Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sekaseka Matlotlo a ga Chester Beatty

Go Sekaseka Matlotlo a ga Chester Beatty

Go Sekaseka Matlotlo a ga Chester Beatty

“O E TLETSE ka matlotlo a ditso tse dintsi tse di sa tlholeng di le teng, . . . e tsabakela ka bontlentle jwa ditshwantsho tse dinnye le tse di takilweng.” Ke kafa Chester Beatty Library e e kwa Dublin, Ireland e neng ya tlhalosiwa ka bokhutshwane ka teng ke R. J. Hayes, yo pele e neng e le motlhokomedi wa yone. E na le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa bogologolo, dilo tse di takilweng ka bothakga le dibuka tse di sa tlholeng di bonwa ka bontsi le mekwalo ya botlhokwa thata. Ka jalo, Chester Beatty e ne e le mang? Mme o ne a kokoanya matlotlo afe?

Alfred Chester Beatty, yo o belegweng ka 1875 kwa New York, U.S.A., e ne e le setlogolwana sa Ba-Scotland, Ba-Ireland le Baesemane. Fa a ne a le dingwaga tse 32, o ne a setse a humile tota, e le moenjeniri le mookamedi kwa moepong mongwe. Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, o ne a dirisa khumo ya gagwe e kgolo go kokoanya dilo tse dintlentle le tse di dirilweng ka bothakga. Fa Beatty a ne a swa ka 1968 a na le dingwaga tse 92, o ne a tlogelela batho ba Ireland dilo tsotlhe tse a neng a di kokoantse.

O ne A Kokoantse Eng?

Dilo tse Beatty a neng a di kokoanya di dintsi e bile di mefutafuta. Nako le nako fa go dirwa dipontsho go bontshiwa peresente e le 1 fela ya tsone. O ne a kokoanya dilo tse di bonwang sewelo le tse di tlhwatlhwakgolo tsa metlha le ditso tse dintsi tse di sa tshwaneng tse di neng di le teng ka diketekete tsa dingwaga—go tloga ka metlha ya bogare le ka Motlha wa Ditlhabologo kwa Yuropa le go tswa mo dinageng tse dintsi tsa Asia le Afrika. Ka sekai, ditshwantsho tse a neng a di kokoantse tsa Sejapane tse di neng di le mo mapolankeng, di tsewa e le tse dintle go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.

Sengwe se se farologaneng gotlhelele le dilo tse di takilweng ka bothakga tse a neng a di kokoanya, ke matlapanakwalelo mangwe a a kgatlhang a letsopa, a a fetang lekgolo a Bababelona le batho ba kwa Sumere, a a nang le mokwalo wa bogologolo wa cuneiform. Batho ba ba neng ba nna kwa Mesopotamia dingwaga di feta di le 4 000 tse di fetileng, ba ne ba tlhalosa dintlha ka botlalo ka botshelo jwa bone ba di kwala mo matlapanakwalelong a letsopa le le metsi, a ba neng ba a omisa ka onto fa ba sena go kwalela mo go one. Bontsi jwa matlapanakwalelo ano a sa ntse a le teng gompieno, mme a re naya bosupi jo bo phepafetseng jwa gore mokwalo o sa le o simologa bogologolo.

O ne A Rata Dibuka

Go bonala Chester Beatty a ne a rata tsela e dibuka di neng di dirwa ka botswerere ka yone. O ne a kokoanya diketekete tsa dibuka tsa bodumedi le tse e seng tsa bodumedi, go akaretsa le dingwe tsa dikhopi tse di kgabisitsweng bontle tsa Koran. Mokwadi mongwe o bolela gore o ne a “kgatlhwa thata ke tsela e mokwalo wa Searabia o neng o tsamaisana sentle ka yone, . . . mme ka ntlha ya go rata mebala, o ne a kgatlhiwa thata ke mokwalo o o neng o kgabisitswe ka gouta le selefera le diminerale tse dingwe tsa mmala o o galotseng.”

Chester Beatty o ne a rata leje le le tlhwatlhwakgolo la jade thata, fela jaaka bangwe ba babusibagolo ba China mo metlheng ya bogologolo ba ne ba le rata. Ba ne ba tsaya leje le lentle la jade e le minerale o o tlhwatlhwakgolo go gaisa diminerale tsotlhe, e bile le le tlhwatlhwakgolo go feta gouta. Babusi bano ba ile ba laela badiri ba ba ditswerere gore ba tseye maje a jade mme ba a dire matlhare a a boreledi a masesane a go kwalela. Go tswa foo, bataki ba ba nang le bokgoni ba ne ba tlatsa matlhare ano a a dirilweng ka leje la jade ka mokwalo le ditshwantsho tse dintle tse di kwadilweng ka gouta, mme ka jalo ba dira dingwe tsa dibuka tse dintle go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa. Dibuka tseno tse Beatty a ileng a di kokoanya di itsege mo lefatsheng lotlhe.

Letlotlo le Legolo la Mekwalo ya Baebele

Batho ba ba ratang Baebele ba tsaya letlotlo le legolo go gaisa matlotlo otlhe a ga Chester Beatty e le mekwalo e mentsi e a neng a e kokoanya ya bogologolo le ya metlha ya bogare ya Baebele. Mekwalo e mentle e e kgabisitsweng e bontsha bopelotelele le botswerere jwa bakwadi ba ba neng ba e kwalolola ka seatla. Dibuka tse di gatisitsweng di bontsha kafa bogologolo batho ba ba neng ba tshwaraganya dibuka le go di gatisa ba neng ba le ditswerere ka gone. Ka sekai, buka ya Biblia Latina e ne ya gatisiwa kwa Nu­rem­berg ka 1479 ke Anton Koberger, yo o neng a tshela mo e ka nnang mo motlheng wa ga Johannes Guten­berg mme o tlhalosiwa e le “mongwe wa bagatisi ba botlhokwa thata le ba ba matlhagatlhaga ba bogologolo.”

Nngwe ya dipontsho tse di tlhomologileng kwa Chester Beatty Library ke mokwalo o o mo letlalong wa lekgolo la bonè la dingwaga wa mokanoki mongwe wa kwa Siria e bong Ephraem. Ephraem o nopola thata buka ya lekgolo la bobedi la dingwaga ya Diatessaron. Mo bukeng eno, mokwadi Tatian o ne a kopanya dipego di le nnè tsa Diefangele tse di ka ga botshelo jwa ga Jesu Keresete mme a di dira pego e le nngwe e e tsamaisanang sentle. Bakwadi ba moragonyana ba ne ba umaka buka eno ya Diatessaron, mme gone ga go na dikhopi dipe tsa buka eno tse di sa ntseng di le teng. Bakanoki bangwe ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ile ba bo ba belaela gore a buka eno e kile ya nna teng. Le fa go ntse jalo, ka 1956 Beatty o ne a ribolola buka ya ga Ephraem e mo go yone a neng a tlhalosa buka ya ga Tatian ya Diates­saron—buka e e neng ya naya mabaka a a oketsegileng a a supang gore Baebele e a ikanyega e bile e boammaaruri.

Letlotlo le Legolo la Mekwalo ya Papirase

Gape Beatty o ne a kokoanya mekwalo e le mentsi tota ya papirase, ya bodumedi le e e seng ya bodumedi. Mekwalo e feta e le 50 ya bogologolo ya papirase ke ya metlha ya pele ga lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Mengwe ya mekwalo eno e ne ya ntshiwa mo mekoeng e megolo ya mekwalo ya papirase—e go ka tweng e ne e le dithotobolo tsa matlakala a pampiri—e go neng ga feta makgolo a dingwaga go sa itsiwe ka yone kwa sekakeng sa Egepeto. Mekwalo e le mentsi ya papirase e ne e le manathwana tota fa e ne e rekisiwa. Barekisi ba ne ba tla ba tshotse dibokose di tletse matlhekge a mekwalo ya papirase. Charles Horton, yo e leng motlhokomedi wa Western Collections of the Chester Beatty Library a re: “Batho ba ba neng ba kgatlhegela go e reka ba ne ba tsenya letsogo fela mo lebokosong ba bo ba ntsha lenathwana le legolo go gaisa otlhe, le le neng le na le mokwalo o montsi.”

Horton o bolela gore “sengwe se se tlhomologileng thata se se neng sa ribololwa” ke Beatty e ne e le mekwalo ya botlhokwa thata ya bogologolo ya Baebele, e e neng “e na le dingwe tsa dikhopi tsa bogologolo tse di neng di itsege tsa Tesetamente e Kgologolo le e Ntšha ya Bokeresete.” Barekisi ba ba neng ba itse boleng jwa mekwalo eno ya bogologolo ba ka tswa ba ile ba e gagola gore ba rekisetse bareki ba ba farologaneng dikarolwana tsa yone. Le fa go ntse jalo, Beatty o ne a kgona go reka bontsi jwa mekwalo eno ya bogologolo. Tota mekwalo eno ya bogologolo e botlhokwa go le kana kang? Sir Frederic Ken­yon o tlhalosa go ribololwa ga yone e le “selo sa botlhokwa thata se se kileng sa dirwa” fa e sa le Tischendorf a ribolola Codex Sinaiticus ka 1844.

Mekwalo eno ya bogologolo ke ya magareng ga lekgolo la bobedi le la bonè la dingwaga C.E. Mo dibukeng tsa Dikwalo tsa Sehebera tsa thanolo ya Sep­tu­a­gint ya Segerika go na le dikhopi tse pedi tsa buka ya Genesise. Kenyon o bolela gore dikhopi tseno di botlhokwa thata “ka gonne karolo e ntsi ya buka yotlhe [ya Genesise] e a tlhaela mo mekwalong ya Vaticanus le Sinaiticus,” e leng mekwalo e e mo matlalong ya lekgolo la bonè la dingwaga. Mekwalo e le meraro ya bogologolo e na le dibuka tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Wa ntlha o na le bontsi jwa tshedimosetso ya Diefangele tse nnè le bontsi jwa buka ya Ditiro. Mokwalo wa bobedi, o o nang le ditsebe tse dintsinyana tse Beatty a neng a di reka moragonyana, o na le mo e ka nnang khopi e e feletseng ya makwalo a ga moaposetoloi Paulo, go akaretsa le lekwalo le a neng a le kwalela Bahebera. Mokwalo wa boraro o na le mo e ka nnang karolo ya nngwe tharong ya buka ya Tshenolo. Go ya ka Ken­yon, mekwalo eno ya papirase “e na le bosupi jo bo bonalang jo bo nonotshang mabaka—a re setseng re na le one—a go ikanya mokwalo wa Tesetamente e Ntšha e re nang le yone gompieno.”

Mekwalo ya papirase ya Baebele ya ga Chester Beatty e bontsha gore Bakeresete ba ne ba simolola bogologolo mo e ka nnang pele lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. le fela, go dirisa buka e e nang le mekwalo ya bogologolo kgotsa buka e o kgonang go e bula ditsebe mo boemong jwa momeno o o neng o sokodisa. Gape mekwalo eno ya papirase e bontsha gore gantsi bakwalolodi ba ne ba kwalela mo dipampiring tse di kileng tsa dirisiwa tsa bogologolo tsa papirase, ka gonne dilo tsa go kwalela di ne di tlhaela. Ka sekai, mokwalo mongwe wa Coptic o o nang le karolo ya Efangele ya ga Johane o kwadilwe “mo go sengwe se se lebegang jaaka buka ya sekolo e go neng go kwadilwe dipalo tsa Segerika mo go yone.”

Mekwalo eno ya papirase ga e tsabakele ka bontle, mme gone ke ya botlhokwa thata. Ke dilo tse di ka kgonang go bonwa le go tshwarwa tse di supang kwa Bokeresete bo simologileng teng. Charles Horton a re: “Mo mekwalong eno e o e bonang, o ka kgona go bona mefuta ya dibuka tse di neng di dirisiwa ke bangwe ba Bakeresete ba bogologolo—dibuka tse ba neng ba di tsaya e le letlotlo.” (Diane 2:4, 5) Fa go ka direga gore o bone nako ya go ya go sekaseka mangwe a matlotlo ano a a kwa Chester Beatty Library, ga o kitla o itshola.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setshwantsho sa Sejapane se se mo lepolankeng se se dirilweng ke Katsushika Hokusai

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Biblia Latina” e ne e le nngwe ya dikhopi tsa Baebele tsa bogologolo tse di neng tsa gatisiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Buka ya ga Ephraem e e tlhalosang buka ya ga Tatian ya “Diatessaron” e naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Baebele e ka ikanngwa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Mokwalo wa bogologolo go gaisa yotlhe mo lefatsheng wa Chester Beatty P45, o na le bontsi jwa tshedimosetso ya Diefangele tse nnè le bontsi jwa buka ya Ditiro mo bolumong e le nngwe

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

E kopisitswe ka tetla ya The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ditshwantsho tsotlhe: Di kopisitswe ka tetla ya The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin