Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikele TLhoko mo ‘Lentsweng la Batswakwa’

Ikele TLhoko mo ‘Lentsweng la Batswakwa’

Ikele TLhoko mo ‘Lentsweng la Batswakwa’

“Motswakwa ga di na go mo sala morago ka gope mme di tla mo tshaba, ka gonne ga di itse lentswe la batswakwa.”—JOHANE 10:5.

1, 2. (a) Marea o itshwara jang fa Jesu a mmitsa ka leina, mme tiragalo eno e bontsha mafoko afe a Jesu a a buileng pelenyana? (b) Ke eng se se re thusang gore re nne re le gaufi le Jesu?

JESU yo o tsositsweng o bona mosadi mongwe a eme gaufi le lebitla la gagwe le le se nang sepe. O itse mosadi yono sentle. Ke Marea Magadalena. Dingwaga di ka nna pedi pele ga fano, o ne a mo fodisitse ka go mo ntsha madimona. Fa e sa le ka nako eo o ntse a tsamaya le Jesu le baaposetoloi ba gagwe, a ba tlhokomela ka se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi. (Luke 8:1-3) Le fa go ntse jalo, gompieno Marea o a lela, o hutsafetse thata ka gonne o bone Jesu a swa mme jaanong le one mmele wa gagwe tota o nyeletse! Ka jalo, Jesu o mmotsa jaana: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?” E re ka a akanya gore ke motlhokomedi wa tshingwana, o araba jaana: “Rra, fa o mo tsere, mpolelela kwa o mo laditseng gone, mme ke tla mo tsaya.” Go tswa foo Jesu a re: “Marea!” Ka yone nako eo Marea o lemoga tsela e Jesu a tlwaetseng go bua le ene ka yone. O bolela jaana a itumetse: “Moruti!” Go tswa foo o a mo tlamparela.—Johane 20:11-18.

2 Pego eno e bontsha ka tsela e e amang maikutlo se Jesu a neng a se bolela pelenyana. Ene o itshwantsha le modisa mme balatedi ba gagwe le dinku, a bolela gore modisa o bitsa dinku tsa gagwe ka leina mme di itse lentswe la gagwe. (Johane 10:3, 4, 14, 27, 28) Ee ruri, fela jaaka nku e lemoga modisa wa yone, Marea le ene o ne a lemoga Modisa wa gagwe, Keresete. Seo se boammaaruri le ka balatedi ba ga Jesu gompieno. (Johane 10:16) Fela jaaka nku e e tsebe ntlha go utlwa e kgona go nna e le gaufi le modisa wa yone, fela jalo go nna le temogo ya semoya go re thusa go tsamaya mo dikgatong tsa Modisa wa rona yo o Molemo, Jesu Keresete.—Johane 13:15; 1 Johane 2:6; 5:20.

3. Dingwe tsa dipotso tse re di akanyang malebana le setshwantsho sa ga Jesu sa lesaka la dinku ke dife?

3 Le fa go ntse jalo, go ya ka sone setshwantsho seo, lebaka la go bo nku e kgona go lemoga mantswe a batho le dira gore e kgone go lemoga tsala mme e bo e kgone go lemoga le sera sa yone. Seo se botlhokwa thata ka gonne re na le baganetsi ba ba bolotsana. Ke bomang? Ba dira jang? Re ka itshireletsa jang mo go bone? Gore re itse seo, a re boneng gore ke eng gape se Jesu a se buang mo setshwantshong sa gagwe sa lesaka la dinku.

“Yo o Sa Tseneng ka Kgoro”

4. Go ya ka setshwantsho sa modisa, dinku di sala mang morago, mme ke mang yo di sa mo saleng morago?

4 Jesu a re: “Yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. Molebedi wa kgoro o a mmulela, mme dinku di reetsa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tsa gagwe ka maina mme a di ntshetse kwa ntle. Fa a sena go ntsha tsotlhe tsa gagwe, o tsamaya kwa pele ga tsone, mme dinku di mo sale morago, ka gonne di itse lentswe la gagwe. Motswakwa ga di na go mo sala morago ka gope mme di tla mo tshaba, ka gonne ga di itse lentswe la batswakwa.” (Johane 10:2-5) Ela tlhoko, Jesu o dirisa lefoko “lentswe” gararo. Makgetlho a mabedi o bua ka lentswe la modisa, mme lekgetlho la boraro, o bua ka “lentswe la batswakwa.” Jesu o bua ka motswakwa wa mofuta ofe?

5. Ke ka ntlha yang fa re sa amogele motswakwa yo o umakwang mo go Johane kgaolo 10 jaaka moeng?

5 Jesu ga a bue ka motswakwa yo re ka batlang go mmontsha moya wa go tshola baeng—e leng polelwana e e ranotsweng go tswa mo lefokong le ka puo ya ntlhantlha ya Baebele le kayang “go rata batswakwa.” (Bahebera 13:2) Mo setshwantshong sa ga Jesu, motswakwa ga se moeng yo o laleditsweng. ‘Ga a tsene ka kgoro mo lesakeng la dinku mme o tlolela ka lefelo lengwe le sele.’ Ke “legodu le mokgothotsi.” (Johane 10:1) Motho wa ntlha yo o umakiwang mo Lefokong la Modimo e le legodu le mokgothotsi ke mang? Ke Satane Diabolo. Re fitlhela bosupi jwa seno mo bukeng ya Genesise.

Fa Lentswe la Motswakwa Le ne Le Utlwiwa la Ntlha

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Satane a ka bidiwa motswakwa le legodu?

6 Genesise 3:1-5 e tlhalosa kafa lentswe la motswakwa le neng la utlwiwa ka teng la ntlha mo lefatsheng. Pego eo e bontsha gore Satane o ne a tla mo mosading wa ntlha e bong Efa mme a dirisa noga go bua le ene a mo tsietsa. Gone ke boammaaruri, mo pegong eno Satane ga a bidiwe ka tlhamalalo go twe “motswakwa.” Le fa go ntse jalo, ditiro tsa gagwe di bontsha gore o ne a tshwana ka ditsela di le dintsi le motswakwa yo o tlhalosiwang mo setshwantshong sa ga Jesu se se kwadilweng mo go Johane kgaolo 10. Ela tlhoko ditsela dingwe tse a tshwanang nae ka tsone.

7 Jesu o bolela gore motswakwa o tla ka tsela e e bofitlha fa a tla mo dinkung tse di mo lesakeng. Satane le ene o ne a tla ka tsela e e boferefere, a dirisa noga. Tsela eno e ne e bontsha se Satane tota a leng sone—motlhasedi yo o bolotsana. Mo godimo ga moo, motswakwa yo o mo lesakeng jaanong o batla go tseela mong dinku tsa gagwe. E bile tota, o maswe le go feta legodu ka gonne gape o ikaeletse “go bolaya le go senya.” (Johane 10:10) Satane le ene e ne e le legodu. O ne a tsietsa Efa, mme a utswa boikanyegi jo a neng a na le jone mo Modimong. Mo godimo ga moo, Satane gape o ne a tlisetsa batho loso. Ka jalo, ke mmolai.

8. Satane o ne a sokamisa mafoko a ga Jehofa le maitlhomo a gagwe jang?

8 Go sa ikanyege ga ga Satane go ne ga bonala mo tseleng e a neng a sokamisa mafoko a ga Jehofa le maitlhomo a gagwe ka yone. O ne a botsa Efa a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe?” Satane o ne a itira e kete o gakgametse, jaaka e kete o ne a re: ‘Tota ke eng fa Modimo a sa akanyetse jaana?’ O ne a oketsa a re: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega.” Ela tlhoko mafoko a gagwe: “Modimo o a itse.” Go tshwana le gore Satane o ne a re: ‘Ke itse se Modimo a se itseng. Ke itse maitlhomo a gagwe, mme ga a siama.’ (Genesise 2:16, 17; 3:1, 5) Ka maswabi, Efa le Adame ga ba a ka ba tlhokomologa lentswe la motswakwa yono. Mo boemong jwa moo, ba ne ba le reetsa mme ba itlisetsa mathata bone le bana ba bone.—Baroma 5:12, 14.

9. Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela gore lentswe la batswakwa le utlwiwe gompieno?

9 Satane o dirisa mekgwa e e tshwanang le eo go faposa batho ba Modimo gompieno. (Tshenolo 12:9) Ke “ramaaka,” mme ba ba dirang jaaka ene ka go leka go tsietsa batlhanka ba Modimo ke bana ba gagwe. (Johane 8:44) A re boneng dingwe tsa ditsela tse lentswe la batswakwa bano le utlwiwang ka tsone gompieno.

Kafa Lentswe la Batswakwa le Utlwiwang ka Teng Gompieno

10. Tsela nngwe e lentswe la batswakwa le utlwiwang ka yone ke efe?

10 Dithuto tse di tsietsang. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Lo se ka lwa gapiwa ke dithuto tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang.” (Bahebera 13:9) Ke dithuto tsa mofuta ofe tseo? E re ka di ka kgona go re ‘gapa,’ go bonala sentle gore Paulo o bua ka dithuto tse di koafatsang bomoya jwa rona. Ke bomang ba ba rutang dithuto tseno tse di sa tlwaelegang? Paulo o ne a bolelela setlhopha sengwe sa bagolwane ba Bakeresete a re: “Go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:30) Ee ruri, fela jaaka mo motlheng wa ga Paulo, gompieno batho bangwe ba ba kileng ba bo ba le mo phuthegong ya Bokeresete jaanong ba leka go timetsa dinku ka go bua “dilo tse di sokameng”—ke gore, go bua boammaaruri jo bo sa felelang le go bua maaka ka tlhamalalo. Fela jaaka moaposetoloi Petere a tlhalosa, ba dirisa “mafoko a tsietso”—mafoko a a batlileng a tshwana le boammaaruri mme tota a se na mosola.—2 Petere 2:3.

11. Mafoko a a mo go 2 Petere 2:1, 3 a senola jang mokgwa le boikaelelo jwa batlhanogi?

11 Petere o tswelela pele go senola mekgwa ya batlhanogi ka go bolela gore “ka go kukunela ba tla tlisa mo teng makoko a a senyang.” (2 Petere 2:1, 3) Fela jaaka legodu le le mo setshwantshong sa ga Jesu sa lesaka la dinku le ‘sa tsene ka kgoro mo lesakeng la dinku mme le tlolela ka lefelo lengwe le sele,’ batlhanogi le bone fela jalo ba tla mo go rona ka ditsela tsa boferefere. (Bagalatia 2:4; Jude 4) Boikaelelo jwa bone ke eng? Petere o oketsa jaana: “Ba tla lo dirisa ka tsela e e sa tshwanelang.” Ee ruri, le fa batlhanogi ba ka ipuelela ba reng, boikaelelo jwa bone tota jaaka batlhasedi ke “go utswa le go bolaya le go senya.” (Johane 10:10) Itlhokomele mo bathong ba ba ntseng jalo ba e leng batswakwa!

12. (a) Batho ba re tsalanang le bone ba ka re utlwisa lentswe la batswakwa jang? (b) Mekgwa ya ga Satane le ya batswakwa ba gompieno e tshwana jang?

12 Ditsala tse di kotsi. Lentswe la batswakwa le ka utlwiwa mo bathong ba re tsalanang le bone. Ditsala tse di sa siamang di kotsi, bogolo jang mo basheng. (1 Bakorintha 15:33) Gakologelwa, Satane o ne a tlhasela Efa—ene yo o neng a le mmotlana e bile a se na maitemogelo mo banyalaning ba ntlha. O ne a dira gore Efa a dumele gore Jehofa o ne a mo gateletse go sa tlhokege, a sa mo neye kgololesego, mme tota go sa nna jalo. Jehofa o ne a rata batho ba a ba bopileng e bile a batla gore dilo di ba tsamaele sentle. (Isaia 48:17) Gompieno le gone, batswakwa ba leka go dira gore lona basha lo dumele gore batsadi ba lona ba Bakeresete ba lo tseela kgololesego go sa tlhokege. Batswakwa bano ba ka lo ama jang? Mosetsana mongwe wa Mokeresete o dumela jaana: “Ka lobakanyana tumelo ya me e ne ya koafadiwa go se kae ke balekane ba me ba sekolo. Ba ne ba nnela go nthaya ba re bodumedi jwa me bo a gatelela e bile bo feteletsa dilo.” Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore batsadi ba gago ba a go rata. Ka jalo fa ba o tsenang sekolo le bone ba leka go go tlhotlheletsa gore o se ka wa ikanya ­batsadi ba gago, se tsiediwe jaaka Efa a ne a tsiediwa.

13. Dafide o ne a dira ka tsela efe e e botlhale mme re ka mo etsa jang?

13 Mopesalema Dafide o bolela jaana malebana le go nna le ditsala tse di kotsi: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.” (Pesalema 26:4) A le fano o lemoga mokgwa o batswakwa ba nang le one? Ba fitlha se ba leng sone—fela jaaka Satane a ne a iphitlha ka go dirisa noga. Gompieno, batho bangwe ba ba nang le maitsholo a a sa siamang ba fitlha se ba leng sone le maitlhomo a bone a boammaaruri ka go dirisa Internet. Mo dithulaganyong tsa Internet tse go tshwarwang metlotlo mo go tsone, bagolo ba ba sa siamang ba ka nna ba itira e kete ke basha gore ba lo raele. Basha, tsweetswee itlhokomeleng fela thata gore lo se ka lwa gobala semoyeng.—Pesalema 119:101; Diane 22:3.

14. Ka dinako tse dingwe, metswedi ya dikgang e anamisa lentswe la batswakwa jang?

14 Ditatofatso tsa maaka. Le fa dipego dingwe tsa dikgang ka Basupi ba ga Jehofa di le boammaaruri, ka dinako tse dingwe metswedi ya dikgang e itetla go dirisiwa ke batswakwa gore e anamise lentswe la bone la maaka. Ka sekai, kwa nageng nngwe pego ya dikgang e ne ya bua mafoko a a seng boammaaruri e re Basupi ba ne ba tshegetsa puso ya ga Hitler ka Ntwa ya Lefatshe II. Kwa nageng e nngwe, go ne ga nna le pego e e neng e latofatsa Basupi e re ba senya dikago tsa dikereke. Mo dinageng di le dintsi, metswedi ya dikgang e ne ya latofatsa Basupi e re ba gana go naya bana ba bone kalafi le gore ba itlhokomolosa maleo a a masisi a a dirilweng ke badumedi ka bone. (Mathaio 10:22) Le fa go ntse jalo, batho ba ba peloephepa ba ba re itseng sentle ba lemoga gore ditatofatso tse di ntseng jalo ke maaka.

15. Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go dumela sengwe le sengwe se se bolelwang ke metswedi ya dikgang?

15 Re tshwanetse ra dirang fa re lebana le ditatofatso tse di anamisiwang ke lentswe la batswakwa bano? Re tshwanetse go reetsa kgakololo ya Diane 14:15: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Ga go botlhale go dumela sengwe le sengwe se metswedi ya dikgang e reng se boammaaruri. Le fa tota re sa belaele tshedimosetso yotlhe ya metswedi ya dikgang, gone re lemoga gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

“Tlhatlhobang Dipolelwana Tse di Tlhotlheleditsweng”

16. (a) Tsela e dinku tsa mmatota di itshwarang ka yone e bontsha jang boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 10:4? (b) Baebele e re kgothaletsa go dira eng?

16 Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega jang gore re dirisana le tsala kgotsa le mmaba? Jesu a re dinku di sala modisa morago “ka gonne di itse lentswe la gagwe.” (Johane 10:4) Tebego ya modisa ga se yone e tlhotlheletsang dinku gore di mo sale morago; di mo lemoga ka lentswe la gagwe. Buka nngwe e e buang ka dinaga tse go kwadilweng ka tsone mo Baebeleng e tlhalosa gore moeng mongwe o kile a re dinku di lemoga modisa wa tsone ka diaparo tsa gagwe, e seng ka lentswe. Modisa ene o ne a re di mo itse ka lentswe. Gore a supe seno, o ne a ananya diaparo le motswakwa. Motswakwa yo jaanong a neng a apere diaparo tsa modisa, o ne a bitsa dinku, mme ga di a ka tsa mo sala morago. Di ne di sa itse lentswe la gagwe. Le fa go ntse jalo, fa modisa a di bitsa, le fa a ne a apere diaparo tsa motswakwa, di ne tsa mo sala morago, fela fa a di bitsa. Ka jalo, motho a ka nna a lebega e kete ke modisa, mme seo ka bosone ga se bolelele dinku gore tota ke ene modisa. Se dinku di se dirang ke go sekaseka lentswe la motho yo o di bitsang, di le bapisa le la modisa wa tsone. Lefoko la Modimo le re bolelela gore le rona re dire fela jalo—re ‘tlhatlhobe dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.’ (1 Johane 4:1; 2 Timotheo 1:13) Ke eng se se tla re thusang go dira jalo?

17. (a) Re ka tlwaelana jang le lentswe la ga Jehofa? (b) Go itse Jehofa go re thusa gore re kgone go dirang?

17 Go a utlwala he gore, fa re itse lentswe la ga Jehofa sentle, kgotsa molaetsa wa gagwe, go nna motlhofo gore re lemoge lentswe la motswakwa. Baebele e tlhalosa gore re ka nna le kitso eo jang. Ya re: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’” (Isaia 30:21) “Lefoko” leo le le kwa morago ga rona le tswa mo Lefokong la Modimo. Nako le nako fa re bala Lefoko la Modimo, go ntse jaaka e kete re utlwa lentswe la Modisa wa rona yo Mogolo, Jehofa. (Pesalema 23:1) Ka gone, fa re ntse re ­ithuta Baebele, re tlwaelana le lentswe la Mo­dimo. Kitso eo e e boteng e tla re thusa go lemoga lentswe la batswakwa ka bonako.—Bagalatia 1:8.

18. (a) Go itse lentswe la ga Jehofa go akaretsa eng? (b) Go ya ka Mathaio 17:5, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela lentswe la ga Jesu?

18 Go itse lentswe la ga Jehofa go akaretsa eng gape? Kwantle ga go le utlwa, go akaretsa go le ikobela. Ela tlhoko gape Isaia 30:21. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Tsela ke e.” Ee, fa re ithuta Baebele, re utlwa ditaelo tsa ga Jehofa. Go tswa foo, o laela jaana: “Tsamayang ka yone.” Jehofa o batla gore re dirise se re se utlwang. Ka jalo, fa re dirisa se re se ithutang, re bontsha gore ga re a utlwa lentswe la ga Jehofa fela mme e bile re le ikobetse. (Duteronome 28:1) Go ikobela lentswe la ga Jehofa gape go kaya go ikobela lentswe la ga Jesu, ka gonne Jehofa ka boene o re boleletse gore re dire jalo. (Mathaio 17:5) Jesu, Modisa yo o Molemo, a re re direng? O re ruta go dira barutwa le go tshepa “motlhanka yo o boika—nyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45; 28:18-20) Go ikobela lentswe la gagwe go ka re naya botshelo jo bo sa khutleng.—Ditiro 3:23.

“Di Tla mo Tshaba”

19. Re tshwanetse go itshwara jang fa re utlwa lentswe la batswakwa?

19 Re tshwanetse ra itshwara jang fa re utlwa lentswe la batswakwa? Jaaka dinku di dira. Jesu a re: “Motswakwa ga di na go mo sala morago ka gope mme di tla mo tshaba.” (Johane 10:5) Tsela e re itshwarang ka yone e gabedi. Sa ntlha, ga re na ‘go sala motswakwa morago ka gope.’ Ee, re gana motswakwa re sa okaoke. E bile tota, mo Segerikeng sa Baebele, mafoko a a reng “ka gope” a kaya tsela e e gagametseng tota ya go bontsha gore motho ga a batle selo. (Mathaio 24:35; Bahebera 13:5) Sa bobedi, re “tla mo tshaba,” kgotsa go mo fapoga. Eo ke yone fela tsela e e siameng e re ka itshwarang ka yone mo bathong ba dithuto tsa bone di sa dumalaneng le lentswe la Modisa yo o Molemo.

20. Re tla itshwara jang fa re lebana le (a) batlhanogi ba ba tsietsang, (b) ditsala tse di kotsi, (c) dipego tse di seng boammaaruri tsa dikgang?

20 Ka jalo, fa re lebana le batho ba ba bolelang megopolo ya botlhanogi, re batla go dira se Lefoko la Modimo le se bolelang: “Lo beyeng leitlho ba ba bakang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng, mme lo ba tile.” (Baroma 16:17; Tito 3:10) Fela jalo, basha ba Bakeresete ba ba lebaneng le kotsi ya go nna le ditsala tse di sa siamang ba tshwanetse go dirisa kgakololo e Paulo a neng a e naya Timotheo yo mmotlana: “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” Mme fa re lebana le ditatofatso tsa maaka mo metsweding ya dikgang, re tla gopola kgakololo e nngwe e Paulo a neng a e naya Timotheo: “[Ba ba reetsang lentswe la batswakwa] ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka. Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe.” (2 Ti­motheo 2:22; 4:3-5) Le fa lentswe la batswakwa le ka utlwala le le monate jang, re tshaba sengwe le ­sengwe fela se se ka senyang tumelo ya rona.—Pesalema 26:5; Diane 7:5, 21; Tshenolo 18:2, 4.

21. Ba ba ganang lentswe la batswakwa ba tla bona tuelo efe?

21 Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba gana lentswe la batswakwa, ba diragatsa mafoko a Modisa yo o Molemo a a fitlhelwang mo go Luke 12:32. Koo Jesu o ba raya a re: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” Ka tsela e e tshwanang, “dinku tse dingwe” di lebile pele ka tlhoafalo go utlwa mafoko ano a ga Jesu: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.” (Johane 10:16; Mathaio 25:34) A bo re tla bona tuelo e e kgotsofatsang jang ne fa re gana ‘lentswe la batswakwa’!

A o A Gakologelwa?

• Tlhaloso ya motswakwa yo o mo setshwantshong sa ga Jesu sa lesaka la dinku e tshwanela Satane jang?

• Lentswe la batswakwa le utlwiwa jang gompieno?

• Re ka lemoga lentswe la batswakwa jang?

• Re tshwanetse ra itshwara jang fa re utlwa lentswe la batswakwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Marea o ne a lemoga Keresete

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Motswakwa ga a tle ka tlhamalalo mo dinkung

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re itshwara jang fa re utlwa lentswe la batswakwa?