Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Fenyang go Kgobega Marapo ka Teng

Kafa o ka Fenyang go Kgobega Marapo ka Teng

Kafa o ka Fenyang go Kgobega Marapo ka Teng

A O KGOBEGILE marapo? Mo motlheng ono wa ditlhobaelo le mathata, batho ba bantsi ba kgobegile marapo. Ba bangwe ba kgobegile marapo ka gonne ba se na ditiro. Ba bangwe ba lebane le ditlamorago tsa kotsi e e kileng ya ba tlhagela. Mme ba bangwe bone ba na le mathata a lelapa, bolwetse jo bo masisi kgotsa ba jewa ke bodutu.

Fa e le gore o kgobegile marapo, o ka bona kae thuso? Batho ba bantsintsi mo lefatsheng lotlhe ba gomodiwa ke go bala Lefoko la Modimo, Baebele. Ba gomodiwa ke mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ke eng o sa bale temana eno le ditemana tse dingwe tsa Baebele mo Baebeleng ya gago? Go dira jalo go tla ‘gomotsa pelo ya gago e bile go tla go nitamisa.’—2 Bathesalonika 2:17.

Gape o ka bona thuso ya go fenya go kgobega marapo ka go itsalanya le batho ba ba direlang Jehofa. Diane 12:25 ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” Fa re nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, re utlwa “lefoko le le molemo,” le le ‘monate mo moyeng e bile e le phodiso ya marapo.’ (Diane 16:24) Ke eng o sa ye dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa gore o iponele ka bowena gore pokano ya mofuta oo e ka go nonotsha jang?

Gape o ka thusiwa ke maatla a thapelo. Fa o utlwa ditlhobaelo tsa botshelo di go fekeetsa, bolelela “Moutlwi wa thapelo” kafa o ikutlwang ka teng. (Pesalema 65:2) Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o re tlhaloganya go feta kafa rona re itlhaloganyang ka teng. Re ka ikanya thuso ya gagwe. Lefoko la Gagwe le re solofetsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Ee, “ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.”—Isaia 40:31.

Jehofa Modimo o re diretse dithulaganyo tse di maatla tse di ka re thusang go fenya go kgobega marapo. A o tla di dirisa?