Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa banna ba Baiseraele ba ne ba letleletswe go nyala basadi ba ba isitsweng botshwarwa ba batswakwa, fa Molao wa ga Moshe o ne o laela gore ba se ka ba dira kgolagano epe ya lenyalo le batswakwa bangwe?—Duteronome 7:1-3; 21:10, 11.

Seno se ne se letleletswe ka ntlha ya maemo mangwe a a kgethegileng. Jehofa o ne a laetse Baiseraele gore ba senye metse ya ditšhaba dingwe tse supa kwa nageng ya Kanana, mme ba bolaye baagi ba yone botlhe. (Duteronome 20:15-18) Fa e le ka ditšhaba tse dingwe, bagolo bape fela ba go neng go ka direga gore ba falole e ne e le basadi ba ba gapilweng ba makgarebana. (Dipalo 31:17, 18; Duteronome 20:14) Monna wa Moiseraele o ne a ka nyala mosadi yo o ntseng jalo, mme o ne a ka dira jalo fa fela mosadi yono a ne a ka dira dilo dingwe.

Baebele e bua jaana malebana le dilo tse mosadi yono a neng a tshwanetse go di dira: “Jaanong a beole tlhogo ya gagwe a bo a baakanye dinala tsa gagwe, a tlose seaparo sa botshwarwa jwa gagwe mo go ene mme a nne mo ntlong ya gago a lelele rraagwe le mmaagwe kgwedi yotlhe ya modikologo wa ngwedi; mme morago ga moo o robale le ene, mme o mo rue jaaka monyadiwa wa gago, mme a nne mosadi wa gago.”—Duteronome 21:12, 13.

Mosadi yo o neng a isitswe botshwarwa wa lekgarebana yo Moiseraele a neng a batla go mo nyala, o ne a tshwanetse go beola tlhogo. Go beola tlhogo, go ne go bontsha gore motho o hutsafetse kgotsa o tlaletswe. (Isaia 3:24) Ka sekai, fa tlhogo ya lotso Jobe a ne a swelwa ke bana botlhe le go latlhegelwa ke dithoto tsotlhe, o ne a ipeola tlhogo go supa khutsafalo ya gagwe. (Jobe 1:20) Gape mosadi wa motswakwa o ne a tshwanetse go baakanya dinala tsa gagwe, gongwe ‘a kgaole dinala tsa gagwe gore di nne dikhutshwane’ gore le fa a ka di penta, diatla tsa gagwe di se ka tsa lebega di le dintle. (Duteronome 21:12, Knox) “Seaparo sa botshwarwa jwa gagwe” se mosadi yo o neng a isitswe botshwarwa a neng a tshwanetse go se tlosa e ne e le eng? Go ne go tlwaelegile gore basadi ba metse ya baheitane ba ba neng ba tloga ba isiwa botshwarwa, ba apare seaparo sa bone se sentlentle. Ba ne ba se apara ka tsholofelo ya gore bagapi ba bone ba tla ba utlwela botlhoko. Mosadi yo o neng a isitswe botshwarwa mme a le mo khutsafalong o ne a tshwanetse go tlosa seaparo se se ntseng jalo.

Mosadi yo o isitsweng botshwarwa yo a neng a tlile go nyalwa ke monna wa Moiseraele o ne a tshwanetse go fetsa kgwedi e le nngwe ya modikologo wa ngwedi a lelela baratiwa ba gagwe ba ba suleng. Metse e e gapilweng e ne e tshwanetse go senngwa gotlhelele gore mosadi yono a se ka a tlhola a nna le batho bape ba lelapa kgotsa ba a ba tlwaetseng ba a ka ikgolaganyang le bone. Ka ntlha ya gore masole a Baiseraele a ne a tla bo a sentse medingwana ya gagwe, o ne a se kitla a tlhola a nna le sengwe se a ka se obamelang. Gape kgwedi ya go hutsafala e ne e le nako ya go itshekisa, e mo go yone mosadi yo o isitsweng botshwarwa a neng a tla kgaotsa go inaakanya le ­dikarolo tsotlhe tsa bodumedi jwa gagwe jwa pele.

Mme gone, go ne go sa nna jalo ka basadi ba bangwe fela ba batswakwa. Jehofa o ne a laela jaana malebana le bone: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone.” (Duteronome 7:3) Ke eng fa go ne go na le thibelo eno? Duteronome 7:4 ya re: “Gonne o tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe.” Ka jalo, thibelo eno e ne e diretswe go sireletsa Baiseraele gore bodumedi jwa bone bo se ka jwa kgotlelwa. Le fa go ntse jalo, ga go bonale mosadi wa motswakwa yo seemo sa gagwe se tlhalosiwang mo go Duteronome 21:10-13 a ne a ka baka bothata joo. Batho botlhe ba losika lwa gagwe ba ne ba sule, mme ditshwantsho tsotlhe tsa medingwana ya gagwe di ne di sentswe. Go ne go se na batho bape ba bodumedi jwa maaka ba a neng a ka ikgolaganya le bone. Moiseraele o ne a letleletswe go nyala motswakwa ka ntlha ya maemo a a ntseng jalo.