka jalo, ba ka tlhopha dilo tse di sa tshwaneng—ka sekai, mo kgannyeng ya moaparo le go ikgabisa. Gone ke boammaaruri gore Baebele e re naya melaometheo e e utlwalang sentle e Bakeresete botlhe ba ba peloephepa ba e latelang. Ga re a tshwanela go apara le go ipaakanya moriri ka tsela e e sa tlwaelegang kgotsa e e sa lebegeng sentle kgotsa e e ka supang gore re tsamaisana le batho bangwe ba ba sa rategeng ba lefatshe. (1 Johane 2:15-17) Bakeresete ba gopola gore ka dinako tsotlhe, tota le fa ba iketlile fela, ke badiredi ba ba emelang Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. (Isaia 43:10; Johane 17:16; 1 Timotheo 2:9, 10) Le fa go ntse jalo, mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo go na le dilo tse di farologaneng tse di siameng tse Bakeresete ba ka itlhophelang go di dira. *

Se Kgopise ba Bangwe

15. Ke leng mo Mokeresete a ka ithibang go dira sengwe se a nang le tshwanelo ya go se dira, e le gore a se ka a kgopisa bakaulengwe ba gagwe?

15 Go na le molaomotheo o mongwe wa botlhokwa o Paulo a re o bontshang mo kgakololong e a neng a e naya Bakeresete ba kwa Roma. Ka dinako tse dingwe, Mokeresete yo o nang le segakolodi se se thapisitsweng sentle a ka tlhopha gore a ithibe mo sengweng se ka bosone fela se seng phoso. Ka ntlha yang? Ka gonne a lemoga gore fa a ka se dira a ka gobatsa ba bangwe. Fa go ntse jalo, re tshwanetse ra dirang? Paulo a re: “Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.” (Baroma 14:14, 20, 21) Ka jalo, “rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re sa iitumedise. A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga.” (Baroma 15:1, 2) Fa e le gore segakolodi sa Mokeresete ka rona se ka kgopisiwa ke se re se dirang, lorato lwa bokaulengwe lo tla re tlhotlheletsa gore re mo akanyetse mme re se ka ra dira dilo tse di ka mo kgopisang. Sekai e ka nna sa go nwa bojalwa. Mokeresete o letleletswe go nwa bojalwa ka tekanyetso. Mme fa e le gore go dira jalo go ka kgopisa yo a nang le ene, ga a ne a nwa fela ka gonne a na le tshwanelo ya go dira jalo.

16. Re ka bontsha jang gore re amega ka batho ba ba mo tshimong ya rona?

16 Molaomotheo ono o ka dira le mo ditirisanong tsa rona le ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete. Ka sekai, re ka tswa re nna mo lefelong le bodumedi jo bo atileng mo go lone bo rutang batho ba jone gore ba tseye letsatsi lengwe mo bekeng e le letsatsi la boikhutso. Ka ntlha ya lebaka leo, re tla leka ka fa re ka kgonang ka teng gore re se ka ra dira sepe mo letsatsing leo se se ka kgopisang baagelani ba rona, mme sa dira gore tiro ya rona ya go rera e kgoreletsege. Mo seemong se sengwe, Mokeresete yo o humileng a ka fuduga a ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone mo gare ga batho ba ba humanegileng. A ka nna a tlhopha go akanyetsa baagelani ba gagwe ba basha ka go apara diaparo tse e seng tsa maemo kgotsa ka go tshela botshelo jo bo kwa tlase ga jo madi a gagwe a ka mo letlang go bo tshela.

17. Ke ka ntlha yang fa go utlwala go akanyetsa ba bangwe fa re dira ditshwetso?

17 A go a utlwala go lebelela gore “ba ba nonofileng” ba dire diphetogo tseno? Ako o akanye ka setshwantsho seno: Fa o ntse o kgweetsa mo tseleng e kgolo, o bona bana ba tsamaya gaufi thata le tsela. A o tswelela pele o kgweetsa ka lobelo lo logolo lo lo letlwang mo tseleng eo fela ka gonne o na le tshwanelo ya go dira jalo? Nnyaa, o fokotsa lobelo gore o se ka wa tsenya bana mo kotsing. Ka dinako tse dingwe, go tlhokega gore re fokotse lobelo jalo, kgotsa re ineele, fa re dirisana le badumedi ka rona kgotsa batho ba bangwe. Re ka tswa re dira sengwe se tota re nang le tshwanelo ya go se dira. Ga re tlole melaometheo epe ya Baebele. Le fa go ntse jalo, fa e le gore go dira jalo go ka kgopisa ba bangwe kgotsa ga gobatsa ba ba nang le digakolodi tse di bokoa, lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse lwa re tlhotlheletsa go nna kelotlhoko. (Baroma 14:13, 15) Go nna le kutlwano le go dira dilo ka ntlha ya Bogosi go botlhokwa thata go feta go dira dilo tse re nang le tshwanelo ya go di dira.

18, 19. (a) Re latela sekao sa ga Jesu jang fa re bontsha gore re amega ka ba bangwe? (b) Ke kgang efe e mo go yone re nnang seoposengwe ka tsela e e feletseng, mme go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Fa re dira jalo, re a bo re latela sekao se se molemolemo. Paulo a re: “Le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa; mme fela jaaka go kwadilwe: ‘Dikgobo tsa ba ba neng ba go kgoba di nkwetse.’” Jesu o ne a iketleeditse go re ntshetsa botshelo jwa gagwe setlhabelo. Ruri re iketleeleditse go tlogela ditshwanelo dingwe tse re nang le tsone gore “ba ba sa nonofang” ba kgone go galaletsa Modimo ka kutlwano le rona. Tota go akanyetsa le go amogela Bakeresete ba ba nang le digakolodi tse di bokoa—kgotsa go itima dilo dingwe mme re sa tatalalele ditshwanelo tsa rona—go bontsha “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—Baroma 15:1-5.

19 Le fa re ka leba dilo ka ditsela tse di farologaneng fa go tliwa mo dikgannyeng tse di sa ameng melaometheo ya Dikwalo, fa go tliwa mo kobamelong gone, re dira re le seoposengwe ka tsela e e feletseng. (1 Bakorintha 1:10) Ka sekai, seno se bonala mo tseleng e re itshwarang ka yone mo bathong ba ba ganetsang kobamelo ya boammaaruri. Lefoko la Modimo le bitsa baganetsi bano le re ke batswakwa mme le re tlhagisa gore re ikele tlhoko mo ‘lentsweng la batswakwa.’ (Johane 10:5) Re ka lemoga batswakwa bano jang? Re tshwanetse ra ba tshwara jang? Dipotso tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Bana ba ba botlana ba apara ka tsela e e batlwang ke batsadi ba bone.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa go nna le ditsela tse di farologaneng tsa go leba dilo mo dikgannyeng tsa botho go ka se ka ga kgoreletsa kutlwano?

• Ke ka ntlha yang fa rona Bakeresete re tshwanetse go amega ka ba bangwe ka lorato?

• Gompieno dingwe tsa ditsela tse re ka dirisang kgakololo ya ga Paulo malebana le kutlwano ka tsone ke dife, mme ke eng se se tla re rotloetsang go dira jalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kgakololo ya ga Paulo malebana le kutlwano e ne e le mosola mo phuthegong

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba a utlwana le fa ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mokgweetsi yono o tshwanetse go dirang jaanong?