O Tshwanetse go Naya Bana ba Gago Boswa jo bo Ntseng Jang?
O Tshwanetse go Naya Bana ba Gago Boswa jo bo Ntseng Jang?
PAVLOS, yo e leng rre wa lelapa lengwe kwa borwa jwa Yuropa, gantsi o a bo a seyo gore a ka dirisa nako a na le mosadi le bana ba gagwe—basetsana ba babedi, ba dingwaga tse 13 le 11, le mosimane wa dingwaga tse 7. Pavlos o bereka diura di le dintsi malatsi a supa mo bekeng gore a kgone go bona madi a a lekaneng a a tla mo thusang go fitlhelela mokgele wa gagwe o mogolo. O batla go rekela mongwe le mongwe wa bomorwadie folete, mme o batla go simololela morwawe kgwebo e potlana. Mosadi wa gagwe e bong Sofia, o dira ka natla go kokoanyetsa bana ba bone dilo tse di dirilweng ka matsela, didirisiwa tsa mo kitsing, dijana tse di thubegang, dithipa, diforoko le maswana, tse ba tla di dirisang mo malapeng a bone mo isagweng. E ne ya re fa ba bodiwa gore ke eng fa ba dira ka natla jalo, ba ne
ba araba ka bongwefela jwa pelo ba re: “Re dira seno go thusa bana ba rona!”Jaaka Pavlos le Sofia, batsadi ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba dira bojotlhe go thusa bana ba bone gore ba simolole botshelo sentle. Bangwe ba beela kwa thoko madi a bana ba tla a dirisang mo isagweng. Ba bangwe ba tlhomamisa gore bana ba bone ba bona thuto e e lekaneng e bile ba ithuta ditiro tse di tla ba solegelang molemo moragonyana mo botshelong. Le fa bontsi jwa batsadi ba tsaya dimpho tseno e le boswa jo ba bo nayang bana ba bone ka lorato, go baakanyetsa bana dilo tseno gantsi go tsenya batsadi mo kgatelelong e kgolo ya gore ba dire dilo tse ba losika, ditsala le batho mo lefelong la bone ba di lebeletseng mo go bone. Ka jalo, batsadi ba ba tshwenyegileng ba botsa potso eno e e tshwanelang, ‘Re tshwanetse go direla bana ba rona go le kana kang?’
Go Baakanyetsa Isagwe
Ke ga tlholego gore batsadi ba Bakeresete ba baakanyetse bana ba bone e bile seno se dumalana le Dikwalo. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba motlha wa gagwe a re: “Batsadi ba tshwanetse go baakanyetsa bana ba bone, e seng bana go baakanyetsa batsadi.” (2 Bakorintha 12:14, The New English Bible) Gape Paulo o ne a bolela gore go tlhokomela bana ke boikarabelo jo bo masisi thata jwa batsadi. O ne a kwala jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Dipego tse dintsi tsa Baebele di bontsha gore dikgang tsa boswa di ne di le botlhokwa thata mo batlhankeng ba Modimo mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele.—Ruthe 2:19, 20; 3:9-13; 4:1-22; Jobe 42:15.
Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, batsadi ba tshwarega thata ka go baakanyetsa bana ba bone boswa jo bogolo. Ka ntlha yang? Rre mongwe yo o neng a tswa kwa borwa jwa Yuropa mme a fudugela kwa United States, e bong
Manolis, o tlhalosa lengwe la mabaka jaana: “Batsadi ba ba ileng ba sotliwa ke ditlamorago tsa matlhotlhapelo a Ntwa ya Lefatshe II, leuba le khumanego, ba ikemiseditse go tokafatsa botshelo jwa bana ba bone.” Gape a re: “Ka dinako tse dingwe batsadi ba ipakela mathata ka gonne ba tsaya gore ba na le maikarabelo a magolo malebana le bana ba bone le ka gonne ba batla go ba thusa go simolola botshelo sentle thata.” Ee ruri, batsadi bangwe ba itima dilo tsa botlhokwa mo botshelong kgotsa ba itshedisa ka thata gore ba beele bana ba bone dithoto. Mme gone, a batsadi ba tshwanetse go dira jalo?“Lefela le Masetlapelo a Magolo”
Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a ntsha tlhagiso malebana le boswa. O ne a kwala jaana: “Nna, e leng nna, ke ne ka tlhoa tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ke e dira ka natla kafa tlase ga letsatsi, e ke neng ke tla e tlogelela motho yo o neng a tla nna teng morago ga me. Mme ke mang yo o leng teng yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele? Le fa go ntse jalo o tla laola tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ka e dira ka natla le e ke neng ka bontsha botlhale mo go yone kafa tlase ga letsatsi. Seno le sone ke lefela. . . . Gonne go na le motho yo tiro ya gagwe ya bonatla a e dirileng ka botlhale le ka kitso le ka bothakga, mme motho yo o sa dirang ka natla mo selong se se ntseng jalo o tla newa kabelo ya yoo. Seno le sone ke lefela le masetlapelo a magolo.”—Moreri 2:18-21.
Jaaka Solomone a tlhalosa, batho ba ba ruang boswa ba ka nna ba se ka ba lemoga botlhokwa jwa jone jo bogolo ka gonne ba sa bo berekela ka natla. Ka gone, baruaboswa ba ka nna ba dirisa ka boeleele dilo tse batsadi ba di bereketseng ka natla go di ba kokoanyetsa. E bile ba ka nna ba dirisa dithoto tseno tse di bereketsweng ka thata botlhaswa. (Luke 15:11-16) A bo seno e ne e tla nna “lefela le masetlapelo a magolo” jang ne!
Boswa le Bogagaru
Go na le sengwe gape se batsadi ba tshwanetseng go se akanyetsa. Mo ditsong tse di amegang thata ka boswa le magadi, bana ba ka nna bogagaru, ka go batla dithoto kgotsa magadi a a newang ba gaabo mosimane a a fetang a batsadi ba ka kgonang go a ntsha. Rre mongwe kwa Gerika e bong Loukas o akgela jaana: “Ke utlwela rre yo o nang le bana ba babedi kgotsa ba bararo ba basetsana botlhoko.” A re: “Bana ba basetsana ba ka leba se rraabone a kgonang go se ba naya ba bo ba se bapisa le dilo tse batsadi ba bangwe ba di kokoanyetsang bana ba bone ‘ka bontsi.’ Ba ka nna ba bolela gore go ka direga gore ba se ka ba nyalwa fa ba sa naya ba gaabo mosimane magadi a a kgotsofatsang.”
Manolis, yo o umakilweng kwa godimonyana a re: “Lekawana le ka nna la diegisa lenyalo go fitlha rraagwe mosetsana yo le batlang go mo nyala a mo solofetsa sengwe, mme gantsi seo e ka nna setsha kgotsa ntlo kgotsa madi a mantsi. Lekawana leno le ka dirisa seno gore le newe Diane 20:21) Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:10; Baefeso 5:5.
se le se batlang.” Baebele e tlhagisa kgatlhanong le mefuta yotlhe ya bogagaru. Solomone o ne a kwala jaana: “Boswa bo bonwa ka bogagaru la ntlha, mme isagwe ya jone ga e na go segofadiwa.” (“Botlhale Mmogo le Boswa”
Ke boammaaruri gore boswa bo botlhokwa, mme gone botlhale bo botlhokwa go feta dithoto. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Botlhale mmogo le boswa bo molemo e bile bo solegela molemo . . . Gonne botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:11, 12; Diane 2:7; 3:21) Le fa madi a sireletsa motho ka selekanyo se se rileng, e bile a dira gore mong wa one a kgone go nna le se a se tlhokang, a sa ntse a ka mo felela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, botlhale—bokgoni jwa go dirisa kitso go rarabolola mathata kgotsa go fitlhelela mekgele e e rileng—bo ka thusa motho gore a se ka a itsenya mo mathateng ka boeleele. Fa motho a le botlhale ka go bo a boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng, seno se ka mo thusa go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tla tlogang le tla—boswa jo bo tlhwatlhwakgolo eleruri!—2 Petere 3:13.
Batsadi ba Bakeresete ba bontsha botlhale jo bo ntseng jalo ka go ipeela mekgele e e siameng ba bo ba e beela le bana ba bone. (Bafilipi 1:10) Dithoto tse ba di kokoanyang gore bana ba di dirise mo isagweng ga di a tshwanela go nna botlhokwa go feta dilo tsa semoya. Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe jaana: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Batsadi ba ba beelang malapa a bone a Bokeresete mekgele ya semoya ba ka lebelela go duelwa ka tsela e kgolo. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Rraagwe mosiami ruri o tla ipela; yo o nnang rre wa yo o botlhale le ene o tla ipela ka ene. Rrago le mmago ba tla ipela, le ene yo o go belegeng o tla ipela.”—Diane 23:24, 25.
Boswa jo bo Nnelang Ruri
Dikgang tsa boswa di ne di le botlhokwa thata mo Baiseraeleng ba bogologolo. (1 Dikgosi 21:2-6) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba gakolola jaana: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7) Batsadi ba Bakeresete le bone ba bolelelwa jaana: ‘Tswelelang lo godisetsa bana ba lona mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baefeso 6:4.
Batsadi ba ba lebang dilo ka tsela ya semoya ba lemoga gore go tlamela ba lelapa go akaretsa go ba naya thuto e e tswang mo Baebeleng. Andreas, yo o nang le bana ba le bararo o akgela jaana: “Fa bana ba ithuta go dirisa melaometheo ya Modimo mo matshelong a bone, seno se tla ba thusa go lebana le isagwe botoka.” Gape boswa jo bo ntseng jalo bo remeletse thata mo go ba thuseng gore ba nne le kamano le Mmopi wa bone.—1 Timotheo 6:19.
A o setse o akanyeditse go baakanyetsa ngwana wa gago isagwe ya semoya? Ka sekai, batsadi ba ka dira eng fa ngwana wa bone a le mo bodireding jwa nako e e tletseng? Le fa modiredi wa nako e e tletseng a sa tshwanela go batla kgotsa go lebelela gore a tshegediwe ka madi, batsadi ba ba lorato ba ka nna ba swetsa ka gore ba ‘abalane le ene go ya ka dilo tse a di tlhokang’ gore a kgone go nna a le mo bodireding jwa nako e e tletseng. (Baroma 12:13; 1 Samuele 2:18, 19; Bafilipi 4:14-18) Ruri Jehofa o tla itumela thata fa batsadi ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go tshegetsa ngwana wa bone.
Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go direla bana ba bone eng? Mo godimo ga gore batsadi ba Bakeresete ba tlamele bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng, gape ba tla tlhomamisa gore ba ba naya boswa jo bogolo jwa semoya jo bo tla ba solegelang molemo go ya go ile. Fa ba dira jalo, seno se tla dira gore mafoko ano a Pesalema 37:18 a nne boammaaruri: “Jehofa o lemoga malatsi a ba ba se nang molato, mme boswa jwa bone bo tla tswelela ka bosakhutleng.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]
O baakanyetsa go naya bana ba gago isagwe e e ntseng jang?