Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Boitumelo

Go Batla Boitumelo

Go Batla Boitumelo

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, batho ba kwa Fora, Jeremane, Great Britain le kwa United States ba ne ba bodiwa potso eno, “Ke eng se se tlhokegang gore motho a itumele?” Mo bathong ba ba botsoloditsweng, ba le diperesente di le 89 ba ne ba re go tlhokega botsogo jo bo molemo; ba le diperesente di le 79 ba umakile lenyalo le le itumetseng kgotsa go nna mmogo le mongwe lo itumetse; ba le diperesente di le 62 ba ne ba re ke melemo ya go nna motsadi; mme ba le diperesente di le 51 ba ne ba akanya gore fa motho a atlegile mo tirong e a e berekang o tla itumela. Mme le fa gantsi batho ba rutwa gore madi ga a tlise boitumelo, diperesente di le 47 tsa ba ba neng ba bodiwa ba ne ba dumela gore a a bo tlisa. Boammaaruri ke eng?

Sa ntlha, sekaseka kafa go tweng madi a amana ka teng le boitumelo. Patlisiso e e neng ya dirwa mo bathong ba le lekgolo ba ba humileng thata kwa United States e ne ya bontsha gore ba ne ba sa itumela go feta batho fela ba bangwe. Gape, go ya ka baitse ba tsa botsogo jwa tlhaloganyo, le fa batho ba bantsi kwa United States ba ikokoanyeditse dithoto go menagane gabedi mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng, ga se gore ba itumetse go feta pele. Tota e bile, pego nngwe ya re: “Mo go lone lobaka loo lwa nako, dipalo tsa batho ba ba gateletsweng thata mo maikutlong di oketsegile thata. Dipalo tsa basha ba ba ipolayang di oketsegile go menagane gararo. Dipalo tsa ditlhalo di oketsegile go menagane gabedi.” Mo dinageng tse 50 tse di farologaneng, babatlisisi ba ba neng ba tlhotlhomisa gore madi le boitumelo di amana jang ba ne ba swetsa ka gore madi a ka se reke boitumelo.

Sa bobedi, botsogo jo bo molemo, go nna le lenyalo le le itumetseng le go atlega mo tirong e motho a e berekang di botlhokwa go le kana kang gore motho a itumele? Mme fa e le gore dilo tseno di tlhokega thata gore motho a itumele, go tweng ka batho ba bantsintsi ba ba se nang botsogo jo bo molemo le botlhe ba ba seng mo manyalong a a itumetseng? Go tweng ka banyalani ba ba se nang bana le banna le basadi botlhe ba ba sa atlegang mo ditirong tse ba di berekang? A batho botlhe ba ba ntseng jalo ba tla nnela ruri ba sa itumela? Le gone, a boitumelo jo go tweng batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng le ba ba nang le manyalo a a itumetseng ba na le jone bo tla fela fa maemo a bone a ka fetoga?

A re Bo Batla mo bo Leng Teng?

Mongwe le mongwe o batla go itumela. Seno ga se gakgamatse ka gonne Mmopi wa batho o tlhalosiwa e le “Modimo yo o itumetseng,” mme motho o dirilwe mo setshwanong sa gagwe. (1 Timotheo 1:11; Genesise 1:26, 27) Ka jalo, go a utlwala gore batho ba batle go itumela. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba lemoga gore go kgaratlha ka thata gore o nne o itumetse go tshwana le go huparela motlhaba—tsoopedi di relela motlhofo fela.

A legale seno se ka tswa se bakwa ke gore batho bangwe ba tsaya matsapa a a feteletseng gore ba bone boitumelo? Mofilosofi wa tsa loago Eric Hoff­er o ne a akanya jalo. O ne a re: “Go batla boitumelo ke sengwe sa dilo tse di dirang gore batho ba se ka ba itumela.” Go nna jalo fa re batla boitumelo mo bo seyong teng. Fa re dira jalo, ga go na pelaelo gore re tla kgobega marapo e bile re tla ngomoga pelo. Go leka go huma; go batla go tuma kgotsa go itsege; go latelela mekgele mo dipolotiking, mo setšhabeng kgotsa mo go tsa itsholelo; kgotsa go ikakanyetsa o le esi le go batla go ikgotsofatsa ka yone nako eo—tsotlhe ga di re tlisetse boitumelo. Ga go gakgamatse go bo bangwe ba simolotse go nna le kgopolo e e utlwalang e ikganetsa ya mokwadi mongwe yo o neng a re: “Fa fela re ka tlogela go leka go itumela, re ka ja monate tota”!

Sa botlhokwa ke gore, potsolotso e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno gape e ne ya bontsha gore batho ba le 4 mo go ba le 10 ba ne ba akanya gore boitumelo bo nna teng fa motho a dira molemo mme a thusa ba bangwe. Mme motho a le 1 mo go ba le 4 o ne a gatelela gore tumelo le go nna mo bodumeding bongwe di na le seabe se segolo mo go direng gore motho a itumele. Go bonala sentle gore re tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko gore ke eng se tota se tlisang boitumelo jwa mmatota. Setlhogo se se latelang se tla re thusa go dira jalo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Batho ba bantsi ba akanya gore madi, botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa, kgotsa go atlega mo tirong e motho a e dirang di tlisa boitumelo. A o dumela seo?