Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshilo Tse di Thusang Batho go Bona Dijo

Ditshilo Tse di Thusang Batho go Bona Dijo

Ditshilo Tse di Thusang Batho go Bona Dijo

BOROTHO ga bo bolo go nna “sejo se segolo sa batho.” Ee, borotho e sa le e le sejo sa batho sa konokono go tloga bogologolo tala. Tota e bile, sengwe sa dilo tse dikgolo tse motho a di tlhokang ke go tlhomamisa gore o bona dijo tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi.

Sengwe sa dilo tsa konokono tse di dirang borotho ke bopi jo bo bonwang ka go sila dijo tsa dithoro. Ka jalo, tiro ya go sila dijo e simologile bogologolo. E re ka go ne go se na metšhine, tiro eno ya go sila dijo go nna bopi e tshwanetse ya bo e ne e le bokete tota! Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, botshelo bo ne bo tsewa e le jo bo tlwaelegileng, jo bo nang le kagiso fa go utlwiwa modumo wa tshilo ya seatla, mme fa modumo ono o seyo seno se ne se bontsha gore naga e swafetse.—Jeremia 25:10, 11.

Tiro ya go sila e ntse e dirwa jang fa dingwaga di ntse di feta? Mengwe ya mekgwa le didirisiwa tse di ntseng di dirisiwa mo tirong eno ke dife? Mme gompieno go dirisiwa ditshilo tsa mofuta ofe go thusa batho go bona dijo?

Ke Eng fa di Tlhokega?

Jehofa o ne a raya batho ba ntlha ba babedi e bong Adame le Efa a re: “Bonang, ke lo neile dimela tsotlhe tse di ntshang peo tse di leng mo godimo ga lefatshe lotlhe le setlhare sengwe le sengwe se se nang le leungo la setlhare le le ntshang peo. A e nne dijo tsa lona.” (Genesise 1:29) Dingwe tsa dijo tse Jehofa Modimo a neng a di naya batho ke peo e e tswang mo matlhakeng. Dijo tseno di ne di le botlhokwa gore motho a tle a tshele, e re ka dijo tsotlhe tsa ditlhaka—go akaretsa korong, barele, rye, outse, reise, lebelebele, mabele le mmidi—di na le dikhabohaetereite tse di nang le setatšhe tse mmele o kgonang go di dira sengwe sa konokono se se o nayang maatla, e leng tlelokose.

Le fa go ntse jalo, mmele wa motho ga o kgone go sila dijo tsa ditlhaka fa di sa silwa e bile di sa butswa. Batho ba fitlhela go le motlhofo go di ja fa di dirilwe bopi di bo di apewa. Ditsela tse di motlhofo tsa go dira gore selekanyo se se rileng sa dithoro e nne bopi ke ka go di thuga mo kikeng, go di sila ka maje kgotsa go dirisa mekgwa eno ka bobedi.

Ditshilo Tsa Diatla

Difikantswe tse dinnye tsa mabitla a bogologolo a Baegepeto di bontsha gore go ne go dirisiwa mofuta mongwe wa tshilo ya sekasale. E ne e bidiwa jalo ka gonne e ne e bopegile jaaka sale. Tshilo eno e ne e na le maje a mabedi—leje le lengwe le ne le wetse go sekae, le nna ka fa tlase mme fa godimo e le leje le lennye. Motho yo o silang—gantsi e le mosadi—o ne a khubama fa sedirisiweng seo a bo a ngangatlela leje le le fa godimo ka diatla tsoopedi. Go tswa foo o ne a dirisa maatla a mmele wa gagwe, a tsamaisa leje le le fa godimo mo go le le fa tlase, a sila dithoro. A bo sedirisiwa seno se sa raraana mme se dira tiro sentle jang ne!

Le fa go ntse jalo, mmele o ne o utlwalelwa ke go khubama nako e telele. Go isa leje le le fa godimo kwa pele le kwa morago go ne go dira gore mokwatla, mabogo, dirope, mangole le menwana ya maoto a motho yo o silang di utlwalelwe. Dipatlisiso tsa bogole mo marapong a batho ba Siria wa bogologolo di dirile gore batho ba ba ithutang ka ditshedi tsa bogologolo ba swetse ka gore go dirisa ditshilo tse di ntseng jalo tsa sekasale go ne go gobatsa barweetsana thata—go ba bakela mangole a a jegileng, go ba gobatsa lerapo la bofelo la mokokotlo e bile go dira gore lerapo la monwana o motona wa leoto le jege thata. Kwa Egepeto wa bogologolo, go lebega tiro ya go sila ka seatla e ne e dirwa thata ke malata. (Ekesodo 11:5) * Bakanoki bangwe ba dumela gore fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, mofuta wa tshilo o ba neng ba tsamaya ka one ke tshilo ya sekasale.

Moragonyana didirisiwa tsa go sila di ne tsa tlhabololwa ka go gaba maje ano ka bobedi gore a dire tiro eno ka botlalo. Go bula phatlhanyana e e atlhameng fa godimo mo lejeng le le fa godimo go ne go thusa motho yo o silang gore a tsenye dithoro, tse di neng di thelegela ka tlhamalalo fa gare ga maje ano. Mo lekgolong la bonè le la botlhano la dingwaga B.C.E., go ne ga tlhamiwa motšhine o o sa raraanang wa go sila kwa Gerika. Go ne ga tsenngwa mokgothi o lomeletswe ntlha e le nngwe mo lejeng le le fa godimo. Fa motho a tsamaisa leje le le fa godimo ka mokgothi ono a le isa kwa pele le kwa morago, leje le le fa godimo le go neng go tshelwa dithoro ka lone le ne le gotlhana le le le fa tlase.

Mefuta yotlhe ya ditshilo tse di umakilweng fa godimo e ne e tlhaela tota. E ne e dirisiwa ka go isa leje kwa pele le kwa morago e leng tiro e go neng go ka se ka ga rutiwa phologolo epe go e dira. Ka gone, ditshilo tseno di ne di ka dirisiwa fela ka maatla a motho. Go tswa foo go ne ga simolola go dirisiwa mokgwa o mosha—ditshilo tse di dikologang. Jaanong go ne go ka dirisiwa diphologolo.

Ditshilo Tse di Silang ka go Dikologa di Tlhofofatsa Tiro

Go bonala mofuta wa tshilo e e silang dithoro ka go dikologa o tlhamilwe kwa dinageng tsa Med­i­ter­ra­nean mo e ka nnang ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Bajuda kwa Palesetina ba ne ba tlwaetse mofuta ono wa tshilo, ka gonne Jesu o ne a bua ka “lelwala le le tshwanang le le le pitikololwang ke esele.”—Mareko 9:42.

Ditshilo tse di neng di dikolosiwa ke diphologolo di ne di dirisiwa kwa Roma le mo dikarolong tse dintsi tsa Mmusomogolo wa Roma. Ditshilo tse di ntseng jalo di sa ntse di le teng kwa Pompeii. Di na le leje le le bokete le le fa godimo le le bopegileng jaaka motshe le dithoro di neng di tshelwa ka lone mme kwa tlase go ne go na le leje le lengwe le le atlhameng kwa godimo. Fa leje le le fa godimo le dikologa mo godimo ga le le fa tlase, dithoro di ne di tshelegela mo gare ga maje a mabedi di bo di silwa. Maje a mofuta ono a a sa ntseng a le teng ga a lekane ka bogolo, a ka nna disentimetara di le 45 go ya go 90 ka bophara. Mefuta eno ya ditshilo e ne e ka nna boleele jwa disentimetara di le 180 go ya kwa godimo.

Ga go itsewe sentle gore a go dirilwe ditshilo tsa seatla pele kgotsa tsa diphologolo pele. Le fa go ntse jalo, go ne go le motlhofo go tshola tshilo ya seatla le go e dirisa. E ne e na le maje a mabedi a a kgolokwe gongwe a le bophara jwa disentimetara di le 30 go ya go di le 60. Leje le le fa tlase le ne le le motsunyana fa godimo mme le le fa godimo le na le khutinyana gore le kgone go lekana fa godimo ga le le fa tlase. Leje le le fa godimo le ne le ikaegile ka karolo e e fa gare mme le dikolosiwa ka mokgothi wa logong. Gantsi basadi ba babedi ba ne ba nna fa fatshe ba lebagane, mongwe le mongwe a tshwere mokgothi ka letsogo le lengwe go dikolosa leje le le fa godimo. (Luke 17:35) Mongwe wa basadi bano o ne a dirisa seatla se sengwe go tshela dithoro di se kae mo phatlheng ya leje le le fa godimo, mme mosadi yo mongwe o ne a kgobokanya bopi fa bo ntse bo tshologa mo tshilong bo tshologela mo tereing kgotsa mo letseleng le le beilweng fa tlase ga tshilo. Mofuta ono wa tshilo o ne o thusa masole, batsamaisasekepe, kgotsa malapa a mannye a a nnang kgakala le mafelo a go silwang kwa go one.

Ditshilo Tse di Dikolosiwang ke Metsi Kgotsa Phefo

Mo e ka nnang ka 27 B.C.E., moenjiniri wa Moroma e bong Vitruvius o ne a tlhalosa tshilo e e neng e dirisiwa mo motlheng wa gagwe e e neng e dikolosiwa ke metsi. Metsi a ne a kgorometsa mekgothi ya leotwana mme seno se ne se dira gore leotwana le dikologe. Leotwana leno le ne le dira gore mohinyana o o fa godimo ga lone o dikologe. Mme mohinyana ono o ne o dikolosa leje le le fa godimo la tshilo.

Tshilo e e tsamaisiwang ka metsi e ne e sila go le kana kang fa e bapisiwa le ditshilo tse dingwe? Go fopholediwa gore ditshilo tsa seatla di ne di sila selekanyo se se kwa tlase ga dikilogerama di le 10 sa dijo tsa dithoro ka ura, mme ditshilo tse di neng di dira sentle tsa diphologolo di ne di sila mo e ka nnang dikilogerama di le 50. Tshilo ya ga Vitruvius ya metsi yone e ne e ka sila dikilogerama di ka nna 150 go ya go 200 tsa dijo tsa dithoro ka ura. Mekgwa ya konokono e e neng e tlhalositswe ke Vitruvius e ne ya tswelela pele e dirisiwa ke batlhami ba ditshilo ba ba nang le bokgoni ka makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, mme ba ne ba e fetola le go e tokafatsa gangwe le gape.

Metsi e ne e se one fela maatla a tlholego a a kgonang go tsamaisa ditshilo. Fa go ne go ka dirisiwa lefetlho la phefo mo boemong jwa maotwana a a tsamaisiwang ka metsi, go ne go ntse go tla kgonega gore dijo tsa dithoro di silwe. Mafetlho a ne a simolola go dirisiwa kwa Yuropa mo e ka nnang ka lekgolo la bo12 la dingwaga C.E. mme a ne a dirisiwa thata go sila kwa Belgium, Holland, Jeremane le kwa mafelong a mangwe. A ne a dirisiwa go fitlha ka nako ya fa go dirisiwa ditshilo tse di tsamaisiwang ka moya wa metsi a a fisang le metswedi e mengwe ya maatla, mme seno se ne sa dira gore metswedi e mengwe yotlhe ya maatla e felelwe ke nako.

“Senkgwe sa Rona sa Letsatsi Leno”

Le fa go dirilwe kgatelopele e e rileng, mekgwa e mentsi ya go sila e e neng e dirisiwa bogologolo e sa ntse e dirisiwa mo mafelong mangwe mo lefatsheng. Kwa mafelong mangwe mo Afrika le kwa dinageng tsa Oceania go sa ntse go dirisiwa kika le motshe. Kwa Mexico le kwa Amerika Bogare, go dirisiwa mofuta wa tshilo wa sekasale go sila mmidi go dira di-tortilla. Mme go sa ntse go dirisiwa ditshilo tsa metsi le mafetlho mo mafelong a a farologaneng.

Le fa go ntse jalo, bopi jo bo dirisiwang go dira borotho mo dinageng tse di tlhabologileng gompieno, bo silwa ka ditshilo tsa metšhine e e itsamaisang. Dithoro di dirwa bopi fa di ntse di silwa mo gare ga disilindara tsa ditshipi tse di gabilweng tse di dikologang ka lobelo lo lo sa tshwaneng. Mokgwa ono o dira gore go nne le mefuta e e farologaneng ya bopi jo bo sa tureng.

Eleruri, ga go tlhole go tsaya matsapa a a kalo go bona bopi jwa go baka. Le fa go ntse jalo, re ka lebogela Mmopi wa rona go bo a re neile dijo tsa dithoro le bokgoni jwa go di fetola “senkgwe sa rona sa letsatsi leno.”—Mathaio 6:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, baba ba ba neng ba gapilwe, ba ba jaaka Samesone le Baiseraele ba bangwe, ba ne ba dirisiwa tiro ya go sila. (Baatlhodi 16:21; Dikhutsafalo 5:13) Basadi ba e seng batlhanka ba ne ba silela ba malapa a bone dijo tsa dithoro.—Jobe 31:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tshilo ya Baegepeto ya sekasale

[Motswedi wa Setshwantsho]

Soprintendenza Archeologica per la Toscana, Firenz

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mo tshilong e e tsamaisiwang ke diphologolo, maungo a setlhare sa motlhware a ne a pitlelelwa gore go ntshiwe lookwane

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

E tswa mo Self-Pronouncing Edition of the Holy Bible, e e nang le thanolo ya King James le ya Revised