Se Tota se Tlhokegang Gore Motho a Itumele
Se Tota se Tlhokegang Gore Motho a Itumele
JEHOFA, “Modimo yo o itumetseng,” le Jesu Keresete, “Mothati yo o itumetseng le yo o esi,” ba itse go gaisa mongwe le mongwe gore ke eng se se dirang gore motho a itumele. (1 Timotheo 1:11; 6:15) Ka jalo, ga go gakgamatse gore tsela ya go bona boitumelo e fitlhelwa mo Lefokong la Modimo, Baebele.—Tshenolo 1:3; 22:7.
Jesu mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng o tlhalosa se se dirang gore motho a itumele. A re: “Go itumela” (1) ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, (2) ba ba hutsafetseng, (3) ba ba bonolo, (4) ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, (5) ba ba kutlwelobotlhoko, (6) ba ba itshekileng mo pelong, (7) ba ba kagiso, (8) ba ba bogiseditsweng tshiamo, le (9) ba ba kgobiwang ba bo ba bogisiwa ka ntlha ya gagwe.—Mathaio 5:3-11. *
A Mafoko a ga Jesu a Boammaaruri?
Dingwe tsa dilo tse Jesu a di buileng di boammaaruri ka tsela e e ka se kang ya ganediwa. Ke mang yo o ka ganetsang gore motho yo o bonolo, yo o kutlwelobotlhoko le yo o ratang kagiso a tlhotlhelediwa ke pelo e e itshekileng a ka nna motho yo o itumetseng go feta motho yo o bogale, yo o ratang ntwa le yo o setlhogo?
Re ka nna ra ipotsa gore go ka bolelwa jang Esekiele 9:4) Seo ka bosone fela ga se dire gore e nne batho ba ba itumetseng. Le fa go ntse jalo, fa ba ithuta ka maikaelelo a Modimo a go tlisa maemo a tshiamo mo lefatsheng le tshiamiso mo go ba ba gateletsweng, ba itumela fela thata.—Isaia 11:4. Gape go rata tshiamo go dira gore batho ba hutsafale fa ba ipona ba palelwa kgapetsakgapetsa ke go dira se se siameng. Ka jalo ba tshwenyega ka se ba se tlhokang semoyeng. Batho ba ba ntseng jalo ba iketleeleditse go batla kaelo kwa Modimong ka gonne ba lemoga gore ke ene fela a ka thusang batho go fenya makoa a bone.—Diane 16:3, 9; 20:24.
gore batho ba ba tshwerweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo kgotsa ba ba hutsafetseng ba itumetse. Batho ba ba ntseng jalo ba leba maemo a lefatshe ka tsela e tota a leng ka yone. Ba a ‘fegelwa e bile ba a sonela ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang’ mo motlheng wa rona. (Batho ba ba hutsafetseng, ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, le ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng ba itse kafa go leng botlhokwa ka teng go nna le kamano e e molemo le Mmopi. Kamano e e molemo le batho e dira gore motho a itumele mme kamano e e molemo le Modimo e tlisa boitumelo jo bo oketsegileng. Ee, batho ba ba tlhoafetseng ba ba ratang tshiamo, ba ba iketleeletsang go amogela kaelo ya Modimo, ba ka bidiwa batho ba ba itumetseng tota.
Le fa go ntse jalo, o ka nna wa fitlhela go le thata go dumela gore motho yo o bogisiwang le yo o kgobiwang a ka itumela. Mme seo se tshwanetse sa bo se le boammaaruri ka gonne Jesu ka boene o buile jalo. Ka jalo, mafoko a gagwe a tshwanetse a tlhaloganngwa jang?
Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse —Seo se ka Direga Jang?
Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re go kgobiwa le go bogisiwa ka botsone di tlisa boitumelo. O ne a re: “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo, . . . fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa . . . ka ntlha ya me.” (Mathaio 5:10, 11) Ka jalo motho o itumela fela fa a kgobelwa go nna molatedi wa ga Keresete le ka gonne a tshela go ya ka melaometheo e e siameng e Jesu a neng a e ruta.
Seno se bonala sentle mo go se se diragaletseng Bakeresete ba pele. Maloko a kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda ya Sanehederine, “ba [ne ba] bitsa baaposetoloi, ba ba kgwathisa, ba bo ba ba laela gore ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya.” Baaposetoloi ba ne ba itshwara jang? “Bano ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe. Mme letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.”—Ditiro 5:40-42; 13:50-52.
Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa go ya pele gore go kgobiwa go amana jang le boitumelo. O ne a re: “Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.” (1 Petere 4:14) Ee, fa Mokeresete a boga ka gonne a dira se se molemo, le fa go boga jalo go se monate, seno se dira gore a itumele ka gonne a itse gore o amogela moya o o boitshepo wa Modimo. Moya wa Modimo o amana jang le boitumelo?
Ditiro Tsa Nama Kgotsa Maungo a Moya?
Batho ba ba utlwang Modimo jaaka mmusi ke bone fela ba ba nang le moya o o boitshepo wa Modimo. (Ditiro 5:32) Jehofa ga a neye batho ba ba dirang “ditiro tsa nama” moya wa gagwe. Ditiro tseo ke “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” (Bagalatia 5:19-21) Ke boammaaruri gore mo lefatsheng gompieno “ditiro tsa nama” di tlwaelegile. Le fa go ntse jalo, ba ba di dirang ga ba na boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri. Go na le moo, go dira dilo tseo go senya kamano ya motho e e molemo le ba losika, ditsala le batho ba a tlwaelaneng le bone. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo la re “ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”
Go farologana le seo, Modimo o naya ba ba tlhagolelang “maungo a moya,” moya wa gagwe. Dinonofo tsa maungo ano ke “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Fa re bontsha dinonofo tseno, re dira gore go nne motlhofo go nna mo kagisong le batho ba bangwe le Modimo, mme seo se felela ka gore re itumele tota. (Bona lebokose.) Sa botlhokwa le go feta, ka go bontsha lorato, bopelonomi le molemo le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo, re itumedisa Jehofa e bile re na le tsholofelo e e itumedisang ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo.
Boitumelo ke Sengwe Se o Se Itlhophelang
Fa Wolfgang le Brigitte, banyalani ba ba nnang kwa Jeremane, ba ne ba simolola go ithuta Baebele ba tlhoafetse, ba ne ba na le dithoto tse dintsi tse batho ba akanyang gore di a tlhokega gore motho a itumele. Ba ne ba le basha e bile ba itekanetse. Ba ne ba apara diaparo tse di turang, ba nna mo legaeng le le kgabisitsweng bontle, e bile ba na le kgwebo e e atlegileng. Ba ne ba dirisa nako e ntsi ya bone ba batla dithoto tse di oketsegileng, mme seo ga se a ka sa ba tlisetsa boitumelo jwa mmatota. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Wolfgang le Brigitte ba ne ba dira tshwetso ya botlhokwa thata. Ba ne ba simolola go dirisa nako e ntsi le maatla a bone mo ditirong tsa semoya mme ba batla ditsela tsa go atamalana le Jehofa. Go ise go ye kae, se ba se tlhophileng se ne sa dira gore ba fetole boikutlo jwa bone, mo go neng ga ba tlhotlheletsa gore ba simolole go tshela botshelo jo bo sa raraanang mme e nne babulatsela, kgotsa bareri ba nako e e tletseng ba Bogosi. Gompieno ke baithaopi kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane. Gape ba ithuta puo nngwe ya kwa Asia gore ba kgone go thusa batswakwa go ithuta boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele.
A banyalani bano ba ne ba bona boitumelo jwa mmatota? Wolfgang a re: “Fa e sale re simolola go dirisa nako e ntsi mo dilong tsa semoya, re itumetse e bile re kgotsofetse go feta pele. Gape go direla Jehofa ka pelo yotlhe go nonotshitse lenyalo la rona. Re ne re na le lenyalo le le itumetseng pele, mme re ne re na le maikarabelo le ditshwarego tse di neng di dira gore re
nne le mekgele e e sa tshwaneng. Jaanong re dira mmogo re na le mokgele o o tshwanang.”Ke Eng se se Tlhokegang Gore Motho a Itumele?
Ka bokhutshwane: Tila “ditiro tsa nama” mme o tlhagolele “maungo a moya [wa Modimo].” Gore motho a itumele, o tshwanetse go eletsa go nna le kamano e e gaufi le Modimo. Motho yo o lekang go dira seno o tla tshwanelwa ke tlhaloso ya ga Jesu ya motho yo o itumetseng.
Ka jalo, o se ka wa dira phoso ka go swetsa ka gore go ka se direge gore o itumele. Ee, gone jaanong o ka tswa o se na botsogo jo bo molemo kgotsa o ka tswa o na le mathata mo lenyalong la gago. Gongwe o ka tswa o fetilwe ke melemo ya go nna motsadi kgotsa gongwe o kgaratlhela go atlega mo tirong e o e berekang. Gongwe ga o tlhole o na le madi a mantsi jaaka pele. Mme le fa go ntse jalo, nametsega; ga go tlhokege gore o itlhoboge! Puso ya Bogosi jwa Modimo e tla rarabolola mathata ano le a mangwe a mantsintsi. Eleruri, go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe e e boletsweng ke mopesalema: “Bogosi jwa gago ke bogosi ka bosakhutleng . . . O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:13, 16) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba ka supela seno, go nna o gakologetswe tsholofetso ya ga Jehofa go tla thusa thata gore o itumele gompieno.—Tshenolo 21:3.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Dilo tseno tsotlhe tse robongwe tse Jesu a di umakileng di ne di simolola ka lefoko la Segerika ma·kaʹri·oi. Go na le gore lefoko leno le ranolwe go twe “go sego” jaaka mo dithanolong tse dingwe, Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe, jaaka The Jerusalem Bible le Today’s English Version, di dirisa polelwana e e nepileng ya “go itumela.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Dilo Tse di re Thusang Gore re Itumele
Lorato lo dira gore le ba bangwe ba go rate.
Boipelo bo go naya nonofo ya gore o lebane le mathata.
Kagiso e go thusa gore o se ka wa nna le dikgotlhang le ba o dirisanang le bone.
Bopelotelele bo dira gore o kgone go nna o itumetse le fa o lekwa.
Bopelonomi bo dira gore ba bangwe ba go rate.
Fa o le molemo ba bangwe ba tla go thusa fa o tlhoka thuso.
Tumelo e tla go tlhomamisetsa gore Modimo o tla go naya kaelo e e lorato.
Bonolo bo tla dira gore o nne le pelo, mogopolo le mmele o o ritibetseng.
Boikgapo bo tla dira gore diphoso tsa gago di nne mmalwa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Gore o itumele, o tshwanetse go bona dilo tse o di tlhokang semoyeng