Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Duteronome

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Duteronome

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Duteronome

NGWAGA ke 1473 B.C.E. Go setse go fetile dingwaga tse 40 fa e sa le Jehofa a golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto. Morago ga go fetsa dingwaga tseno tse dintsi mo nageng, Baiseraele e sa ntse e le setšhaba se se se nang naga. Le fa go ntse jalo, jaanong ba setse ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ke eng se se tlileng go ba diragalela fa ba simolola go nna mo nageng eno? Ba tlile go nna le mathata afe, mme ba tshwanetse go lebana le one jang?

Pele ga Baiseraele ba kgabaganya Noka ya Joredane le go tsena mo nageng ya Kanana, Moshe o dira gore phuthego e ipaakanyetse tiro e kgolo e e larileng kwa pele. Jang? Ka go baya metseletsele ya dipuo tse di kgothatsang le tse di rotloetsang, tse di gakololang le tse di tlhagisang. O gopotsa Baiseraele gore Jehofa Modimo o tshwanelwa ke go obamelwa a le esi fela le gore ga ba a tshwanela go latela ditsela tsa ditšhaba tse di ba dikologileng. Dipuo tseno ke karolo e kgolo ya buka ya Baebele ya Duteronome. Mme kgakololo ya tsone re a e tlhoka gompieno, ka gonne le rona re tshela mo lefatsheng le mo go lone go leng thata go obamela Jehofa a le esi fela.—Bahebera 4:12.

Moshe ke ene a kwadileng buka eno yotlhe ya Duteronome kwantle ga kgaolo ya bofelo ya yone, mme buka eno e tlhalosa dilo tse di diragetseng mo lobakeng lo lo fetang dikgwedi tse pedi go se kae. * (Duteronome 1:3; Joshua 4:19) A re bone gore dilo tse di tlhalosiwang mo bukeng eno di ka re thusa jang gore re rate Jehofa Modimo ka pelo yotlhe ya rona le go mo direla ka boikanyegi.

“O SE KA WA LEBALA DILO TSE MATLHO A GAGO A DI BONENG”

(Duteronome 1:1–4:49)

Mo puong ya ntlha, Moshe o tlhalosa ka botlalo dilo dingwe tse di neng tsa direga kwa nageng—segolo jang tse di tla thusang Baiseraele thata jaaka ba ipaakanyetsa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Pego e e malebana le go tlhongwa ga baatlhodi e tshwanetse ya bo e ne e ba gakolola gore Jehofa o rulaganya batho ba gagwe ka tsela e e dirang gore ba tlhomamisege gore o a ba rata. Gape Moshe o bolela gore pego e e sa itumediseng ya ditlhola tse di lesome e ne ya dira gore kokomane ya pele ga eno e palelwe ke go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Akanya fela gore sekai seno sa tlhagiso se tshwanetse sa bo se ile sa ama batho ba ba neng ba reeditse Moshe thata jang, ka gonne naga eno e ne e setse e le fa pele ga matlho a bone.

Go gakologelwa diphenyo tse Jehofa a neng a di neile Baiseraele pele ba kgabaganya noka ya Joredane go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore ba nne pelokgale tota, jaaka ba ipaakanyetsa go simolola phenyo ya bone ka kwa moseja wa noka. Naga e ba neng ba tla tloga ba e gapa e ne e tletse kobamelo ya medingwana. Ruri go ne go tshwanela gore Moshe a ba neye tlhagiso e e gagametseng kgatlhanong le kobamelo ya medingwana!

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:4-6, 9, 19, 24, 31-35; 3:1-6—Ke eng fa Baiseraele ba ile ba nyeletsa bangwe ba batho ba ba neng ba nna kwa botlhaba jwa Joredane mme ba tlogela ba bangwe? Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba lwa le barwa ba ga Esau. Ka ntlha yang? Ka gonne e ne e le ditlogolwana tsa ga Jakobe morwarraagwe. Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go tshwenya kgotsa go lwa le Bamoabe le Baamone ka gonne e ne e le ditlogolwana tsa setlogolo sa ga Aborahame, Lote. Le fa go ntse jalo, dikgosi tsa Baamore e bong Sihone le Oge di ne di sa amane le Iseraele ka losika, mme ka jalo, di ne di se na tshwanelo ya go nna mo nageng e di neng di e laola. Ka gone, e ne ya re fa Sihone a gana gore Baiseraele ba kgabaganye naga ya gagwe mme Oge a tla go ba tlhabantsha, Jehofa o ne a laela gore Baiseraele ba senye metse ya bone, ba se tlogele ope a tshela.

4:15-20, 23, 24—A thibelo ya gore go se ka ga dirwa ditshwantsho tse di setilweng e kaya gore go phoso go dira ditshwantsho tse di kgabisang? Nnyaa. Thibelo eno e ne e le kgatlhanong le gore motho a dire setshwantsho gore a se obamele—gore ‘a ikobele medingwana le go e direla.’ Dikwalo ga di thibele motho go gaba leje kgotsa go taka ditshwantsho tsa go kgabisa.—1 Dikgosi 7:18, 25. Se re Ithutang Sone:

1:2, 19. Baiseraele ba ile ba kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga di ka nna 38, le mororo Kadeshe-barenea e ne e le “malatsi a le lesome le bongwe [fela] ka tsela ya Thaba ya Seire go tswa Horebe [kgaolo e e dithaba go dikologa Thaba ya Sinai koo ba neng ba newa Melao e e Lesome gone].” A ditlamorago tse di botlhoko tsa go se ikobele Jehofa Modimo!—Dipalo 14:26-34.

1:16, 17. Melao ya Modimo ya go atlhola ga e ya fetoga le gompieno. Ba ba filweng maikarabelo a go nna mo komiting ya boatlhodi ga ba a tshwanela go dira katlholo e e sa siamang ka go bo ba rata batho bangwe go feta ba bangwe kgotsa ka ntlha ya go tshaba motho.

4:9. Gore Baiseraele ba atlege, go ne go le botlhokwa thata gore ba se ka ba ‘lebala dilo tse matlho a bone a di boneng.’ E re ka lefatshe le lesha le re le solofeditsweng le ntse le atamela, go botlhokwa thata gore le rona re nne re tlhomile mogopolo thata mo ditirong tse di molemolemo tsa ga Jehofa ka go ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo.

RATA JEHOFA, MME O BOLOKE DITAELO TSA GAGWE

(Duteronome 5:1–26:19)

Moshe mo puong ya gagwe ya bobedi o anela ka nako ya fa ba ne ba newa Molao kwa Thabeng ya Sinai a bo a boeletsa Melao e e Lesome. O umaka ka tlhamalalo ditšhaba tse supa tse di tlileng go nyelediwa gotlhelele. Baiseraele ba gopodiwa thuto ya botlhokwa thata e ba ileng ba e rutwa fa ba le kwa nageng: “Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.” Jaanong ba tshwanetse gore ba “boloke taelo yotlhe.”—Duteronome 8:3; 11:8.

Fa Baiseraele ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba se kitla ba tlhoka melao e e malebana le kobamelo fela mme gape ba ne ba tlile go tlhoka le melao e e amanang le tsa boatlhodi, puso, ntwa, le kafa motho a tshwanetseng go tshela ka teng le batho ba bangwe mo setšhabeng le fa a le esi. Moshe o boeletsa melao eno a bo a gatelela botlhokwa jwa go rata Jehofa le go ikobela ditaelo tsa gagwe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

8:3, 4—Ke ka tsela efe diaparo tsa Baiseraele di neng di sa onale le dinao tsa bone di sa ruruge ka nako ya fa ba ne ba le mo mosepeleng kwa nageng? Eno e ne e le tsela e e gakgamatsang e Jehofa a neng a ba tlamela ka yone, fela jaaka a ne a ba tlamela ka mana ka metlha. Baiseraele ba ne ba dirisa diaparo le ditlhako di le dingwe fela tse ba sa leng ba na le tsone pele ba simolola loeto mo nageng, mme go bonala ba ne ba di apolela ba bangwe fa bana ba ntse ba gola le bagolo ba swa. E re ka dipalo tse di fitlhetsweng fa go ne go balwa batho kwa tshimologong le kwa bofelong jwa loeto lwa Baiseraele kwa nageng di ile tsa bontsha gore palo ya bone e ne e sa oketsega, diaparo le ditlhako tse ba neng ba na le tsone pele ga loeto lono di tshwanetse tsa bo di ne di sa tlhaele.—Dipalo 2:32; 26:51.

14:21—Ke eng fa Baiseraele ba ne ba ka naya moagi wa moeng phologolo e e suleng e e sa ntshiwang madi kgotsa ba ka e rekisetsa motswakwa mme bone ba ne ba se kitla ba e ja? Mo Baebeleng, polelwana e e reng “moagi wa moeng” e ka kaya motho yo e neng e se Moiseraele mme a sokologa kgotsa e ka kaya monni yo o neng a tshela tumalanong le melao ya naga mme a se ka a nna moobamedi wa ga Jehofa. Motswakwa le moagi wa moeng ba ba neng ba sa sokologa ba ne ba se kafa tlase ga Molao mme ba ne ba ka dirisa diphologolo tse di suleng tse di sa tshololwang madi, ba di dirisa ka ditsela tse di farologaneng. Baiseraele ba ne ba letleletswe go ba naya kgotsa go ba rekisetsa diphologolo tse di ntseng jalo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho yo o sokologileng o ne a tlamiwa ke kgolagano ya Molao. Jaaka go bontshitswe mo go Lefitiko 17:10, motho yono o ne a thibetswe go ja madi a phologolo.

24:6—Ke eng fa go tsaya “lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo” go ne go tshwantshiwa le go tsaya “moya”? Lelwala le tshilo ya lone di ne di tshwantshetsa “moya” wa motho kgotsa dilo tsa konokono tse motho a neng a di tlhoka go itshedisa. Go tsaya sepe fela sa dilo tseno go ne go tla dira gore lelapa lotlhe le se ka la nna le dijo tsa lone tsa letsatsi le letsatsi.

25:9—Ke eng se se leng botlhokwa ka ga go somola mpaatšhane le go kgwela mathe mo sefatlhegong sa monna yo o ganneng go nyala seyantlo? Go ya ka “mokgwa wa metlha ya pele kwa Iseraele ka ga tshwanelo ya go rekolola . . . , motho o ne a tshwanetse go somola mpaatšhane wa gagwe mme a o neye mongwe ka ene.” (Ruthe 4:7) Ka jalo, go somola mpaatšhane wa monna yo o ganneng go nyala seyantlo go ne go tlhomamisa gore o itatotse boikarabelo le tshwanelo ya go direla morwarraagwe yo o tlhokafetseng moruaboswa. Seno e ne e le matlhabisaditlhong. (Duteronome 25:10) Go kgwela motho yono mathe mo sefatlhegong e ne e le tsela ya go mo tlontlolola.—Dipalo 12:14.

Se re Ithutang Sone:

6:6-9. Fela jaaka Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba itse Molao, le rona re tshwanetse go itse ditaelo tsa Modimo, re di gakologelwa ka dinako tsotlhe le go di ruta bana ba rona. Re tshwanetse ‘go di bofelela jaaka sesupo mo seatleng sa rona,’ mme seno se kaya gore ditiro tsa rona—tse di tshwantshediwang ke diatla tsa rona—di tshwanetse tsa bontsha gore re ikobela Jehofa. Mme tsela e re leng kutlo ka yone e tshwanetse ya bonala mo bathong botlhe jaaka “sebofo sa phatla fa gare ga matlho.”

6:16. Le ka motlha re se leke Jehofa jaaka Baiseraele ba ile ba dira kwa Mase ka ntlha ya go tlhoka tumelo, kwa ba neng ba ngongoregela metsi gone.—Ekesodo 17:1-7.

8:11-18. Go rata dikhumo go ka dira gore re lebale Jehofa.

9:4-6. Re tshwanetse go itisa kgatlhanong le boikutlo jwa go ipona tshiamo.

13:6. Ga re a tshwanela go letla ope a re katosetsa kgakala le kobamelo ya ga Jehofa.

14:1. Fa motho a itshegakaka mmele, seno se bontsha gore ga a tlotle mmele wa gagwe, e bile go dira jalo go ka amanngwa le kobamelo ya maaka, mme go tshwanetse ga tilwa. (1 Dikgosi 18:25-28) E re ka re na le tsholofelo ya tsogo, go tla bo go sa siama gore re dire dilo tseno tse di feteletseng go hutsafalela batho ba ba tlhokafetseng.

20:5-7; 24:5. Batho ba ba leng mo seemong sengwe se se kgethegileng ba tshwanetse ba akanyediwa, tota le fa go ka tswa go na le tiro nngwe ya botlhokwa e e tshwanelwang ke go dirwa.

22:23-27. Sengwe sa dilo tse di ka thusang mosadi thata go iphemela fa mongwe a leka go mmetelela ke go goa.

“O TLHOPHE BOTSHELO”

(Duteronome 27:1–34:12)

Moshe mo puong ya gagwe ya boraro, o bolela gore fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Joredane, ba tshwanetse go kwala Molao mo majeng a magolo, mme gape o bua le ka diphutso tse di neng di tla ba wela fa ba sa nne kutlo le masego a ba neng ba tla a bona ka ntlha ya go nna kutlo. Puo ya gagwe ya bonè e simolola ka kgang ya go ntšhafadiwa ga kgolagano e Jehofa a nang le yone le Baiseraele. Moshe o ba tlhagisa gape ka kgang ya go se nne kutlo a bo a ba kgothaletsa gore ba “tlhophe botshelo.”—Duteronome 30:19.

Mo godimo ga go neela dipuo tse nnè, Moshe o bua ka ga go fetolwa ga boeteledipele a bo a ruta Baiseraele pina e e monate e e bakang Jehofa le e e tlhagisang ka masetlapelo a a bakwang ke go se ikanyege. Fa Moshe a sena go segofatsa ditso, o a swa a le dingwaga tse 120, a bo a fitlhwa. Batho ba fetsa malatsi a le 30 ba mo lelela, mme eno e batla e le halofo ya nako yotlhe ya ditiragalo tse di tlhalosiwang mo bukeng ya Duteronome.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

32:13, 14—E re ka Baiseraele ba ne ba thibetswe go ja mafura ape fela, ke eng se se kaiwang ke gore ba ne ba ja “mafura a diphelefu”? Polelwana eno e dirisitswe fano ka tsela ya tshwantshetso mme e kaya tse di gaisang tsotlhe tsa letsomane. Mokgwa ono wa go kwala dilo ka tsela ya tshwantshetso o bontshiwa ke gore mo go yone temana eno go buiwa ka “mafura a diphilo a korong” le “madi a morara.”

33:1-29—Ke eng fa Simeone a sa umakiwa ka tlhamalalo fa Moshe a ne a segofatsa Baiseraele? Lebaka ke gore Simeone le Lefi ba ne ba “dira ka bogale,” mme tšhakgalo ya bone e ne e le “setlhogo.” (Genesise 34:13-31; 49:5-7) Boswa jwa bone bo ne bo sa lekane kgo le jwa ditso tse dingwe. Lefi o ne a newa metse e le 48, mme karolo ya ga Simeone e ne e le mo kgaolong ya ga Juda. (Joshua 19:9; 21:41, 42) Ka gone, Moshe ga a ka a segofatsa Simeone ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, Simeone o ne a akarediwa fa Moshe a ne a segofatsa Baiseraele ka kakaretso. Se re Ithutang Sone:

31:12. Basha ba tshwanetse go nna le batho ba bagolo kwa dipokanong tsa phuthego mme ba iketleeletse go reetsa le go ithuta.

32:4. Ditiro tsotlhe tsa ga Jehofa di itekanetse ka gonne o bontsha dinonofo tsa gagwe tsa tshiamiso, botlhale, lorato le maatla ka tsela e e lekalekaneng.

Buka E e Re Solegelang Molemo Tota

Buka ya Duteronome e tlhalosa Jehofa e re ke “Jehofa a le mongwe fela.” (Duteronome 6:4) Ke buka e e buang ka setšhaba se se nang le kamano e e kgethegileng le Modimo. Gape buka ya Duteronome e tlhagisa kgatlhanong le kobamelo ya medingwana mme e gatelela botlhokwa jwa go obamela Modimo wa boammaaruri a le esi fela.

Ga go pelaelo gore buka ya Duteronome e re solegela molemo tota! Le mororo re se ka fa tlase ga Molao, re ka ithuta dilo tse dintsi mo go one tse di ka re thusang go ‘rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona le ka moya otlhe wa rona le ka maatla otlhe a rona.’—Duteronome 6:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kgaolo ya bofelo, e e nang le pego ya loso lwa ga Moshe, e ka tswa e tsentswe ke Joshua kgotsa ke Moperesiti yo Mogolo Eliasare.

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SEIRE

Kadeshe-barenea

Thaba ya Sinai (Horebe)

Lewatle le Lehibidu

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe mo dimmapeng tsa Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. le Survey of Israel

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Karolo e kgolo ya buka ya Duteronome ke dipuo tsa ga Moshe

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go tlamela ga ga Jehofa batho ka mana go ruta eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go tsaya lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo, go ne go tshwantshiwa le go tsaya “moya”